Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya o o Boitshepo—O Dira mo Popong!

Moya o o Boitshepo—O Dira mo Popong!

Moya o o Boitshepo—O Dira mo Popong!

“Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa, le lesomo lotlhe la one ka moya wa molomo wa gagwe.”—PES. 33:6.

1, 2. (a) Kitso e motho a nang le yone ka lobopo le lefatshe e ne ya oketsega jang fa nako e ntse e ya? (b) Ke potso efe e re tlhokang karabo ya yone?

DINGWAGA tse di fetang 100 tse di fetileng baitsesaense ba le bantsi ba ne ba akanya gore lobopo lo na le losagaripa lo le longwe fela—losagaripa lwa rona lwa Molala wa Tladi. A bo ba ne ba tlhaetsa bogolo jwa lobopo matlho jang ne! Gone jaanong go akanngwa gore lobopo lo na le masagaripa a a fetang dibilione di le 100 mme mangwe a masagaripa ao a na le dibilionebilione tsa dinaledi. Fa go ntse go dirisiwa dithelesekoupo tse di maatla mo lefatsheng kgotsa di romelwa kwa lefaufaung, go nna go ntse go lemogiwa gore go na le masagaripa a mangwe a mantsi.

2 Dingwaga tse di fetang lekgolo tse di fetileng baitsesaense ba ne ba na le kitso e e potlana ka lobopo le ka lefatshe. Mme gone batho ba ba neng ba tshela ka nako eo, ba ne ba na le kitso e e fetang ya ba ba neng ba tshela pele ga bone. Le fa go ntse jalo, gompieno, bontle le go raraana ga botshelo le tsela e lefatshe le dirang gore botshelo bo tswelele bo le gone ka yone, di tlhaloganngwa botoka go feta ka nako eo. Ga go pelaelo gore re tla ithuta mo go oketsegileng ka lefatshe le lobopo mo dingwageng tse di tlang. Mme gone go molemo go ipotsa gore, Dilo tseno tsotlhe di nnile gone jang? Re ka kgona go bona karabo ya potso eno ka gonne Mmopi o re senoletse yone mo Dikwalong tse di Boitshepo.

Popo e e Gakgamatsang

3, 4. Modimo o bopile lobopo jang mme ditiro tsa gagwe di mo galaletsa jang?

3 Baebele e tlhalosa kafa lobopo lo nnileng teng ka gone mo mafokong a yone a a simololang: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Gen. 1:1) E re ka go ne go se na sepe se se bopilweng, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo—maatla a gagwe a a dirang—go bopa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo lobopong. Mmetli o dirisa diatla tsa gagwe le dithulusu go betla dilo dingwe, mme Modimo ene o romela moya wa gagwe o o boitshepo go dira ditiro tsa gagwe tse dikgolo.

4 Dikwalo di tshwantshanya moya o o boitshepo le “monwana” wa Modimo. (Luke 11:20; Math. 12:28) Mme “tiro ya diatla tsa gagwe”—se Jehofa a se bopileng ka moya wa gagwe o o boitshepo—e mo galaletsa fela thata. Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe.” (Pes. 19:1) E le ruri popo e e bonalang e naya bosupi jwa maatla a a gakgamatsang a moya o o boitshepo wa Modimo. (Bar. 1:20) E dira seno jang?

Maatla a Modimo A a Sa Lekaneng le Ape

5. Bontsha kafa moya o o boitshepo wa ga Jehofa o leng maatla ka gone.

5 Lobopo lwa rona lo logolo lo naya bosupi jwa gore nonofo le maatla a ga Jehofa ga a fele. (Bala Isaia 40:26.) Akanya ka letsatsi. Letsatsi la rona le e leng naledi, le bokgakala jwa dikilometara tse di fetang dimilione di le 150 go tswa mo lefatsheng, mme le ka nna didikirii tsa Celsius di ka nna dimilione di le 15. Le fa letsatsi le ntsha mogote o montsi jalo, le bokgakala jo bo lekaneng go tswa mo lefatsheng gore ditshedi tsotlhe di ka tswelela di tshela. Ga go pelaelo gore go ile ga tlhokega maatla a magolo go bopa letsatsi mmogo le dinaledi tse dingwe tse di dibilione. Jehofa o na le maatla ao a a neng a tlhokega—le a mantsi go feta ao.

6, 7. (a) Ke eng fa re ka re Modimo o dirisitse moya wa gagwe o o boitshepo ka tsela e e rulaganeng? (b) Ke eng se se bontshang gore lobopo ga lo a itiragalela fela?

6 Re na le bosupi jo bontsi jwa gore Modimo o dirisitse moya wa gagwe o o boitshepo ka tsela e e rulaganeng sentle. Ka sekai: Mma re re o na le lebokoso le le nang le dibolo tsa mebala e e farologaneng. O kgotlhokgotsha lebokose, o dira gore dibolo di tlhakatlhakane. Go tswa foo o di tshololela fa fatshe ka nako e le nngwe. A o ne o tla lebelela gore dibolo tsa mmala o o tshwanang di kgobokane felo go le gongwe—dibolo tse di pududu di le mmogo, tse di serolwana di le mmogo le tse dingwe fela jalo? Le e seng! Gantsi go dira dilo ka tsela e e se nang thulaganyo go felela ka gore dilo tseo di se ka tsa rulagana. Go ntse fela jalo le ka lobopo. *

7 Mme gone fa re ithuta ka lobopo le se se mo go lone, ke eng se re se bonang? Re bona thulaganyo e kgolo ya masagaripa, dinaledi le dipolanete, tsotlhe di tsamaya ka nepo. Go ka se direge gore seno se bo se itiragaletse fela kgotsa se sa rulaganngwa. Ka jalo re tshwanetse go botsa jaana, Go dirisitswe maatla afe kwa tshimologong gore go nne le lobopo lono lo lo nang le thulaganyo? Rona batho le fa re dirisa saense le thekenoloji, ga re na bokgoni jo bo lekaneng jwa go tlhalosa gore tota ke maatla afe a a dirisitsweng go dira lobopo. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re maatla ao ke moya o o boitshepo wa Modimo, maatla a magolo thata mo lobopong lotlhe. Mopesalema o ne a re: “Magodimo a dirilwe ka lefoko la ga Jehofa, le lesomo lotlhe la one ka moya wa molomo wa gagwe.” (Pes. 33:6) Mme rona fa re leba kwa loaping bosigo re kgona go bona karolwana fela ya “lesomo” leo la dinaledi!

Moya o o Boitshepo o Dirisiwa go Bopa Lefatshe

8. Re itse go le kana kang ka ditiro tsa ga Jehofa?

8 Se gone jaanong re se tlhaloganyang ka dilo tsa tlholego se sennye thata fa se bapisiwa le sotlhe se re ka ithutang sone. Re sa ntse re na le kitso e nnye thata ka dilo tse Modimo a di bopileng, go ntse fela jaaka monna yo o ikanyegang e bong Jobe a ile a re: “Bona! Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa gagwe, a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe!” (Jobe 26:14) Makgolo a dingwaga moragonyana, Kgosi e e botlhale Solomone yo o neng a etse popo ya ga Jehofa tlhoko o ne a re: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.”—Mor. 3:11; 8:17.

9, 10. Modimo o dirisitse maatla afe fa a bopa lefatshe mme dingwe tsa dilo tse di neng tsa dirwa mo malatsing a ntlha a mararo a popo ke dife?

9 Le fa go ntse jalo, Jehofa o re senoletse dintlha tsa botlhokwa ka ditiro tsa gagwe. Ka sekai, Dikwalo di re bolelela gore moya wa Modimo o ne o dira mo lefatsheng dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng. (Bala Genesise 1:2.) Ka nako eo, go ne go se na mmu o o omileng, go se na lesedi mme gongwe go se na le moya o o ka hemiwang mo lefatsheng.

10 Baebele e re tlhalosetsa gore Modimo o ile a dira eng mo malatsing a a latelanang a a neng a bopa dilo ka one. Ano ga se malatsi a diura di le 24 mme ke lobaka lo loleele lwa nako. Ka letsatsi la ntlha la popo, Jehofa o ne a dira gore lesedi le simolole go bonala mo lefatsheng. Tiragalo eno e ne e tla wediwa moragonyana fa letsatsi le ngwedi di simolola go bonala mo lefatsheng. (Gen. 1:3, 14) Ka letsatsi la bobedi o ne a dira lefaufau. (Gen. 1:6) Ka nako eo, lefatshe le ne le na le metsi, lesedi le moya mme go ne go se na mmu o o omileng. Mo tshimologong ya letsatsi la boraro la popo, Jehofa o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go dira gore go nne le mmu o o omileng, gongwe a dirisa maatla a tlholego a a leng mo lefatsheng go dira gore dikontinente di nne teng. (Gen. 1:9) Go ne go tla nna le dilo tse dingwe gape tse di gakgamatsang tse di neng di tla dirwa mo letsatsing la boraro le mo malatsing a a latelang a popo.

Moya o o Boitshepo o Dirisiwa go Bopa Ditshedi

11. Tsela e ditshedi di raraaneng ka yone, e di dirilweng ka thulaganyo ka yone le e di leng dintle ka yone, e senola eng?

11 Moya wa Modimo gape o ne wa dira gore go nne le ditshedi tse di nang le thulaganyo ya maemo a a kwa godimo. Mo letsatsing la boraro la popo go fitlha ka la borataro, Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go bopa mefuta e e farologaneng le e e kgatlhang ya dimela le diphologolo. (Gen. 1:11, 20-25) Ka jalo, ditshedi di na le dikai tse dintsi tsa dilo tse di raraaneng, tse di dirilweng ka thulaganyo le tse dintle tse di bontshang popo ya maemo a a kwa godimo thata.

12. (a) DNA e dira tiro efe? (b) Tsela e DNA e tswelelang e bereka ka katlego ka yone e ka re ruta eng?

12 Akanya ka DNA (deoxyribonucleic acid), e leng tshedimosetso ya dijini e diphologolo le dimela di e dirisang go fetisetsa mekgwa e e farologaneng e di bopilweng ka yone go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe. Ditshedi tsotlhe mo lefatsheng—go akaretsa ditshedi tse dinnye tse di bonwang ka maekerosekoupo, bojang, ditlou, maruarua a a pududu le batho—di ata ka go dirisa DNA. Le fa ditshedi tsa lefatshe di farologana fela thata, khoute e e laolang mekgwa e di e gotsitseng e tlhomame mme e diretswe go laola pharologano e e leng teng fa gare ga mefuta e e farologaneng ya ditshedi, go ralala dingwaga. Fela jaaka Jehofa Modimo a ne a ikaeletse, ditshedi tse di farologaneng tsa lefatshe di tswelela go dira tiro ya tsone mo tikologong e e raraaneng e di tshelang mo go yone. (Pes. 139:16) Thulaganyo eno e e molemolemo e re naya bosupi jo bongwe gape jwa gore popo ke tiro ya “monwana” wa Modimo kgotsa moya o o boitshepo.

Dibopiwa Tse di Botlhokwatlhokwa mo Lefatsheng

13. Modimo o bopile motho jang?

13 Fa go setse go fetile dingwaga tse dintsintsi mme Modimo a bopile dilo tse dintsi tse di tshelang le tse di sa tsheleng, lefatshe le ne le sa tlhole le “tobekane fela le kgakgabetse.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ise a fetse go dirisa moya wa gagwe go bopa dilo. O ne a tla tloga a dira sebopiwa se se botlhokwatlhokwa mo lefatsheng. Go ela kwa bofelong jwa letsatsi la borataro la popo, Modimo o ne a bopa motho. Jehofa o ne a dira seo jang? O ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le dilo tse dingwe tse di mo lefatsheng.—Gen. 2:7.

14. Batho ba farologana le diphologolo ka tsela efe e kgolo?

14 Genesise 1:27 ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” Go bopiwa mo setshwanong sa Modimo go raya gore Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go bontsha lorato, jwa go itirela ditshwetso tota le go nna le kamano e e gaufi le Mmopi wa rona. Ka jalo, boboko jwa rona bo farologane thata le jwa diphologolo. Totatota, Jehofa o dirile boboko jwa motho gore re kgone go tswelela re itumelela go ithuta ka ene le ka ditiro tsa gagwe ka bosakhutleng.

15. Adame le Efa ba ne ba neilwe tsholofelo efe?

15 Kwa tshimologong ya motho, Modimo o ne a naya Adame le mosadi wa gagwe e bong Efa lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone gore ba le ithute le go le itumelela. (Gen. 1:28) Jehofa o ne a ba naya dijo tse dintsi le legae la paradaise. Ba ne ba na le tshono ya go tshelela ruri le go nna batsadi ba ba rategang ba ditlogolwana tse dintsintsi tse di itekanetseng. Le fa go ntse jalo, dilo ga di a ka tsa nna jalo.

Go Lemoga Seabe sa Moya o o Boitshepo

16. Re na le tsholofelo efe le fa batho ba ntlha ba ile ba tsuologa?

16 Go na le gore Adame le Efa ba ikobele Mmopi wa bone ka go rata, ba ne ba mo tsuologela ka bopelotshetlha. Ka ntlha ya moo, motho mongwe le mongwe yo o sa itekanelang ke setlogolwana sa bone e bile o a boga. Mme Baebele e tlhalosa kafa Modimo a tla dirololang ka gone tshenyo e e bakilweng ke batsadi ba rona ba ntlha. Gape Dikwalo di bontsha gore Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong. Lefatshe le tla nna paradaise e e tletseng ka batho ba ba itumetseng, ba ba itekanetseng le ba ba segofaditsweng ka botshelo jo bo sa khutleng. (Gen. 3:15) Gore re tswelele re na le tumelo mo tsholofetsong eno e e kgothatsang, re tlhoka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo.

17. Re tshwanetse go tila dikakanyo tsa mofuta ofe?

17 Re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo. (Luke 11:13) Go dira jalo go tla re thusa go nonotsha tsela e re tlhatswegileng pelo ka yone gore popo ke tiro ya seatla sa Modimo. Gompieno palo ya bolatolamodimo le ya batho ba ba dumelang thuto ya gore ditshedi di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe e ntse e oketsega mme dithuto tseo tsa maaka di ikaegile ka mabaka a a sa utlwaleng. Ga re a tshwanela go boifisiwa ke tsela eno e e phoso ya go akanya e e ntseng e anama. Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ipaakanyetsa go emelana le tlhaselo eno mmogo le kgatelelo ya balekane e e tsamaisanang le yone.—Bala Bakolosa 2:8.

18. Fa re sekaseka tshimologo ya lobopo le ya batho, ke eng fa go tla bo go sa utlwale go gana gore go na le Mmopi yo o botlhale?

18 Ga go pelaelo gore fa re sekaseka ka botlalo bosupi jo bo dumalanang le popo, tumelo ya rona mo Baebeleng le mo Modimong e tla nonofa. Fa bontsi jwa batho ba akanya ka tshimologo ya lobopo le ya batho, ba akanya gore ga go utlwale go dumela gore lobopo lo ka tswa lo bopilwe go dirisiwa maatla mangwe kwantle ga a saense e kgonang go naya bosupi ka one. Le fa go ntse jalo, fa re ne re ka tlhalosa mabaka ka tsela eo, re ne re tla bo re sekaseka bosupi re sekametse mo letlhakoreng le le lengwe. Mo godimo ga moo, re tla bo re itlhokomolosa dilo tse re di bonang, tse di “se nang palo,” tse di bopilweng ka boikaelelo le ka thulaganyo. (Jobe 9:10; Pes. 104:25) Rona Bakeresete re tlhomamisegile gore maatla a a dirisitsweng mo popong e ne e le moya o o boitshepo o Jehofa a neng a o dirisa ka botlhale.

Moya o o Boitshepo le Tumelo ya Rona mo Modimong

19. Ke eng se se re nayang bosupi jwa gore Modimo o teng le gore moya wa gagwe o a dira?

19 Ga re tlhoke go itse sengwe le sengwe ka popo gore re dumele mo Modimong, re mo rate, re bo re mmoife ka tsela e e boteng. Tumelo e re nang le yone mo go Jehofa ga e a ikaega fela ka mabaka a re a utlwang. Fela jaaka ditsala di atamalana fa di ntse di itsane botoka, tumelo ya rona mo Modimong e a oketsega fa re ntse re ithuta go le gontsi ka ene. Tota e bile, fa a ntse a araba dithapelo tsa rona mme re lemoga mosola wa go dirisa melao ya gagwe mo botshelong jwa rona, re a lemoga gore tota o teng. Re atamalana thata le Jehofa fa re ntse re bona bosupi jo bo ntseng bo oketsega jwa gore o kaela dikgato tsa rona, o a re sireletsa, o segofatsa maiteko a re a dirang mo tirelong ya gagwe e bile o re naya dilo tse re di tlhokang. Ruri dilo tseno tsotlhe di re tlhomamisetsa gore Modimo o teng le gore moya wa gagwe o o boitshepo o a dira.

20. (a) Ke eng fa Modimo a bopile lobopo le motho? (b) Go tswelela re latela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo go tla felela ka eng?

20 Baebele ke sekao se se tlhomologileng sa gore Jehofa o dirisa maatla a gagwe a a dirang, ka gonne bakwadi ba yone “ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Pet. 1:21) Fa re ithuta Dikwalo ka kelotlhoko, re tla nonotsha tumelo ya rona ya gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. (Tshen. 4:11) Jehofa o ne a nna Mmopi e le go supa nonofo ya gagwe e e tlhomologileng ya lorato. (1 Joh. 4:8) Ka jalo, a re direng ka natla go thusa ba bangwe go ithuta ka Rraarona yo o kwa legodimong yo o lorato yo gape e leng Tsala ya rona. Mme le rona ka borona, fa re tswelela re kaelwa ke moya wa Modimo, re tla nna le tshiamelo ya go ithuta ka ene go ya go ile. (Bagal. 5:16, 25) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka tswelela a ithuta ka Jehofa le ka ditiro tsa gagwe tse dikgolo mme re dire gore matshelo a rona a bontshe lorato lo logolo lo a lo bontshitseng fa a ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go bopa magodimo, lefatshe le batho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona tsebe 24 le 25 ya buka ya Is There a Creator Who Cares About You?

A o Ka Tlhalosa?

• Go nna gone ga lobopo le lefatshe go re ruta eng ka tsela e Modimo a dirisang moya o o boitshepo ka yone?

• Go dirwa mo setshwanong sa Modimo go re naya ditshono dife?

• Ke eng fa re tshwanetse go sekaseka bosupi jwa gore dilo di bopilwe?

• Botsalano jwa rona le Jehofa bo ka gola ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Thulaganyo e re e bonang mo lobopong e re ruta eng ka popo?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Stars: Anglo-Australian Observatory/​David Malin Images

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

DNA e dira tiro efe e e tshwanang mo dilong tseno tsotlhe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o ipaakanyeditse go femela tumelo ya gago?