Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rata Tshiamo ka Pelo ya Gago Yotlhe

Rata Tshiamo ka Pelo ya Gago Yotlhe

Rata Tshiamo ka Pelo ya Gago Yotlhe

“O ratile tshiamo.”—PES. 45:7.

1. Ke eng se se tla re thusang go latelela ‘ditselana tsa tshiamo’?

JEHOFA o dirisa Lefoko la gagwe le moya wa gagwe o o boitshepo go etelela pele batho ba gagwe mo “ditselaneng tsa tshiamo.” (Pes. 23:3) Le fa go ntse jalo, e re ka re sa itekanela, gantsi re fapoga mo ditseleng tseo. Re tshwanetse go ititaya sehuba gore re kgone go boa re dira se se siameng gape. Ke eng se se tla re thusang gore re atlege? Fela jaaka Jesu, re tshwanetse go rata go dira se se siameng.—Bala Pesalema 45:7.

2. ‘Ditselana tsa tshiamo’ ke eng?

2 ‘Ditselana tseno tsa tshiamo’ ke eng? Ke ‘ditselana’ tse di theilweng mo melaong ya ga Jehofa ya tshiamo. Mo Sehebereng le mo Segerikeng, lefoko “tshiamo” le kaya sengwe se se “thokgameng,” mme seno se raya go kgomarela melao ya boitsholo. E re ka Jehofa e le “lefelo la bonno la tshiamo,” baobamedi ba gagwe ba itumelela go leba kwa go ene gore a ba bontshe tselana e e siameng ya melao ya boitsholo e ba tshwanetseng go e latela.—Jer. 50:7.

3. Re ka ithuta jang go le gontsi ka tshiamo ya Modimo?

3 Re tla itumedisa Modimo fa fela re leka ka natla go boloka melao ya gagwe ya tshiamo ka dipelo tsotlhe tsa rona. (Dute. 32:4) Seno se simolola ka go ithuta sotlhe se re ka se kgonang ka Jehofa Modimo go tswa mo Lefokong la gagwe, Baebele. Fa re nna re ithuta ka ene mme re atamalana le ene letsatsi le letsatsi, tsela e re ratang tshiamo ya gagwe ka yone e tla oketsega. (Jak. 4:8) Gape re tshwanetse go amogela kaelo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di botlhokwa mo botshelong.

Batla Tshiamo ya Modimo

4. Go batla tshiamo ya Modimo go akaretsa eng?

4 Bala Mathaio 6:33. Go batla tshiamo ya Modimo ga go akaretse fela go fetsa nako re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Gore Jehofa a amogele tirelo ya rona e e boitshepo, tsela e re itshwarang ka yone letsatsi le letsatsi e tshwanetse go dumalana le melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. Botlhe ba ba batlang tshiamo ya ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng? Ba tshwanetse go “[apara] botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baef. 4:24.

5. Ke eng se se tla re thusang gore re fenye go kgobega marapo?

5 Ka dinako dingwe makoa a rona a ka re kgoba marapo fa re ntse re leka go tshela ka melao ya Modimo ya tshiamo. Ke eng se se ka re thusang go fenya go kgobega marapo go go ka re koafatsang le se se ka re thusang go ithuta go rata tshiamo le go e dira? (Dia. 24:10) Ka metlha re tshwanetse go atamela Jehofa ka thapelo ka “dipelo tse di boammaaruri ka go tlhomamisega mo go tletseng ga tumelo.” (Baheb. 10:19-22) Re ka tswa re le Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa re na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, re bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete le mo ditirelong tse a re direlang tsone gonne e le ene Moperesiti wa rona yo Mogolo. (Bar. 5:8; Baheb. 4:14-16) Botlhokwa jwa madi a ga Jesu a a tsholotsweng bo ne jwa tlhalosiwa mo setlhogong se se neng se le mo kgatisong ya ntlhantlha ya makasine ono. (1 Joh. 1:6, 7) Setlhogo seo se ne se re: “Ke boammaaruri gore [fa] o ka leba selo se se bohibidu jo bo letlhololo kgotsa se se bohibidu jo bo mokgona o dirisa galase e khibidu mo leseding, selo seo se tla lebega se le sesweu, ka jalo, le fa maleo a rona a ka tswa a le bohibidu jo bo mokgona kgotsa jo bo letlhololo, fa re tla mo boemong jo ka jone Modimo a tla a lebang a dirisa madi a ga Keresete, maleo ao a lebega a le masweu.” (July 1879, ts. 6) Ruri eo ke thulaganyo e e molemolemo e Jehofa a re diretseng yone a dirisa setlhabelo sa thekololo sa Morwawe yo o rategang!—Isa. 1:18.

Tlhatlhoba Diaparo Tsa Gago Tsa Tlhabano Tsa Semoya

6. Ke eng fa go le botlhokwa go nna re tlhatlhoba diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya?

6 Ka metlha re tshwanetse go nna re apere “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo” ka gonne ke karolo e e botlhokwa ya diaparo tsa tlhabano tsa semoya tse di tswang kwa Modimong. (Baef. 6:11, 14) Go sa kgathalesege gore re sa tswa go ineela mo go Jehofa kgotsa re setse re na le dingwaga di le dintsi re ntse re mo direla, go botlhokwa gore re nne re tlhatlhoba diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya letsatsi le letsatsi. Ka ntlha yang? Ka gonne Diabolo le madimona a gagwe ba latlhetswe mo lefatsheng. (Tshen. 12:7-12) Satane o galefile e bile o a itse gore nako ya gagwe e khutshwane. Ka jalo, o gagamaditse ditlhaselo tsa gagwe mo bathong ba Modimo. A re anaanela botlhokwa jwa go nna re apere “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo”?

7. Re tla itshwara jang fa re tlhaloganya botlhokwa jwa go nna re apere “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo”?

7 Seiphemelo sa sehuba se sireletsa pelo ya mmatota. E re ka re sa itekanela, gantsi dipelo tsa rona tsa tshwantshetso di nna boferefere e bile di gagamalela se di se batlang. (Jer. 17:9) Ka gonne dipelo tsa rona di sekametse mo go direng diphoso, go botlhokwa gore di thapisiwe di bo di rutiwe. (Gen. 8:21) Fa re tlhaloganya botlhokwa jwa go nna le “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo,” ga re kitla re se tlosa ka nakwana ka go tlhopha go itlosa bodutu ka dilo tse Modimo a di tlhoileng; kgotsa ka go itetla gore re akanye ka go dira boleo. Re ka se ka ra senya nako e ntsi ya botlhokwa, re lebile thelebishene. Go na le moo, re tla kgaratlhela go dira se se itumedisang Jehofa. Le fa re ne re ka kgotswa ka nakwana ka go itetla go akanya ka dilo tsa nama tse di sa siamang, Jehofa o tla re thusa gore re boe re eme gape.—Bala Diane 24:16.

8. Ke eng fa re tlhoka “thebe e kgolo ya tumelo”?

8 Karolo e nngwe gape ya diaparo tsa rona tsa tlhabano tsa semoya ke “thebe e kgolo ya tumelo.” E re thusa go “tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo.” (Baef. 6:16) Tota e bile, tumelo le go rata Jehofa ka pelo yotlhe di re thusa gore re dire tshiamo mme re nne re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Mme fa re ntse re ithuta go rata Jehofa, re tla anaanela tshiamo ya gagwe fela thata. Mme go tweng ka segakolodi sa rona? Sone se re thusa jang fa re ntse re kgaratlhela go rata tshiamo?

Tswelela O na Le Segakolodi se se Molemo

9. Go nna le segakolodi se se siameng go re solegela molemo jang?

9 Fa re ne re kolobediwa, re ne ra kopa Jehofa gore a re “neye segakolodi se se molemo.” (1 Pet. 3:21) E re ka re bontsha tumelo mo thekololong, madi a ga Jesu a bipa maleo a rona mme ka jalo re itumelela go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo. Le fa go ntse jalo, gore re tswelele re na le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo, re tshwanetse go nna le segakolodi se se molemo. Fa ka dinako tse dingwe segakolodi sa rona se re bona molato le go re tlhagisa, re tshwanetse go itumelela gore se bereka sentle. Tlhagiso eno e bontsha gore segakolodi sa rona ga se ise se kgwaralale malebana le ditsela tse di siameng tsa ga Jehofa. (1 Tim. 4:2) Mme segakolodi se ka thusa ba ba batlang go rata tshiamo ka tsela e nngwe gape.

10, 11. (a) Anela maitemogelo a a bontshang gore ke eng fa re tshwanetse go reetsa segakolodi sa rona se se thapisitsweng ke Baebele. (b) Ke ka ntlha yang fa go rata tshiamo go ka dira gore re itumele fela thata?

10 Fa re dira sengwe se se phoso, segakolodi sa rona se ka re kgalemela kgotsa sa re tshwenya. Mosha mongwe o ne a fapoga mo “ditselaneng tsa tshiamo.” O ne a tshwakgolwa ke ditshwantsho tse di hepisang mme a simolola go goga matekwane. O ne a ikutlwa molato fa a ne a ya dipokanong mme a ikutlwa e kete ke moitimokanyi fa a ne a nna le seabe mo tirelong ya tshimo, ka jalo o ne a tlogela go nna le seabe mo ditirong tseno tsa Bokeresete. O ne a re: “Ke ne ke sa lemoge gore segakolodi sa me se ne se tla mpona molato ka se ke se dirileng.” O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka tshela botshelo jwa boeleele ka dingwaga di ka nna nnè.” Go tswa foo a simolola go akanyetsa go boela mo boammaaruring. Le fa a ne a akanya gore Jehofa ga a kitla a reetsa thapelo ya gagwe, o ne a tswelela a rapela mme a kopa gore a mo itshwarele. Go ise go fete metsotso e le lesome a rapetse, mmaagwe o ne a mo etela mme a mo kgothaletsa gore a simolole go ya dipokanong gape. O ne a ya kwa Holong ya Bogosi mme a kopa mogolwane mongwe gore a ithute le ene. Fa nako e ntse e ya o ne a kolobediwa mme o leboga Jehofa go bo a bolokile botshelo jwa gagwe.

11 Ruri re tla bona boitumelo jo bogolo fa re dira se se siameng. Fa re ntse re ithuta go rata tshiamo mme re e dira ka botlalo, re tla itumelela go dira se se itumedisang Rraarona yo o kwa legodimong. Akanya fela! Nako e etla e ka yone batho botlhe ba tla nnang fela le maikutlo a boipelo ka ntlha ya go nna le digakolodi tse di ritibetseng; ruri ba tla bo ba bontsha gore ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka jalo, a re jaleng lorato lwa tshiamo mo dipelong tsa rona gone jaanong mme re itumedise Jehofa.—Dia. 23:15, 16.

12, 13. Re ka thapisa digakolodi tsa rona jang?

12 Re ka dira eng go thapisa segakolodi sa rona? Fa re ithuta Baebele le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng, go botlhokwa go gopola gore “pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” (Dia. 15:28) Akanya kafa seno se leng molemo ka gone fa re tshwanetse go araba dipotso tse di malebana le tiro. Fa mofuta mongwe wa tiro o thulana ka tlhamalalo le melaometheo ya Baebele, bontsi jwa rona re tla dirisa kaelo e re e newang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka bonako fela. Le fa go ntse jalo, fa re sa tlhomamisege gore a tota mofuta oo wa tiro o a amogelesega, re tshwanetse go batla melaometheo ya Baebele e e ka re thusang mo boemong joo mme re akanye re bo re rapele ka yone. * Seno se akaretsa le melaometheo e e jaaka go tila go kgopisa digakolodi tsa ba bangwe. (1 Bakor. 10:31-33) Re tshwanetse go tshwenyega segolobogolo ka melaometheo e e akaretsang kamano ya rona le Modimo. Fa e le gore Jehofa ke motho wa mmatota mo go rona, re tla simolola ka go ipotsa jaana, ‘A go dira tiro eno go tla utlwisa Jehofa botlhoko?’—Pes. 78:40, 41.

13 Fa re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo kgotsa Thuto ya Baebele ya Phuthego, re tshwanetse go nna re gakologetswe botlhokwa jwa go tlhatlhanya ka tshedimosetso e e ithutiwang. A ka metlha re thalela fela karabo ya potso re bo re fetela kwa serapeng se se latelang? Go dira jalo ga go kitla go nonotsha lorato lwa rona lwa tshiamo kgotsa go dira gore re nne le segakolodi se se siameng. Gore re kgone go rata tshiamo, re tshwanetse go ithuta ka natla le go tlhatlhanya ka se re se balang mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng. Go ithuta go rata tshiamo ka dipelo tsa rona tsotlhe go tlhoka gore re dire ka natla.

Tlala le Lenyora la Tshiamo

14. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba batla gore re ikutlwe jang ka tirelo ya rona e e boitshepo?

14 Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba batla gore re itumele fa re ntse re dira tirelo ya rona e e boitshepo. Ke eng se se tla dirang gore re itumele? Ke go rata tshiamo! Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, e re ka ba tla kgora.” (Math. 5:6) Mafoko ano a botlhokwa go le kana kang mo go ba ba batlang go rata tshiamo?

15, 16. Tlala le lenyora tsa semoya di ka kgotsofadiwa ka ditsela dife?

15 Lefatshe le re tshelang mo go lone le busiwa ke yo o boikepo. (1 Joh. 5:19) Fa re bala lokwalodikgang mo nageng nngwe le nngwe, re utlwa ka dipego tsa bosetlhogo le thubakanyo tse di diregang ka selekanyo se segolo thata. Bosetlhogo jo motho a bo direlang motho yo mongwe bo utlwisa mosiami botlhoko fa a akanya ka jone. (Mor. 8:9) Rona ba ba ratang Jehofa re a itse gore ke ene fela yo o ka kgotsofatsang tlala le lenyora la semoya la batho ba ba batlang go ithuta tshiamo. Go ise go ye kae, batho ba ba sa rateng Modimo ba tla tlosiwa mme ba ba ratang tshiamo ga ba kitla ba tlhola ba utlwisiwa botlhoko ke batlodi ba molao kgotsa ke ditiro tsa bone tse di bosula. (2 Pet. 2:7, 8) Ruri ba tla bo ba imologile!

16 Rona batlhanka ba ga Jehofa le balatedi ba ga Jesu Keresete re a itse gore botlhe ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, “ba tla kgora.” Ba tla kgotsofadiwa ka botlalo ke thulaganyo ya Modimo ya magodimo a masha le lefatshe le lesha le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’ (2 Pet. 3:13) Ka jalo, a re se kgobegeng marapo kgotsa ra gakgamadiwa ke kgatelelo le thubakanyo tse di dirileng gore go se ka ga tlhola go nna le tshiamo mo lefatsheng leno le le busiwang ke Satane. (Mor. 5:8) Jehofa, Mogodimodimo, o itse se se diregang mme go ise go ye kae o tla golola ba ba ratang tshiamo.

Solegelwa Molemo ke go Rata Tshiamo

17. Melemo mengwe ya go rata tshiamo ke efe?

17 Pesalema 146:8 e gatelela molemo o mogolo wa go latela tselana ya tshiamo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Jehofa o rata basiami.” Akanya fela! Molaodimogolo wa lobopo o a re rata ka gonne re rata tshiamo! E re ka Jehofa a le lorato, o tla tlhomamisa gore re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a rona. (Bala Pesalema 37:25; Diane 10:3.) Kgabagare, lefatshe leno lotlhe le tla nniwa ke ba ba ratang tshiamo. (Dia. 13:22) Bontsi jwa batho ba Modimo ba tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo paradaiseng e ntle ya mo lefatsheng, ka ntlha ya go bo ba ne ba le tshiamo. Tota le gone jaanong, ba ba ratang tshiamo ya Modimo ba na le kagiso ya mogopolo e e dirang gore ba nne le kutlwano mo malapeng a bone le mo diphuthegong.—Bafil. 4:6, 7.

18. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se dira fa re ntse re letile letsatsi la ga Jehofa?

18 Fa re ntse re letile letsatsi le legolo la ga Jehofa, re tshwanetse go tswelela re batla tshiamo ya gagwe. (Sefa. 2:2, 3) Ka jalo, a re bontsheng lorato lwa mmatota mo ditseleng tsa ga Jehofa Modimo tse di siameng. Seo se akaretsa go boloka “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo” se ntse sentle mo se tshwanetseng, gore se kgone go sireletsa dipelo tsa rona tsa tshwantshetso. Gape re tshwanetse go tswelela re na le segakolodi se se molemo—se se tla dirang gore re itumele le go ipedisa pelo ya Modimo wa rona.—Dia. 27:11.

19. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng, mme go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 “Matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) A bo mafoko ao a re gomotsa jang ne fa re ntse re dira se se siameng mo lefatsheng leno le le sa iketlang, le le tletseng thubakanyo le le le boikepo! Ke boammaaruri gore ditsela tsa rona tsa tshiamo di ka gakgamatsa batho ba le bantsi ba ba kgaoganeng le Modimo. Mme re solegelwa molemo fela thata fa re kgomarela tshiamo ya ga Jehofa. (Isa. 48:17; 1 Pet. 4:4) Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore re tla tswelela pele re itumelela go rata le go dira tshiamo ka dipelo tsotlhe tsa rona. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go akaretsa go tlhoa go tlhoka molao. Setlhogo se se latelang se tla re bontsha gore seo se kaya eng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Go bona tlhaloso e e oketsegileng ka melaometheo ya Baebele e e buang ka dipotso tse di malebana le tiro, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1999, tsebe 28-30.

O Tla Araba Jang?

• Ke eng fa re tlhoka go lemoga botlhokwa jwa thekololo gore re kgone go rata tshiamo?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re apare “seiphemelo sa sehuba sa tshiamo”?

• Re ka thapisa segakolodi sa rona jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Segakolodi se se thapisitsweng se re thusa gore re arabe dipotso tse di malebana le tiro