Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Ke eng fa re ka dumela gore tshimo ya Edene e ne e le lefelo la mmatota?

Baebele e bua ka yone e le lefelo la mmatota, mme e re bolelela gore tota e ne e le kwa kae. Dinoka tse pedi tse di umakilweng mo pegong di sa ntse di elela le gompieno. Eno ga se tsela e ditlhamane le dikinane di tlhalosang dintlha ka yone. Jesu yo e leng Mosupi yo o ikanyegang thata, o ne a bua ka Adame le Efa e le batho ba mmatota.—1/1, tsebe 5-6, 9.

• A Modimo o ne a itse gore Adame le Efa ba ne ba tla leofa?

Nnyaa. Jehofa o ne a ba neile botlhale le kgololesego ya go itlhophela gore a ba tla mo ikobela kgotsa nnyaa. Le fa Modimo a na le bokgoni jwa go itse dilo go sa le gale, ga a dirise bokgoni joo ka dinako tsotlhe.—1/1, tsebe 13-15.

• A Bakeresete ba boammaaruri ba dirisa leina la Modimo e le pheko?

Batho bangwe ba leba selo sengwe kgotsa letshwao e le pheko e e ka ba sireletsang ka boselamose, mme batho ba Modimo ga ba tseye leina la gagwe jalo. Ba dumela mo go Jehofa mme ba batla go dira thato ya gagwe, ka jalo ba tshabela mo leineng la gagwe. (Sefa. 3:12, 13)—1/15, tsebe 5-6.

• Kwa Iseraele, ke bomang ba ba neng ba solegelwa molemo ke tlwaelo ya go ronopa?

Botlhe ba ne ba solegelwa molemo. E ne e kgothaletsa bahumanegi ba ba neng ba tshwanetse go ronopa, gore ba dire ka natla. Ba bangwe ba ne ba solegelwa molemo ka gonne ba ne ba kgothalediwa go nna pelotshweu le go ikaega ka Modimo gore a ba segofatse.—2/1, tsebe 15.

• Ke eng fa Jehofa a ile a latlha Kgosi Saulo?

Saulo o ne a tshwanetse go leta moporofeti wa Modimo gore a mo direle setlhabelo mme kgosi eno ga e a ka ya ikobela taelo ya Modimo, e ne ya itirela setlhabelo. Moragonyana e ne ya se ka ya ikobela taelo ya gore e nyeletse baba botlhe.—2/15, tsebe 22-23.

• Re ka bontsha jang gore re tlhoile go tlhoka molao?

Re tla dirisa bojalwa ka tsela e e tshwanetseng, re tla tila dilo tse di tsamaisanang le boloi, mme re tla reetsa tlhagiso ya ga Jesu e e malebana le boitsholo jo bo sa siamang. Ka sekai, re tla tila ditshwantsho tse di hepisang le go ijesa dijo tsa ditoro go go ka bakiwang ke tsone. (Math. 5:27, 28) Gape ga re kitla re itsalanya le batho ba ba kgaotsweng.—2/15, tsebe 29-32.

• Ke eng se se neng se tlhomologile ka ntlo ya dinotshe e baithutamarope ba e fitlhetseng kwa Iseraele wa gompieno?

Baithutamarope ba ile ba fitlhela matlo a dinotshe a a fetang 30, a bakanoki ba fopholetsang gore a ne a ntsha mamepe a a kana ka halofo ya tone ngwaga le ngwaga. Seno se supa gore batho ba ne ba rua dinotshe kwa lefatsheng le Modimo a ileng a re le tla ‘elela mashi le tswina ya dinotshe.’ (Ekes. 3:8)—3/1, tsebe 15.

• Jeremia o ne a tshwana jang le “setlhare se se jadilweng fa metsing se se romelang medi ya sone mo moseleng wa metsi”? (Jer. 17:7, 8)

Ga a ka a tlogela go ungwa maungo; e bile ga a ka a itetla go tlhotlhelediwa ke basotli. Go na le moo, o ne a nna a kgomaretse Motswedi wa metsi a a nayang botshelo, a ikobela se Modimo a mmoleletseng sone.—3/15, tsebe 14.

• Jesu o ne a kaya eng fa a ne a raya Maratha a re go tlhokega dilo di sekaenyana fela kgotsa se le sengwe fela? (Luke 10:41, 42)

O ne a sa kaye gore o rata dilo tse di bonalang ka gonne a ne a baakanya dijo tsa mefutafuta; e bile o ne a sa nyatse tiro ya gagwe. Go na le moo, o ne a gatelela dilo tse di tshwanetseng go tla pele. Maratha o ne a sa dirise tshono eno e e sa tshwaneng le epe ya go nonotsha tumelo ya gagwe.—4/1, tsebe 12-13.

• Ke dilo dife tse di neng di sa dirwa sentle mo tshekong ya ga Jesu?

Kgotlatshekelo ga e a ka ya reetsa mabaka ape go bona gore a o ne a se molato. Go ne ga batliwa basupi ba maaka. Kgetsi e ne ya sekwa bosigo. Tsheko e ne ya simolola ya bo ya fela ka letsatsi le le lengwe.—4/1, tsebe 20.