Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Lemoga Bosupi Jwa Gore re Kaelwa ke Modimo?

A o Lemoga Bosupi Jwa Gore re Kaelwa ke Modimo?

A o Lemoga Bosupi Jwa Gore re Kaelwa ke Modimo?

BAISERAELE le Baegepeto ba ne ba ise ba bone sengwe se se tshwanang le yone. Fa Baiseraele ba ne ba Fuduga go tswa kwa Egepeto, pilara ya leru e ne e ba okama mme e nna le bone bosigo le motshegare. Bosigo e ne e nna pilara ya molelo. Ruri seno se ne se jesa kgakge! Mme gone e ne e tswa kae? Boikaelelo jwa yone e ne e le bofe? Mme ke eng se rona ba re tshelang dingwaga di ka nna 3 500 morago ga foo, re ka ithutang sone mo tseleng e Baiseraele ba neng ba leba “pilara ya molelo le leru” ka yone?—Ekes. 14:24.

Lefoko la Modimo le senola gore pilara eo e ne e tswa kae le gore boikaelelo jwa yone e ne e le bofe ka go re: “Jehofa o ne a tsamaya kwa pele ga bone mo pilareng ya leru motshegare gore a ba goge mo tseleng, mme bosigo mo pilareng ya molelo gore a ba neye lesedi la go tsamaya motshegare le bosigo.” (Ekes. 13:21, 22) Jehofa Modimo o ne a dirisa pilara ya molelo le leru go kaela batho ba gagwe go tswa kwa Egepeto le go ralala naga. Ba ne ba tshwanetse go bo ba iketleeleditse go tsamaya gore ba e latele. Fa masole a Baegepeto a a neng a setse batho ba Modimo morago a ne a batla go ba tlhasela, pilara e ne ya ema fa gare ga ditlhopha tsoopedi mme ya sireletsa Baiseraele. (Ekes. 14:19, 20) Le fa pilara e ne e sa ba bontsha tsela e e tlhamaletseng, go latela kaelo ya yone e ne e le tsela e le yosi fela e Baiseraele ba neng ba ka goroga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng ka yone.

Go nna gone ga pilara go ne go tlhomamisetsa batho ba Modimo gore Jehofa o ne a na le bone. E ne e emela Jehofa, mme ka dinako dingwe o ne a bua go tswa mo go yone. (Dipa. 14:14; Pes. 99:7) Mo godimo ga moo, leru leo le ne la supa gore Moshe ke ene yo Jehofa a neng a mo tlhomile gore a etelele setšhaba pele. (Ekes. 33:9) Ka tsela e e tshwanang, la bofelo fa leru leo le ne le bonala le ne la tlhomamisa gore Joshua o ne a tlhomilwe ke Jehofa go nna motlhatlhami wa ga Moshe. (Dute. 31:14, 15) Eleruri, diphelelo tse di molemo tsa Khudugo di ne di ikaegile ka gore Baiseraele ba ele tlhoko bosupi jwa gore Modimo o ne a ba kaela, go tswa foo ba latele kaelo ya gagwe.

Ga ba A ka Ba Tlhola ba Lemoga Bosupi

Fa Baiseraele ba ne ba bona pilara eo lekgetlho la ntlha, ba tshwanetse ba bo ba ile ba gakgamala. Ka maswabi, e re ka Baiseraele ba ne ba tswelela ba bona kgakgamatso eo ka metlha, ga e a ka ya tlhola e dira gore ba nne ba ikanya Jehofa. Ba ne ba gana kaelo ya Modimo ka makgetlho a le mmalwa. Fa masole a Baegepeto a ne a ba lelekisa, ga ba a ka ba ikanya maatla a ga Jehofa a a bolokang. Go na le moo, ba ne ba latofatsa motlhanka wa Modimo e bong Moshe ka gore o ba tlisitse kwa nageng gore ba swele teng. (Ekes. 14:10-12) Morago ga gore ba kgabaganye Lewatle le Lehibidu ka pabalesego, ba ne ba ngongoregela Moshe, Arone le Jehofa ka gonne ba ne ba re ba tlhaela dijo le metsi. (Ekes. 15:22-24; 16:1-3; 17:1-3, 7) Mme dibeke di le mmalwa morago ga foo, ba ne ba pateletsa Arone go ba direla namane ya gouta. Akanya fela! Baiseraele ba ne ba bona pilara ya molelo le leru mo ntlheng e nngwe ya bothibelelo—bosupi jo bogolo jwa Ene yo o ba ntshitseng kwa Egepeto—mme gaufi le foo ba ne ba simolola go obamela modingwana yo o sa tsheleng, ba re: “Yono ke Modimo wa gago, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.” Ruri tseo e ne e le “ditiro tse dikgolo tsa go tlhoka tlotlo”!—Ekes. 32:4; Neh. 9:18.

Ditiro tsa Baiseraele tsa botsuolodi di ne di bontsha gore ruri ba ne ba itlhokomolosa kaelo ya ga Jehofa. Bothata e ne e se gore matlho a bone a ne a sa bone mme e ne e le tsela e ba lebang dilo tsa semoya ka yone. Ba ne ba bona pilara, mme ba ne ba sa tlhole ba anaanela botlhokwa jwa yone. Le fa ditiro tsa Baiseraele di ne di “utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko,” Jehofa o ne a nna a ba bontsha kutlwelobotlhoko mme a ba kaela a dirisa pilara eo, go fitlha ba goroga kwa Lefatsheng la Tsholofetso.—Pes. 78:40-42, 52-54; Neh. 9:19.

Lemoga Bosupi Jwa Kaelo ya Modimo Gompieno

Le mo motlheng wa rona, Jehofa ga a ise a tlogele batho ba gagwe a sa ba kaele ka tsela e e bonalang sentle. Fela jaaka a ne a sa lebelela gore Baiseraele ba ipatlele tsela ya bone, le gompieno ga a lebelela gore re ipatlele tsela ya rona ya go ya kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng. Jesu Keresete ke ene yo o tlhophilweng go nna Moeteledipele wa phuthego. (Math. 23:10; Baef. 5:23) Setlhopha sa motlhanka yo o ikanyegang, se se dirwang ke Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka moya, ke sone se Jesu a se neileng taolo. Mme setlhopha seo sa motlhanka sone se tlhopha balebedi mo phuthegong ya Bokeresete.—Math. 24:45-47; Tito 1:5-9.

Re ka tlhomamisega jang gore setlhopha seno sa motlhanka yo o boikanyego kgotsa sa molebedi ke mang? Ela tlhoko kafa Jesu ka boene a se tlhalosang ka gone: “Tota ke mang yo e leng molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale, yo mong wa gagwe o tla mo tlhomang gore a okamele setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi go nna a ba naya selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng? Go itumela motlhanka yoo, yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo!”—Luke 12:42, 43.

Ka jalo, setlhopha sa molebedi se a ‘ikanyega,’ e bile ga se tlhanogele kgotsa go latlha Jehofa, Jesu, dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele kgotsa batho ba Modimo. E re ka setlhopha sa molebedi se le “botlhale,” se akanyetsa dilo sentle fa se kaela tiro e e botlhokwa thata ya go rera “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi” le ya go dira “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Math. 24:14; 28:19, 20) Setlhopha sa molebedi se ikobela taelo ya go aba dijo tsa semoya tse di molemo le tse di otlang “ka nako e e tshwanetseng.” Se se bontshang gore Jehofa o a se amogela ke tsela e ka yone a segofatsang batho ba gagwe ka koketsego ya baobamedi ba boammaaruri, e a se kaelang ka yone fa se dira ditshwetso tsa botlhokwa, e a se thusang go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele botoka ka yone, e a se sireletsang ka yone kgatlhanong le go bolawa ke baba ba sone mmogo le e a se thusang ka yone go bona kagiso ya mogopolo le ya pelo.—Isa. 54:17; Bafil. 4:7.

Amogela Kaelo ya Modimo

Re ka bontsha jang gore re anaanela kaelo ya Modimo? Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.” (Baheb. 13:17) Ga se ka metlha go leng motlhofo go dira jalo. Ka sekai: Akanya o le Moiseraele mo motlheng wa ga Moshe. Akanya fela pilara e ema morago ga gore lo tsamaye lobaka lo lo rileng. E tla ema foo lobaka lo lokae? Letsatsi? Beke? Dikgwedi di le mmalwa? O ipotsa gore, ‘A go botlhokwa gore ke phutholole merwalo ya me yotlhe?’ Kwa tshimologong, o ka nna wa phutholola fela dilo tse di tlhokegang thata. Le fa go ntse jalo, morago ga malatsi a le mmalwa, o betwa ke pelo ka ntlha ya go nna o phuruphutsa merwalo ya gago, mme o simolola go phutholola dilo tsotlhe. Mme fa e kete o fetsa go phutholola merwalo ya gago, o bona pilara e emelela—mme o tshwanelwa ke go simolola go phutha merwalo ya gago gape! Seo se ne se se kitla se nna motlhofo. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go “bolola morago fela ga moo.”—Dipa. 9:17-22.

Ka jalo, re itshwara jang fa re neelwa kaelo ya Modimo? A re leka go e dirisa “morago fela ga moo”? Kgotsa a re tswelela re dira dilo fela jaaka re ne re tlwaetse go di dira? A re itse dikaelo tse di mo nakong, tse di jaaka tse di malebana le go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele, go rerela batho ba ba buang puo e sele, go nna le kobamelo ya lelapa ka metlha, go dirisana mmogo le Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo le go itshwara sentle fa re le kwa dikopanong? Re bontsha gape gore re anaanela kaelo ya Modimo ka go amogela kgakololo. Fa re tshwanetse go dira ditshwetso tsa botlhokwa, ga re ikanye botlhale jwa rona, mme re senka kaelo mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe. Fela jaaka ngwana a batla tshireletsego mo batsading ba gagwe fa go nna le setsuatsue, le rona re senka tshireletsego mo phuthegong ya ga Jehofa, fa re lebana le mathata a lefatshe leno a a jaaka setsuatsue.

Ke boammaaruri gore ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Modimo e e mo lefatsheng ga ba itekanela—mme Moshe le ene o ne a sa itekanela. Le fa go ntse jalo, pilara e ne ya nna e ntsha bosupi jwa gore o ne a tlhomilwe ke Modimo le gore Modimo o ne a mo amogela. Ela tlhoko gape gore Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ka se itirele tshwetso ya gore a ka simolola go tsamaya leng. Go na le moo, batho ba ne ba tla dira jalo go ya “ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.” (Dipa. 9:23) Ka jalo, Moshe, yo o neng a dirisiwa ke Modimo go kaela batho, a ka tswa a ile a naya batho sesupo sa gore ba tsamaye.

Gompieno setlhopha sa ga Jehofa sa molebedi se re naya sesupo se se bonalang sentle fa e le nako ya go tsamaya. Molebedi o dira seo jang? O dirisa ditlhogo tse di mo go Tora ya Tebelo le Tirelo ya Rona ya Bogosi, dikgatiso tse disha le dipuo kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Gape o naya diphuthego ditaelo a dirisa balebedi ba ba etang kgotsa ka makwalo kgotsa ka dithapiso tse di newang bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong.

A o lemoga bosupi jwa kaelo ya Modimo sentle? Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re kaela, rona batho ba gagwe, gore re kgone go ralala “naga” mo metlheng eno ya bofelo jwa lefatshe le le boikepo la ga Satane. Seo se dira gore re nne le kutlwano, lorato le tshireletsego.

Fa Baiseraele ba goroga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Joshua o ne a re: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela.” (Josh. 23:14) Ka tsela e e tshwanang, batho ba Modimo gompieno ba tla goroga kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, gore a re tla nna gone kwa go lone go ikaegile ka gore re iketleeletse go latela kaelo ya Modimo ka boikokobetso. Ka jalo, a rotlhe re nneng re lemoga bosupi jwa gore re kaelwa ke Jehofa!

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Gompieno re kaelwa ke phuthego ya ga Jehofa

Dikgatiso tse di gololwang kwa kopanong

Dikolo tsa puso ya Modimo

Thapiso kwa dipokanong tsa tirelo