‘Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang’ di Galaletsa Modimo
‘Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang’ di Galaletsa Modimo
“Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi.”—JOH. 15:8.
1, 2. (a) Re na le ditshono dife tsa go kgothatsa ba bangwe? (b) Ke mpho efe e e tswang kwa go Jehofa e e tokafatsang bokgoni jwa rona jwa go mo direla?
AKANYA ka maemo ano a mabedi: Mosadi wa Mokeresete o lemoga gore kgaitsadi mongwe yo mosha o lebega a tshwenyegile ka sengwe. O rulaganya go dira mmogo le ene kwa tirelong ya tshimo. Fa ba ntse ba tlotla ba le mo tshimong, kgaitsadi yo mosha o mmolelela se se mo tshwenyang. Moragonyana mo letsatsing leo, mosha yono o leboga Jehofa ka ntlha ya go bo kgaitsadi yono yo o godileng a ile a mo kgatlhegela; e ne e le sone se a neng a se tlhoka. Kwa lefelong le lengwe, banyalani ba sa tswa go boa kwa nageng e sele kwa ba neng ba ile go rera gone. Fa ba le kwa kokoanong mme ba tlotla ka boitumelo ka maitemogelo a bone, mokaulengwe yo mosha o reeditse ka tidimalo. Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, fa mokaulengwe yono a ipaakanyetsa go ya kwa kabelong ya gagwe kwa nageng e sele, o akanya ka banyalani bao le motlotlo o o dirileng gore a batle go nna morongwa.
2 Gongwe maemo ano a go gopotsa mongwe yo o kileng a go tlhotlheletsa mo botshelong kgotsa mongwe yo wena o kileng wa mo tlhotlheletsa. Ke boammaaruri gore ga se gantsi motlotlo o le mongwe fela o ka fetolang botshelo jwa mongwe mme letsatsi le letsatsi re na le ditshono tsa go kgothatsa le go nonotsha ba bangwe. Akanya go na le sengwe se se neng se ka tokafatsa bokgoni jwa gago le dinonofo tsa gago, gore o kgone go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka tsela e kgolwane le gore Modimo a go dirise. A seo e ne e ka se nne sengwe se se molemolemo? Tota e bile, Jehofa o re naya yone mpho e e ntseng jalo—moya wa gagwe o o boitshepo. (Luke 11:13) Fa moya wa Modimo o ntse o dira mo matshelong a rona, o dira gore re nne le dinonofo tse di molemo tse di tla tokafatsang karolo nngwe le nngwe ya tirelo e re e direlang Modimo. A bo e le mpho e e molemo jang ne!—Bala Bagalatia 5:22, 23, NW.
3. (a) Go lwela go nna le ‘dinonofo tse moya o di tlhagisang’ go galaletsa Modimo jang? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?
3 Dinonofo tse moya o o boitshepo o di tlhagisang di bontsha botho jwa Motswedi wa one moya oo, Jehofa Modimo. (Bakol. 3:9, 10) Jesu o ile a bontsha lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba tshwanetse go leka ka natla go etsa Modimo fa a ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe jaana: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi.” * (Joh. 15:8) Fa re ntse re lwela go nna le ‘dinonofo tse moya o di tlhagisang,’ diphelelo tsa gone di bonala sentle mo tseleng e re buang le go dira dilo ka yone; mme seno se dira gore Modimo wa rona a bakwe. (Math. 5:16) Dinonofo tse moya o di tlhagisang di farologana jang le mekgwa ya lefatshe la ga Satane? Re ka lwela jang go nna le dinonofo tse moya o di tlhagisang? Ke eng fa re ka fitlhela go le thata go dira jalo? Re tla sekaseka dipotso tseno fa re ntse re tlotla ka dikarolo tsa ntlha tse tharo tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang—lorato, boipelo le kagiso.
Lorato lo lo Theilweng mo Molaomotheong wa Maemo a a Kwa Godimo
4. Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe ka mofuta ofe wa lorato o ba neng ba tshwanetse go o bontsha?
4 Lorato lo lo tlhagisiwang ke moya o o boitshepo Mathaio 5:43-48.) O ne a re tota le baleofi ba latela molao wa go rata yo o go ratang, ka go tshwara ba bangwe ka tsela e le bone ba ba tshwarang ka yone. “Lorato” lo lo ntseng jalo ga lo akaretse go intsha setlhabelo mme ke la go direlana melemo. Fa re batla go ‘itshupa re le bana ba ga Rraarona yo o kwa magodimong’ re tshwanetse go dira se se farologaneng. Go na le go tshwara batho ka tsela e ba re tshwarang ka yone, re ba leba le go ba tshwara ka tsela e Jehofa a ba lebang le go ba tshwara ka yone. Le fa go ntse jalo, re ka kgona jang go rata baba ba rona fela jaaka Jesu a ile a laela?
lo farologana thata le mofuta wa lorato o o tlwaelegileng mo lefatsheng. Jang? Lo theilwe mo molaomotheong wa maemo a a kwa godimo. Jesu o ne a bontsha pharologano eo mo Therong ya kwa Thabeng. (Bala5. Re ka bontsha jang gore re rata ba ba re bogisang?
5 Akanya ka sekai sengwe sa Baebele. Fa Paulo le Silase ba ne ba rera kwa Filipi, ba ne ba tshwarwa, ba itewa mo go botlhoko mme ba tsenngwa mo kgolegelong e e kwa teng, kwa dinao tsa bone di neng tsa tsenngwa mo disaneng gone. Fa seno se ntse se direga modisa wa kgolegelo le ene a ka tswa a ile a ba sotla. Fa ba ne ba gololwa ka kgakgamatso morago ga thoromo ya lefatshe, a ba ne ba itumelela gore ba ne ba na le tshono ya go ipusulosetsa mo monneng yoo? Nnyaa. Go amega ka boitekanelo jwa gagwe ka tsela ya mmatota—lorato lwa go intsha setlhabelo—go ne ga ba tlhotlheletsa gore ba tseye kgato ka bonako go mo thusa, mme seo se ne sa dira gore molebedi yoo wa kgolegelo le lelapa la gagwe lotlhe e nne badumedi. (Dit. 16:19-34) Bontsi jwa bakaulengwe ba rona mo motlheng ono ba ile ba dira sone seo mme ba ‘segofatsa ba ba ba bogisang.’—Bar. 12:14.
6. Re ka bontsha jang bakaulengwe ba rona lorato lwa go intsha setlhabelo? (Bona lebokose le le mo go tsebe 21.)
6 Go rata badumedi mmogo le rona ga go felele foo. “Re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.” (Bala 1 Johane 3:16-18.) Le fa go ntse jalo, gantsi re ka bontsha lorato ka ditsela tse dinnye. Ka sekai, fa re dira kgotsa re bua sengwe se se kgopisang mokaulengwe, re ka bontsha lorato ka go etelela pele go dira gore go nne le kagiso. (Math. 5:23, 24) Go tweng fa mongwe a re kgopisa? A re “iketleeleditse go itshwarela” kgotsa a ka dinako dingwe re tshwara sekgopi? (Pes. 86:5) Lorato lwa rona lo logolo lo lo tlhagisiwang ke moya o o boitshepo lo ka re thusa gore re bipe ditlolo tse dinnye mme re itshwarele ba bangwe re gololesegile “le eleng jaaka Jehofa a ne a [re] itshwarela.”—Bakol. 3:13, 14; 1 Pet. 4:8.
7, 8. (a) Go rata batho go amana jang le go rata Modimo? (b) Re ka nonotsha jang lorato lo re ratang Jehofa ka lone? (Bona setshwantsho se se fa tlase.)
7 Re ka lwela jang go rata bakaulengwe ba rona ka lorato lwa go intsha setlhabelo? Ka go nonotsha Baef. 5:1, 2; 1 Joh. 4:9-11, 20, 21) Fa re ipha nako re na le Jehofa ka go bala Baebele, go tlhatlhanya le go rapela, seo se a re kgothatsa e bile se godisa tsela e re ratang Rraarona yo o kwa legodimong ka yone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ithekela nako ya go atamalana le Modimo.
lorato lo re ratang Modimo ka lone. (8 Ka sekai: A re re go ne go kgonega gore o bale Lefoko la Modimo, o tlhatlhanye ka lone o bo o rapele Jehofa ka nako nngwe e e rileng fela letsatsi le letsatsi. A o ne o ka se tlhomamise gore nako eo ya gago le Jehofa ga e kgorelediwe ke sepe? Ee, ga go ope yo o ka re thibelang go rapela Modimo, mme bontsi jwa rona re ka bala Baebele nako nngwe le nngwe fa re batla. Mme gone, re ka nna ra tshwanelwa ke go dira ka natla gore re se ka ra letla ditiro tse dintsi tsa letsatsi le letsatsi di kgoreletsa nako ya rona le Modimo. A letsatsi le letsatsi o ithekela nako e e lekaneng kafa o ka kgonang ka gone gore o atamalane le Jehofa?
“Boipelo Jwa Moya o o Boitshepo”
9. Boipelo jo bo tlhagisiwang ke moya o o boitshepo bo ntse jang?
9 Sengwe se se tlhomologileng ka dinonofo tse di tlhagisiwang ke moya o o boitshepo ke gore ga di fetoge. Boipelo e leng karolo ya bobedi ya dinonofo tseo e re tla tlotlang ka yone, le yone ga e fetoge. Boipelo bo tshwana le semela se se kgonang go gola le mo maemong a a thata. Mo lefatsheng ka bophara, batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba ile ba “amogela lefoko [ba] le mo pitlaganong e kgolo ka boipelo jwa moya o o boitshepo.” (1 Bathes. 1:6) Ba bangwe ba lebana le mathata mo matshelong a bone. Mme Jehofa o ba nonotsha ka moya wa gagwe gore ba ‘itshoke le gore ba itshware ka bopelotelele ka boipelo.’ (Bakol. 1:11) Boipelo jono bo simologa kae?
10. Boipelo jwa rona bo simologa kae?
10 Go farologana le ‘dikhumo tse di sa tlhomamang’ tsa lefatshe la ga Satane, matlotlo a semoya a re a amogelang go tswa kwa go Jehofa a nnela ruri. (1 Tim. 6:17; Math. 6:19, 20) O re naya tsholofetso e e itumedisang ya isagwe e e sa khutleng. Re ipelela go nna karolo ya bakaulengwe ba Bakeresete ba lefatshe lotlhe. Mo godimo ga moo, boipelo jwa rona bo simologa mo botsalanong jwa rona le Modimo. Re ikutlwa fela jaaka Dafide, yo le fa a ne a tshwanetse go tshela jaaka motshabi, a ileng a baka Jehofa ka pina a re: “Ka gonne bopelonomi jwa gago jwa lorato bo botoka go na le botshelo, dipounama tsa me di tla go akgola. Ka jalo ke tla go baka ka nako ya fa ke sa ntse ke tshela.” (Pes. 63:3, 4) Tota le fa re lebana le mathata, re ipelela go baka Modimo.
11. Ke eng fa go le botlhokwa gore re direle Jehofa ka boipelo?
11 Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!” (Bafil. 4:4) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba tswelele ba direla Jehofa ka boipelo? Ke ka ntlha ya kgang e Satane a neng a e tsosa malebana le bolaodi jwa ga Jehofa. Satane a re ga go ope yo o direlang Modimo ka go rata. (Jobe 1:9-11) Fa re ne re ka direla Jehofa ka go ikgolola fela mme re sa itumela, setlhabelo sa rona sa pako se ne se tla bo se sa felela. Ka jalo, re leka go dirisa kgothatso eno ya mopesalema: “Direlang Jehofa ka go ipela. Tsenang kwa go ene lo goa ka boipelo.” (Pes. 100:2) Tirelo e e dirwang ka boipelo le ka pelo e e ratang e galaletsa Modimo.
12, 13. Re ka dira eng go fenya go kgobega marapo?
12 Gone ke boammaaruri gore tota le batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, ka dinako dingwe ba tla nna le dinako tse ba tshwenyegileng mo maikutlong ka tsone e bile ba lwela go leba dilo ka tsela e e siameng. (Bafil. 2:25-30) Ke eng se se ka re thusang mo dinakong tse di ntseng jalo? Baefeso 5:18, 19 ya re: “Nnang lo tladiwe ka moya, lo buisana ka dipesalema le dipako tse di direlwang Modimo le dipina tsa semoya, lo opela e bile lo leletsa Jehofa dipina go tswa mo dipelong tsa lona.” Re ka dirisa jang kgakololo eno?
13 Fa re kgobegile marapo, re ka rapela Jehofa ka tlhoafalo mme ra leka go tlhatlhanya ka dilo tse di molemo. (Bala Bafilipi 4:6-9.) Bangwe ba bona go opelela kwa tlase ba tsamaisana le dipina tsa Bogosi tse di rekotilweng mme ba sa di opele ka mafoko, go ba kgothatsa e bile go ba thusa go akanya ka tsela e e siameng. Mokaulengwe mongwe yo o neng a lebane le bothata jo bo rileng jo gantsi bo neng bo dira gore a tlalelwe a bo a kgobege marapo, a re: “Ka metlha ke ne ke rapela go tswa pelong, mme gape ke ne ke tshwere dipina tsa Bogosi di le mmalwa ka tlhogo. Fa ke opelela Jehofa dipina tseno tse di monate kwa godimo kgotsa mo pelong, ke ne ke nna le kagiso ya mogopolo. Gape buka ya Atamalana le Jehofa e ne ya gololwa mo e ka nnang ka yone nako eo. Ke ne ka e bala gabedi mo ngwageng o o latelang. E ne e ntse jaaka setlolo se se fodisang mo pelong ya me. Ke a itse gore Jehofa o ile a segofatsa maiteko a me.”
‘Sebofo se se Kopanyang sa Kagiso’
14. Ke eng se batho ba se lemogang ka kagiso e e tlhagisiwang ke moya o o boitshepo?
14 Kwa dikopanong tsa rona tsa ditšhabatšhaba, batlakopanong ba ba farologaneng ba ba tswang kwa dinageng disele ba itumelela botsalano le Bakeresete mmogo le bone. Maemo a a ntseng jalo a bontsha kagiso e batho ba Modimo ba nang le yone gompieno—kutlwano ya rona ya lefatshe lotlhe. Gantsi batho ba ba lebileng ba a gakgamala fa ba bona batho ba ba neng ba solofetse gore e nne baba, ba le mmogo ba “leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:3) Kutlwano eno ke sengwe se se tlhomologileng fa re akanya ka se ba le bantsi ba ileng ba tshwanelwa ke go se fenya gore ba nne le yone.
15, 16. (a) Petere o ne a godisitswe jang mme seno e ne ya nna kgwetlho jang mo go ene? (b) Jehofa o ne a thusa Petere jang go fetola tsela e a lebang dilo ka yone?
15 Go kopanya batho ba ditso tse di farologaneng ke kgwetlho. Gore re kgone go lemoga se re tshwanetseng go se fenya gore re nne le kutlwano e e ntseng jalo, mma re sekaseke sekao sengwe sa lekgolo la ntlha la dingwaga, e bong moaposetoloi Petere. Tsela e a neng a leba Baditšhaba ba ba Dit. 10:24-29; 11:1-3) Fa re leba dilo go ya ka tsela e di neng di ntse ka yone mo nakong eo, Petere a ka tswa a godile a dumela gore Molao o ne o mo pateletsa go rata Bajuda mmogo le ene fela. Go ka tswa go ne go lebega e le sengwe se se siameng fela mo go ene go leba Baditšhaba e le baba ba ba tshwanetseng go tlhoiwa. *
sa rupang ka yone e ka lemogiwa mo mafokong ano a gagwe: “Lo itse sentle kafa go seng kafa molaong ka gone gore Mojuda a ikopanye kgotsa a atamele motho wa lotso lo longwe; mme le fa go ntse jalo Modimo o mpontshitse gore ke se ka ka bitsa motho ope ke re o leswafetse kgotsa ga a phepa.” (16 Akanya fela gore Petere o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa a sa gololesega jang fa a ne a tsena mo legaeng la ga Korenelio. A monna yo pele a neng a leba Baditšhaba ka tsela e e sa siamang, o ne a ka kgona go “kopanngwa mmogo ka kutlwano” le bone “mo sebofong se se kopanyang sa kagiso”? (Baef. 4:3, 16) Ee, ka gonne malatsi a le mmalwa pele ga foo, moya wa Modimo o ne wa tlhotlheletsa Petere mme wa dira gore a fetole tsela e a lebang dilo ka yone a bo a fenye tlhaolele. Jehofa o ne a dirisa ponatshegelo go mmontsha gore tsela e Modimo a lebang batho ka yone ga e a ikaega ka gore ke ba lotso lofe kgotsa setšhaba sefe. (Dit. 10:10-15) Ka jalo, Petere o ne a ka raya Korenelio a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Dit. 10:34, 35) Petere o ne a fetoga mme a nna le kutlwano ya mmatota le “bakaulengwe botlhe.”—1 Pet. 2:17.
17. Kutlwano e batho ba Modimo ba nang le yone e tlhomologile ka tsela efe?
17 Maitemogelo a ga Petere a re thusa go tlhaloganya phetogo e kgolo e e diregang mo bathong ba Modimo gompieno. (Bala Isaia 2:3, 4.) Dimilionemilione tsa batho ba ba ‘tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,’ ba fetotse tsela e ba akanyang ka yone gore e dumalane le “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng.” (Tshen. 7:9; Bar. 12:2) Bontsi jwa bone ba kile ba bo ba tlhotlheleditswe ke letlhoo, bobaba le lefatshe la ga Satane le le makgaoganyane. Mme ka go ithuta Lefoko la Modimo le go thusiwa ke moya o o boitshepo, ba ile ba ithuta go ‘latelela dilo tse di isang kagisong.’ (Bar. 14:19) Kutlwano e e nnang gone ka ntlha ya seo e dira gore Modimo a bakwe.
18, 19. (a) Mongwe le mongwe wa rona a ka dira jang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Mongwe le mongwe wa rona a ka dira jang gore go nne le kagiso le kutlwano mo bathong ba Modimo? Diphuthego di le dintsi di na le batho ba ba tswang kwa dinageng di sele. Bangwe ba bone ba ka tswa ba na le dingwao tse di farologaneng le tsa rona kgotsa ba sa bue puo ya rona sentle. A re leka ka natla gore re ba itse botoka? Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go dira jalo. Fa Paulo a ne a kwalela phuthego ya kwa Roma e e neng e na le badumedi ba Bajuda le ba Baditšhaba o ne a re: “Amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela, ka tebelelo ya go galaletsa Modimo.” (Bar. 15:7) A mo phuthegong ya lona go na le mongwe yo o ka lekang go mo itse botoka?
19 Ke eng gape se re ka se dirang go letla moya o o boitshepo gore o dire mo matshelong a rona? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka potso eno fa re tla bo re tlotla ka dikarolo tse di setseng tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Maungo a Jesu a buang ka one a akaretsa ‘dinonofo tse moya o di tlhagisang’ le “leungo la dipounama” le Bakeresete ba le nayang Modimo ka tiro ya go rera ka Bogosi.—Baheb. 13:15.
^ ser. 15 Lefitiko 19:18 ya re: “O se ka wa ipusolosetsa le fa e le go tshwara bomorwa batho ba gaeno ka pelo; mme o rate mongwe ka wena jaaka o ithata.” Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba dumela gore “bomorwa batho ba gaeno” le “mong ka wena” e ne e le Bajuda fela. Molao o ne o re Baiseraele ba ikarole mo ditšhabeng tse dingwe. Le fa go ntse jalo, o ne o sa rotloetse kgopolo e baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba e buelela, e leng gore, batho botlhe ba e seng Bajuda e ne e le baba mme ba ne ba tshwanetse go tlhoiwa.
O Tla Araba Jang?
• Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe ba rona ka lorato lwa go intsha setlhabelo?
• Ke eng fa go le botlhokwa gore re direle Modimo ka boipelo?
• Re ka dira jang gore go nne le kagiso le kutlwano mo phuthegong?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso mo go tsebe 25]
“Bano ke Bone Bakeresete ba Boammaaruri”
Buka ya Between Resistance and Martyrdom—Jehovah’s Witnesses in the Third Reich e anela mafoko a lekawana lengwe la mogolegwa la Mojuda le le tlhalosang se se diregileng lekgetlho la ntlha fa le ne le kopana le Basupi ba ga Jehofa morago ga go goroga kwa kampeng ya pogisetso ya Neuengamme:
“Morago fela ga gore rona Bajuda ba ba tswang kwa Dachau re goroge mo karolong ya kampa e re neng re tla nna mo go yone, Bajuda ba bangwe ba ne ba simolola go fitlha sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone gore ba se ka ba se abalana le rona. . . . Kwa ntle [ga kampa ya pogisetso], re ne re thusana. Mme fano gone fa botshelo bo le thata, mongwe le mongwe o ikakanyetsa a le nosi a lebala ka batho ba bangwe. Mme gone, akanya ka se Baithuti ba Baebele ba neng ba se dira. Ka nako eo, ba ne ba tshwanetse go bereka ka natla ba baakanya diphaepe tsa metsi. Go ne go le tsididi mme ba ne ba ema letsatsi lotlhe mo metsing a a tsididitsididi. Ga go ope yo o neng a tlhaloganya gore ba ne ba kgona jang go itshokela seo. Ba ne ba re Jehofa o a ba nonotsha. Fela jaaka rona, ba ne ba tlhoka borotho jo ba neng ba bo newa, ka gonne ba ne ba tshwerwe ke tlala. Mme ba ne ba dira eng? Ba ne ba phutha marotho otlhe a ba neng ba na le one, ba ja bontlhanngwe jwa borotho jo ba bo phuthileng mme jo bo neng bo setse ba bo naya badumedimmogo le bone ba ba neng ba sa tswa go goroga go tswa kwa Dachau. E bile ba ne ba ba amogela ba bo ba ba atla. Pele ba ja, ba ne ba rapela. Morago ga foo, botlhe ba ne ba kgotsofetse e bile ba itumetse. Ba ne ba re ga ba tlhole ba tshwerwe ke tlala. Seno se ne sa dira gore ke akanye jaana: Bano ke bone Bakeresete ba boammaaruri.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
A letsatsi le letsatsi o ithekela nako mo ditirong tse dingwe gore o atamalane le Jehofa?