Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang o Ikanyega ka Gone mo Lefatsheng Le le Sa Ikanyegeng

Kafa o ka Nnang o Ikanyega ka Gone mo Lefatsheng Le le Sa Ikanyegeng

Kafa o ka Nnang o Ikanyega ka Gone mo Lefatsheng Le le Sa Ikanyegeng

GO SA ikanyege go aname fela jaaka moya o re o hemang. Batho ba bua maaka, ba duedisa ba bangwe madi a a kwa godimo thata, ba a utswa, ga ba duele dikoloto, e bile ba ikgantsha ka ditsela tse di sa siamang tsa go dira kgwebo. E re ka re tshela mo maemong ano, gantsi re lebana le maemo a a lekang boikemisetso jwa rona jwa go nna re ikanyega. Re ka kgona jang go nna re fenya mokgwa ono wa go sa ikanyege? Mma re sekaseke dintlha di le tharo tsa konokono tse di tla re thusang go dira jalo. Tsone ke go boifa Jehofa, segakolodi se se molemo le go kgotsofalela se o nang le sone.

Go Boifa Jehofa ka Tsela e e Siameng

Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Moneimolao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona.” (Isa. 33:22) Go itse gore Jehofa ke ene yo o laolang dilo go dira gore re nne le poifo ya bomodimo—maatla a a re tlhotlheletsang gore re ikemisetse go nna re gana moya wa go sa ikanyege. Diane 16:6 ya re: “Motho o fapoga bosula ka go boifa Jehofa.” Poifo e e ntseng jalo ga se ya go tshaba gore Modimo o tla re dira sengwe se se utlwisang botlhoko, mme ke go tshaba go se itumedise Rraarona yo o kwa legodimong, yo tota a batlang gore dilo di re tsamaele sentle.—1 Pet. 3:12.

Maitemogelo a mmatota a dilo tse di diregileng mo botshelong a bontsha kafa go nna le poifo ya bomodimo go ka nnang le matswela a a molemo ka gone. Ricardo le mosadi wa gagwe Fernanda ba ne ba ntsha madi a a lekanang le R4 900 mo akhaontong ya bone ya banka. * Fernanda o ne a tsenya madi ao otlhe mo kgetsaneng ya gagwe a sa a bala. Fa ba goroga kwa gae morago ga go duela dikoloto dingwe, ba ne ba gakgamadiwa ke go fitlhela kgetsana ya ga Fernanda e sa ntse e na le madi a a batlileng a lekana le a ba a ntshitseng kwa bankeng. Ba ne ba swetsa ka gore: “Mosadi yo o berekang kwa bankeng yo o neng a re naya madi o tshwanetse a bo a re neile madi a le mantsi.” Kwa tshimologong ba ne ba raelesega go itseela madi ao, ka gonne ba ne ba na le dikoloto tse dingwe di le dintsi tse ba neng ba ise ba di duele. Ricardo a re: “Re ne ra kopa Jehofa gore a re neye maatla a gore re busetse madi ao. Go batla ga rona go itumedisa Modimo go dumalana le se a se kopang mo go Diane 27:11, go ne ga dira gore re batle go busetsa madi ao.”

Segakolodi se se Thapisitsweng ke Baebele

Re ka thapisa segakolodi sa rona ka go ithuta Baebele le ka go leka go dirisa se re ithutang sone. Ka jalo, ‘lefoko la Modimo le le tshelang e bile le naya maatla,’ le tla fitlhelela megopolo le dipelo tsa rona. Seno se tla re tlhotlheletsa go “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Baheb. 4:12; 13:18.

Akanya ka kgang ya ga João. O ne a nna le sekoloto se segolo se se lekanang le R35 000. Go tswa foo, o ne a fudugela kwa toropong nngwe a sa duela sekoloto sa gagwe. Dingwaga di le robedi morago ga foo, João o ne a ithuta boammaaruri, mme segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ke Baebele se ne sa mo tlhotlheletsa gore a ikgolaganye le motho yo a neng a mo kolota, gore a mo duele! E re ka João a ne a tshwanetse go tlamela mosadi wa gagwe le bana ba le banè ka madi a mannye a a neng a a amogela, motho yo João a neng a mo kolota o ne a dumela gore a ka mo duela kgwedi le kgwedi.

Go Kgotsofalela se o Nang le Sone

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. . . . E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Tim. 6:6-8) Go tsaya tsia kgakololo eno e e botlhale go tla re thusa go tila go dira kgwebo ka tsela ya bopelotshetlha le e e belaetsang kana go tsena mo dikgwebong tse di sa tlhamalalang tse di humisang ka bonako ka go tseela ba bangwe madi. (Dia. 28:20) Go latela kgakololo ya ga Paulo go tla re thusa go baya Bogosi jwa Modimo kwa pele, re tlhomamisegile gore dilo tsa konokono tse re di tlhokang re tla di newa.—Math. 6:25-34.

Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya “maatla a a tsietsang a dikhumo,” ga re a tshwanela go nyatsa kotsi ya go ineela mo bogagapeng le mo keletsong ya bopelotshetlha. (Math. 13:22) Gakologelwa kgang ya ga Akane. O ne a bone fa Baiseraele ba kgabaganya Noka ya Joredane ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, o ne a fekeediwa ke bogagapa mme a palelwa ke go fenya keletso ya go utswa gouta le selefera le seaparo se se turang, fa go thopiwa motse wa Jeriko. Seo se ne sa dira gore a latlhegelwe ke botshelo. (Josh. 7:1, 20-26) Ga go gakgamatse go bo dingwaga di le makgolo morago ga foo Jesu a ile a naya tlhagiso eno: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe”!—Luke 12:15.

Ikanyege Kwa Lefelong le o Berekang Kwa go Lone

Mma jaanong re sekaseke maemo mangwe a a ka lekang maikemisetso a rona a go nna re ikanyega mo dilong tsotlhe. Go ikanyega kwa lefelong le re berekang kwa go lone go akaretsa ‘go se utswe’—le fa seno e le se bangwe ba tlwaetseng go se dira. (Tito 2:9, 10) Jurandir yo o berekang kwa kemeding ya puso, o ne a ikanyega fa a isa pego ya ditshenyegelo tsa gagwe tsa maeto a kgwebo. Le fa go ntse jalo, badirimmogo le ene bone ba ne ba kopa madi a a fetang a ba a dirisitseng. Ba ne ba kgona go dira jalo ka gonne mookamedi wa lefapha o ne a sireletsa badiri ba ba sa ikanyegeng. Tota e bile, ene mookamedi yoo o ne a kgalema Jurandir ka go bo a ne a ikanyega mme a tlogela go mo roma mo maetong a kgwebo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tlhatlhobiwa boemo jwa madi jwa kemedi eo mme Jurandir o ne a akgolelwa go ikanyega ga gagwe. Gape o ne a tlhatlosiwa mo tirong.

André, yo e neng e le morekisi, o ne a bolelelwa ke mothapi wa gagwe gore a tsenye dikoloto gabedi mo diakhaontong tsa bareki. Mokaulengwe wa rona o ne a rapela Jehofa gore a mo neye bopelokgale jwa gore a kgomarele melaometheo ya Baebele. (Pes. 145:18-20) Gape o ne a leka go tlhalosetsa mothapi wa gagwe lebaka la go bo a ka se kgone go latela ditaelo tsa gagwe—mme o ne a itaya sefololetse. Ka jalo, André o ne a dira tshwetso ya go tlogela tiro eo e e duelang madi a le mantsi. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, mothapi wa gagwe wa nako e e fetileng o ne a mo kopa gore a boele tirong, a mo tlhomamisetsa gore bareki ga ba sa tlhole ba duedisiwa madi a le mantsi. André o ne a tlhatlosiwa go nna manejara.

Duela Dikoloto

Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa kolota ope le fa e le sepe.” (Bar. 13:8) Re ka nna ra leka go dira diipato tsa go bo re sa duele dikoloto tsa rona re ipolelela gore motho yo re mo kolotang o na le madi a le mantsi mme ga a a tlhoke. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhagisa jaana: “Moikepi o a adima mme ga a buse.”—Pes. 37:21.

Ka jalo, go tweng fa e le gore “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di dira gore re palelwe ke go duela dikoloto tsa rona? (Mor. 9:11) Francisco o ne a adima madi a a lekanang le R49 000 mo go Alfredo gore a kgone go duela sekoloto sa ntlo ya gagwe. Mme ka ntlha ya mathata a kgwebo, Francisco o ne a palelwa ke go duela sekoloto sa gagwe ka letlha le le beilweng. O ne a tsaya kgato ya go atamela Alfredo go tlotla ka kgang eo mme Alfredo o ne a dumela gore Francisco a nne a mo duele madi a a rileng go fitlha a fetsa sekoloto seo.

Tila go Itira se o Seng Sone

Gakologelwa sekao se se bosula sa ga Ananiase le Safira, banyalani ba ba neng ba le mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Morago ga go rekisa tshimo, ba ne ba tlisa karolwana fela ya se ba se boneng, ba se naya baaposetoloi mme ba bo ba re ke one madi otlhe a se ba se rekisitseng. Ba ne ba batla go kgatlha batho ba bangwe ka bopelotshweu jo e seng jone. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo go senola boferefere jwa bone mme Jehofa o ne a ba bolaya.—Dit. 5:1-11.

Go farologana le Ananiase le Safira ba ba neng ba sa ikanyege, bakwadi ba Baebele bone ba ne ba tlhamaletse e bile ba ikanyega. Moshe o ne a ikanyega fa a bega ka gore o ne a palelwa ke go laola bogale mme seo se ile sa felela ka gore a thibelwe go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 20:7-13) Jona le ene ga a ka bipa makoa a a neng a a bontsha pele le morago ga go rerela Baninife. Go na le moo, o ne a kwala ka one.—Jona 1:1-3; 4:1-3.

Ruri go tlhokega bopelokgale go bolela boammaaruri, le fa go dira jalo go ka felela ka ditlamorago tse di botlhoko, fela jaaka re ka bona ka se se diragaletseng Nathalia wa dingwaga di le 14 kwa sekolong. O ne a sekaseka tlhatlhobo e a neng a e kwala mme a lemoga gore dikarabo tse morutabana a neng a di tshwaile gore di siame, tota di ne di le phoso. Le fa Nathalia a ne a itse gore seno se tlile go ama maduo a gagwe, ga a ka a okaoka go bolelela morutabana wa gagwe. O ne a re: “Ka dinako tsotlhe batsadi ba me ba ne ba nthuta gore ke tshwanetse go ikanyega gore ke itumedise Jehofa. Segakolodi sa me se ka bo se ile sa ntshwenya fa nka bo ke sa bolelela morutabana wa me.” Morutabana yoo o ne a itumelela boikanyegi jwa ga Nathalia.

Boikanyegi—Nonofo e e Dirang Gore Jehofa a Tlotliwe

Giselle, mosetsana mongwe yo o nang le dingwaga di le 17, o ne a fitlhela kgetsana ya madi e e nang le ditlankana le madi a a lekanang le R245. O ne a rulaganya le balaodi ba sekolo gore kgetsana eo e busediwe mong wa yone. Kgwedi morago ga foo, mothusa mogokgo o ne a balela bana ba ba mo tlelaseng lekwalo le le neng le akgola Giselle ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe le go akgola lelapa la gaabo ka ntlha ya thapiso e e molemo e ba e mo neileng le ka go bo a godiseditswe mo bodumeding. ‘Ditiro tsa gagwe tse di molemo’ di dirile gore Jehofa a bakwe.—Math. 5:14-16.

Ga go motlhofo go ikanyega fa re ntse re tshela mo gare ga batho ba e leng “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela le ba ba sa lebogeng.” (2 Tim. 3:2) Le fa go ntse jalo, go boifa Jehofa ka tsela e e siameng, go nna le segakolodi se se thapisitsweng ke Baebele le go kgotsofalela se re nang le sone, go tla re thusa go nna re ikanyega mo lefatsheng leno le le sa ikanyegeng. Gape re kgaratlhela go nna le botsalano jo bo atamalaneng thata le Jehofa yo ‘o tshiamo; yo o ratang ditiro tse di siameng.’—Pes. 11:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go boifa Jehofa ka tsela e e siameng go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go nna re ikanyega

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go ikanyega ga rona go dira gore Jehofa a galalediwe