Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri o Itumelela Lefoko la Modimo?

A Ruri o Itumelela Lefoko la Modimo?

A Ruri o Itumelela Lefoko la Modimo?

LORRAINE a re: “Fa ke ne ke simolola go bala Baebele ka metlha, e ne e le mokgweleo go na le gore e nne sengwe se se itumedisang. Ke ne ke sa e tlhaloganye, ka jalo gantsi ke ne ke iphitlhela ke etile ka mogopolo.”

Ba bangwe ba a dumela gore le bone fa ba ne ba simolola go bala Baebele ba ne ba sa e itumelele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itshoka ka gonne ba itse gore go bala Dikwalo Tse di Boitshepo ke sengwe se se siameng. Marc a re: “Go motlhofo go letla dilo dingwe gore di go kgoreletse go bala Baebele le go ithuta o le nosi. Ke ne ka tshwanelwa ke go rapela thata le go tsaya matsapa go dira gore go bala Baebele ka metlha e nne karolo ya ditiro tse ke di dirang letsatsi le letsatsi.”

Ke eng se o ka se dirang go tokafatsa tsela e o anaanelang ka yone Lefoko la Modimo le le kwadilweng, Baebele? O ka dira eng gore o itumelele go e bala? Akanya ka kelotlhoko ka dikakantsho tse di latelang.

Mekgele le Ditsela Tsa go Bala Baebele

Rapela mme o tsepamise mogopolo fa o bala Baebele. Kopa Jehofa gore a go thuse go tlhoafalela go ithuta Lefoko la gagwe. Mo kope gore a bule tlhaloganyo le pelo ya gago gore o kgone go tlhaloganya botlhale jwa gagwe ka botlalo. (Pes. 119:34) Fa o sa dire jalo, go ithuta Baebele e ka nna seomodiro fela mme o ka nna wa felelwa ke lorato lwa go tswelela o ithuta. Lynn a re: “Ka dinako dingwe ke bala ka bonako mme ke bo ke sa bone dintlha tse dingwe tse di kgatlhang tse di amanang le se ke se balang. Gantsi ga nke ke tlhaloganya ka botlalo dintlha tsa konokono. Le fa go ntse jalo, ke rapelela boikgapo mme seno se nthusa gore ke se ka ka eta ka mogopolo.”

Tsaya se o se ithutang se le botlhokwa. Se lebale gore go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele le go bo dirisa ke sengwe sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Ka jalo, leka ka natla go bona dintlha tse di maleba mme o di dirise. Chris a re: “Ke batla dilo tse di nthusang go lemoga maikutlo le maitlhomo a e seng one mo go nna. Go a lapolosa go bona kafa Baebele le dikgatiso tse dintsi tsa rona di nang le tshedimosetso e e ntsholegelang molemo ka gone le fa bakwadi ba yone ba sa nkitse.”

Ipeele mekgele e o tla kgonang go e fitlhelela. Leka go ithuta sengwe se sesha ka batho ba ba mo Baebeleng. O ka fitlhela dintlha tse di kgatlhang tota ka ba le bantsi ba bone ka go leba Insight on the Scriptures kgotsa Watch Tower Publications Index. Fa o ntse o ithuta ka banna le basadi ba ba mo Baebeleng gore ke batho ba mmatota ba ba nang le botho le maikutlo, ba tla go tlhotlheletsa fela thata.

Batla ditsela tse disha tsa go baya mabaka o dirisa Dikwalo. (Dit. 17:2, 3) Sophia o ithuta a akantse ka seo. A re: “Ke rata go ithuta ditsela tse disha tsa go tlotla le batho fa ke le mo bodireding le fa ke se mo bodireding, gore ke kgone go tlhalosa dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele ka tsela e e tshwanetseng. Tora ya Tebelo e ka nna mosola thata gore o kgone go fitlhelela seno.”—2 Tim. 2:15.

Bona dipego tse di mo Baebeleng ka leitlho la mogopolo. Bahebera 4:12 ya re: “Lefoko la Modimo le a tshela.” Fa o ntse o bala Dikwalo, letla gore molaetsa wa Modimo o nne le botshelo mo mogopolong wa gago ka go akanya gore batho ba ba mo Baebeleng ba ne ba bona eng. Leka go utlwa se ba neng ba se utlwa o bo o ikutlwe kafa ba neng ba ikutlwa ka gone. Amanya dilo tse di ba diragaletseng le maemo mangwe a a rileng mo botshelong jwa gago. Ithute kafa ba neng ba rarabolola mathata ka gone. Seno se tla tokafatsa tsela e o tlhaloganyang dipego tsa Baebele le e o nnang o di gakologelwa ka yone.

Iphe nako ya go sekaseka ditemana tse di thata le ditlhaloso tsa tsone gore o di tlhaloganye sentle. Iphe nako e e lekaneng ya go tshwara thuto nngwe le nngwe. O ka nna wa nna le dipotso tse di kgatlhang tse di tlhokang gore o dire dipatlisiso tse di oketsegileng. Batlisisa bokao jwa mafoko a o sa a tlwaelang, sekaseka dintlha tse di kwa tlase o bo o lebe ditshupiso tse di mo Baebeleng. Fa o ntse o tlhaloganya se o se balang le go se dirisa, o tla itumelela Lefoko la Modimo le le kwadilweng. Fa o dira jalo, o tla kgona go bua jaaka mopesalema a buile: “Ke tsere dikgakololo tsa gago [Jehofa] e le thuo ka bosakhutleng, gonne ke boitumelo jwa pelo ya me.”—Pes. 119:111.

Tila go bala ka lepotlapotla. Ipeele nako e e lekaneng ya go ithuta o le nosi. Dira gore o nne gape le nako e o baakanyetsang dipokano tsa phuthego ka yone. Raquel a re: “Gantsi ke ikutlwa ke tshwenyegile thata jaana mo ke sa kgoneng go tlhoma mogopolo. Ka jalo, ke bone go le molemo go nna le nako e khutshwane ya go ithuta. Seno se dira gore thuto ya me e ntsholegele molemo thata.” Chris a re: “Fa ke dira dilo ka lepotlapotla, segakolodi sa me se a ntshwenya ka gonne ke solegelwa molemo go le gonnye. Gantsi se ke ithutang sone ga se mphitlhelele pelo.” Ka jalo, o se ka wa itlhaganela fa o bala.

Tsaya matsapa gore o tlhologelelwe lefoko la Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, [tsaya matsapa go tlhologelelwa] mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one.” (1 Pet. 2:2) Masea ga a tlhoke go tsaya matsapa gore a tlhologelelwe mashi. Go itlela fela ka tlholego. Mme Dikwalo tsa re re tshwanetse go tsaya matsapa gore re tlhologelelwe lefoko la Modimo. Fa o bala tsebe e le nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi, go ise go ye kae o tla tlhologelelwa go e bala. Se se neng se lebega se le thata kwa tshimologong, go ise go ye kae e tla nna sengwe se se itumedisang.

Tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele. Gape o ka solegelwa molemo thata fa o tlhatlhanya ka se o se balang. Go tlhatlhanya go tla go thusa go lomaganya se o se balang le dintlha dingwe tsa semoya tse o kileng wa di batlisisa. Go ise go ye kae o tla nna le matlotlo a semoya a botlhale—sengwe se se itumedisang se motho a ka nnang le sone.—Pes. 19:14; Dia. 3:3.

Dirisa Nako ka Botlhale

Go kgomarela mekgwa e mentle ya go ithuta go tlhoka matsapa, mme masego a go dira jalo a mantsintsi. Fa o dira jalo, tsela e o tlhaloganyang Dikwalo ka yone e tla tokafala. (Baheb. 5:12-14) Bokgoni jwa go lemoga le botlhale jo o bo bonang mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng di tlisa boitumelo le kagiso. Botlhale jo bo leng mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo ke “setlhare sa botshelo” mo go ba ba bo fitlhelang ba bo ba bo dirisa.—Dia. 3:13-18.

Go ithuta Lefoko la Modimo ka tsela e e tseneletseng go ka dira gore o nne le pelo e e tlhaloganyang. (Dia. 15:14) Seo se tla go thusa gore o neye ba bangwe kgakololo e e tswang pelong e e theilweng mo Baebeleng. Fa o letla ditshwetso tsa gago gore di kaelwe ke se o se balang mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo le tla go lapolosa le bo le go nonotshe. (Math. 24:45) O tla nna le boikutlo jo bo siameng o bo o rate dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, sengwe le sengwe se se amanang le botsala jwa gago le Modimo se tla atlega.—Pes. 1:2, 3.

Pelo e e tletseng lorato lwa Modimo e tla go tlhotlheletsa go bolelela ba bangwe ka tumelo ya gago. Seno le sone se ka nna le matswela a a molemolemo. Sophia o leka ka natla gore a gakologelwe le go dirisa ditemana tse di farologaneng gore a ngoke kgatlhego ya beng ba matlo mme a dire gore bodiredi jwa gagwe jwa Bokeresete bo nne le matswela mme bo itumedise. A re: “Go kgatlha tota go bona kafa batho ba kgatlhegelang dintlha tse di mo Baebeleng ka gone.”

Le fa go ntse jalo, mosola o mogolo wa go kgatlhegela Lefoko la Modimo, ke go nna le kamano e e gaufi le Jehofa. Thuto ya Baebele e go thusa gore o itse melaometheo ya gagwe le go anaanela lorato, bopelonomi le tshiamiso ya gagwe. Ga go na sepe se sengwe se se botlhokwa go gaisa seno. Dira bojotlhe gore o ithute Lefoko la Modimo. Fa o dira jalo, o tla bo o dirisa nako ya gago ka botlhale.—Pes. 19:7-11.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]

GO BALA LEFOKO LA MODIMO: MEKGELE LE DITSELA

▪ Rapela mme o tsepamise mogopolo fa o bala Baebele.

▪ Tsaya se o se ithutang se le botlhokwa.

▪ Ipeele mekgele e o tla kgonang go e fitlhelela.

▪ Batla ditsela tse disha tsa go baya mabaka o dirisa Baebele.

▪ Bona dipego tse di mo Baebeleng ka leitlho la mogopolo.

▪ Iphe nako ya go sekaseka ditemana tse di thata le ditlhaloso tsa tsone gore o di tlhaloganye sentle.

▪ Tila go bala ka lepotlapotla.

▪ Tsaya matsapa gore o tlhologelelwe lefoko la Modimo.

▪ Tlhatlhanya ka ditemana tsa Baebele.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Fa o bala pego nngwe ya Baebele ipone o le mo boemong jo bo tshwanang le joo