Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanya Jehofa ka Botlalo go Dira Gore re Ikutlwe re Sireletsegile

Go Ikanya Jehofa ka Botlalo go Dira Gore re Ikutlwe re Sireletsegile

Go Ikanya Jehofa ka Botlalo go Dira Gore re Ikutlwe re Sireletsegile

“Jehofa ka boene o tla utlwa fa ke mmitsa.”—PES. 4:3.

1, 2. (a) Dafide o ne a lebana le boemo bofe jo bo kotsi? (b) Re tla tlotla ka dipesalema dife?

KGOSI DAFIDE o setse a busitse Iseraele ka dingwaga di le dintsi, mme jaanong o lebane le boemo jo bo kotsi. Morwawe yo o mo logelang maano e bong Abesalome o itlhomile kgosi, mme Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshaba mo Jerusalema. Tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo le yone e mo tlhanogetse, mme jaanong, o tsamaya a patilwe ke batho ba le mmalwa fela ba ba ikanyegang, o kgabaganya Thaba ya Metlhware, a lela e bile a tsamaya a sa rwala ditlhako. Mo godimo ga moo, Shimei, yo e leng wa lelapa la ga Kgosi Saulo, o mo konopa ka maje le mmu a ntse a mo hutsa.—2 Sam. 15:30, 31; 16:5-14.

2 A masetlapelo ano a tla folosetsa Dafide kwa Sheole a ntse a hutsafetse e bile a tlontlolotswe? Nnyaa, ka gonne o ikanya Jehofa. Seno se bonala sentle mo Pesalemeng ya boraro e Dafide a e tlhamileng, e e malebana le go tshaba ga gagwe. Gape o ne a kwala le Pesalema ya bonè. Dipesalema tseno ka bobedi, di bontsha gore ruri o tlhatswegile pelo gore Modimo o utlwa dithapelo tsa gagwe mme o a di araba. (Pes. 3:4; 4:3) Dipesalema tseno di re tlhomamisetsa gore Jehofa o na le batlhanka ba gagwe bosigo le motshegare, o ba segofatsa ka go ba ema nokeng le ka go ba naya kagiso le tshireletsego. (Pes. 3:5; 4:8) Ka jalo, a re sekasekeng dipesalema tseno mme re bone kafa di dirang gore re nne le kagiso ka gone le gore di re kgothaletsa jang gore re ikanye Modimo.

Fa ‘ba Bantsi ba re Tsogologela’

3. Jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 3:1, 2, Dafide o ne a na le boemo bofe?

3 Morongwa o ne a re: “Pelo ya banna ba Iseraele e setse e le kafa morago ga ga Abesalome.” (2 Sam. 15:13) Fa Dafide a ne a ipotsa gore Abesalome o kgonne jang go dira gore batho ba le bantsi jaana ba mo eme nokeng, o ne a re: “Ao tlhe Jehofa, ke ka ntlha yang fa baba ba me ba ntsifetse? Ke ka ntlha yang fa ba bantsi ba ntsogologela? Ba bantsi ba bua jaana ka moya wa me: ‘Ga a na poloko e e tswang kwa Modimong.’” (Pes. 3:1, 2) Baiseraele ba le bantsi ba akanya gore Jehofa ga a kitla a golola Dafide mo masetlapelong a a a tliseditsweng ke Abesalome le masole a gagwe.

4, 5. (a) Dafide o ne a tlhomamisegile ka eng? (b) Mafoko a a reng, “Yo o tsholetsang tlhogo ya me” a na le bokao bofe?

4 Dafide o ikutlwa a sireletsegile ka gonne o ikanya Modimo ka botlalo. O opela jaana: “Mme le fa go ntse jalo, wena Jehofa, o thebe e e ntikologileng, o kgalalelo ya me le Yo o tsholetsang tlhogo ya me.” (Pes. 3:3) Dafide o tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo sireletsa jaaka thebe e sireletsa lesole. Ee, kgosi e e tsofetseng e a tshaba, e bipile tlhogo e bile e e obile ka ntlha ya go tlhabiwa ke ditlhong. Mme Mogodimodimo o tla fetola boemo jwa ga Dafide a bo a mo galaletsa. Jehofa o tla dira gore a kgone go ema a tlhamaletse, a emisitse tlhogo mme a nne a e emisitse. Dafide o bitsa Modimo a tlhomamisegile gore o tla mo araba. A le wena o ikanya Jehofa jalo?

5 Fa Dafide a re, “Yo o tsholetsang tlhogo ya me,” o bontsha gore o a tlhomamisega gore Jehofa o tla mo thusa. Today’s English Version e balega jaana: “Mme wena MORENA, ka metlha o ntshireletsa mo kotsing; o dira gore ke fenye e bile o nnaya bopelokgale jo ke neng ke na le jone.” Fa tshupiso nngwe e bua malebana le polelwana “Yo o tsholetsang tlhogo ya me” ya re: “Fa Modimo a tsholetsa . . . ‘tlhogo’ ya mongwe, O dira gore a nne le tsholofelo mme a ikutlwe a sireletsegile.” E re ka Dafide a tlositswe mo setulong sa Bogosi, o na le lebaka la go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, ‘go tsholediwa ga tlhogo ya gagwe’ go ne go tla felela ka gore a nne pelokgale mme go nonotshe tsela e a ikutlwang a sireletsegile ka yone le e a ikanyang Modimo ka yone.

‘Jehofa o Tla Nkaraba!’

6. Ke eng fa Dafide a ne a re dithapelo tsa gagwe di arabilwe go tswa kwa thabeng ya ga Jehofa e e boitshepo?

6 E re ka Dafide a ikanya Jehofa mme a itse gore O araba dithapelo o ne a tswelela ka go re: “Ke tla biletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me, mme o tla nkaraba a le kwa thabeng ya gagwe e e boitshepo.” (Pes. 3:4) Letlole la kgolagano le le emelang go nna gone ga Modimo le isitswe kwa Thabeng ya Sione fela jaaka Dafide a ne a laetse. (Bala 2 Samuele 15:23-25.) Ka jalo, go a tshwanela gore Dafide a re dithapelo tsa gagwe di arabilwe go tswa kwa thabeng ya ga Jehofa e e boitshepo.

7. Ke eng fa Dafide a ne a sa boife?

7 E re ka Dafide a ne a tlhomamisegile gore ga a ne a rapelela lefela, o ne a sa boife. Go na le moo o ne a opela jaana: “Fa e le nna, ke tla rapama gore ke tle ke robale; ruri ke tla tsoga, gonne Jehofa o nna a ntshegetsa.” (Pes. 3:5) Tota le bosigo fa Dafide a ne a ka tlhaselwa a sa lebelela, ga a boife go robala. O tlhomamisegile gore o tla tsoga, ka gonne o a itse go tswa mo go se a itemogetseng sone gore a ka ikanya Modimo gore o tla mo ema nokeng. Le rona fa re kgomarela “ditsela tsa ga Jehofa” mme re sa mo tlogele, re ka kgona go mo ikanya.—Bala 2 Samuele 22:21, 22.

8. Pesalema 27:1-4 e bontsha jang gore Dafide o ne a ikanya Modimo?

8 Re ka kgona go bona gore Dafide o ne a ikutlwa a sireletsegile e bile a ikanya Modimo ka botlalo mo pesalemeng nngwe ya gagwe, e e nang le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Jehofa ke lesedi la me le poloko ya me. Ke tla boifa mang? Jehofa ke kago e e thata ya botshelo jwa me. Ke tla tshaba mang? . . . Le fa bothibelelo bo ka tlhoma mogope kgatlhanong le nna, pelo ya me ga e kitla e boifa. . . . Ke kopile selo se le sengwe mo go Jehofa—ke se ke tla se batlang, gore ke nne mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa me, gore ke bone bontle jwa ga Jehofa le go leba tempele ya gagwe ka kanaanelo.” (Pes. 27:1-4) Fa le wena o ikutlwa jalo, mme maemo a gago a go letla o tla nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego mmogo le baobamedi ba ga Jehofa.—Baheb. 10:23-25.

9, 10. Kwantle ga mafoko a a mo go Pesalema 3:6, 7, o ka re ke eng fa Dafide a ne a se na moya wa go ipusolosetsa?

9 Le fa Dafide a lebane le boferefere jwa ga Abesalome le go sa ikanyege ga ba bangwe ba le bantsi, o opela jaana: “Ga ke na go boifa batho ba ba dikete di le lesome ba ba tlhomaganeng kgatlhanong le nna go ntikologa. Nanoga, tlhe Jehofa! Mpoloke, tlhe Modimo wa me! Gonne o tla tshwanelwa ke go itaya baba ba me botlhe mo lotlhaeng. O tla tshwanelwa ke go robaganya meno a baikepi.”Pes. 3:6, 7.

10 Dafide ga a na moya wa go ipusulosetsa. Fa baba ba gagwe ba ne ba ka ‘itewa mo lotlhaeng,’ ba ne ba tla itewa ke Modimo. Kgosi Dafide o ikwaletse khopi ya gagwe ya Molao mme o a itse gore mo go yone Jehofa a re: “Pusoloso ke ya me, le tefetso.” (Dute. 17:14, 15, 18; 32:35) Gape Modimo ke ene yo o tla itlhophelang gore o ‘robaganya meno a baikepi.’ Go robaganya meno a bone go kaya go dira gore ba se ka ba nna le maatla a go utlwisa ope botlhoko. Jehofa o itse gore ke bomang ba ba boikepo ka gonne o “bona se pelo e leng sone.” (1 Sam. 16:7) Ruri re leboga gore Modimo o re naya tumelo le nonofo ya go ema re nitame kgatlhanong le yo o bosula, Satane, yo go ise go ye kae a tla latlhelwang mo moleteng jaaka tau e e kurutlang, e e se nang meno e e tshwanelwang ke go senngwa fela!—1 Pet. 5:8, 9; Tshen. 20:1, 2, 7-10.

“Poloko Ke ya Ga Jehofa”

11. Ke eng fa re tshwanetse go rapelela badumedimmogo le rona?

11 Dafide o lemoga gore ke Jehofa fela yo o ka lereng kgololo e a e tlhokang thata. Mme mopesalema ga a ikakanyetse a le nosi. Go tweng ka batho ba Jehofa a ba ratang? Go a tshwanela gore Dafide a konele pina ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e a e tlhamileng ka mafoko ano: “Poloko ke ya ga Jehofa. Tshegofatso ya gago e mo bathong ba gago.” (Pes. 3:8) Ke boammaaruri gore Dafide o na le mathata a magolo, le fa go ntse jalo o nna a gakologetswe batho ba ga Jehofa botlhe mme o tlhomamisegile gore Modimo o tla ba segofatsa. A le rona ga re a tshwanela go nna re gakologetswe badumedimmogo le rona? A re ba gakologelweng mo dithapelong tsa rona, re kope Jehofa gore a ba neye moya wa gagwe o o boitshepo gore ba nne le bopelokgale le gore ba bolele dikgang tse di molemo ba ikanya Jehofa.—Baef. 6:17-20.

12, 13. Go ne ga direga eng ka Abesalome, mme Dafide o ne a itshwara jang?

12 Botshelo jwa ga Abesalome bo fela ka tsela e e tlhabisang ditlhong—eno ke tlhagiso mo go botlhe ba ba tla sotlang batho ba bangwe, segolobogolo batlodiwa ba Modimo ba ba jaaka Dafide. (Bala Diane 3:31-35.) Go nna le ntwa, mme masole a ga Abesalome a a fenngwa. Abesalome o a sia a palame mmoulo fa moriri wa gagwe o montle o tshwarwa ke kala e e kwa tlase ya setlhare se segolo. O akgega mo setlhareng—o sa ntse a tshela mme ga a kgone go dira sepe—go fitlha Joabe a mmolaya ka go mo tlhaba mo pelong gararo.—2 Sam. 18:6-17.

13 A Dafide o a itumela fa a utlwa ka se se diragaletseng morwawe? Nnyaa. Go na le moo, o tsamayatsamaya a lela a goa a re: “Abesalome morwaaka, morwaaka, Abesalome morwaaka! Oo, e kete nkabo ke sule, nna ka bonna, mo boemong jwa gago, Abesalome morwaaka, morwaaka!” (2 Sam. 18:24-33) Mafoko a ga Joabe ke one fela a a ntshang Dafide mo khutsafalong e e batlileng e mo fekeetsa. Ruri botshelo jwa ga Abesalome bo ile jwa fela botlhoko, e re ka boikgodiso jwa gagwe bo ile jwa mo tlhotlheletsa gore a lwantshe rraagwe—motlodiwa wa ga Jehofa—mme a itlisetsa masetlapelo!—2 Sam. 19:1-8; Dia. 12:21; 24:21, 22.

Dafide o Bontsha Gape Gore o Ikanya Modimo

14. Go ka tweng ka go tlhamiwa ga Pesalema 4?

14 Fela jaaka Pesalema ya boraro, Pesalema ya bonè le yone ke thapelo e Dafide a e dirang ka tlhoafalo e e re nayang bosupi jwa gore o ne a ikanya Jehofa ka botlalo. (Pes. 3:4; 4:3) Gongwe Dafide o tlhamile pina eno gore a bontshe kafa a neng a wetse makgwafo ka gone le go leboga Modimo morago ga leano la go menola puso la ga Abesalome le iteile sefololetse. Kgotsa gongwe o e kwadile a akantse ka baopedi ba Balefi. Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, fa re tlhatlhanya ka yone, tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e tla nonofa.

15. Ke eng fa re ka rapela Jehofa ka Morwawe re tlhatswegile pelo?

15 Le fano Dafide o bontsha gore o ikanya Modimo ka botlalo mme o bontsha gore o tlhomamisegile gore Modimo o utlwa dithapelo tsa gagwe. O opela jaana: “Fa ke bitsa, nkarabe, tlhe Modimo wa me yo o siameng. O ntirele sebaka se se atlhameng fa ke le mo matshwenyegong. Nkutlwele botlhoko mme o utlwe thapelo ya me.” (Pes. 4:1) Le rona re ka tlhomamisega gore fa re dira ditiro tse di siameng Modimo o tla utlwa dithapelo tsa rona. E re ka re lemoga gore Jehofa ‘Modimo yo o siameng’ o segofatsa batho ba gagwe ba ba siameng, re ka tlhatswega pelo gore o tla utlwa dithapelo tsa rona fa re mo rapela ka Morwawe re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu. (Joh. 3:16, 36) Ruri seno se dira gore re nne le kagiso!

16. Ke eng fa Dafide a ka tswa a ile a kgobega marapo?

16 Ka dinako dingwe, re ka lebana le boemo jo bo re kgobang marapo jo bo dirang gore re tlhoke kagiso. Dafide a ka tswa a ne a ikutlwa jalo ka nakwana, ka gonne o opela jaana: “Lona bomorwa batho, kgalalelo ya me e tla nna e tlhapadiwa ka lobaka lo lo kae, fa lo ntse lo rata dilo tse di se nang mosola, fa lo ntse lo senka go bona maaka?” (Pes. 4:2) Go bonala polelwana “bomorwa batho” e bua ka batho ba ba sa direng se se siameng. Baba ba ga Dafide ‘ba ne ba rata dilo tse di se nang mosola.’ Baebele ya New International Version e tlhalosa jaana: “Lo tla rata tsietso le go batla medimo ya maaka ka lobaka lo lo kae?” Le fa re ka kgobega marapo ka ntlha ya se ba bangwe ba se dirang, a re tsweleleng re rapela ka tlhoafalo mme re bontsha gore re ikanya Modimo o o osi wa boammaaruri ka botlalo.

17. Tlhalosa gore re ka kgona jang go dira dilo go dumalana le Pesalema 4:3.

17 Re kgona go bona sentle gore Dafide o ne a ikanya Modimo mo mafokong ano: “Ka jalo itseng gore Jehofa ruri o tla tlhaola motho wa gagwe yo o ikanyegang; Jehofa ka boene o tla utlwa fa ke mmitsa.” (Pes. 4:3) Re tlhoka bopelokgale le go ikanya Jehofa ka botlalo gore re kgone go nna re ikanyega mo go ene. Ka sekai, lelapa la Bakeresete le tlhoka dinonofo tseno fa wa losika yo o sa ikwatlhaeng a kgaolwa. Modimo o segofatsa ba ba ikanyegang mo go ene le mo ditseleng tsa gagwe. Mme batho ba ba ikanyegang le ba ba ikanyang Jehofa ka botlalo ba dira gore go nne le boipelo mo gare ga batho ba gagwe.—Pes. 84:11, 12.

18. Go dumalana le Pesalema 4:4, re tshwanetse go dira eng fa mongwe a sa bua le rona sentle kgotsa a sa re tshwara sentle?

18 Go tweng fa mongwe a bua kgotsa a dira dilo dingwe tse di re kgopisang? Re ka kgona go nna re itumetse fa re dira se Dafide a se buang: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona, mme lo didimale.” (Pes. 4:4) Fa mongwe a kile a re raya mafoko mangwe a a botlhoko kgotsa a re dira sengwe se se utlwisang botlhoko, a re se ka ra leofa ka go ipusolosetsa. (Bar. 12:17-19) Re ka buela mo pelong fa re rapela re le mo bolaong. Fa re rapelela kgang eno, re ka fetola tsela e re e bonang ka yone mme lorato lwa re tlhotlheletsa gore re mo itshwarele. (1 Pet. 4:8) Re tshwanetse go ela tlhoko gore kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo e ka tswa e theilwe mo go Pesalema 4:4: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.”—Baef. 4:26, 27.

19. Pesalema 4:5 e ka re thusa jang malebana le ditlhabelo tsa rona tsa semoya?

19 Dafide o ne a gatelela botlhokwa jwa go ikanya Modimo ka go opela jaana: “Ntshang ditlhabelo tsa tshiamo, mme lo ikanye Jehofa.” (Pes. 4:5) Ditlhabelo tse Baiseraele ba neng ba di ntsha di ne di le botlhokwa fa fela batho ba ne ba na le maitlhomo a a siameng. (Isa. 1:11-17) Gore Modimo a amogele ditlhabelo tsa rona tsa semoya, le rona re tshwanetse go nna le maitlhomo a a siameng mme re tshwanetse go mo ikanya ka botlalo.—Bala Diane 3:5, 6; Bahebera 13:15, 16.

20. Ke eng se se kaiwang ke polelwana ‘lesedi la sefatlhego sa ga Jehofa’?

20 Dafide o tswelela ka gore: “Go na le ba bantsi ba ba reng: ‘Ke mang yo o tla re bontshang se se molemo?’ Tsholeletsa lesedi la sefatlhego sa gago mo go rona, tlhe Jehofa.” (Pes. 4:6) ‘Lesedi la sefatlhego sa ga Jehofa’ le supa gore o a ba amogela. (Pes. 89:15) Ka jalo, fa Dafide a rapela a re: “Tsholeletsa lesedi la sefatlhego sa gago mo go rona,” o kaya gore ‘re amogele.’ E re ka re ikanya Jehofa, o a re amogela mme o re naya boipelo jo bogolo fa re ntse re dira thato ya gagwe.

21. Re ka tlhomamisega ka eng fa re ntse re nna le seabe ka botlalo mo tirong ya gompieno ya thobo ya semoya?

21 Dafide o ne a opelela Jehofa jaana a lebile pele kwa boipelong jo bo tswang kwa Modimong jo bo gaisang jwa nako ya thobo: “Ruri o tla ipedisa pelo ya me go feta ka nako e dijo tsa bone tsa ditlhaka le beine ya bone e ntšha di totileng ka yone.” (Pes. 4:7) Re ka tlhomamisega gore re tla nna le boitumelo jo bogolo fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong ya thobo ya semoya ya gompieno. (Luke 10:2) E re ka re na le ‘setšhaba sa batho ba le bantsi’ sa batlodiwa ba ba etelelang pele, jaanong re a ipela fa palo ya ‘barobi’ e ntse e oketsega. (Isa. 9:3) A o nna le seabe ka botlalo mo thobong eno e e itumedisang?

Tswelela o Ntse o Ikanya Modimo ka Botlalo

22. Go dumalana le Pesalema 4:8, Baiseraele ba ne ba tshela jang fa ba ne ba ikobela Molao wa Modimo?

22 Dafide o konela pesalema eno ka mafoko ano: “Ke tla rapama ke bo ke robala ka kagiso, gonne wena o le nosi, Jehofa, o dira gore ke nne ka polokesego.” (Pes. 4:8) Fa Baiseraele ba ne ba boloka Molao wa ga Jehofa, ba ne ba nna le kagiso le ene mme ba ikutlwa ba sireletsegile. Ka sekai, ‘batho ba Juda le ba Iseraele ba ne ba tswelela ba na le polokesego’ ka nako ya puso ya ga Solomone. (1 Dikg. 4:25) Ba ba ikanyang Modimo ba ne ba na le kagiso, tota le fa ditšhaba tse di neng di bapile le bone di le kgatlhanong le bone. Jaaka Dafide, re robala ka kagiso ka gonne Modimo o dira gore re ikutlwe re babalesegile.

23. Re tla nna le eng fa re ikanya Modimo ka botlalo?

23 A re tsweleleng pele mo tirelong ya ga Jehofa. Gape a re rapeleng ka tumelo gore re nne le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bafil. 4:6, 7) Ruri seo se re leretse boipelo! Mme ruri re ka lebelela isagwe re sa boife fa re nna re ikanya Jehofa ka botlalo.

O ka Araba Jang?

• Dafide o ne a lebana le mathata afe ka ntlha ya ga Abesalome?

Pesalema 3 e re thusa jang gore re ikutlwe re sireletsegile?

Pesalema 4 e nonotsha jang tsela e re ikanyang Jehofa ka yone?

• Re ka solegelwa molemo jang ke go ikanya Modimo ka botlalo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Tota le fa Dafide a ne a tshaba ka ntlha ya ga Abesalome, o ne a ikanya Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

A o ikanya Jehofa ka botlalo?