Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Latela Keresete, Moeteledipele yo o Molemo

Go Latela Keresete, Moeteledipele yo o Molemo

Go Latela Keresete, Moeteledipele yo o Molemo

GANTSI batho ba ba latelang balaodi ba batho ba a swabisiwa. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka boeteledipele jwa ga Keresete. Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Math. 11:28, 29) Boeteledipele jwa ga Jesu bo a lapolosa. Ruri o kgatlhegela ba ba kwa tlase le ba ba gateletsweng, mme o ba laletsa gore ba rwale jokwe ya gagwe e e molemo. Le fa go ntse jalo, go latela boeteledipele jwa ga Jesu go akaretsa eng?

Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Pet. 2:21) Go botlhokwa go le kana kang gore re latele dikgato tsa ga Jesu? Akanya o le mo setlhopheng se se tshwanetseng go kgabaganya lefelo le le nang le dibomo tse di epetsweng mme mo gare ga lona go na le motho a le nosi fela yo o itseng go kgabaganya lefelo leo ka pabalesego. A o ne o ka se latele dikgato tsa gagwe gaufiufi, gongwe e bile o gata mo a gatileng gone? Ka tsela e e tshwanang, gore re nne le isagwe e e babalesegileng go ikaegile ka gore re latele sekao sa ga Jesu gaufiufi ka tsela e re tshelang ka yone. Go dira jalo go akaretsa go mo reetsa le go mo ikobela le go dirisana le baemedi ba gagwe.

Reetsa Mme o Ikobe

Jesu o ne a bua jaana go ela kwa bofelong jwa Thero ya gagwe ya kwa Thabeng: “Mongwe le mongwe yo o utlwang mafoko ano a me a ba a a dira o tla tshwantshanngwa le monna yo o botlhale, yo o neng a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng. Mme pula ya tshologa le merwalela ya tla le diphefo tsa foka tsa itaaka ntlo eo, mme ya se ka ya wela, gonne e ne e thailwe mo lefikeng.”—Math. 7:24, 25.

Ka go rialo, Jesu o ne a kaya gore motho yo o mo reetsang a bo a ikobela mafoko a gagwe o ne a le “botlhale.” A re bontsha gore re anaanela sekao sa ga Keresete e bile re a se tlotla ka go ikoba go tswa pelong kgotsa a mo ditaelong tse Jesu a re neileng tsone re rata go itlhophela fela ditaelo tse di motlhofo kgotsa tse re bonang di re siametse? Jesu o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di . . . itumedisang [Modimo].” (Joh. 8:29) A re lekeng ka natla go etsa sekao sa gagwe.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baaposetoloi ba ne ba tlhoma sekao se se molemo ka go ikobela boeteledipele jwa ga Keresete. Ka lekgetlo lengwe Petere o ne a raya Jesu a re: “Bona! Re tlogetse dilo tsotlhe mme re ntse re go setse morago.” (Mar. 10:28) Eleruri, baaposetoloi ba ne ba tsaya boeteledipele jwa ga Jesu e le jwa botlhokwa thata mo e leng gore ba ne ba itlhophela go tlogela dilo tse dingwe gore ba mo sale morago.—Math. 4:18-22.

Dirisana Mmogo le Baemedi ba ga Jesu

Pele fela ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a umaka tsela e nngwe e ka yone re ka latelang boeteledipele jwa gagwe. O ne a re: “Yo o amogelang mongwe yo ke mo romang o amogela le nna.” (Joh. 13:20) Tota e bile, Jesu o ne a bua ka baemedi ba gagwe ba e leng batlodiwa a re ke ‘bomorwarraagwe.’ (Math. 25:40) Morago ga gore Jesu a tsosediwe kwa legodimong, ‘bomorwarraagwe’ ba ne ba tlhomiwa go dira mo boemong jwa gagwe, ‘ba emela Keresete’ e le baemedi ba gagwe mme ba laletsa ba bangwe gore ba letlanngwe le Jehofa Modimo. (2 Bakor. 5:18-20) Go tlotla boeteledipele jwa ga Keresete go akaretsa go ikobela ‘bomorwarraagwe.’

Re dira sentle fa re tlhatlhoba kafa re itshwarang ka gone fa re newa kgakololo e e mo nakong ya Dikwalo ka dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Fa re ithuta Dikwalo le go ya dipokanong tsa phuthego, re gopodiwa mafoko a ga Keresete. (2 Pet. 3:1, 2) Re bontsha gore re anaanela dijo tsa semoya ka pelo yotlhe fa re di ja ka metlha. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itshwara jang fa kgakololo nngwe e nna e boaboelediwa? Ka sekai, Lefoko la Modimo le gakolola Bakeresete go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Go ntse go tlotliwa ka kgang eno mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ka dingwaga tse di fetang lekgolo. Bomorwarraagwe Keresete ba bontsha gore ruri ba amegile ka bomoya jwa rona ka go gatisa ditlhogo tse di malebana le kgang eno le dikgakololo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng. Go reetsa dikgakololo tseno ke tsela nngwe e ka yone re ka bontshang gore re latela Moeteledipele wa rona yo o molemo, Jesu Keresete.

Diane 4:18 ya re: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” Boeteledipele jwa ga Jesu ga bo a ema felo go le gongwe. Tsela e nngwe e re ka dirisanang mmogo le ‘bomorwarraagwe’ Keresete ka yone ke ka go leba ka tsela e e siameng diphetogo dingwe le dingwe tse di gatisiwang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” tsa kafa re tlhaloganyang boammaaruri jwa Baebele ka gone.—Math. 24:45.

Gape re ka bontsha gore re ikobela ‘bomorwarraagwe’ Keresete ka go dirisana le balebedi ba ba tlhomilweng mo phuthegong ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona.” (Baheb. 13:17) Ka sekai, mogolwane a ka nna a re naya kgothatso e e amanang le botlhokwa jwa go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa kgotsa a ka re naya dikakantsho dingwe tse di malebana le dikarolo tse di rileng tsa bodiredi jwa rona jwa tshimo. Molebedi yo o etang a ka re naya kgakololo nngwe e e mosola ya Dikwalo e e malebana le tsela nngwe ya botshelo e Mokeresete a tshwanetseng go tshela ka yone. Fa re dirisa kgakololo eo ka go rata re bontsha gore re latela Jesu e le Moeteledipele wa rona.

Ka maswabi lefatshe ga le na baeteledipele ba ba molemo. Mme ruri go a itumedisa go latela boeteledipele jo bo lorato jwa ga Keresete! Ka jalo, a re direng bojotlhe go latela Moeteledipele wa rona re bo re dirisane mmogo le ba a ba dirisang gompieno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

A o amogela kgakololo ya Dikwalo ya gore o se ka wa pataganela jokwe le motho yo o sa dumeleng?