Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malapa a Bakeresete—“Nnang lo Iketleeditse”

Malapa a Bakeresete—“Nnang lo Iketleeditse”

Malapa a Bakeresete—“Nnang lo Iketleeditse”

“Nnang lo iketleeditse, ka gonne Morwa motho o tla ka nako e lo sa akanyeng gore e ka nna yone.”—LUKE 12:40.

1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu ya go ‘nna re iketleeditse’?

“FA MORWA motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe” mme a “kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe,” go tla direga eng ka wena le lelapa la gago? (Math. 25:31, 32) E re ka seno se tla direga ka nako e re sa akanyeng ka yone, ruri go botlhokwa gore re ele tlhoko kgakololo ya ga Jesu ya go ‘nna re iketleeditse’!—Luke 12:40.

2 Setlhogo se se fetileng se ne sa tlotla kafa mongwe le mongwe mo lelapeng a ka thusang ka teng gore lelapa lotlhe le nne le tsogile semoyeng, ka go tsaya maikarabelo a gagwe masisi. Mma re sekaseke ditsela tse dingwe tse ka tsone re ka dirang gore lelapa la rona le gole semoyeng.

Boloka Leitlho la Gago “le sa Raraana”

3, 4. (a) Malapa a Bakeresete a tshwanetse go ikelatlhoko mo go eng? (b) Go kaya eng go boloka leitlho la rona “le sa raraana”?

3 Gore malapa a nne a ipaakanyeditse go tla ga ga Keresete, a tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a iteega tsebe mo dikgannyeng tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri. A tshwanetse go ela tlhoko gore a se ka a faposiwa ke dikgoreletsi. E re ka go rata dikhumo e le serai se se tshwereng malapa a le mantsi, akanya ka se Jesu a ileng a se bua ka go boloka leitlho la rona “le sa raraana.” (Bala Mathaio 6:22, 23.) Fela jaaka lebone le ka bonesa tsela ya rona mme la re thusa gore re kgone go tsamaya re sa we, se re se lebang ka matlho a rona a tshwantshetso, “matlho a dipelo” se ka re thusa gore re itshware sentle, re sa kgopiwe.—Baef. 1:18.

4 Gore leitlho la mmatota le bone sentle, le tshwanetse la bo le bereka sentle e bile le kgona go tsepama mo selong se le se lebileng. Go ntse fela jalo le ka matlho a dipelo. Go nna le leitlho la tshwantshetso le le sa raraanang go kaya gore re tlhome mogopolo mo boikaelelong bo le bongwe. Go na le go tshela botshelo jo bo remeletseng mo dithotong le go tshwenyega thata ka go tlamela lelapa fela ka dilo tse di le tlhokang, re boloka leitlho la rona le tsepame mo dikgannyeng tsa semoya. (Math. 6:33) Seno se raya gore re kgotsofalele se re nang le sone mme re dire gore tirelo ya Modimo e tle pele mo matshelong a rona.—Baheb. 13:5.

5. Mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o ne a bontsha jang gore o tlhomile “leitlho” la gagwe mo go direleng Modimo?

5 Ruri go tla nna le diphelelo tse di molemo fa bana ba thapisitswe gore ba nne le leitlho le le sa raraanang! Akanya ka sekao sa mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome wa kwa nageng ya Ethiopia. O ne a dirile bontle thata mo dithutong tsa gagwe mo e leng gore fa a sena go fetsa thuto ya motheo o ne a bolelelwa gore o tla newa basari e e tla mo thusang mo thutong ya tlaleletso. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a tlhomile leitlho la gagwe mo go direleng Jehofa, o ne a gana basari eo. Go ise go ye kae, o ne a solofediwa tiro e e neng e tla mo duela di-euro di le 3 000 (R28 200) ka kgwedi—madi a a kwa godimo fa a bapisiwa le palogare ya madi a bontsi bo a amogelang kwa nageng ya gaabo. Mme mosetsana yoo o ne a tlhomile “leitlho” la gagwe mo tirelong ya bobulatsela. Ga a ka a tlhoka gore a botse batsadi ba gagwe pele ga a gana tiro eo. Batsadi ba gagwe ba ne ba ikutlwa jang fa ba utlwa ka se morwadiabone a se dirileng? Ba ne ba itumela le ene mme ba mmolelela gore ba motlotlo ka ene!

6, 7. Re tshwanetse go nna re ‘butse matlho a rona’ malebana le kotsi efe?

6 Fa re leba mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:22, 23, re fitlhela tlhagiso e e fitlhegileng e e malebana le bopelotshetlha. Jesu o ne a bapisa leitlho “le le sa raraanang” le leitlho le le “boikepo.” ‘Leitlho le le boikepo’ le “bosula; le tswela dilo tsa ba bangwe pelo,” ke gore le bogagapa kgotsa le pelotshetlha. (Math. 6:23) Jehofa o ikutlwa jang ka bogagapa kgotsa bopelotshetlha? Baebele ya re: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru [kgotsa “bogagapa”] di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.”—Baef. 5:3.

7 Go ka nna motlhofo go lemoga bopelotshetlha mo bathong ba bangwe mme ga go motlhofo go bo lemoga mo go rona. Ka jalo, go tla bo go le botlhale go tsaya kgakololo eno ya ga Jesu tsia: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” (Luke 12:15) Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore re tlhomile dipelo tsa rona mo go eng. Malapa a Bakeresete a tshwanetse go akanya ka kelotlhoko ka nako le madi a ba a dirisang mo boitlosobodutung, mo boitapolosong le mo go kgobokanyeng dithoto.

8. Fa go tla mo kgannyeng ya go reka dilo, re ka ‘nna re butse matlho’ a rona jang?

8 Pele ga o reka sengwe, ga go a lekana go akanya fela ka gore a o na le madi a a lekaneng go se reka kgotsa nnyaa. Akanya ka dintlha tseno: ‘A ke tla nna le nako ya go se dirisa ka metlha e bile a ke tla kgona go se tlhokomela? Go tla ntsaya lobaka lo lo kae go ithuta go se dirisa sentle?’ Lona basha, lo se ka lwa dumela sengwe le sengwe se lefatshe le se bapatsang ka dilwana dingwe, mme lo bo lo batla gore lo rekelwe diaparo tse di turang tsa maina kgotsa dilwana dingwe. Nnang le boithibo. Gape akanya gore go kgobokanya dithoto go tla ama jang tsela e lelapa la gaeno le ipaakanyetsang go tla ga Morwa motho ka yone. Ikanye tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”—Baheb. 13:5.

Latelelang Mekgele ya Semoya

9. Go latelela mekgele ya semoya go ka thusa malapa jang?

9 Tsela e nngwe gape e mongwe le mongwe mo lelapeng a ka nonotshang tumelo gagwe ka yone le go dira gore lelapa lotlhe le gole semoyeng, ke ka gore a ipeele mekgele ya semoya le go e latelela. Go dira jalo go ka thusa malapa go tlhatlhoba gore a tswelela pele jang mo maikaelelong a bone a go itumedisa Jehofa e bile go ka ba thusa go tlhatlhoba gore ke ditiro dife tse di leng botlhokwa mo matshelong a bone.—Bala Bafilipi 1:10.

10, 11. Lo latelela mekgele efe ya semoya lo le lelapa, mme lo ka ipeela mekgele efe e lo tla e fitlhelelang mo nakong e e tlang?

10 Tota le go ipeela mekgele e mongwe le mongwe mo lelapeng a ka e fitlhelelang, go ka nna le diphelelo tse di molemo. Ka sekai, akanyang ka mokgele wa go tlotla ka temana ya letsatsi ka metlha. Dikakgelo tse mongwe le mongwe mo lelapeng a di nayang di ka thusa tlhogo ya lelapa go lemoga gore lelapa le godile go le kana kang semoyeng. Mokgele wa go bala Baebele ka metlha lo le lelapa o ka thusa bana gore ba kgone go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bala le jwa go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. (Pes. 1:1, 2) Mme a ga re a tshwanela go ipeela mokgele wa go tokafatsa tsela e re rapelang ka yone? Gape re ka ipeela mokgele wa go leka ka natla go nna le dinonofo tse moya o di tlhagisang. (Bagal. 5:22, 23) Kgotsa go tweng ka go batla ditsela tsa go bontsha batho ba re kopanang le bone kwa tshimong kutlwelobotlhoko? Go leka go dira seo lo le lelapa go ka thusa bana gore ba nne pelotlhomogi, mme go ka direga gore ba nne le keletso ya go nna babulatsela ba ka metlha kgotsa barongwa.

11 Ke eng fa o sa akanyetse mekgele mengwe e wena le lelapa la gago le ka e latelelang? A lelapa la gago le ka ipeela mokgele wa go oketsa nako e le e dirisang kwa bodireding? A lo ka batla ditsela tse di ka lo thusang go fenya poifo ya go neela bosupi ka thelefouno, mo mmileng kgotsa kwa mafelong a kgwebo? A lo ka akanyetsa go direla kwa go tlhokegang baboledi ba Bogosi gone? A mongwe mo lelapeng a ka ithuta puo e nngwe gore a kgone go rerela batho ba dinaga tse dingwe?

12. Ditlhogo tsa malapa di ka dira eng go thusa malapa a bone go gola semoyeng?

12 Ditlhogo tsa malapa, batlang gore ke kae mo malapa a lona a ka golang semoyeng gone. Go tswa foo ipeeleng mekgele e e rileng e e tla lo thusang go fitlhelela boikaelelo joo. Mekgele e lo ipeelang yone lo le lelapa e tshwanetse go nna e lo tla e fitlhelelang go ikaegile ka maemo le bokgoni jwa lona. (Dia. 13:12) Ke boammaaruri gore go fitlhelela mokgele o o molemo go tsaya nako. Ka jalo, ithekeleng nako e lo lebang thelebishene ka yone gore lo e dirisetse dilo tsa semoya. (Baef. 5:15, 16) Dira ka natla gore o fitlhelele mekgele e o e beelang lelapa la gago. (Bagal. 6:9) Lelapa le le latelelang mekgele ya semoya le tla dira gore botswelelopele jwa lone “bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Tim. 4:15.

Nnang le Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa

13. Go ne ga dirwa phetogo efe mo thulaganyong ya dipokano tsa phuthego tsa beke le beke, mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

13 Sengwe se se molemo se se ka thusang malapa gore a nne a ‘iketleeleditse’ go tla ga Morwa motho, ke phetogo e kgolo ya thulaganyo ya dipokano tsa beke le beke, e e simolotseng go dira ka January 1, 2009. Letsatsi la Thuto ya Buka ya Phuthego le ne la fedisiwa, mme pokano eo e ne ya kopanngwa le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. Phetogo eno e diretswe go thusa malapa a Bakeresete gore a nne le tshono ya go nonotsha bomoya jwa one ka go dira gore go nne le maitseboa a a beetsweng kwa thoko beke le beke gore go dirwe kobamelo ya lelapa ka one. E re ka jaanong go fetile nako fa e sa le go dirwa phetogo eo, re ka ipotsa jaana: ‘A ke dirisa nako e re e neilweng go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa kgotsa go nna le thuto ya motho a le esi? A ke kgonne go fitlhelela boikaelelo jwa thulaganyo eno?’

14. (a) Boikaelelo jo bogolo jwa gore ka metlha lo nne le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa kgotsa thuto ya motho a le esi ke bofe? (b) Ke eng fa go beela kwa thoko maitseboa a gore re ithute, go le botlhokwa?

14 Boikaelelo jo bogolo jwa go tswelela re na le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa kgotsa nako ya thuto ya motho a le esi ke gore re atamalane le Modimo. (Jak. 4:8) Fa re nna le nako ya go ithuta Baebele ka metlha re tla itse Mmopi wa rona botoka mme kamano ya rona le ene e tla nonofa. Fa re ntse re atamalana le Jehofa re tla tlhotlheletsega go mo rata ka ‘dipelo tsotlhe tsa rona le ka moya otlhe wa rona le ka mogopolo otlhe wa rona le ka nonofo yotlhe ya rona.’ (Mar. 12:30) Boammaaruri ke gore re batla go ikobela Modimo le go nna baetsi ba gagwe. (Baef. 5:1) Ka jalo, go botlhokwa go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ka metlha go thusa malapa a rona gore a kgone go ‘nna a iketleeditse’ semoyeng, fa re ntse re letile “pitlagano e kgolo” e e boleletsweng pele. (Math. 24:21) Kobamelo ya Lelapa e botlhokwa gore re kgone go falola.

15. Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa a ka ama jang tsela e mongwe le mongwe mo lelapeng a ikutlwang ka yone ka ba bangwe?

15 Thulaganyo ya Kobamelo ya Lelapa e na le mosola o mongwe gape—wa go thusa lelapa gore le atamalane. Go fetsa nako mmogo lo le lelapa lo tlotla ka dikgang tsa semoya beke le beke, go ama tsela e mongwe le mongwe mo lelapeng a ikutlwang ka yone ka yo mongwe. Ruri banyalani ba atamalana thata fa ba utlwa kafa yo mongwe a itumelang ka gone fa ba ithuta Baebele mmogo! (Bala Moreri 4:12.) Batsadi ba ba obamelang mmogo le bana ba bone ba ka nna seoposengwe mo loratong, e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakol. 3:14.

16. Anela kafa bokgaitsadi ba le bararo ba ileng ba solegelwa molemo ka gone ke go beela maitseboa mangwe kwa thoko gore ba nne le thuto ya Baebele.

16 Akanya kafa bokgaitsadi bangwe ba le bararo, ba ileng ba solegelwa molemo ka gone ke thulaganyo ya go beela maitseboa mangwe kwa thoko gore ba nne le thuto ya Baebele. Le fa ba sa amane ka losika, batlholagadi bano ba bararo ba ba tsofetseng ba nna mo toropong e le nngwe e bile ba na le dingwaga di le mmalwa e le ditsala tse di molemo. E re ka ba eletsa go kopana mmogo e bile ba batla go agana semoyeng go na le go nna ba tlotla fela, ba ne ba dira tshwetso ya go beela maitseboa a le mangwe kwa thoko gore ba kopane mme ba ithute Baebele. Ba ne ba simolola go dira seno ba dirisa buka ya Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo. Mongwe wa bone o ne a re: “Re itumelela nako ya rona thata mo gantsi thuto ya rona e tsayang nako e e fetang ura. Re leka go bona ka leitlho la mogopolo maemo a bakaulengwe ba rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba le mo go one, mme re bo re tlotla ka gore re ka dira eng fa re le mo maemong a a tshwanang. Go tswa foo, fa re le kwa tshimong, re leka go dirisa dintlha tse re ithutileng tsone mo motlotlong wa rona. Seno se dirile gore tiro ya rona ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa e itumedise mme re atlege go gaisa pele.” Thulaganyo eo e nonotshitse ditsala tseo tse tharo semoyeng ya bo ya ba dira gore ba atamalane thata. Ba re: “Re anaanela thulaganyo eno.”

17. Ke eng se se ka dirang gore maitseboa a Kobamelo ya Lelapa a atlege?

17 Go tweng ka wena? Maitseboa a a beetsweng kwa thoko go nna a kobamelo ya lelapa kgotsa a thuto ya motho a le esi, a go solegela molemo jang? Fa thulaganyo eno e sa dirwe ka metlha, e ka se fitlhelele boikaelelo jwa yone. Mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse a bo a ipaakanyeditse go ithuta ka nako e e beilweng. Ga lo a tshwanela go letla dilo tse di sa reng sepe di kgoreletsa maitseboa ao. Mo godimo ga moo, fa o tlhopha dikgatiso tse di tla ithutiwang o tshwanetse go akanyetsa go tlhopha tse di tla solegelang lelapa la gago molemo. O ka dira eng go dira gore dinako tseno tsa go ithuta di itumedise? Dirisa mekgwa ya go ruta e e solegelang lelapa molemo, mme o dire gore boemo e nne jo bo tlotlegang le jo bo ritibetseng.—Jak. 3:18. *

‘Nnang lo Tsogile’ Lo bo Lo ‘Nne lo Iketleeditse’

18, 19. Go itse gore go tla ga Morwa motho go gaufi go tshwanetse ga go ama jang wena le lelapa la gago?

18 Maemo a lefatshe leno a a ntseng a senyegela pele a re tlhomamisetsa gore fa e sa le ka 1914, lefatshe leno le le boikepo la ga Satane le mo malatsing a bofelo. Haramagedona e gaufi. Go ise go ye kae e tla bo e le nako ya gore Morwa motho a tlise katlholo ya ga Jehofa mo bathong ba ba sa rateng Modimo. (Pes. 37:10; Dia. 2:21, 22) A seo ga se a tshwanela go dira gore lelapa la gago le nne le ntshitse matlho dinameng?

19 A o reetsa kgakololo ya ga Jesu ya go boloka leitlho la gago “le sa raraana”? Le fa batho ba lefatshe leno ba ka gagamalela dikhumo, botumo le go nna le tlhotlheletso mo setšhabeng, a lelapa la gago lone le gagamalela mekgele ya semoya? A thulaganyo ya maitseboa a Kobamelo ya Lelapa kgotsa nako ya thuto ya motho a le esi e go solegela molemo? A o fitlhelela boikaelelo jwa yone? Fela jaaka go tlotlilwe mo setlhogong se se fetileng, a o diragatsa boikarabelo jwa gago jwa Dikwalo o le monna yo o nyetseng, mosadi kgotsa ngwana, ka go dira jalo o thusa lelapa lotlhe go ‘nna le tsogile’? (1 Bathes. 5:6) Fa go ntse jalo, lo tla ‘nna lo iketleeleditse’ go tla ga Morwa motho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona dikakantsho tsa gore lo ka ithuta ka eng le gore lo ka dira jang gore maitseboa a Kobamelo ya Lelapa a solegele lelapa molemo a bo a ipedise, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 2009, tsebe 29-31.

O Ithutile Eng?

• Tlhalosa gore malapa a Bakeresete a ka ‘nna a iketleeditse’ jang ka . . . 

go nna le leitlho ‘le le sa raraanang.’

go ipeela mekgele ya semoya le go e latelela.

go nna le maitseboa a Kobamelo ya Lelapa ka metlha.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Leitlho ‘le le sa raraanang’ le tla re tlhotlheletsa go emelana le dikgoreletsi tsa lefatshe