Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Molebedi yo o Molemo le Tsala e e Rategang”

“Molebedi yo o Molemo le Tsala e e Rategang”

“Molebedi yo o Molemo le Tsala e e Rategang”

JOHN BARR, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Matlhatso mo mosong wa December 4, 2010. O ne a le dingwaga di le 97. O tlhalositswe e le “molebedi yo o molemo le tsala e e rategang.”

Mokaulengwe John Barr o tsholetswe kwa Aberdeen, kwa Scotland, mme e ne e le gofejane wa bana ba le bararo. Batsadi ba gagwe boobabedi e ne e le batlodiwa. Gantsi fa mokaulengwe Barr a ne a bua ka botshelo jwa lelapa la gaabo jwa bogologolo, go ne go bonala kafa a neng a le rata ka teng; o ne a leboga sekao se se tlhomologileng se rraagwe le mmaagwe ba ba rategang ba neng ba mo tlhomela sone.

Fa John yo mmotlana a ne a simolola dingwaga tsa gagwe tsa bolesome, o ne a fitlhela go le thata go bua le batho ba a sa ba itseng. Le fa go ntse jalo, o ne a dira ka natla gore a fenye bothata joo, mme mo thapameng ya Sontaga mongwe ka 1927, fa a ne a le dingwaga di le 14 o ne a bolelela rraagwe gore o ne a iketleeleditse go tsamaya le ene mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Seo e ne e le tshimologo fela ya tirelo ya gagwe. Go simolola ka letsatsi leo go tla go fitlha a tlhokafala, Mokaulengwe Barr o ne a tswelela e le mmoledi yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo.

Kotsi e e boitshegang e e batlileng e bolaya mmaagwe e ne ya dira gore John yo mmotlana a akanye thata ka bokao jwa botshelo, mme ka 1929 o ne a ineela mo go Jehofa, mme a bontsha boineelo jwa gagwe ka bonako fela fa a bona tshono ka 1934. Go tswa foo, ka 1939 o ne a nna leloko la lelapa la Bethele kwa London kwa Engelane. Ka jalo, o ne a simolola tirelo ya nako e e tletseng e a feditseng dingwaga di le 71 mo go yone.

Ka October 29, 1960, Mokaulengwe Barr o ne a simolola se a neng a se bitsa “kamano e e botlhokwa thata” fa a ne a nyala Mildred Willett, yo o neng a sa bolo go nna mmulatsela le morongwa yo o tlhagafetseng. Mokaulengwe le Kgaitsadi Barr ba ne ba itsege e le banyalani ba ba tlhomang sekao le ba ba ineetseng, mme ba ne ba tswelela ba ntse jalo go fitlha Mildred a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka October, 2004. Mo nakong yotlhe e Mokaulengwe le Kgaitsadi Barr ba neng ba nyalane ka yone, ba ne ba bala karolwana ya Baebele mmogo letsatsi lengwe le lengwe.

Mo go ba ba neng ba mo itse, leina John Barr, le ba gakolola monna yo o neng a naya kgakololo e e akanyeditsweng—ka metlha e le tekatekano, e le pelonomi e bile e tswa mo Baebeleng. O ne a dira ka natla, e bile e le molebedi yo o akanyetsang le yo o lorato, gape e le tsala e e ikanyegang. Dikakgelo tsa gagwe, dipuo tsa gagwe le dithapelo tsa gagwe di ne di bontsha gore ruri o nonofile semoyeng le gore o ne a na le kamano e e gaufi le Jehofa.

Le fa gone re tlile go tlhoafalela Mokaulengwe Barr, re itumela le ene gore o amogetse mpho ya bosasweng—tshiamelo e a neng a swegaswegela go e bona le e a neng a aga a bua ka yone. Ke sone se se neng se le botlhokwa thata mo go ene.—1 Bakor. 15:53, 54. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona polelo ya botshelo jwa ga John E. Barr, bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1987, tsebe 26 go ya go 31.