Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basha ba Tshwanetse go Kolobediwa?

A Basha ba Tshwanetse go Kolobediwa?

A Basha ba Tshwanetse go Kolobediwa?

CARLOS, * rre mongwe wa Mokeresete wa kwa Philippines o ne a re: “Ke itumetse tota gore morwadiake jaanong o direla Jehofa, mme ke a itse gore le ene o itumetse.” Rre mongwe wa kwa Greece o ne a kwala jaana: “Nna le mosadi wa me re itumeletse gore bana ba rona ba le bararo ba kolobeditswe gore e nne Basupi ba ga Jehofa ka nako ya fa ba ne ba tsena mo dingwageng tsa bosha. Ba sa ntse ba tsweletse sentle semoyeng mme ba itumelela go direla Jehofa.”

Batsadi ba Bakeresete ba na le mabaka a go itumela thata fa bana ba bone ba kolobediwa, mme ka dinako dingwe boitumelo joo bo tsamaisana le go tlhobaela. Mmè mongwe o ne a re: “Ke ne ke itumetse thata, mme gape ke tlhobaela tota.” Ke eng fa a ne a ikutlwa jalo? A re: “Ke ne ke tlhaloganya gore jaanong morwaake o ne a ikarabelela ka botlalo mo go Jehofa.”

Mosha mongwe le mongwe o tshwanetse go ipeela mokgele wa go direla Jehofa e le mongwe wa Basupi ba ba kolobeditsweng. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ba ratang Modimo ba ka ipotsa, ‘Ke a itse gore ngwanake o dirile tswelelopele e e molemo, mme gone a o nonofile mo a ka emelanang le kgatelelo ya boitsholo jo bo sa siamang mme a nna a le phepa fa pele ga ga Jehofa?’ Bangwe ba ka ipotsa, ‘Fa ngwanake a lebane le thaelo ya go rata dithoto, a o tla tswelela a direla Modimo ka boipelo le ka matlhagatlhaga?’ Ka gone, ke kaelo efe ya Baebele e e ka thusang batsadi gore ba dire tshwetso ya gore a bana ba bone ba siametse go kolobediwa kgotsa nnyaa?

Go Nna Morutwa—Sengwe se se Tlhokegang Thata Gore Motho a Kolobediwe

Baebele ga e tlhalose gore motho o tshwanetse go kolobediwa a na le dingwaga di le kae, go na le moo, e tlhalosa boemo jwa semoya jo ba ba tshwanelegelang go kolobediwa ba tshwanetseng go nna le jone. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Math. 28:19) Ka jalo, go kolobediwa fela batho ba e setseng e le barutwa ba ga Keresete.

Morutwa ke eng? Buka ya Insight on the Scriptures e tlhalosa jaana: “Lefoko leno segolobogolo le bolela ka batho botlhe ba ba dumelang mo dithutong tsa ga Keresete e bile ba di latela gaufi.” A basha ba ka kgona go nna barutwa ba ga Keresete ba mmatota? Kgaitsadi mongwe wa morongwa yo o nang le dingwaga di feta 40 a direla kwa Latin America o kwala jaana ka ene le bomorwadiarraagwe ba babedi: “Re ne re setse re godile mo re itseng gore re batla go direla Jehofa le go tshela kwa Paradaiseng. Boineelo jwa rona bo re thusitse gore re nne re nonofile fa re lebane le dithaelo tsa bosha. Ga re ikwatlhaele go bo re ineetse mo Modimong re sa ntse re le bannye.”

O itse jang gore ngwana wa gago e setse e le morutwa wa ga Keresete? Baebele ya re: “Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” (Dia. 20:11) Akanya ka dilo dingwe tse mosha a ka di dirang go supa gore o dira gore ‘botswelelopele jwa gagwe bo bonatshege’ gore ke morutwa.—1 Tim. 4:15.

Bosupi Jwa Gore ke Morutwa

A ngwana wa gago o a go ikobela? (Bakol. 3:20) A o dira ditiro tse o mo abetseng tsone mo ntlong? Baebele e bolela jaana ka ga Jesu fa a ne a le dingwaga di le 12: “A tswelela a le mo taolong ya [batsadi ba gagwe].” (Luke 2:51) Gone ke boammaaruri gore, gompieno ga go na ngwana yo o ikobelang batsadi ba gagwe ka botlalo. Mme Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ‘latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi.’ Ka jalo, basha ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse ba bo ba itsege ka go ikobela batsadi ba bone.—1 Pet. 2:21.

Akanya ka dipotso tse di latelang: A ngwana wa gago o ‘nna a batla pele Bogosi’ mo bodireding? (Math. 6:33) A o iketleeditse go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo, kgotsa a o tshwanetse go mo tlhotlheletsa thata gore a ye tirelong ya tshimo le gore a bue le batho kwa tshimong? A o ela tlhoko boikarabelo jo a nang le jone e le mmoledi yo o sa kolobediwang? A o eletsa go boela kwa bathong ba ba nang le kgatlhego ba a kopaneng le bone kwa bodireding? A o itsise bana ba a tsenang sekolo le bone le barutabana gore ke Mosupi wa ga Jehofa?

A o bona go le botlhokwa gore a nne gone kwa dipokanong tsa phuthego? (Pes. 122:1) A o itumelela go akgela mo Thutong ya Tora ya Tebelo le mo Thutong ya Baebele ya Phuthego? A o nna le seabe ka matlhagatlhaga mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo?—Baheb. 10:24, 25.

A ngwana wa gago o leka ka natla gore a nne a le phepa mo boitsholong ka go tila go tsalana le bana ba ba sa siamang kwa sekolong le gongwe le gongwe fela? (Dia. 13:20) O rata mmino, difilimi, dithulaganyo tsa thelebishene, metshameko ya bidio e e ntseng jang e bile o dirisa jang Internet? A se a se buang le se a se dirang se supa gore o batla go tshela ka melaometheo ya Baebele?

Ngwana wa gago o itse Baebele go le kana kang? A mo maitseboeng a Kobamelo ya Lelapa o kgona go tlhalosa ka mafoko a gagwe se a se ithutang? A o kgona go tlhalosa dithuto tsa boammaaruri tsa motheo tsa Baebele? (Dia. 2:6-9) A o rata go bala Baebele le go ithuta dikgatiso tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale? (Math. 24:45) A o botsa dipotso malebana le dithuto tsa Baebele le ditemana tsa yone?

Dipotso tseo di ka go thusa go bona gore ngwana wa gago o tswelela pele go le kana kang semoyeng. Fa o sena go di sekaseka, o ka nna wa swetsa ka gore o tshwanetse go tokafatsa mo dikarolong dingwe pele ga a kolobediwa. Le fa go ntse jalo, fa tsela e a tshelang ka yone e supa gore ke morutwa le gore tota o ineetse mo Modimong, o ka nna wa bona go le molemo go mo letla gore a kolobediwe.

Basha ba ka Kgona go Baka Jehofa

Batlhanka ba Modimo ba le bantsi ba ile ba bontsha go ikanyega ka nako ya fa ba tsena mo dingwageng tsa bosha kgotsa pelenyana ga foo. Akanya ka Josefa, Samuele, Josia le Jesu. (Gen. 37:2; 39:1-3; 1 Sam. 1:24-28; 2:18-20; 2 Ditir. 34:1-3; Luke 2:42-49) Le bomorwadia Filipo ba le banè ba ba neng ba porofeta, ba tshwanetse ba bo ba thapisitswe ba sa ntse ba le bannye.—Dit. 21:8, 9.

Mosupi mongwe wa kwa Greece a re: “Ke kolobeditswe ke na le dingwaga di le 12. Ga ke ise ke ikwatlhaele tshwetso ya me. Fa e sa le ka nako eo, go setse go fetile dingwaga di le 24, mme di le 23 tsa tsone ke di feditse ke le mo tirelong ya nako e e tletseng. Lorato lo ke ratang Jehofa ka lone lo nthusitse gore ke emelane le dikgwetlho tsa bosha. Fa ke le dingwaga di le 12 ke ne ke se na kitso ya Dikwalo e ke nang le yone gone jaanong. Mme gone, ke ne ke itse gore ke rata Jehofa e bile ke batla go mo direla go ya go ile. Ke itumelela gore o nthusitse go tswelela ke mo direla.”

Le fa motho a ka tswa a le mosha kgotsa a godile, fa a supa gore ke morutwa wa mmatota o tshwanetse go kolobediwa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.” (Bar. 10:10) Fa morutwa yo mosha wa ga Keresete a tsaya kgato ya botlhokwa ya go kolobediwa, ene mmogo le batsadi ba gagwe ba tla bo ba fitlheletse sengwe se segolo. A go se nne le sepe se se thibelang wena kgotsa bana ba gago gore lo nne le boipelo jo bo lo letileng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

Go Leba Kolobetso ka Tsela e e Tshwanetseng

Batsadi bangwe ba leba go kolobediwa ga bana ba bone e le kgato e e ka ba solegelang molemo mme gone e na le kotsi nngwe—e tshwana le fa mongwe a amogela lekwalo la go kgweetsa. Le fa go ntse jalo, a katlego e motho a ka nnang le yone mo isagweng e ka tsenngwa mo kotsing ke kolobetso kgotsa tirelo e e boitshepo? Baebele ya re ga go a nna jalo. Diane 10:22 ya re: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” Mme Paulo o ne a kwalela Timotheo yo mmotlana jaana: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo.”—1 Tim. 6:6.

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go direla Jehofa. Jeremia o ne a lebana le mathata a le mantsi mo tirelong ya gagwe e le moporofeti wa Modimo. Le fa go ntse jalo, o ne a kwala jaana ka go obamela ga gagwe Modimo wa boammaaruri: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa Modimo wa masomosomo.” (Jer. 15:16) Jeremia o ne a itse gore o itumedisiwa ke go direla Modimo. Lefatshe la ga Satane ke lone le le re bakelang mathata. Batsadi ba tshwanetse go thusa bana ba bone gore ba lemoge pharologano eo.—Jer. 1:19.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

A Ngwana Wa me O Tshwanetse go Diega go Kolobediwa?

Ka dinako dingwe, le fa bana ba tshwanelega gore ba ka kolobediwa, batsadi ba bone ba ka nna ba swetsa ka gore ba se ka ba kolobediwa ka nako eo. Mabaka a bone e ka tswa e le afe?

Ke boifa gore fa ngwanake a ka kolobediwa, moragonyana a ka nna a dira boleo jo bo masisi mme a kgaolwa. A go a utlwala go dumela gore mosha yo o diegang go kolobediwa a ka se ka a ikarabelela mo Modimong ka ntlha ya boitsholo jwa gagwe? Solomone o ne a lebisa mafoko ano mo basheng: “Itse gore Modimo wa boammaaruri o tla go tlisa katlholong ka ntlha ya [ditiro tsa gago].” (Mor. 11:9) Paulo ga a ka a bolela sepe ka dingwaga fa a ne a gakolola jaana: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—Bar. 14:12.

Baobamedi ba ba kolobeditsweng le ba ba sa kolobediwang ba ikarabelela mo Modimong. Se lebale gore Jehofa o sireletsa batlhanka ba gagwe ka go ‘se ba lese ba raelwa go feta se ba ka se itshokelang.’ (1 Bakor. 10:13) Fa fela ba ‘nna ba thantse’ mme ba lwantsha thaelo, ba ka ikanya Modimo gore o tla ba ema nokeng. (1 Pet. 5:6-9) Mmè mongwe wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “Bana ba ba kolobeditsweng ba na le mabaka a le mantsi a go katogela kgakala le dilo tse di bosula tsa lefatshe. Morwaake yo o kolobeditsweng a le dingwaga di le 15 o tsaya kolobetso e le tshireletso. O ne a re: ‘Ga o akanye ka go dira sengwe se se kgatlhanong le molao wa ga Jehofa.’ Kolobetso e tlhotlheletsa motho thata gore a dire se se siameng.”

Fa e le gore o thapisitse bana ba gago ka se o ba bolelelang sone le ka go ba tlhomela sekao gore ba ikobele Jehofa, o ka tlhomamisega gore ba tla tswelela ba mo ikobela fa ba sena go kolobediwa. Diane 20:7 ya re: “Mosiami o tsamaya mo bothokgaming jwa gagwe. Go itumela bomorwawe morago ga gagwe.”

Ke batla go bona ngwanake a fitlhelela mekgele mengwe pele. Basha ba tshwanetse go ithuta go bereka gore fa nako e ntse e ya ba kgone go itlhokomela. Mme go ka nna kotsi go ba kgothaletsa go tlhopha botshelo jo bo remeletseng mo thutong le go tlhomama ga tsa madi go na le go tlhopha botshelo jo bo remeletseng mo kobamelong ya boammaaruri. Fa Jesu a ne a bua ka “losika” kgotsa lefoko la Bogosi le le sa goleng o ne a re: “E e jetsweng mo mitlweng, eno ke yo o utlwang lefoko, mme tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo a hupetse lefoko, mme a nne yo o sa ungweng.” (Math. 13:22) Fa motsadi a kgothaletsa ngwana wa gagwe go ipeela mekgele e e amanang le dilo tsa lefatshe e bile a dira gore a lebe kamano ya gagwe le Jehofa e se botlhokwa, seno se ka dira gore lorato lwa gagwe lwa go rata go direla Modimo lo fokotsege.

Fa mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo a ne a bua ka basha ba ba tshwanelegelang go kolobediwa mme batsadi ba bone ba gana ba kolobediwa o ne a re: “Go thibela mosha gore a kolobediwe go ka dira gore a se ka a gatela pele semoyeng mme ga dira gore a kgobege marapo.” Molebedi mongwe yo o etang o ne a kwala jaana: “Mosha a ka nna a simolola go ikutlwa a sa tshwanelege kgotsa a inyatsa mo dilong tsa semoya. A ka nna a batla go atlega mo dilong tsa lefatshe.”

[Setshwantsho]

A yunibesithi e tshwanetse go tla pele?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mosha a ka bontsha bosupi jwa gore ke morutwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Go baakanyetsa dipokano le go nna le seabe mo go tsone

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go ikobela batsadi

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go nna le seabe mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go rapela