“Dira Gore Tsela ya Gago e Atlege” Jang?
“Dira Gore Tsela ya Gago e Atlege” Jang?
“KATLEGO”—ruri leno ke lefoko le le ngokang kgatlhego! Bangwe ba neilwe maemo a a kwa godimo mo tirong mme ba kgonne go huma le go itirela leina. Ba bangwe ba lora ka katlego mme gone ba paletswe ke go e fitlhelela.
Karolo e kgolo ya katlego ya gago e ikaegile ka se o tlhomang mogopolo wa gago mo go sone mo botshelong. Dilo tse dingwe tse pedi tse di amang katlego ya gago ke tsela e o dirisang nako le maatla a gago ka yone le gore a o tsaya matsapa kgotsa nnyaa.
Bakeresete ba le bantsi ba fitlhetse gore go nna le seabe ka botlalo mo bodireding go dirile gore ba kgotsofale thata. Go dira gore tirelo ya nako e e tletseng e nne tiro ya botshelo jotlhe go thusitse basha le bagolo gore ba atlege. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba akanya gore bodiredi bo lapisa pelo mme ba a bo tlhokomologa ba bo ba latelela mekgele e mengwe. Ke eng fa seno se ka direga? O ka dira eng gore o se ka wa palelwa ke go bona se tota e leng selo sa botlhokwa? Mme o ka “dira gore tsela ya gago e atlege” jang?—Josh. 1:8.
Ditiro Tse di Dirwang Morago ga Sekolo le Tsa go Itlosa Bodutu
Basha ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha tekatekano magareng ga go direla Modimo wa boammaaruri le go nna le seabe mo ditirong tse dingwe. Ba ba dirang jalo ba tla atlega mo botshelong mme re tshwanetse go ba akgola.
Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba Bakeresete ba tshwarega thata ka ditiro tse di dirwang morago ga sekolo le ditiro tsa go itlosa bodutu. Ditiro tse di ntseng jalo ka botsone di ka tswa di se phoso. Le fa go ntse jalo, basha ba Bakeresete ba tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ditiro tseno di ka ntlhoka nako e e kana kang? Go tweng ka batho ba ke tlileng go tsalana le bone? Fa ke dira ditiro tseno ke tla bo ke dikologilwe ke batho ba ba nang le boikutlo jo bo ntseng jang? Mme nka feleletsa ke tlhoma mogopolo mo go eng?’ O ka tswa o lemoga gore motho a ka tshwarega thata jaana mo ditirong tseno mo a salelwang ke nako kgotsa maatla a le mannye gore a tswelele a na le kamano le Modimo. Ka jalo, o kgona go bona gore ke eng fa go le botlhokwa go dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele.—Baef. 5:15-17.
Akanya ka se se diragaletseng Wiktor. * A re: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 12 ke ne ka nna mo setlhopheng sa volleyball. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka gapa dikgele di le dintsi. Ke ne ke na le tshono ya go nna mogaka.” Fa nako e ntse e ya, Wiktor o ne a simolola go tshwenngwa ke kafa motshameko o a neng a o latelela o neng o ama bomoya jwa gagwe ka gone. Letsatsi lengwe, o ne a robala a ntse a leka go bala Baebele. Gape o ne a lemoga gore ga a tlhole a itumelela bodiredi jwa tshimo. A re: “Motshameko ono o ne o ntseela maatla mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore gape o ne o dira gore ke felelwe ke tlhagafalo ya dilo tsa semoya. Ke ne ke itse gore ga ke dire sotlhe se nka se kgonang.”
Thuto e e Kwa Godimo
Mokeresete o na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa go tlhokomela lelapa la gagwe, mme seo se akaretsa gore a le tlamele ka dilo tse le di tlhokang. (1 Tim. 5:8) Le fa go ntse jalo, a gone o tlhoka gore a nne le dikirii ya kholetšhe kgotsa ya yunibesithi gore a dire jalo?
Go ka nna molemo gore a akanyetse kafa go latelela thuto e e kwa godimo go ka amang kamano ya gagwe le Jehofa ka gone. A re bontshe kafa seno se ka diregang ka gone ka go sekaseka sekao se se mo Baebeleng.
Baruke e ne e le mokwaledi wa moporofeti Jer. 45:5.
Jeremia. Ka nako nngwe, go na le gore Baruke a tlhome mogopolo mo tshiamelong e a neng a na le yone ya go direla Jehofa, o ne a simolola go rata maemo. Jehofa o ne a lemoga seno mme a dirisa Jeremia gore a mo tlhagise jaana: “O nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla.”—“Dilo tse dikgolo” tse Baruke a neng a nna a ipatlela tsone ke dife? A ka tswa a ne a raelesega go itirela leina mo tsamaisong ya dilo ya Sejuda. Kgotsa dilo tse dikgolo e ka tswa e ne e le katlego ya go nna le dithoto. Le fa di ka tswa e ne e le dife, o ne a sa tlhole a baya dilo tsa botlhokwa e leng dilo tsa semoya kwa pele. (Bafil. 1:10) Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore Baruke o ne a reetsa tlhagiso ya ga Jehofa e a neng a e mo naya a dirisa Jeremia mme ka go dira jalo a bona moya wa gagwe e le kgapo.—Jer. 43:6.
Re ka ithuta eng mo pegong eno? Kgakololo e e neilweng Baruke e bontsha gore go na le sengwe se se phoso se a neng a se dira. O ne a ipatlela dilo tse dikgolo. Fa o na le tsela ya go itlamela, a ruri o tlhoka go senya nako, madi le maatla gore o oketse thuto ya gago fela gore o kgotsofatse batsadi ba gago kgotsa ba masika?
Akanya ka Grzegorz, yo o e leng modiri wa diporokereme tsa khomputara (computer programmer). E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke badirimmogo le ene, o ne a tsenela khoso nngwe e e kgethegileng gore a oketse dithuto tsa gagwe. Go ise go ye kae o ne a se na nako ya dilo tsa semoya. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke nna ke se na kagiso ya mogopolo. Segakolodi sa me se ne se ntshwenya ka gonne ke ne ke sa kgone go fitlhelela mekgele ya semoya e ke neng ke ipeetse yone.”
Go Tshwarega Thata mo Tirong
Lefoko la Modimo le rotloetsa Bakeresete ba boammaaruri gore ba dire ka natla mme e nne badiri le bathapi ba ba nang le maikarabelo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” (Bakol. 3:22, 23) Le fa go ntse jalo, le fa go le molemo gore motho a dire ka natla, go sengwe gape se e leng sa botlhokwa—kamano e e molemo le Mmopi wa rona. (Mor. 12:13) Fa Mokeresete a tshwarega thata mo tirong ya gagwe ya boitshediso, go ka nna motlhofo gore a tlhokomologe bomoya jwa gagwe.
Go tshwarega thata mo tirong ya boitshediso go ka dira gore Mokeresete a lape thata mo a palelwang ke go nna le nako ya dilo tsa semoya le ya go thusa lelapa la gagwe. Kgosi Solomone o ne a lemoga gore “tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi” gantsi e tsamaisana le “go kgaratlhela phefo.” Fa Mokeresete a tshwaregile thata mo tirong ya gagwe ya boitshediso, a ka feleletsa a na le kgatelelo ya maikutlo e e masisi e e tsayang lobaka lo loleele. Motho yo o ntseng jalo a ka nna lekgoba la tiro ya gagwe a bo a feleletsa a na le letsapa le le feteletseng. Fa go ntse jalo, a a ka “ipela . . . mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla”? (Mor. 3:12, 13; 4:6) Sa botlhokwa le go feta, a o tla nna le maatla a a lekaneng mo mmeleng le mo maikutlong gore a kgone go dira ditiro tse dingwe tsa lelapa le go nna le seabe mo ditirong tsa semoya?
Janusz, yo o nnang kwa Yuropa Botlhaba, o ne a tshwarega thata mo kgwebong ya gagwe ya go direla batho ditshingwana. A re: “Batho ba lefatshe ba ne ba nthata ka gonne ke ne ke tseela tiro ya me matsapa le ka gonne ke ne ke kgona go wetsa tiro nngwe le nngwe e ke e abetsweng. Mme gone, ke ne ka koafala semoyeng e bile ke ne ka emisa go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Go ise go ye kae ke ne ka emisa go nna gone kwa dipokanong. Ke ne ka simolola go ikgogomosa le go gana kgakololo e e tswang kwa bagolwaneng mme ka katogela kgakala le phuthego.”
O ka Kgona go Atlega mo Botshelong
Re sekasekile dikarolo tse tharo tse Mokeresete a ka tshwaregang thata mo go tsone mme a
itlhokomolosa bomoya jwa gagwe. A o na le seabe mo go nngwe ya tsone? Fa go ntse jalo, dipotso tse di latelang, ditemana le dikakgelo di tla go thusa gore o sekaseke gore a ruri o tla atlega kgotsa nnyaa.Ditiro tse di dirwang morago ga sekolo le tsa boitlosobodutu: O tshwaregile go le kana kang mo ditirong tse di ntseng jalo? A di go tseela nako e o neng o e dirisetsa dilo tsa semoya mo nakong e e fetileng? A ga o tlhole o itumelela go tsalana le badumedimmogo le wena? Fa go ntse jalo, ke eng o sa etse sekao sa ga Kgosi Dafide, yo o neng a kopa Jehofa jaana: “Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone.”—Pes. 143:8.
Molebedi yo o etang o ne a thusa Wiktor yo o umakilweng kwa godimo. Molebedi yoo o ne a mo raya a re: “O bua ka matlhagatlhaga ka tiro ya gago ya go tshameka volleyball.” Wiktor a re: “Mafoko ao a ne a ntshikinya maikutlo. Ke ne ka lemoga gore ruri ke feteleditse dilo. Go ise go ye kae, ke ne ka kgaogana le ditsala tsa lefatshe tsa kwa tlelapeng, tse ke neng ke tsalane le tsone mme ka simolola go batla ditsala mo phuthegong.” Gompieno Wiktor o direla Jehofa a tlhoafetse mo phuthegong ya gaabo. O akantsha seno: “Botsa ditsala tsa gago, batsadi ba gago kgotsa bagolwane mo phuthegong gore a ba lemogile gore ditiro tsa sekolo di dira gore o atamalane le Jehofa kgotsa di go katosetsa kgakala le ene.”
Ke eng fa o sa bontshe bagolwane mo phuthegong ya lona gore o ka rata go kgaratlhela ditshiamelo tse di oketsegileng tsa go direla Modimo? A o ka ema bagodi nokeng fa ba tlhoka mongwe yo ba ka intshang bodutu le ene kgotsa ba tlhoka thuso nngwe, gongwe o ka ba thusa ka go reka dilo dingwe kgotsa ka ditiro dingwe tse di tlhokwang go dirwa mo gae? Le fa o ka tswa o le dingwaga di le kae, o ka kgona go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng, o abelana le ba bangwe se se go itumedisang.
Thuto e e kwa godimo: Jesu o ne a tlhagisa gore re se ka ra “itshenkela kgalalelo.” (Joh. 7:18) Le fa o ka tswa o tlhophile gore o tla oketsa thuto ya gago ya sekolo go le kae, a o ‘tlhomamisitse dilo tse di botlhokwa thata’?—Bafil. 1:9, 10.
Grzegorz, yo e leng modiri wa diporokereme tsa khomputara o ne a dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gagwe. A re: “Ke ne ka tsaya kgakololo ya bagolwane tsia mme ka tlhofofatsa botshelo jwa me. Ke ne ka lemoga gore ga ke tlhoke go oketsa thuto ya me. Seo se tla ntshenyetsa nako le maatla fela.” Grzegorz o ne a oketsa seabe sa gagwe mo ditirong tse di dirwang mo phuthegong. Fa nako e ntse e ya, o ne a aloga mo go se jaanong se bidiwang Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang. Ee, o ne a “ithekela nako” gore a oketse thuto ya gagwe ka Modimo.—Baef. 5:16.
Tiro ya boitshediso: A o tshwaregile thata mo tirong ya boitshediso mo o kgaphetseng bomoya jwa gago kwa thoko? A o nna le nako e e lekaneng ya go buisana le lelapa la gago? Mo phuthegong gone, a o tokafatsa boleng jwa dipuo tse o di abetsweng? Go tweng ka metlotlo e e agang e o nnang le yone le ba bangwe? “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe” mme o tla amogela masego a magolo a ga Jehofa e bile o tla ‘bona molemo ka ntlha ya tiro ya gago ya bonatla.’—Mor. 2:24; 12:13.
Janusz, yo o umakilweng pelenyana, ga a ka a atlega mo kgwebong ya gagwe ya go direla batho ditshingwana; go na le moo e ne ya phutlhama. E re ka a ne a se na lotseno e bile a na le dikoloto tse dintsi, o ne a boela kwa go Jehofa. Janusz o ne a baakanya dilo tsa gagwe mme gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha e bile ke mogolwane mo phuthegong. A re: “Fa ke kgotsofaletse dilo tse ke di tlhokang e bile ke kgona go dirisa maatla a me go dira ditiro tsa semoya, ke nna le kagiso ya mogopolo le pelo e e ritibetseng.”—Bafil. 4:6, 7.
Iphe nako ya go sekaseka maitlhomo a gago le dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago. Go direla Jehofa ke tsela ya go bona katlego ya botshelo jotlhe. Go dire selo sa konokono mo botshelong jwa gago.
O ka nna wa tshwanelwa ke go fetola dilo dingwe kgotsa go tlogela dilo dingwe tse di sa tlhokegeng gore o iponele “thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng.” (Bar. 12:2) Mme o ka “dira gore tsela ya gago e atlege” ka go mo direla ka pelo yotlhe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]
O ka Dira Jang Gore Tsela ya Gago e Atlege?
E re ka go na le dilo tse dintsi tse di re tseelang nako, o ka tila jang go latlhegelwa ke pono ya se tota se leng botlhokwa? Iphe nako ya go sekaseka maitlhomo a gago le dilo tse di tlang pele mo go wena ka go akanya ka dipotso tseno tse di latelang:
DITIRO TSE DI DIRWANG MORAGO GA SEKOLO LE TSA GO ITLOSA BODUTU
▪ Fa o tsaya karolo mo ditirong tse di ntseng jalo, o dikologiwa ke batho ba ba nang le boikutlo jo bo ntseng jang?
▪ Ditiro tseno di go tlhoka nako e e kana kang?
▪ A di ka fetoga dilo tsa konokono mo botshelong jwa gago?
▪ A di go tseela nako e o neng o e dirisetsa dilo tsa semoya mo nakong e e fetileng?
▪ Go tweng ka batho ba o tla tsalanang le bone?
▪ A o itumelela go tsalana le bone go feta kafa o itumelelang go tsalana le badumedimmogo le wena ka teng?
THUTO E E KWA GODIMO
▪ Fa o na le tsela ya go itlamela, a ruri o tlhoka go senya nako, madi le maatla gore o oketse thuto ya gago?
▪ A ruri go botlhokwa gore o nne le dikirii ya kholetšhe kgotsa ya yunibesithi e le gore o kgone go itlamela?
▪ E tla ama jang go nna gone ga gago kwa dipokanong?
▪ A o ‘tlhomamisitse dilo tse di botlhokwa thata’?
▪ A o tlhoka go nonotsha tsholofelo ya gago ya gore Jehofa a ka kgona go go tlamela?
TIRO
▪ A tiro e o e tlhophang e go letla gore ‘o itumele mme o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gago ya bonatla’?
▪ A o na le maatla a a lekaneng mo mmeleng le mo maikutlong gore o kgone go dira ditiro tsa lelapa le go nna le seabe mo ditirong tsa semoya?
▪ A o nna le nako e e leka-neng ya go buisana le lelapa la gago?
▪ A o tshwaregile thata mo tirong ya boitshediso mo o kgaphetseng bomoya jwa gago kwa thoko?
▪ A e amile boleng jwa dipuo tse o di abetsweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Jehofa o ne a tlhagisa Baruke ka go rata maemo