Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tla le Dikwalo Tsa Momeno, Segolobogolo Dikwalelo Tsa Letlalo’

‘Tla le Dikwalo Tsa Momeno, Segolobogolo Dikwalelo Tsa Letlalo’

‘Tla le Dikwalo Tsa Momeno, Segolobogolo Dikwalelo Tsa Letlalo’

KA MAFOKO ano a a fa godimo, moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa morongwa mmogo le ene e bong Timotheo gore a tlise memeno le dikwalelo. Paulo o ne a bolela ka mefuta efe ya dikwalo tsa momeno le dikwalelo tsa letlalo? Ke eng se se ileng sa dira gore a bue jalo? Mme re ka ithuta eng mo go se a ileng a se kopa?

Mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. fa Paulo a ne a kwala mafoko ano, dibuka di le 39 tsa Dikwalo tsa Sehebera di ne di kgaogantswe ka dibuka di ka nna 22 kgotsa di le 24, tse go ka diregang gore bontsi jwa tsone di ne di le mo dikwalong tsa momeno tse di kgaoganeng. Porofesa Alan Millard o ne a akgela ka gore le fa dikwalo tseno tsa momeno di ne di ja madi a le mantsi, “batho ba ba humileng ba ne ba kgona go nna le tsone.” Bangwe ba ne ba na le bobotlana momeno o le mongwe. Ka sekai, moopafadiwa wa Moethiopia o ne a na le momeno mo kareng ya gagwe mme o ne a “balela moporofeti Isaia kwa godimo.” O ne a na le ‘taolo tlase ga Kandase kgosigadi ya Baethiopia mme o ne a okametse letlotlo lotlhe la gagwe.’ O tshwanetse a bo a ne a humile thata mo a ka kgonang go nna le dikarolwana di le mmalwa tsa Dikwalo.—Dit. 8:27, 28.

Paulo o ne a kwala jaana mo kopong ya gagwe e e yang kwa go Timotheo: “Fa o tla, tla le kobo e ke e tlogetseng kwa Teroase mo go Karepo, le dikwalo tsa momeno, segolobogolo dikwalelo tsa letlalo.” (2 Tim. 4:13) Seno se ka kaya gore Paulo o ne a na le dibuka di le mmalwa. Ga go sepe se se neng se ka tla pele ga Lefoko la Modimo mo laeboraring ya gagwe. Malebana le lefoko “dikwalelo tsa momeno” mo temaneng eno, mokanoki wa Baebele e bong A. T. Robertson o ne a re: “Go ka direga gore tseno e ne e le dikhopi tsa dibuka tsa Tesetamente ya Bogologolo, e re ka dikwalelo tsa momeno di ne di tura go gaisa papirase.” Go simolola a sa ntse a le mosha, Paulo o ne a “rutetswe mo . . . dinaong tsa ga Gamaliele,” yo o neng a ruta Molao wa ga Moshe o o neng o tseelwa kwa godimo ke batho botlhe. Ka jalo, go a utlwala go bo Paulo a ne a ka nna le dikhopi tsa momeno tsa Lefoko la Modimo.—Dit. 5:34; 22:3.

Kafa Bakeresete ba Dirisitseng Dikwalo Tsa Momeno ka Gone

Mme gone, ga se mongwe le mongwe yo o neng a na le dikwalo tsa momeno tsa Dikwalo Tse di Boitshepo. Ka jalo, Bakeresete ba le bantsi ba motlha oo ba ne ba itse jang se se bolelwang ke Lefoko la Modimo? Mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Timotheo, Paulo o re naya ntlhanyana e e ka re thusang. O ne a kwala jaana: “Fa ke sa ntse ke tla, tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa.” (1 Tim. 4:13) Go bala phatlalatsa e ne e le karolo ya thulaganyo ya dipokano tsa diphuthego tsa Bokeresete, tsela e batho ba Modimo ba neng ba dira dilo ka yone go simolola ka nako ya ga Moshe.—Dit. 13:15; 15:21; 2 Bakor. 3:15.

E re ka Timotheo e ne e le mogolwane o ne a tshwanelwa ke go “dira ka bojotlhe” go balela kwa godimo, e leng se se neng se tla solegela batho ba ba se nang dikhopi tsa Dikwalo molemo. Ga go pelaelo gore ka nako ya fa go ne go balelwa Lefoko la Modimo kwa godimo phatlalatsa, botlhe ba ne ba reetsa ka tlhoafalo gore ba se ka ba latlhegelwa ke lefoko lepe, mme batsadi le bana ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlotla ka se se badilweng kwa dipokanong fa ba le kwa gae.

Memeno ya Lewatle le le Suleng ya ga Isaia e e itsegeng thata e ka nna boleele jwa dimetara di le 7,3. E re ka momeno o ne o na le dikotana ka fa dintlheng tsoopedi mme gantsi o na le sebipo se se o sireletsang, o tshwanetse wa bo o ne o le bokete. Go ka direga gore Bakeresete ba le bantsi ba ne ba sa kgone go tsamaya ka bontsi jwa yone fa ba ya go rera. Le fa Paulo a ne a na le memeno mengwe ya Dikwalo e e neng e le ya gagwe, go ka direga gore o ne a sa kgone go tsamaya ka memeno yotlhe e a neng a na le yone fa a le mo maetong a gagwe. Go bonala a ne a tlogela mengwe ya yone kwa tsaleng ya gagwe e bong Karepo kwa Teroase.

Re ka Ithuta Eng mo Sekaong sa ga Paulo?

Pele fela ga Paulo yo o neng a tshwerwe kwa Roma lekgetlho la bobedi a dira kopo ya gagwe o ne a kwala jaana: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong . . . Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo.” (2 Tim. 4:7, 8) Go ka direga gore o kwadile mafoko ano mo e ka nnang ka 65 C.E. ka nako e Nero a neng a bogisa Bakeresete ka yone. Ka nako eo, go golegwa ga bone go ne go le setlhogo thata. Tota e bile o ne a lemoga gore o tla tloga a bolawa. (2 Tim. 1:16; 4:6) Go a utlwala gore Paulo a batle go newa dikwalo tsa gagwe tsa momeno. Le fa a ne a tlhomamisegile gore o tlhabane tlhabano e e molemo go ya bofelong, o ne a batla go tswelela a inonotsha ka go ithuta Lefoko la Modimo.

Go ka direga gore Timotheo o ne a sa ntse a le kwa Efeso fa a amogela kopo ya ga Paulo. (1 Tim. 1:3) Go tswa Efeso go ya Roma o feta ka Teroase, e ka nna dikilometara di le 1 600. Mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a rotloetsa Timotheo jaana: “Dira bojotlhe jwa gago gore o goroge pele ga mariga.” (2 Tim. 4:21) Baebele ga e tlhalose gore a Timotheo o ne a kgona go fitlhela mokoro o o tla fitlhang kwa Roma ka nako e Paulo a neng a batla gore a fitlhe ka yone.

Re ithuta eng mo kopong ya ga Paulo ya go batla “dikwalo tsa momeno, segolobogolo dikwalelo tsa letlalo”? O ne a nna a tlhologelelwa Lefoko la Modimo ka nako e e ngomolang pelo thata ya botshelo jwa gagwe. A o bona seno e le sengwe se se ileng sa mo thusa gore a nne a tsogile semoyeng e bile a tlhagafetse, le se se mo thusitseng gore a kgone go kgothatsa batho ba le bantsi?

Gompieno, ruri re lesego fa re na le khopi ya Baebele e e feletseng! Bangwe ba rona e bile ba na le dikhopi le dikgatiso di le mmalwa. Fela jaaka Paulo, re tshwanetse go leka ka natla go tlhagafalela go tlhaloganya Dikwalo ka tsela e e boteng. Lekwalo la bobedi le le yang kwa go Timotheo e ne e le lone la bofelo mo makwalong a le 14 a a tlhotlheleditsweng a Paulo a neng a nna le tshiamelo ya go a kwala. Kopo ya gagwe e tlhagelela go ela kwa bofelong jwa buka eo. Tota e bile, kopo ya ga Paulo ya gore Timotheo a ‘tle le dikwalo tsa momeno, segolobogolo dikwalelo tsa letlalo,’ e ne e le nngwe ya dikopo tsa bofelo tse a di kwadileng.

A o eletsa thata go tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo go ya bofelong, fela jaaka Paulo a ile a dira? A o ipoloka o tlhagafetse semoyeng e bile o iketleeleditse go nna le seabe mo tirong ya go neela bosupi fa Morena a sa ntse a batla gore re tswelele re e dira? Fa go ntse jalo, ke eng fa o sa dire se Paulo a ileng a kgothaletsa Bakeresete go se dira? “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago” ka go tlhagafalela go bala Baebele ka metlha, e jaanong batho ba le bantsi ba ka kgonang go nna le yone e bile e le gone ka ditsela tse di farologaneng tse di molemo go gaisa dikwalo tsa momeno.—1 Tim. 4:16.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Efeso

Teroase

Roma