Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikhutso Jwa Modimo—A o Tsene mo go Jone?

Boikhutso Jwa Modimo—A o Tsene mo go Jone?

Boikhutso Jwa Modimo—A o Tsene mo go Jone?

“Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—BAHEB. 4:12.

1. Tsela nngwe e re ka tsenang mo boikhutsong jwa Modimo ka yone gompieno ke efe, mme ke eng fa seo se se motlhofo jaaka re ka akanya?

MO SETLHOGONG se se fetileng re bone gore re ka kgona go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka go dirisana mmogo le maikaelelo a gagwe. Seo ga se motlhofo jaaka re ka akanya. Ka sekai, fa re lemoga gore Jehofa ga a rate sengwe se rona re se ratang, kwa tshimologong re ka nna ra ikutlwa re batla go tsuologa. Seo se raya gore re tshwanetse go dira kgatelopele mo karolong ya go ‘iketleeletsa go utlwa.’ (Jak. 3:17) Mo setlhogong seno re tla sekaseka dikarolo di le mmalwa tse mo go tsone go iketleeletsa ga rona go dirisana mmogo le boikaelelo jwa Modimo—go mo ikobela go tswa pelong—go ka nnang ga lekiwa ka gone.

2, 3. Re tshwanetse go tswelela re dira maiteko afe gore re nne re eletsega mo matlhong a ga Jehofa?

2 O dira jang mo kgannyeng ya go amogela kgakololo e e theilweng mo Baebeleng? Baebele e re bolelela gore thato ya Modimo ke go phuthela kwa go ene “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe.” (Hag. 2:7) Gone ke boammaaruri gore, bontsi jwa rona re ne re sa eletsege gotlhelele fa re ne re simolola go ithuta boammaaruri. Le fa go ntse jalo, lorato lo re ratang Modimo le Morwawe yo o rategang ka lone lo ne lwa re tlhotlheletsa gore re dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng e re ikutlwang ka yone le e re dirang dilo ka yone gore re kgone go itumedisa Modimo ka botlalo. Kgabagare, morago ga go rapela thata le go dira maiteko, letsatsi le le itumedisang le ne la goroga fa re ne re ineela gore re kolobediwe go nna Bakeresete.—Bala Bakolosa 1:9, 10.

3 Le fa go ntse jalo, go lwa le bosaitekanelang ga go a felela fela fa re ne re kolobediwa. Ntwa eo e ne ya tswelela mme e tla nna e tsweletse fa fela re sa ntse re sa itekanela. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisediwa gore fa re ka tswelela re lwa ntwa eno mme re ititeile sehuba gore re nne re eletsege thata mo matlhong a Modimo, Jehofa o tla segofatsa maiteko a rona.

Fa go Tlhokega Kgakololo

4. Re ka amogela kgakololo ya Dikwalo ka ditsela dife tse tharo?

4 Pele ga re ka simolola go baakanya bosaitekanelang jwa rona, re tshwanetse go itse gore bosaitekanelang joo ke eng. Puo e e tlhotlheletsang pelo e e neelwang kwa Holong ya Bogosi kgotsa setlhogo se se dirang gore motho a akanye se se mo go nngwe ya dikgatiso tsa rona, se ka re thusa go lemoga bokoa bongwe jo bo masisi jo re nang le jone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re palelwa ke go lemoga ntlha e go buiwang ka yone mo puong kgotsa re palelwa ke go bona kafa kgakololo nngwe e e kwadilweng e re amang ka gone, Jehofa a ka nna a dirisa Mokeresete mmogo le rona gore a re lemotshe bokoa jwa rona.—Bala Bagalatia 6:1.

5. Umaka ditsela dingwe tse di sa siamang tse re ka itshwarang ka tsone fa re newa kgakololo, mme o tlhalose gore ke eng fa badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go tswelela ba dira maiteko a go re thusa.

5 Ga go motlhofo go amogela kgakololo e e tswang mo mothong yo o sa itekanelang, go sa kgathalesege gore o e baya ka tsela e e botlhale le e e lorato jang. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Bagalatia 6:1 e bontsha, Jehofa o laela ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya go ‘leka’ go re lolamisa, ba dira jalo “ka moya o o bonolo.” Fa re amogela kgakolo eo, re tla nna ba ba eletsegang thata mo matlhong a Modimo. Se se kgatlhang ke gore, fa re rapela re amogela re sa okaoke gore ga re a itekanela. Le fa go ntse jalo, fa mongwe a re lemotsha bokoa bongwe jo bo rileng jo re nang le jone, gantsi re leka go ipuelela, re nyenyefatsa bokoa joo, re belaela maitlhomo a motho yo o re gakololang kgotsa re gana tsela e a re nayang kgakololo ka yone. (2 Dikg. 5:11) Mme fa kgakololo e re e newang e amana le sengwe se re sa batleng go buiwa ka sone—sengwe se mongwe mo lelapeng a se dirang, tsela e re aparang le go ipaakanya ka yone, bophepa jwa mmele, kgotsa mofuta mongwe wa boitlosobodutu o re o ratang thata mme Jehofa a o tlhoile—re ka nna ra itshwara ka tsela e e seng yone e e ka re gakgamatsang ya bo ya gakgamatsa le motho yo o re nayang kgakololo! Mme fa re sena go diga makgwafo, gantsi re lemoga gore kgakololo eo e ne e tshwanela.

6. Lefoko la Modimo le senola jang “dikakanyo le maikaelelo a pelo”?

6 Temana ya setlhogo seno e re gakolola gore lefoko la Modimo “le naya maatla.” Eleruri, lefoko la Modimo le naya maatla a go fetola matshelo. Le sa ntse le re thusa go dira diphetogo tse di tlhokegang morago ga go kolobediwa fela jaaka le ne le dira pele ga re tsaya kgato eo. Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bahebera, o ne gape a kwala gore lefoko la Modimo “le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Baheb. 4:12) Ka mafoko a mangwe, fa re tlhaloganya sentle boikaelelo jwa Modimo ka rona, tsela e re itshwarang ka yone e bontsha se tota re leng sone ka fa teng. A ka dinako dingwe go na le pharologano magareng ga tsela e re lebegang ka yone (“soul”) le se tota re leng sone (“spirit”)? (Bala Mathaio 23:27, 28.) Akanya kafa wena o ka itshwarang ka gone mo maemong a a latelang.

Tsamaisana le Phuthego ya ga Jehofa

7, 8. (a) Ke eng se se ka tswang se ile sa tlhotlheletsa Bakeresete bangwe ba Bajuda go kgomarela ditlwaelo dingwe tsa Molao wa ga Moshe? (b) Se ba neng ba se dira se ne se tsamaisana jang le boikaelelo jo bo ntseng bo tswelela pele jwa ga Jehofa?

7 Bontsi jwa rona re kgona go nopola ka tlhogo Diane 4:18: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” Seo se kaya gore tsela e re itshwarang ka yone le kafa re tlhaloganyang maikaelelo a Modimo ka gone go tla tokafala fa nako e ntse e ya.

8 Fela jaaka re tlotlile mo setlhogong se se fetileng, morago ga loso lwa ga Jesu go ne go le thata gore Bakeresete ba le bantsi ba Bajuda ba tlogele Molao wa ga Moshe. (Dit. 21:20) Le fa ka botlhale Paulo a ne a bua gore Bakeresete ga ba tlhole ba le kafa tlase ga Molao, bangwe ba ne ba gana tlhaloso ya gagwe e e tlhotlheleditsweng. (Bakol. 2:13-15) Gongwe ba ne ba akanya gore fa ba ka tswelela ba boloka dikarolo dingwe tsa Molao, ga ba kitla ba bogisiwa. Mme gone, Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera mme a ba bolelela a sa okaoke gore ba ne ba se kitla ba tsena mo boikhutsong jwa Modimo fa ba ne ba sa ntse ba gana go dirisana mmogo le boikaelelo jwa Gagwe jo bo ntseng bo diragadiwa. * (Baheb. 4:1, 2, 6; bala Bahebera 4:11.) Gore ba amogelwe ke Jehofa, ba ne ba tla tshwanelwa ke go amogela ntlha ya gore Jehofa o ne a dirisa tsela e sele go kaela batho ba gagwe.

9. Re tshwanetse go itshwara jang fa go nna le diphetogo mo tseleng e re tlhaloganyang dikgang dingwe tsa Dikwalo ka yone?

9 Mo motlheng wa rona, go ile ga nna le diphetogo tsa kafa re tlhaloganyang dithuto dingwe tsa Baebele ka gone. Seno ga se a tshwanela go re tlhobaetsa; mme se tshwanetse go nonotsha tsela e re ikanyang setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka yone. Fa baemedi ba “motlhanka” ba lemoga gore tsela e re tlhaloganyang ntlha nngwe ya boammaaruri ka yone e tlhoka go tokafadiwa kgotsa go baakanngwa, ga ba ikgogone go dira diphetogo. Setlhopha sa motlhanka se kgatlhegela thata go dirisana le boikaelelo jwa Modimo jo bo ntseng bo diragadiwa go na le go tshaba go tshwaiwa diphoso ka ntlha ya phetogo nngwe e ba e dirileng. Wena o itshwara jang fa go nna le diphetogo mo tseleng e re tlhaloganyang Dikwalo ka yone?—Bala Luke 5:39.

10, 11. Re ka ithuta dithuto dife mo tseleng e bangwe ba ileng ba itshwara ka yone fa go ne go simololwa mefuta e mesha ya go rera dikgang tse di molemo?

10 A re sekasekeng sekai se sengwe. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo19 le mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, Baithuti bangwe ba Baebele ba e neng e le ditswerere mo go bueng phatlalatsa ba ne ba akanya gore ba ka diragatsa ka tsela e e molemo taelo ya go rera ka go neela bareetsi ba ba bontshang kanaanelo dipuo tse di baakanyeditsweng sentle. Ba ne ba itumelela go bua phatlalatsa, e bile bangwe ba bone ba ne ba kgatlhegela go bona batho ba ba reeditse ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, moragonyana go ne ga bonala gore Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba tshwarege mo mefuteng e e farologaneng ya go rera go akaretsa le go bua ka ntlo le ntlo. Bangwe ba e neng e le dibui tse di atlegileng ba ne ba gana nnang ya banyana go leka sepe fela se sesha. Ba ne ba lebega e kete ke banna ba semoya ba ba ineetseng ka botlalo mo Moreneng. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba lebane le bosupi jo bo bonalang sentle jwa boikaelelo jwa Modimo malebana le tiro ya go rera, dikakanyo tsa bone tsa mmatota, maikaelelo a bone le maitlhomo a bone a ne a bonala. Jehofa o ne a ikutlwa jang ka bone? Ga a ka a ba segofatsa. Ba ne ba tlogela phuthego.—Math. 10:1-6; Dit. 5:42; 20:20.

11 Seo ga se reye gore go ne go le motlhofo mo go botlhe ba ba neng ba nna ba ikanyega mo phuthegong ya Modimo gore ba rere phatlalatsa. Bontsi jwa bone ba ne ba fitlhela tiro eo e gwetlha, segolobogolo kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikobela taelo eo. Fa nako e ntse e ya, ba ne ba fenya tlhobaelo ya bone mme Jehofa o ne a ba segofatsa thata. Wena o itshwara jang fa o kopiwa gore o nne le seabe mo mofuteng mongwe wa tiro ya go rera o o sa o itumeleleng? A o ikaeletse go leka sengwe se sesha?

Fa Mongwe Yo re Mo Ratang a Tlogela Jehofa

12, 13. (a) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng fa a dira gore badiraphoso ba ba sa ikwatlhaeng ba kgaolwe? (b) Batsadi bangwe ba Bakeresete ba lebana le teko efe mme ke eng se se dirang gore teko eo e nne thata jaana?

12 Ga go pelaelo gore rotlhe re dumalana le molaomotheo o o reng re tshwanetse go nna phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng gore re itumedise Modimo. (Bala Tito 2:14.) Le fa go ntse jalo, go ka nna le maemo a mo go one boikanyegi jwa rona mo karolong eno ya boikaelelo jwa Modimo bo ka lekwang thata. Ka sekai, a re re morwa yo o esi wa banyalani ba Bakeresete ba ba tlhomang sekao o tlogela boammaaruri. Lekawana leno le a kgaolwa e re ka le bona “go ja monate wa boleo ka nakwana” go le molemo go na le kamano ya gagwe le Jehofa le batsadi ba gagwe ba ba ratang Modimo.—Baheb. 11:25.

13 Batsadi ba gagwe ba utlwa botlhoko thata! Gone ba a itse gore fa Baebele e bua malebana le kgang ya go kgaolwa, ya re ba ‘tlogele go ikopanya le ope fela yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone ba se ka ba ja le motho yo o ntseng jalo.’ (1 Bakor. 5:11, 13, NW) Gape ba lemoga gore mafoko “ope fela” a a mo temaneng eno a akaretsa bangwe mo lelapeng ba ba sa nneng le bone. Mme gone, ba rata morwaabone thata! Lorato loo lo ka dira gore ba akanye jaana: ‘Re ka thusa jang mosimanyana wa rona gore a boele kwa go Jehofa fa re mmona ka sewelo fela? A re ka se kgone go mo thusa fa re nna re kopana le ene?’ *

14, 15. Batsadi ba bana ba ba kgaotsweng ba tshwanelwa ke go dira tshwetso efe e kgolo?

14 Re utlwela batsadi bao botlhoko. Kana gone, morwaabone o itlhophetse go latela botshelo jo e seng jwa Bokeresete go na le go tswelela a ipelela kamano e e gaufi le batsadi ba gagwe le badumedimmogo le ene. Ka fa letlhakoreng le lengwe go ne go se sepe se batsadi ba ka se dirang. Ga go gakgamatse go bo ba ikutlwa ba kgobegile marapo!

15 Mme gone, batsadi bao ba ba rategang ba tla dira eng? A ba tla ikobela taelo ya ga Jehofa e e utlwalang sentle? Kgotsa a ba tla itirela seipato sa go nna ba kopana le morwaabone yo o kgaotsweng mme ba bo ba re ba dira jalo ka gonne ba tshwanetse go sekaseka “kgang e e botlhokwa ya lelapa”? Fa ba dira tshwetso ga ba a tshwanela go lebala go sekaseka kafa Jehofa a ikutlwang ka gone malebana le se ba se dirang. Boikaelelo jwa Modimo ke go boloka phuthego e le phepa le gore fa go kgonega a tlhotlheletse badiraphoso gore ba itharabologelwe. Batsadi ba Bakeresete ba ka ema jang boikaelelo joo nokeng?

16, 17. Re ka ithuta eng fa re tlhatlhanya ka sekao sa ga Arone?

16 Morwarragwe Moshe e bong Arone o ne a lebana le boemo jo bo boima ka ntlha ya bomorwawe ba babedi. Akanya kafa a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka teng fa bomorwawe e bong Nadabe le Abihu ba ntshetsa Jehofa setlhabelo se se sa tshwanelang mme Jehofa a bo a ba bolaya. Gone ke boammaaruri gore seo se ile sa kgaotsa kamano epe fela e banna bao ba neng ba ka nna le yone le batsadi ba bone. Mme ga go felele foo. Jehofa o ne a laela Arone le bomorwawe ba ba ikanyegang jaana: “Lo se ka lwa letla ditlhogo tsa lona go nna di sa baakanngwa, le gone lo se ka lwa gagola diaparo tsa lona [ka ntlha ya go hutsafala], gore lo se ka lwa swa le gore [Jehofa] a se ka a galefela phuthego yotlhe.” (Lefi. 10:1-6) Se re ithutang sone fano se a utlwala. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo tshwanetse go feta lo re ratang ba malapa a rona ba ba sa ikanyegeng.

17 Gompieno Jehofa ga a bolaye ba ba tlolang melao ya gagwe ka yone nako eo. O ba bontsha lorato ka go ba naya tshono ya go ikwatlhaela ditiro tsa bone tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla ikutlwa jang fa batsadi ba modiraphoso yo o sa ikwatlhaeng ba nna ba mo leka ka go nna ba ikamanya go sa tlhokege le morwaabone kgotsa morwadiabone yo o kgaotsweng?

18, 19. Ba lelapa ba ba ikobelang ditaelo tsa ga Jehofa malebana le batho ba ba kgaotsweng ba tla nna le masego afe?

18 Bontsi jwa batho ba ba kileng ba kgaolwa jaanong ba bolela gore go bo ditsala le ba malapa a bone ba ile ba emela boammaaruri ba nitame, go ba thusitse gore ba itharabologelwe. Fa bagolwane ba ne ba buelela go busediwa ga lekgarebe lengwe ba ne ba tlhalosa gore “sengwe gape se se mo thusitseng go lolamisa botshelo jwa gagwe e ne e le gore morwarragwe o ne a tlotla thulaganyo e e malebana le go kgaolwa.” Lekgarebe leno le ne la re “se se ileng sa mo thusa gore a batle go boa e ne e le go bo morwarraagwe a ile a ikobela kaelo ya Dikwalo.”

19 Re tshwanetse go dira tshwetso efe? Ya gore re tshwanetse go lwa le tshekamelo ya dipelo tsa rona tse di sa itekanelang ya go tsuologela kgakololo ya Dikwalo. Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore tsela ya Modimo ya go rarabolola mathata a rona e molemolemo ka dinako tsotlhe.

“Lefoko la Modimo le a Tshela”

20. Bahebera 4:12 e ka dirisiwa ka ditsela dife tse pedi? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

20 Fa Paulo a ne a kwala gore “lefoko la Modimo le a tshela,” o ne a sa kaye fela Lefoko la Modimo le le kwadilweng e bong Baebele. * Dintlha tse di dikologileng kgang di bontsha gore o ne a bua ka lefoko la Modimo la tsholofetso. Ntlha e Paulo a neng a e gatelela e ne e le gore Modimo ga a dire tsholofetso a bo a sa e diragatse. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go tlhomamisa seno: “Lefoko la me . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, . . . ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.” (Isa. 55:11) Ka jalo, ga go tlhokege gore re fele pelo fa dilo di sa direge ka bonako jaaka re ne re ka rata. Jehofa ‘o ntse a dira,’ e le gore kgabagare a dire gore boikaelelo jwa gagwe bo atlege.—Joh. 5:17.

21. Bahebera 4:12 e ka kgothatsa jang maloko a a ikanyegang a a godileng a “boidiidi jo bogolo”?

21 Maloko a a ikanyegang a a godileng a “boidiidi jo bogolo” ga a bolo go direla Jehofa masomesome a dingwaga. (Tshen. 7:9) Bontsi jwa bone ba ne ba sa lebelela gore ba tla tsofalela mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, ga ba a itetla go kgobega marapo. (Pes. 92:14) Ba lemoga gore lefoko la Modimo la tsholofetso ga le a swa—le a tshela e bile Jehofa o dira gore le diragale. E re ka Modimo a rata boikaelelo jwa gagwe, re a mo itumedisa fa ka metlha re nna re bo gakologetswe. Jehofa o ntse a ikhuditse mo letsatsing leno la bosupa a ntse a itse gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa le gore batho ba gagwe e le setlhopha ba tla bo ema nokeng. Go tweng ka wena? A wena o tsene mo boikhutsong jwa Modimo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Baeteledipele ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba ikobela Molao wa ga Moshe ka boikanyegi, mme fa Mesia a goroga ba ne ba palelwa ke go mo lemoga. Ga ba a ka ba tsamaisana le boikaelelo jwa Modimo jo bo ntseng bo tswelela pele.

^ ser. 20 Gompieno Modimo o bua le rona ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng, le le nang le maatla a go ama matshelo a rona. Ka jalo, mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 4:12 a ka dirisiwa gape go kaya Baebele.

Ela Tlhoko Boikaelelo Jwa Thuto Eno

• Ke eng se se tlhokegang gore re tsene mo boikhutsong jwa Modimo gompieno?

• Boikaelelo jwa Modimo bo tsamaisana jang le go iketleeletsa go amogela kgakololo ya Dikwalo?

• Go ikobela taelo ya Dikwalo go ka nna thata mo dikarolong dife, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re di ikobele?

Bahebera 4:12 e ka dirisiwa ka ditsela dife tse pedi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Batsadi ba kgobegile marapo!