Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tla Nna le Tora ya Tebelo ka Seesemane se se Tlhofofaditsweng

Go Tla Nna le Tora ya Tebelo ka Seesemane se se Tlhofofaditsweng

Go Tla Nna le Tora ya Tebelo ka Seesemane se se Tlhofofaditsweng

RE ITUMELELA go lo itsise ka kgatiso ya ntlha ya Tora ya Tebelo ya Seesemane se se tlhofofaditsweng. Kgatiso eno e ntšha e tla lekelediwa ngwaga o le mongwe mme fa e ka re solegela molemo e tla tswelela e ntse e gatisiwa. E tla romelwa kwa diphuthegong ka nako e le nngwe le makasine o o tlwaelegileng. E tla nna le ditlhogo tsa thuto mme e bo e nna le dingwe tsa ditlhogo tse di tlhophilweng tsa tlaleletso. Re dumela gore seno se tla thusa Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ka se ba se tlhokang semoyeng. Ka ntlha yang?

Seesemane ke puo e e tlwaelegileng e e buiwang ke bakaulengwe ba ba mo mafatsheng a a jaaka Fiji, Ghana, Kenya, Liberia, Nigeria, Papua New Guinea le Solomon Islands. Le fa bakaulengwe mo dinageng tseno ba ka tswa ba bua dipuo tse dingwe tsa lefelo la bone, gantsi ba dirisa Seesemane letsatsi le letsatsi kwa dipokanong tsa phuthego le kwa bodireding jwa tshimo. Le fa go ntse jalo, Seesemane se ba se dirisang se motlhofo go feta se re se dirisang mo dikgatisong tsa rona. Gape go na le batho ba ga Jehofa ba bangwe ba ba fudugetseng kwa dinageng tse ba pateletsegang go bua Seesemane kwa go tsone le fa gone ba sa se itse go le kalo. Mo godimo ga moo, ga ba kgone go ya dipokanong tsa phuthego tse go buiwang puo ya bone kwa go tsone.

Ditlhogo tse re ithutang tsone beke le beke mo Thutong ya Tora ya Tebelo ke tsela ya konokono e re fepiwang sentle ka yone ka dijo tsa semoya tse di mo nakong. Ka jalo, kgatiso ya Seesemane se se tlhofofaditsweng e dirisa mafoko a a seng thata le a a rulagantsweng ka tsela e e tlhaloganyesegang motlhofo go thusa batho botlhe ba ba leng gone kwa dipokanong gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke thuto eno. Kgatiso eno e ntšha e tla nna le khabara e e sa tshwaneng le e e tlwaelegileng. Ditlhogwana, dirapa, dipotso tsa poeletso le ditshwantsho tse di mo ditlhogong tsa thuto di tla tsamaisana le tse di mo kgatisong e e tlwaelegileng. Ka jalo, botlhe ba ka tsamaisana le motshwari wa thuto le fa ba tshwere epe fela ya dikgatiso tseno mme ba tla kgona go nna le seabe mo Thutong ya Tora ya Tebelo. Go bontsha pharologanyo e e leng teng mo tseleng e mafoko a dirisitsweng ka yone mo dikgatisong tsoopedi, bona sekai se se fa tlase se se tserweng mo makasineng ono mo serapeng sa bobedi sa setlhogo sa ntlha se se ithutiwang.

Re solofela gore phetogo eno e tla nna karabo ya dithapelo tsa batho ba le bantsi ba ba ileng ba raya Jehofa ba re: “Ntire gore ke tlhaloganye, gore ke tle ke ithute ditaelo tsa gago.” (Pes. 119:73) Re tlhomamisegile gore batho ba ba sa itseng Seesemane go le kalo go akaretsa le bana bangwe ba bannye ba ba buang Seesemane, ba tla kgona go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke sentle. Re leboga Jehofa fela thata ka go bontsha gore o ‘rata bakaulengwe botlhe,’ ka go dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go aba motlele wa dijo tsa semoya.—1 Pet. 2:17; Math. 24:45.

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa