Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ke Boifa Loso—Jaanong ke Letile ‘Botshelo’

Ke ne Ke Boifa Loso—Jaanong ke Letile ‘Botshelo’

Ke ne Ke Boifa Loso—Jaanong ke Letile ‘Botshelo’

Jaaka go boletse Piero gatti

MODUMO o o kwa tlase o ne wa nna o tlhatloga ka iketlo. O ne wa latelwa ke modumo wa disaerini tse di neng di tlhagisa batho gore ba tshabele mo lefelong le le sireletsegileng. Go tswa foo go ne ga latela modumo wa dibomo le wa go senyega ga dilo le modumo o o thubang moropa wa tsebe wa tlhaselo e e boifisang.

Seo se ne sa direga kwa Milan, kwa Italy ka 1943/1944. E re ka ke ne ke le lesole le le botlana le le neng le rometswe koo, gantsi ke ne ke laelwa gore ke ntshe masaledi a batho ba ba gaeletsweng a a leng ka fa tlase ga mafelo a tshireletso a a phampholotsweng ke dibomo, ditopo tsa bone di ne di kgaogane ditokana e bile di sa lemotshege. Mme ga se fela gore ke bone batho ba bangwe ba swa. Le nna ka bonna ka dinako dingwe ke ne ke falola loso ka letshoba la nnale. Ka dinako tseo ke ne ke rapela, ke solofetsa Modimo gore fa nka falola dipolao tseo tse dikgolo, ke tla dira thato ya gagwe.

Poifo Ya me Ya Loso e a Fela

Ke goletse mo motseng o o neng o le mo e ka nnang dikilometara di le lesome go tswa kwa toropong ya Como, kwa Italy gaufi le molelwane wa Switzerland. Fa ke sa ntse ke le monnye, ke ne ka welwa ke bohutsana mme ka boifa loso. Bokgaitsadiake ba babedi ba ne ba bolawa ke Spanish flu. Go tswa foo ka 1930, fa ke na le dingwaga di le thataro fela, mmè e bong Luigia o ne a tlhokafala. E re ka ke godisitswe ke le Mokatoliki, ke ne ke tlotla melao ya bodumedi e bile ke nna gone kwa Mmiseng beke le beke. Le fa go ntse jalo, go ya kerekeng ga go a ka ga fedisa poifo ya me, go na le moo e ne ya fela dingwaga di le mmalwa moragonyana fa ke le kwa go beolwang moriri gone.

Ka 1944, ditlamorago tsa Ntwa ya Lefatshe II e ne ya nna tse di sa itumediseng. Ke ne ke le mongwe wa masole a Italy a le diketekete a a neng a tshaba kwa lefelong la ntwa go ya kwa Switzerland e e neng e sa tseye letlhakore mo dintweng. Fa re goroga koo re ne ra isiwa kwa dikampeng tsa batshabi. Ke ne ka romelwa kwa kampeng nngwe e e gaufi le Steinach, e e kwa bokonebotlhaba jwa naga eo. Fa re le koo re ne ra newa kgololesego e e rileng. Motho mongwe yo o nang le kgwebo ya go beola moriri kwa Steinach o ne a tlhoka motho yo o tla mo thusang ka nakwana mo kgwebong ya gagwe. Ke ne ka nna le ene e bile re bereka mmogo kgwedi e le nngwe fela, mme mo nakong eo ke ne ka tlwaelana le motho mongwe yo o neng a fetola botshelo jwa me.

Mongwe wa batho ba ba neng ba beolwa moriri koo e ne e le Adolfo Tellini, Montadiana yo o neng a nna kwa Switzerland. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ise ke utlwele ka Basupi, e leng sengwe se se neng se sa gakgamatse ka gonne ka nako eo kwa Italy yotlhe Basupi ba ne ba sa fete 150. Adolfo o ne a mpolelela ka dithuto tsa Baebele tsa boammaaruri tse di itumedisang, ditsholofetso tsa kagiso le ‘botshelo ka letlotlo.’ (Joh. 10:10; Tshen. 21:3, 4) Ke ne ka kgatlhiwa ke molaetsa wa isagwe e e se nang ntwa le loso. Fa ke boela kwa kampeng ya batshabi ke ne ka bolelela Montadiana mongwe yo o sa ntseng a le mosha e bong Giuseppe Tubini ka tsholofelo eno mme le ene o ne a kgatlhega tota. Adolfo le Basupi bangwe ba ne ba nna ba re etela kwa kampeng gangwe le gape.

Adolfo o ne a ya le nna kwa Arbon, e e leng dikilometara di ka nna lesome go tswa kwa Steinach, kwa setlhopha se sennye sa Basupi se neng se tshwara dipokano gone ka Sentadiana. Ke ne ke kgatlhilwe ke se ke neng ka se utlwa mo e leng gore beke e e latelang ke ne ka boela gone. Moragonyana ke ne ka ya kwa kopanong ya Basupi kwa holong ya dikopano e e kwa Zurich. Ke ne ka amiwa thata ke pontsho ya diselaete e e neng e bontsha dikampa tse go neng go bolaelwa batho mo go tsone, mme e ne e bontsha mekoa ya ditopo. Ke ne ka bona gore bontsi jwa Basupi ba kwa Jeremane ba ne ba bolaetswe tumelo ya bone. Kwa kopanong eo, ke ne ka kopana le Maria Pizzato. Balaodi ba Ba-Fascist ba Bantadiana ba ne ba mo atlholela dingwaga di le 11 ka ntlha ya ditiro tse a neng a di dira ka gonne e le Mosupi.

Fa ntwa e fela ke ne ka boela kwa Italy mme ka kopanela le phuthego e nnye ya kwa Como. Ke ne ke ise ke nne le thuto ya Baebele e ke e tshwarelwang ka metlha, le fa go ntse jalo ke ne ke itse dithuto tsa motheo sentle. Maria Pizzato le ene o ne a kopanela le phuthego eo. O ne a mpolelela gore ke tshwanetse go kolobediwa gore ke nne Mokeresete mme a mpolelela gore ke etele Marcello Martinelli, yo o neng a nna kwa Castione Andevenno, e e kwa kgaolong ya Sondrio. Marcello e ne e le mokaulengwe yo o ikanyegang wa motlodiwa yo o neng a atlholetswe dingwaga di le 11 ke puso ya babusaesi. Ke ne ka tshwanelwa ke go tsamaya sekgala sa dikilometara di le 80 ka baesekele go ya kwa a nnang teng.

Marcello o ne a dirisa Baebele go ntlhalosetsa dilo tse di neng di tlhokega gore motho a kolobediwe, mme morago ga foo re ne ra rapela re bo re ya kwa nokeng ya Adda, kwa ke neng ka kolobediwa gone. E ne e le ka September 1946. Ruri leo e ne e le letsatsi le le itumedisang! Ke ne ke itumeletse tshwetso e ke e tsereng ya go direla Jehofa mme jaanong ke ne ke na le tsholofelo e e nonofileng ka isagwe, ke ne ke itumetse jaana mo e leng gore fa e nna maitseboa ke ne ke sa lemoge le gore ke tsamaile dikilometara di feta 160 ka baesekele mo letsatsing leo!

Ka May 1947, go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha morago ga ntwa kwa Milan kwa Italy. Mme kwa go yone go ne go na le batho ba ba ka nnang 700 go akaretsa le bontsi jwa ba ba neng ba falola go bogisiwa ke Ba-Fascist. Kwa kopanong eo go ne ga direga sengwe se se sa tlwaelegang. Giuseppe Tubini yo ke neng ka mo naya bosupi kwa kampeng ya batshabi o ne a neela puo ya kolobetso—mme morago ga foo ene ka boene o ne a kolobediwa!

Kwa kopanong eo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go kopana le Mokaulengwe Nathan Knorr yo o tswang kwa Bethele ya Brooklyn. O ne a kgothatsa nna le Giuseppe gore re dirise matshelo a rona mo tirelong ya Modimo. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tla simolola tirelo ya nako e e tletseng mo lobakeng lwa kgwedi. Fa ke goroga kwa gae ke ne ka bolelela lelapa la gaetsho ka tshwetso e ke e dirileng, mme botlhe ba ne ba leka go nkgoba marapo ka tshwetso eo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla tswelela. Ka jalo, kgwedi morago ga foo ke ne ka simolola tirelo ya me kwa Bethele ya kwa Milan. Go ne go na le barongwa ba le banè ba ba neng ba direla koo: Giuseppe (Joseph) Romano le mosadi wa gagwe Angelina; Carlo Benanti le mosadi wa gagwe, Costanza. Wa botlhano e ne e le Giuseppe Tubini, yo o neng a sa tswa go goroga mme nna ke ne ke le wa borataro.

Morago ga kgwedi e le nngwe ke le kwa Bethele, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo—molebedi wa ntlha wa Motadiana mo nageng. Mokaulengwe George Fredianelli yo e neng e le morongwa wa ntlha go tla mo Italy a tswa kwa United States ka 1946, o ne a setse a le mo tirong ya go etela diphuthego. O ne a nthapisa dibeke di le mmalwa fela mme go tswa foo ke ne ka tswelela ka tiro eo ke le nosi. Ke gakologelwa sentle phuthego ya ntlha e ke neng ka e etela—phuthego ya Faenza. Akanya fela! Go tla go fitlha ka nako eo ke ne ke ise ke ko ke neele puo mo phuthegong! Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgothaletsa ba ba neng ba le teng, go akaretsa le basha ba le bantsi go akanyetsa tirelo ya nako e e tletseng. Moragonyana ga foo, bangwe ba basha bao ba ne ba newa maikarabelo a magolwane a go direla mo tshimong ya Sentadiana.

Ke ne ke simolotse botshelo jo bo itumedisang jwa go nna molebedi yo o etang. E ne e le botshelo jwa dikgakgamatso, diphetogo, dikgwetlho le boitumelo, le jo mo go jone ke neng ka bontshiwa lorato lo logolo ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang.

Seemo sa Bodumedi Kwa Italy Morago ga Ntwa

Mma ke go bolelele sengwe ka seemo sa bodumedi kwa Italy ka nako eo. Kereke ya Katoliki e ne e le yone fela e e neng e laola mo nageng. Le fa molaotheo o mosha o ne wa simolola go dira ka 1948, melao ya Ba-Fascist e e neng e thibela Basupi go rera ka kgololesego e ne ya fedisiwa ka 1956. Gantsi dikopano tsa potologo di ne di kgorelediwa ka ntlha ya kgatelelo e e tswang mo baruting. Mme ka dinako dingwe maiteko a baruti a ne a itaya sefololetse, e leng se se diregileng ka 1948 kwa Sulmona, torotswana nngwe e e mo bogareng jwa Italy.

Kopano eo e ne e tshwaretswe mo lefelong la bobogelo. Mo mosong wa Sontaga ke ne ke le modulasetulo mme Giuseppe Romano o ne a neela puo ya phatlalatsa. E re ka mo nakong eo palo ya baboledi mo nageng yotlhe e ne e sa fitlhe go 500, batho ba le 2 000 ba ba neng ba tlile kopanong eo e ne e le palo e e kwa godimo thata. Kwa bokhutlong jwa puo eo, lekawana lengwe le le neng le tlhotlhelediwa ke baruti ba babedi ba ba neng ba tlile kopanong, le ne la tlolela mo seraleng. E re ka a ikaeletse go tlhakatlhakanya dilo, o ne a goa ka lentswe le le kwa godimo. Ka yone nako eo, ke ne ka mo raya ka re: “Fa o batla go bua sengwe, hira holo mme o tla bua sengwe le sengwe se o se batlang.” Batho ba ba neng ba tlile kopanong ba ne ba sa kgatlhiwe ke se a neng a se dira, ka jalo ba ne ba hupetsa lentswe la gagwe ka mafoko a a bontshang gore ga ba kgatlhege. Ka ntlha ya seo, lekawana leo le ne la tlola go tswa mo seraleng mme la tlhanola direthe.

Mo malatsing ao go etela diphuthego e ne e le sengwe se se kgatlhang. Ka dinako dingwe ke ne ke tsamaya ka dinao go tswa mo phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe, ke tsamaya ka baesekele, ka dibese tse di onetseng tse di tletseng thata kgotsa ka terena. Dinako dingwe ke ne ke robala mo bonnong jwa diruiwa kgotsa mo ntlwaneng ya dithulusu. Ntwa e ne e sa tswa go fela ka jalo bontsi jwa Bantadiana ba ne ba humanegile. Go ne go na le bakaulengwe ba le mmalwa mme ba ne ba humanegile. Le fa maemo a ne a ntse jalo, botshelo jwa go direla Jehofa bo ne bo itumedisa tota.

Thapiso ya Kwa Gileade

Ka 1950, nna le Giuseppe Tubini re ne ra lalediwa go nna teng mo tlelaseng ya bo16 ya sekolo sa barongwa sa Gileade. Go tloga fela kwa tshimologong ke ne ka lemoga gore go tlile go nna thata gore ke ithute Seesemane. Ke ne ke leka go dira bojotlhe, mme e ne e le kgwetlho tota. Re ne re tshwanetse go bala Baebele yotlhe ka Seesemane. Gore ke fitlhelele seo, ka dinako dingwe ke ne ke sa ye dijong tsa motshegare gore ke ikatisetse go balela kwa godimo. Kgabagare ke ne ka nna le tshono ya go neela puo. Ke sa ntse ke gakologelwa kakgelo ya motlhatlheledi jaaka e kete o ne a e bua maabane, “O dira sentle tota fa go tliwa mo go itshikinyeng mmele le mo go bontsheng matlhagatlhaga, mme fela Seesemane sa gago ruri ga se tlhaloganyesege!” Go sa kgathalesege seo, ke ne ka kgona go wetsa khoso eo ka katlego. Morago ga foo, nna le Giuseppe re ne ra abelwa go ya go direla gape kwa Italy. Ka gonne re ne re na le thapiso eo e e oketsegileng, re ne ra kgona go direla bakaulengwe ba rona botoka.

Ka 1955, ke ne ka nyala Lidia, yo ke neng ka neela puo ya gagwe ya kolobetso dingwaga di le supa tse di fetileng. Rraagwe e bong Domenico, e ne e le mokaulengwe yo o rategang yo o neng a kgonne go thusa bana ba gagwe ba le supa go amogela boammaaruri, le fa a ne a bogisiwa ke puso ya Ba-Fascist a bo a isiwa botshwarwa dingwaga di le tharo. Lidia le ene o ne a lwela boammaaruri. O ne a isiwa kwa kgotlatshekelo ka makgetlho a le mararo pele ga re newa tshwanelo ya semolao ya go rera ka ntlo le ntlo. Fa re ne re setse re na le dingwaga di le thataro re nyalane re ne ra tshola morwaarona wa ntlha e bong Beniamino. Ka 1972, re ne ra nna le morwa yo mongwe e bong Marco. Ke itumelela gore boobabedi mmogo le malapa a bone ba direla Jehofa ka tlhoafalo.

Go Nna ke le Matlhagatlhaga mo Tirelong ya ga Jehofa

Mo botshelong jwa me jo bo itumedisang ke ntse ke direla ba bangwe, ke ile ka nna le maitemogelo a mantsi a a itumedisang. Ka sekai, mo masimologong a bo1980, mogwagadiake o ne a kwalela Sandro Pertini yo ka nako eo e neng e le poresidente ya Italy. Ka nako ya puso ya bobusaesi ya Ba-Fascist, boobabedi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Ventotene, kwa batho ba ba neng ba tsewa e le baba ba puso ba neng ba isiwa gone. Mogwagadiake o ne a kopa go botsolotsa poresidente mme maikaelelo a gagwe e le go mo neela bosupi. Fa a sena go letlelelwa go mmotsolotsa, ke ne ka tsamaya le ene mme re ne ra amogelwa ka diatla tsoopedi—sengwe se re neng re sa se tlwaela gotlhelele. Poresidente o ne a dumedisa mogwagadiake ka go mo tlamparela. Go tswa foo, re ne ra bua ka tumelo ya rona ra bo ra mo naya dikgatiso dingwe.

Ka 1991, morago ga dingwaga di le 44 ke le molebedi yo o etang, ke ne ka tlogela tiro ya go potologa, mme ka nako eo ke etetse diphuthego go ralala Italy yotlhe. Mo dingwageng di le nnè tse di latelang, ke ne ka nna molebedi wa Holo ya Dikopano go fitlha ke tshwanelwa ke go fokotsa tiro ya me ka ntlha ya bolwetse jo bo masisi. Le fa go ntse jalo, ke leboga Jehofa go bo a ile a mpontsha bopelonomi jo bo sa ntshwanelang ka gonne ke sa ntse ke le mo tirelong e e tletseng. Ke leka go dira sotlhe se nka se kgonang go rera le go ruta batho dikgang tse di molemo mme gone jaanong ke na le dithuto tsa Baebele tse ke di tshwarang. Bakaulengwe ba sa ntse ba re ke neela dipuo ka matlhagatlhaga. Ke leboga Jehofa go bo matlhagatlhaga a me a sa fela fa ke ntse ke gola.

Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha ke ne ke tshelela mo letshogong ke boifa loso, mme go nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele go ile ga nnaya tsholofelo ya mmatota ya botshelo jo bo sa khutleng, e leng se Jesu a neng a se bitsa botshelo “ka letlotlo.” (Joh. 10:10) Ke sone se ke lebileng pele kwa go sone—go tshela ka botlalo ke na le kagiso, polokesego le boitumelo le masego a mantsi a a tswang kwa go Jehofa. A tlotlo yotlhe e ye kwa go Mmopi wa rona yo o lorato, yo re nang le tshiamelo ya go bidiwa ka leina la gagwe.—Pes. 83:18.

[Mmapa mo go tsebe 22, 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SWITZERLAND

BERN

Zurich

Arbon

Steinach

ITALY

ROMA

Como

Milan

Noka ya Adda

Castione Andevenno

Faenza

Sulmona

Ventotene

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mo tseleng ya go ya kwa Gileade

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke na le Giuseppe kwa Gileade

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Letsatsi la lenyalo la rona

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mosadi wa me yo o rategang o ntse a nkeme nokeng ka dingwaga di le 55