Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Internet ka Botlhale

Dirisa Internet ka Botlhale

Dirisa Internet ka Botlhale

MO MAKGOLOKGOLONG a dingwaga a a fetileng, go dirwa ga metšhini ya go gatisa go ne ga fetola tsela e batho ba tlotlang ka yone. Go tlhamiwa ga Internet mo motlheng ono go ne ga tshwantshanngwa le seo. Sediriswa seno se se mosola se ile sa bidiwa sediriswa sa lefatshe lotlhe sa go golagana, mme go a tshwanela gore se bidiwe jalo. Fa o dirisa Internet, o tla fitlhela dintlha, dipalopalo le maikutlo a batho ba bangwe ka dikgang tse dintsi tse di farologaneng.

Bokgoni jwa go buisana ke mpho e e molemolemo e e tswang kwa Mmoping wa rona. E re thusa gore re kgone go tlotla le batho ba bangwe ka tshedimosetso nngwe. Jehofa e ne e le ene wa ntlha go buisana le batho, a ba neela tshedimosetso e e utlwalang sentle ya kafa ba ka tshelang botshelo jo bo nang le bokao ka teng. (Gen. 1:28-30) Le fa go ntse jalo, fela jaaka re bone ka se se neng sa direga mo tshimologong ya hisitori ya batho, mpho eno ya go buisana e ka dirisiwa ka tsela e e sa siamang. Satane o ne a bolelela Efa maaka a matala. Efa o ne a reetsa se a neng a se bua a bo a se bolelela Adame, yo o neng a tlisetsa batho botlhe masetlapelo.—Gen. 3:1-6; Bar. 5:12.

Go ka tweng ka go dirisa Internet? Le fa Internet e ka re naya tshedimosetso e e botlhokwa, ya re bolokela nako, ya bo ya re tswela mosola, gape e ka re naya tshedimosetso ya maaka, ya re jela nako e ntsi ya bo ya senya boitsholo jwa rona. Mma re sekasekeng kafa re ka dirisang sedirisiwa seno sa lefatshe lotlhe ka teng gore se re solegele molemo.

A Tshedimosetso ya Yone e ka Ikanngwa Kgotsa Nnyaa?

Le ka motlha o se ka wa tsaya gore tshedimosetso yotlhe e e fitlhelwang mo Internet e molemo e bile e mosola. Mafelo a a thusang go batla tshedimosetso mo Internet a ka tshwantshiwa le setlhopha sa batho ba ba dirang ka natla go kgetla mefuta yotlhe ya mabowa (mushroom)—a a jewang le dithuthuntshwane (poisonous mushroom)—ba a tsenya otlhe mo sejaneng se le sengwe ba bo ba re tsholela one gore re a je. A o ne o tla a ja pele ga o sekaseka lengwe le lengwe la one? Le e seng! Mafelo a a thusang go batla tshedimosetso mo Internet a tlhopha tshedimosetso go tswa mo ditsebeng tse di dibilionebilione tse di mo di-website, tse di nang le sengwe le sengwe go tswa mo go se se molemolemo go ya go se se bosulasula. Re tlhoka temogo gore re kgone go farologanya korong le mofero, go seng jalo re a bo re tsenya botlhole mo megopolong ya rona ka tshedimosetso e e seng yone.

Ka 1993, makasine mongwe o o itsegeng thata o ne o toroilwe dintša tse pedi di ntse fa pele ga khomputara. Ntša e nngwe e ne ya raya e nngwe ya re: “Mo Internet, ga go na ope yo o itseng gore o ntša.” Bogologolo tala Satane o ne a itira se a seng sone ka go simolola go tlotla le Efa a dirisa noga a bo a mmolelela gore a ka tshwana le Modimo. Gompieno mongwe le mongwe yo o kgonang go tsena mo Internet a ka itira mankge wa kgang nngwe, a itira e kete o a itse, e bile a sa bue leina la gagwe. Mme ga go na melao e e tlhomilweng ya gore ke mang yo o ka anamisang tshedimosetso, ditshwantsho kgotsa dikakantsho tse di rileng.

O se ka wa dumela sengwe le sengwe jaaka Efa. Nna kelotlhoko mme o sekaseke tshedimosetso e o e amogelang mo Internet. Pele ga o ka e dumela, botsa jaana: (1) Ke mang yo o tsentseng tshedimosetso eno? A mokwadi wa yone ke mongwe yo o ka mo ikanyang? (2) Ke eng fa tshedimosetso eno e kwadilwe? Mokwadi wa yone o tlhotlheleditswe ke eng? A o buelela dikgopolo tsa gagwe e bile o a tlhaola? (3) O bone kae tshedimosetso eo? A o tlhalosa gore o bone kae tshedimosetso eo gore batho ba kgone go e sekaseka? (4) A tshedimosetso eo e mo nakong? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a naya Timotheo kgakololo e e sa ntseng e le mosola le gompieno. Paulo o ne a kwala jaana: “Disa se o se neilweng gore o se tlhokomele, o furalela dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo le dikganetso tsa se se bidiwang ‘kitso’ mme e se yone.”—1 Tim. 6:20.

A e Boloka Nako Kgotsa E a E Senya?

Fa re dirisa Internet ka botlhale, ruri e ka re bolokela nako, maatla le madi. Re ka kgona go reka sengwe motlhofo fela, re ntse re le kwa gae. Go batla ditlhwatlhwa tse di kwa tlase go ka re thusa go boloka madi. Batho ba le bantsi ba duela dikoloto, ba romela madi kwa diakhaontong tse dingwe le go dira dilo tse dingwe tse di jaaka tseo ba le kwa gae, go na le gore ba ye kwa bankeng. Internet e ka re thusa go rulaganya loeto le go reka dithekete tsa loeto loo. Gape go motlhofo go batla dinomoro tsa founo, diaterese le tsela e o tshwanetseng go e tsaya fa o batla go ya felo gongwe. Diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara, di dirisa bontsi jwa ditirelo tseno go boloka nako le madi le go fokotsa batho ba ba ka thapelwang tiro e e rileng.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go akanyetsa dikotsi tse Internet e nang le tsone. Nngwe ya tsone e amana le kafa Internet e ka re jelang nako ka teng. Mo go ba bangwe, Internet ke sengwe se ba ka tshamekang ka sone go na le gore e nne sedirisiwa se se mosola. Ba senya nako e ntsi ba tshameka, ba reka, ba tlotla, ba romelelana melaetsa ka e-mail, ba batla dilo dingwe e bile ba fenyenkolola Internet. Kgabagare, ba ka simolola go itlhokomolosa dilo tse di botlhokwa thata tse di akaretsang lelapa, ditsala le phuthego. Internet e ka nna ya bo ya re dira makgoba a yone. Ka sekai, lokwalopaka longwe lo lo kwadilweng ka 2010, lo ne lwa fopholetsa gore diperesente di le 18,4 tsa basha ba Bakorea ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome, ke makgoba a Internet. Babatlisisi ba kwa Jeremane ba ne ba re, “palo ya basadi ba ba ngongoregang ka gore balekane ba bone ke makgoba a Internet e ntse e oketsega.” Mosadi mongwe o ne a ngongorega ka gore fa e sa le monna wa gagwe e nna lekgoba la Internet, o fetogile thata mme seo se thubile lenyalo la bone.

Ofisi nngwe ya lekala la Basupi ba ga Jehofa e amogetse lekwalo le le tswang kwa mothong yo o ipitsang lekgoba la Internet. Ka dinako dingwe motho yono o ne a fetsa diura di le lesome ka letsatsi a dirisa Internet. Morago ga go bolela go re, “kwa tshimologong go ne go bonala e kete ke sengwe se se se nang molato,” o ne a oketsa jaana: “Fa nako e ntse e ya, ke ne ke sa tlhole ke ya dipokanong ka metlha mme ka kgaotsa go rapela.” Fa a ya dipokanong o ne a sa baakanyetse mme mogopolo wa gagwe o ne o le kwa gae, a fela pelo gore “o tla dirisa leng Internet gape.” Se se itumedisang ke gore o ne a lemoga bomasisi jwa bothata jwa gagwe mme a tsaya dikgato tse di tshwanetseng go baakanya dilo. A le ka motlha re se ka ra itetla go nna makgoba a Internet.

A Tshedimosetso ya Yone e Mosola Kgotsa Nnyaa?

Re bala jaana mo go 1 Bathesalonika 5:21, 22: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo. Ithibeng mo boikepong jwa mofuta mongwe le mongwe.” Re tshwanetse go tlhomamisa gore a tshedimosetso e re e bonang mo Internet e a amogelesega mo Modimong le gore a e fitlhelela melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. E tshwanetse ya bo e le ya boitsholo jo bo siameng e bile e tshwanela Mokeresete. Ditshwantsho tse di hepisang tsa Internet di setse di aname fela thata, mme fa re se kelotlhoko go ka nna motlhofo gore re wele mo seraing sa tsone.

Go botlhale gore re ipotse jaana: ‘A se ke se lebileng ke sengwe se nka se fitlhang ka bonako fa molekane wa me, batsadi ba me, kgotsa bakaulengwe ba tsena mo phaposing?’ Fa o araba ka gore ee, go tla bo go le molemo gore o dirise Internet fela fa batho ba bangwe ba le gone. Ruri Internet e fetotse tsela e re tlotlang ka yone le e re rekang dilo ka yone. Mo godimo ga moo, e dirile gore go nne le tsela e ntšha e re ka ‘dirang boaka mo pelong ka yone.’—Math. 5:27, 28.

A ke Romele Kgotsa Nnyaa?

Go dirisa Internet go akaretsa go bona tshedimosetso le go e romelela ba bangwe. Le fa re kgona go amogela tshedimosetso le go e fetisa, gape re na le maikarabelo a go tlhomamisa gore a tshedimosetso eo e boammaaruri le gore ga se ya boitsholo jo bo sa siamang. A re ka tlhomamisa gore se re se kwalang kgotsa se re se romelelang ba bangwe se boammaaruri? A re na le tetla ya go romelela ba bangwe tshedimosetso eo? * A e mosola e bile e a aga? Maitlhomo a gore re e romelele ba bangwe ke afe? A re dira jalo fela gore re kgatlhe batho ba bangwe?

Fa e-mail e dirisiwa sentle, e ka nna selo se se molemo. Mme gape e ka re kgobelela ka tshedimosetso. A re kgobelela ba bangwe ka tshedimosetso ya dikgang tsa bosheng kgotsa ka dikgang tse di seng botlhokwa tse di romelelwang batho ba bantsintsi, gongwe re ba senyetsa nako ya dilo tsa botlhokwa? A ga re a tshwanela go sekaseka maitlhomo a rona pele ga re romela molaetsa? Tota re batla go fitlhelela eng? Batho ba ne ba kwalelana makwalo gore ba bolelele ba malapa a bone le ditsala ka maitemogelo a bone, le go ba tlotlela ka se se diregang mo botshelong jwa bone. A di-e-mail tse re di romelelang ba bangwe le tsone ga di a tshwanela go nna jalo? Ke eng fa re romelela ba bangwe sengwe se re ka se tlhomamiseng boammaaruri jwa sone?

Ka jalo, re tshwanetse go dira eng malebana le Internet? Re e tlogele gotlhelele? Ka dinako dingwe re ka tshwanelwa ke go dira jalo. Motho yo e neng e le lekgoba la Internet yo o umakilweng pelenyana o ne a tshwanelwa ke go dira jalo gore a fenye bothata joo jo bo tsereng dingwaga di le dintsi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go dirisa Internet go ka re solegela molemo fa fela re letla gore ‘bokgoni jwa rona jwa go akanya bo nne bo re lebeletse le gore temogo e re dibele.’—Dia. 2:10, 11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go ka buiwa jalo le ka dinepe. Le fa re ka tsaya ba bangwe dinepe gore re di dirise, ga re na tshwanelo ya go di anamisa kgotsa go bolelela ba bangwe maina a batho ba ba leng mo dinepeng tseo le gore ba nna kae.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

O ka tlhomamisega jang gore tshedimosetso e o e amogelang e boammaaruri?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

O tshwanetse go akanyetsa eng pele ga o romela molaetsa?