Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latelela Kagiso

Latelela Kagiso

Latelela Kagiso

“A re lateleleng dilo tse di isang kagisong.”—BAR. 14:19.

1, 2. Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba tshela mmogo ka kagiso?

GA GO motlhofo go bona kagiso ya boammaaruri mo lefatsheng la gompieno. Tota le batho ba setšhaba se le sengwe ba ba buang puo e e tshwanang, gantsi ba aroganngwa ke bodumedi, dipolotiki le ke maemo a bone mo setšhabeng. Go farologana le bone, batho ba Modimo bone ba seoposengwe go sa kgathalesege gore ba tswa “mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.”—Tshen. 7:9.

2 Ga go itiragalele fela gore re bo re tshela mmogo ka kagiso. Selo sa konokono se se dirileng gore re nne le kagiso eno ke ka go bo re ‘ipelela kagiso le Modimo’ ka ntlha ya tumelo e re nang le yone mo go Morwawe, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a bipang maleo a rona. (Bar. 5:1; Baef. 1:7) Mo godimo ga moo, Modimo wa boammaaruri o naya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang moya o o boitshepo, mme dinonofo tse moya oo o di tlhagisang di akaretsa kagiso. (Bagal. 5:22) Lebaka le lengwe le le dirang gore re nne le kagiso le kutlwano ke ka go bo re se “karolo ya lefatshe.” (Joh. 15:19) Ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa dipolotiki. E re ka re ‘thudile ditšhaka tsa rona ra di dira magale a megoma,’ ga re nne le seabe mo dintweng tsa selegae le tsa lefatshe.—Isa. 2:4.

3. Kagiso e re ka nnang le yone e dira gore re kgone go dira eng, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Kagiso e re ka e ipelelang ga se fela go ithiba gore re se ka ra gobatsa bakaulengwe ba rona. Le fa phuthego e re kopanelang le yone ya Basupi ba ga Jehofa e ka tswa e na le batho ba ba tswang mo ditsong tse dintsi tse di farologaneng, re a ‘ratana.’ (Joh. 15:17) Kagiso e re nang le yone e dira gore re dire “se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagal. 6:10) Paradaise ya rona ya semoya e e nang le kagiso ke sengwe se re tshwanetseng go se anaanela le go se ngomaela. Ka jalo, mma re sekasekeng kafa re ka latelelang kagiso ka gone mo phuthegong.

Fa re Kgotšwa

4. Re ka dira eng go latelela kagiso fa re kgopisitse mongwe?

4 Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi. Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng.” (Jak. 3:2) Ka jalo, go tla nna go tsoga dikgotlhang le go sa tlhaloganyane fa gare ga badumedimmogo. (Bafil. 4:2, 3) Le fa go ntse jalo, mathata a re ka nnang le one le ba bangwe a ka rarabololwa go sa kgorelediwe kagiso ya phuthego. Ka sekai, akanya ka kgakololo e re tshwanetseng go e dirisa fa re lemoga gore re ka tswa re kgopisitse mongwe.—Bala Mathaio 5:23, 24.

5. Re ka latelela jang kagiso fa mongwe a re diretse phoso?

5 Go tweng fa mongwe a re diretse phoso e e sa reng sepe? A re tshwanetse go lebelela gore modiraphoso a tle kwa go rona go ikopa maitshwarelo? 1 Bakorintha 13:5 ya re: “[Lorato] ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” Fa re kgopisitswe, re tla latelela kagiso ka go itshwarela re bo re lebala, ke gore, ka go se ‘nnele go gopola kutlwisobotlhoko.’ (Bala Bakolosa 3:13.) Go molemo go rarabolola diphoso tse dinnye tsa letsatsi le letsatsi ka tsela eno, ka gonne seno se dira gore re nne le kamano e e molemo le badumedimmogo le rona le kagiso ya mogopolo. Seane se se botlhale sa re: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.”—Dia. 19:11.

6. Re tshwanetse go dira eng fa e le gore ga go motlhofo go itlhokomolosa phoso e mongwe a re diretseng yone?

6 Go tweng fa re fitlhela gore ga go motlhofo go itlhokomolosa phoso nngwe? Go anamisa kgang eo ruri ga se tsela e e botlhale. Tshebo e e ntseng jalo e tla senya kagiso ya phuthego. Go tshwanetse ga dirwa eng gore kgang eo e rarabololwe ka kagiso? Mathaio 18:15 ya re: “Fa morwarrago a leofa, tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi. Fa a go reetsa, o gapile morwarrago.” Le fa Mathaio 18:15-17 e dira mo maleong a a masisi, fa re dirisa molaomotheo o o mo temaneng ya 15, re tshwanetse gore ka bopelonomi re atamele motho yo o re diretseng phoso a le nosi mme re leke go dira gore re boe re nne le kagiso le ene. *

7. Ke eng fa re tshwanetse go nna bonako go rarabolola dikgotlhang?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baef. 4:26, 27) Jesu le ene o ne a re: “Nna bofefo go rarabolola dikgang le yo o ngongoregang ka wena kafa molaong.” (Math. 5:25) Ka jalo, go latelela kagiso go raya gore re rarabolole mathata ka bonako. Ka ntlha yang? Ka gonne go dira jalo go dira gore dikgotlhang di se ka tsa kekela jaaka ntho e e tshwaeditsweng e e sa foleng. A re se letleng boikgogomoso, lefufa kgotsa go rata dithoto thata go re kgoreletsa go rarabolola dikgotlhang ka bonako.—Jak. 4:1-6.

Fa Kgang e Ama Batho ba le Bantsi

8, 9. (a) Batho ba mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Roma ba ne ba leba dilo ka tsela efe e e sa tshwaneng? (b) Paulo o ne a naya Bakeresete ba kwa Roma kgakololo efe malebana le kgotlhang ya bone?

8 Ka dinako dingwe dikgotlhang mo phuthegong ga di akaretse batho ba babedi fela. Go ne go ntse jalo ka Bakeresete ba kwa Roma ba moaposetoloi Paulo a neng a ba kwalela lekwalo le le tlhotlheleditsweng. Go ne go na le kgotlhang magareng ga Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba. Go bonala bangwe mo phuthegong eo ba ne ba nyatsa batho ba ba nang le digakolodi tse di bokoa kgotsa tse di ba ganetsang go dira dilo tse dintsi. Batho bao ba ne ba atlhola ba bangwe ka dikgang tsa botho go sa tshwanela. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e naya phuthego eo?—Bar. 14:1-6.

9 Paulo o ne a naya batho bao ba ba nang le digakolodi tse di bokoa le ba ba se nang digakolodi tse di bokoa kgakololo. O ne a bolelela ba ba neng ba tlhaloganya gore ga ba tlhole ba le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe gore ba se ka ba nyatsa bakaulengwe ba bone. (Bar. 14:2, 10) Mokgwa o o ntseng jalo o ka kgopisa badumedi ba ba sa ntseng ba tsaya go ja dilo tse di neng di ilediwa ke Molao e le selo se se makgapha. Paulo o ne a ba tlhagisa jaana: “Tlogelang go rutlolola tiro ya Modimo fela ka ntlha ya dijo . . . Go molemo gore o se ka wa ja nama kgotsa wa nwa beine kgotsa wa dira sepe fela se se kgopisang mokaulengwe wa gago.” (Bar. 14:14, 15, 20, 21) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba digakolodi tsa bone di neng di sa ba letle go dira dilo tse dintsi gore ba se ka ba atlhola batho ba ba nang le mogopolo o o bulegileng, ba ba tsaya e le batho ba ba sa ikanyegeng. (Bar. 14:13) O ne a raya ‘mongwe le mongwe mo go bone gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.’ (Bar. 12:3) Paulo o ne a kwala jaana morago ga go kgalema batho bano botlhe ba ba nang le dikgotlhang ka gore: “Ka jalo, a re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.”—Bar. 14:19.

10. Fela jaaka go ne go ntse mo phuthegong ya kwa Roma ya lekgolo la ntlha la dingwaga, ke eng se gompieno se tlhokegang go rarabolola dikgotlhang?

10 Re ka tlhomamisega gore phuthego ya kwa Roma e ne ya reetsa kgakololo ya ga Paulo mme ya dira diphetogo tse di tlhokegang. Fa gompieno go tlhaga dikgotlhang mo Bakereseteng mmogo le rona, a le rona ga re a tshwanela go rarabolola dikgotlhang tseo ka bopelonomi ka go ikokobetsa fa re batla kgakololo ya Dikwalo le go e dirisa? Fela jaaka go ne go ntse ka Baroma, gompieno batho ba ba leng mo matlhakoreng oomabedi a kgang ba ka tlhoka gore ba dire diphetogo gore ba “boloke kagiso mo gare ga [bone].”—Mar. 9:50.

Fa ba Kopiwa go Tla go Thusa

11. Mogolwane o tshwanetse go ela tlhoko eng fa Mokeresete a batla go bua le ene ka kgotlhang nngwe e a nang le yone le modumedimmogo le ene?

11 Go tweng fa Mokeresete a batla go bua le mogolwane mongwe ka bothata jo a nang le jone le mongwe wa losika kgotsa modumedimmogo le ene? Diane 21:13 ya re: “Fa e le ope fela yo o thibang tsebe ya gagwe gore e se ka ya utlwa go goa ka go ngongorega ga motho wa maemo a a kwa tlase, le ene o tla bitsa mme ga a na go arabiwa.” Ruri mogolwane ga a kitla a ‘thiba tsebe ya gagwe go utlwa.’ Le fa go ntse jalo, seane se sengwe se tlhagisa jaana: “Wa ntlha go bolela kgetsi ya gagwe o lebega a siame, go fitlha moganetsi wa gagwe a simolola go mmotsolotsa.” (Dia. 18:17, New English Translation) Mogolwane o tshwanetse go reetsa ka bopelonomi mme gone o tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a tsaya letlhakore la motho yo o begang kgotlhang. Morago ga go reetsa kgang eo, mogolwane a ka nna a botsa gore a motho yo o diretsweng phoso o buile le motho yo o mo kgopisitseng. Mogolwane a ka nna gape a gopotsa yo o diretsweng phoso dikgato tsa Dikwalo tse a ka di tsayang go latelela kagiso.

12. Umaka dikao tse di bontshang kotsi ya go dira dilo ka lepotlapotla morago ga go reetsa ngongorego ya mongwe.

12 Dikao tse tharo tsa Baebele di gatelela kotsi ya go dira dilo ka lepotlapotla morago ga go utlwa letlhakore le le lengwe fela la kgang. Potifaro o ne a dumela kgang ya mosadi wa gagwe ya gore Josefa o ne a leka go mmetelela. Potifaro o ne a galefa go sa tshwanela mme a dira gore Josefa a tsenngwe kwa kgolegelong. (Gen. 39:19, 20) Kgosi Dafide o ne a dumela Siba yo o neng a re mong wa gagwe e bong Mefiboshethe, o ne a tsere letlhakore la baba ba ga Dafide. Dafide o ne a araba jaana ka bonako: “Bona! Sengwe le sengwe se e leng sa ga Mefiboshethe ke sa gago.” (2 Sam. 16:4; 19:25-27) Kgosi Aretaserese o ne a bolelelwa gore Bajuda ba ne ba tsosolosa dipota tsa Jerusalema mme ba ne ba tla tloga ba tsuologela Puso ya Peresia. Kgosi eo e ne ya dumela pego eo ya maaka mme ya laela gore tiro yotlhe ya go aga kwa Jerusalema e kgaotse. Ka ntlha ya seo, Bajuda ba ne ba emisa tiro ya go aga tempele ya Modimo. (Esera 4:11-13, 23, 24) Bagolwane ba Bakeresete ba bontsha botlhale ka go dirisa kgakololo e Paulo a neng a e naya Timotheo ya go tila go itlhaganelela go atlhola.—Bala 1 Timotheo 5:21.

13, 14. (a) Rotlhe re tshwanetse go lemoga eng malebana le dikgotlhang tsa batho ba bangwe? (b) Ke eng se se ka thusang bagolwane go atlhola badumedimmogo le bone ka tsela e e siameng?

13 Tota le fa go bonala e kete batho boobabedi ba ba nang le kgotlhang ba itse ka kgang eo, go botlhokwa go lemoga gore “fa mongwe a akanya gore o bapetse kitso kaga sengwe, ga a ise a se itse fela jaaka a tshwanetse go se itse.” (1 Bakor. 8:2) A tota re itse dintlha tsotlhe tse di bakileng kgotlhang? A ruri re tlhaloganya ka botlalo tsela e batho ba ba amegang ba godisitsweng ka yone? Fa bagolwane ba tshwanelwa ke go atlhola kgang nngwe, ruri go botlhokwa gore ba se ka ba itetla go tsiediwa ke maaka, ke maano a a botlhajana kgotsa magatwe! Moatlhodi yo Modimo a mo tlhomileng, e bong Jesu Keresete, o atlhola ka tshiamo. Ga a atlhole “go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe.” (Isa. 11:3, 4) Go na le moo, Jesu o kaelwa ke moya wa ga Jehofa. Bagolwane ba Bakeresete le bone ba solegelwa molemo ke go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.

14 Pele ga bagolwane ba atlhola badumedimmogo le bone, ba tshwanetse go rapelela moya wa ga Jehofa mme ba ikaege ka kaelo ya one ka go leba Lefoko la Modimo le dikgatiso tse dingwe tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.—Math. 24:45.

A re Tshwanetse go Letlelela Sengwe le Sengwe Gore go Nne le Kagiso?

15. Ke leng re tshwanetseng go bega boleo jo bo masisi jo re bo lemogileng?

15 Rona Bakeresete re kgothalediwa gore re latelele kagiso. Le fa go ntse jalo, Baebele gape ya re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso.” (Jak. 3:17) Go dira kagiso go tla morago ga go itsheka, ke gore, go tlotlomatsa melao ya Modimo e e phepa ya boitsholo le go tshela ka ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng. Fa Mokeresete a lemoga gore modumedimmogo le ene o dirile boleo jo bo masisi, o tshwanetse go mo kgothaletsa gore a bege boleo joo kwa bagolwaneng. (1 Bakor. 6:9, 10; Jak. 5:14-16) Fa modiraphoso a sa dire jalo, Mokeresete yo o lemogileng boleo jo a bo dirileng o tshwanetse go bo bega. Fa a sa bo bege ka ntlha ya maiteko a a phoso a go dira kagiso le moleofi, seo se dira gore le ene a nne le seabe mo boleong joo.—Lefi. 5:1; bala Diane 29:24.

16. Re ka ithuta eng mo go se se diragetseng fa Jehu a ne a kopana le Kgosi Jehorame?

16 Pego nngwe e e amang Jehu e bontsha gore tshiamo ya Modimo e tshwanetse go tla pele ga go dira kagiso. Modimo o ne a romela Jehu gore a diragatse katlholo ya Gagwe mo ntlong ya ga Kgosi Ahabe. Kgosi Jehorame yo o boikepo, morwa wa ga Ahabe le Jesebele, o ne a palame kara ya gagwe a ya go kopana le Jehu mme a mo raya a re: “A go na le kagiso, Jehu?” Jehu o ne a mo araba jang? O ne a re: “Go ka nna le kagiso efe fa fela go sa ntse go na le dikgokafalo tsa ga Jesebele mmago le boloi jwa gagwe jo bontsi?” (2 Dikg. 9:22) Go tswa foo, Jehu o ne a ntsha bora a bo a hula Jehorame mo pelong. Fela jaaka Jehu a ile a tsaya kgato, bagolwane ga ba a tshwanela go dira tumalano le batho ba ba leofang ka boomo ba sa ikwatlhaye, e le fela gore ba boloke kagiso. Ba tlosa baleofi ba ba sa ikwatlhayeng mo phuthegong gore phuthego e kgone go tswelela e na le kagiso le Modimo.—1 Bakor. 5:1, 2, 11-13.

17. Bakeresete botlhe ba na le seabe sefe mo go lateleleng kagiso?

17 Bontsi jwa dikgotlhang tse di nnang gone magareng ga bakaulengwe ga di masisi mo di ka tlhokang go tseelwa kgato ke komiti ya boatlhodi. Ka jalo, ruri go tla bo go le molemo go bipa diphoso tsa ba bangwe ka lorato. Lefoko la Modimo la re: “Yo o bipang tlolo o batla lorato, mme yo o nnelang go bua ka kgang o kgaoganya ba ba itsaneng.” (Dia. 17:9) Go dirisa mafoko ano go tla re thusa gore rotlhe re boloke kagiso mo phuthegong le gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa.—Math. 6:14, 15.

Go Latelela Kagiso go Lere Masego

18, 19. Go latelela kagiso go lere melemo efe?

18 Fa re latelela “dilo tse di isang kagisong” re tla bona masego a mantsi. Fa re ntse re etsa ditsela tsa ga Jehofa, re ipelela kamano e e gaufi le ene, mme re dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo paradaiseng ya rona ya semoya. Go latelela kagiso mo phuthegong gape go re thusa go bona ditsela tse ka tsone re ka latelelang kagiso le batho ba re ba rerelang “dikgang tse di molemo tsa kagiso.” (Baef. 6:15) Re tla bo re iketleeleditse go ‘nna bonolo mo go botlhe, re nna re ithibile mo bosuleng.’—2 Tim. 2:24.

19 Gape gakologelwa gore go tla nna le “tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Fa tsholofelo eo e diragadiwa mo lefatsheng, dimilionemilione tsa batho ba mefuta e e farologaneng le ba botho jo bo sa tshwaneng ba tla tsosiwa—mme go tla tsosiwa batho ba ba suleng go tloga ka nako eo go boela morago kwa nakong ya fa ‘go thaiwa lefatshe.’ (Luke 11:50, 51) Go ruta batho ba ba tla bong ba tsositswe ditsela tsa kagiso e tla bo e le tshiamelo e kgolo tota. A bo thapiso e re e amogelang gone jaanong ya go nna badirakagiso e tla re thusa jang ne ka nako eo!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona kaelo ya Dikwalo malebana le tsela ya go rarabolola maleo a a masisi a a jaaka go senya motho leina le tsietso, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1999, tsebe 17-22.

O Ithutile Eng?

• Re ka latelela jang kagiso fa re kgopisitse mongwe?

• Re tshwanetse go dira eng go latelela kagiso fa mongwe a re diretse phoso?

• Ke eng fa go se botlhale go tsaya letlhakore mo dikgotlhannyeng tsa ba bangwe?

• Tlhalosa lebaka la go bo re sa tshwanela go letlelela sengwe le sengwe gore go nne le kagiso.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Jehofa o rata ba ba itshwarelang ba bangwe ba gololesegile