Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bala Baebele go Nnonotshitse mo Botshelong Jotlhe

Go Bala Baebele go Nnonotshitse mo Botshelong Jotlhe

Go Bala Baebele go Nnonotshitse mo Botshelong Jotlhe

Jaaka go boletse Marceau Leroy

KE NE ka simolola go bala mafoko a a reng, “mo tshimologong Modimo o bopile legodimo le lefatshe,” ke le mo sephiring mo phaposing ya me. Ke eng fa ke ne ke balela mo sephiring? Ga go ka tsela e rre, yo e neng e le molatolamodimo, a neng a ka letlelela ka yone buka e ke neng ke e tshotse—Baebele.

Ke ne ke ise ke ko ke bale Baebele mme mafoko ao a a simololang buka ya Genesise a ne a ntshikinya maikutlo. Ke ne ka lemoga gore, ‘Jaanong ke bone tlhaloso ya go dumalana ga melao ya tlholego e e sa bolong go nkgakgamatsa!’ E re ka ke ne ke kgatlhegile tota, ke ne ka e bala go simolola ka ura ya borobedi bosigo go fitlha ka ura ya bonè mo mosong. Ke gone kafa ke simolotseng mokgwa wa go bala Lefoko la Modimo o ke neng ke tla tswelela ka one botshelo jwa me jotlhe. Mma ke tlhalose kafa go bala Baebele go nnonotshitseng ka gone botshelo jwa me jotlhe.

“O Tla Tshwanelwa Ke go E Bala Letsatsi le Letsatsi”

Ke tshotswe ka 1926 kwa Vermelles, motse o o neng o na le moepo wa malatlha, kwa bokone jwa Fora. Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, malatlha e ne e le sengwe se se botlhokwa thata mo setšhabeng. Ka jalo, e re ka ke ne ke bereka kwa moepong, ke ne ke sa patelesege go ya bosoleng. Le fa go ntse jalo, gore ke tshele botshelo jo bo botoka, ke ne ka simolola go ithutela tlhaeletsano ya radio le motlakase tse di neng tsa ntlhomamisetsa boammaaruri jwa gore melao ya tlholego e a dumalana. Fa ke ne ke le dingwaga di le 21, moithutimmogo le nna o ne a nnaya Baebele ya me ya ntlha a re, “Ke buka e e mosola e o ka e balang.” Fa ke fetsa go e bala, ke ne ke tlhatswegile pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le senoletsweng batho.

E re ka ke ne ke akanya gore baagelani ba me le bone ba ka kgatlhegela go bala Baebele, ke ne ka ba tlela Dibaebele di le robedi. Ke ne ka gakgamala fa ba ne ba ntshotla e bile ba nna kgatlhanong le nna. Ba losika ba ba neng ba dumela mo tumelabotlhoding ba ne ba ntlhagisa jaana: “Fa o ka simolola go bala buka eno, o tla tshwanelwa ke go e bala letsatsi le letsatsi!” Ke ne ka e bala mme ga ke ise ke ikwatlhaele go dira jalo. E ne ya nna sengwe se ke neng ka tlwaela go se dira mo botshelong jwa me jotlhe.

Ka gonne bangwe ba baagelani ba me ba ne ba lemoga gore ke kgatlhegela go bala Baebele, ba ne ba nnaya dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Dibukana tse di jaaka One World, One Government * (e e bontshitsweng ka Sefora) di ne di tlhalosa mabaka a go bo Baebele e re Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya batho. (Math. 6:10) Ke ne ke ititeile sehuba le go feta go bolelela ba bangwe ka tsholofelo eno.

Mongwe wa batho ba ntlha ba ba ileng ba amogela Baebele go tswa mo go nna e ne e le Noël, yo e neng e le tsala ya me fa ke sa ntse ke le monnye. E re ka e ne e le Mokatoliki, o ne a rulaganya gore re kopane le monna mongwe yo o neng a ithutela go nna moruti. Ke ne ke ikutlwa ke mmoifa, le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore Pesalema 115:4-8 le Mathaio 23:9,10 tsa re Modimo ga a amogele go dirisiwa ga medingwana mo kobamelong le go bitsa baruti ka direto tsa bodumedi. Seno se ne sa nnaya bopelokgale jwa go femela tumelo ya me e ntšha. Ka ntlha ya seo, Noël o ne a amogela boammaaruri, mme le go fitlha jaanong e sa ntse e le Mosupi yo o ikanyegang.

Gape ke ne ka etela kgaitsadiake. Monna wa gagwe o ne a na le dibuka tsa tirisabadimo, e bile o ne a tshwenngwa ke madimona. Le fa kwa tshimologong ke ne ke akanya gore nka se kgone go mo thusa, ditemana tsa Baebele tse di jaaka Bahebera 1:14 di ne tsa ntlhatswa pelo gore ke na le kemonokeng ya baengele ba ga Jehofa. Fa monna wa kgaitsadiake a ne a dirisa melaometheo e e mo Baebeleng le go latlha sengwe le sengwe se se amanang le boloi, o ne a kgona go fenya go laolwa ke madimona. Ene le kgaitsadiake ba ne ba nna Basupi ba ba tlhagafetseng.

Ka 1947, Mosupi wa kwa Amerika e bong Arthur Emiot, o ne a tla kwa ke neng ke nna gone. Ke ne ka mmotsa ke itumetse gore Basupi ba kopanela kae. O ne a mpolelela gore go na le setlhopha sa Basupi kwa Liévin, e e leng bokgakala jwa dikilometara di le lesome. Ka nako eo, tota le go nna le baesekele go ne go se motlhofo, ka jalo dikgwedi di le mmalwa ke ne ke tsamaya ka maoto go ya dipokanong le go boa. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe dingwaga di le robedi kwa Fora. Go ne go na le Basupi ba le 2 380 fela mo nageng yotlhe—bontsi jwa bone e le bafaladi ba kwa Poland. Mme ka September 1, 1947, tiro ya rona kwa Fora e ne ya amogelwa semolao gape. Ofisi ya lekala e ne ya tlhomiwa gape kwa Paris kwa Villa Guibert. E re ka go ne go se na le e leng mmulatsela a le nosi kwa Fora, kgatiso ya December 1947 ya Informant (e jaanong e bidiwang Tirelo ya Rona ya Bogosi) e ne ya dira boikuelo jwa gore go nne le babulatsela ba ka metlha ba ba neng ba tla rera diura di le 150 ka kgwedi. (Ka 1949, diura tseo di ne tsa fokodiwa mme tsa nna 100.) Go dumalana ka botlalo le mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 17:17 a a reng, “lefoko la [Modimo] ke boammaaruri,” ka 1948 ke ne ka kolobediwa mme ka December 1949, ka nna mmulatsela.

Go Tswa Kgolegelong ke Boela Kwa Dunkerque

Kabelo ya me ya ntlha kwa Agen, kwa borwa jwa Fora ga ya ka ya tsaya lobaka. E re ka ke ne ke sa tlhole ke bereka kwa moepong, ke ne ke tshwanelegela go tsenela bosole. Ke ne ka gana go ya bosoleng, ka jalo ka isiwa kwa kgolegelong. Le fa ke ne ke sa letlelelwa go nna le Baebele, ke ne ka kgona go nna le ditsebe di le mmalwa tsa buka ya Dipesalema. Go di bala go ne ga nkgothatsa. Fa ke gololwa, ke ne ka tshwanelwa ke go dira tshwetso: A ke tshwanetse go tlogela tirelo ya nako e e tletseng gore ke nne le lelapa? Le teng foo, ke ne ka thusiwa ke se ke neng ka se bala mo Baebeleng. Ke ne ka tlhatlhanya ka mafoko a ga Paulo a a mo go Bafilipi 4:11-13 a a reng: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” Ke ne ka swetsa ka gore ke tla tswelela ke bulatsela. Ka 1950, ke ne ka amogela kabelo e ntšha kwa Dunkerque, toropo e nkileng ka rera mo go yone.

Fa ke goroga koo, ke ne ke se na sepe. Toropo eo e ne e senyegile thata ka ntlha ya Ntwa ya Lefatshe II e bile go ne go le thata go bona mafelo a bonno. Ke ne ka swetsa ka gore ke etele lelapa le nkileng ka ithuta le lone mme fa ke goroga, mmè wa lelapa leo o ne a itumetse thata mme a re: “Ruri ke itumelela go go bona, o golotswe Rre Leroy! Monna wa me a re fa go ka bo go na le banna ba le bantsi ba ba tshwanang le wena, go ka bo go sa nna le ntwa.” Ba ne ba na le ntlo ya baeng, ka jalo ba ne ba ntetla go nna mo go yone go fitlha nako ya bajanala e simolola. Mo go lone letsatsi leo, morwarraagwe Arthur Emiot e bong Evans o ne a nnaya tiro. * E ne e le moranodi kwa boemakepeng mme o ne a batla motho yo o neng a tla tlhokomela dikepe bosigo. O ne a nkitsise mongwe wa badiredibagolo ba dikepe. Morago ga go nna lobaka kwa kgolegelong, ke ne ke le mosesane jaaka letlhokwa. Fa Evans a sena go tlhalosa lebaka la go bo ke le mosesane jalo, modiredimogolo o ne a mpolelela gore nka ja sengwe le sengwe se se mo setsidifatsing. Mo letsatsing leo fela, ke ne ka newa marobalo, tiro le dijo! Go ikanya ga me mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:25-33 ruri go ne ga nonotshiwa.

Fa nako e bajanala ba etang ka yone e simolola, nna le Simon Apolinarski yo e neng e le mmulatsela mmogo le nna, re ne ra tshwanelwa ke go batla lefelo le lengwe la bonno, le fa go ntse jalo re ne re ikemiseditse go tswelela mo kabelong ya rona. Re ne ra newa marobalo mo bojelong jwa dipitse jwa bogologolo, mme re ne re robala mo bolaong jwa matlhaka. Gantsi re ne re tlhola re le mo tshimong. Re ne ra neela mong wa bojelo jwa dipitse bosupi mme a nna mongwe wa batho ba le bantsi ba ba neng ba amogela boammaaruri. Go ise go ye kae lokwalodikgang lwa lefelo leo lo ne lo na le setlhogo se se neng se tlhagisa baagi ba Dunkerque ka “go runya ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong.” Le mororo e ne e le nna le Simon le baboledi ba bangwe ba le mmalwa fela ba re neng re le Basupi koo! Fa re lebane le mathata, re ne re kgothadiwa ke go tlhatlhanya ka tsholofelo e rona Bakeresete re nang le yone le go akanya kafa Jehofa a ileng a re tlhokomela ka gone. Fa ke ne ke newa kabelo e ntšha ka 1952, go ne go na le baboledi ba ka metlha ba le 30 kwa Dunkerque.

Go Nonotshediwa Maikarabelo a Masha

Morago ga go nna nakwana kwa toropong ya Amiens, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng, gore ke direle kwa Boulogne-Billancourt, motsesetoropo wa kwa Paris. Ke ne ke na le dithuto tse dintsi tsa Baebele, mme moragonyana bangwe ba bone ba ne ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng le tiro ya borongwa. Lekawana lengwe le le bidiwang Guy Mabilat, le ne la amogela boammaaruri mme la nna molebedi wa potologo mme moragonyana, molebedi wa kgaolo. Moragonyana o ne a okamela tiro ya go agiwa ga bogatisetso jo bo kwa Bethele e gompieno e leng kwa Louviers, kgakala le Paris. Metlotlo ya Baebele e ke neng ke nna le yone gangwe le gape kwa bodireding e gateletse Lefoko la Modimo mo mogopolong wa me, gape e dirile gore ke nne le boitumelo jo bogolo ya bo ya nthusa gore ke tokafatse bokgoni jwa me jwa go ruta.

Mme ka 1953, ke sa lebelela, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo kwa Alsace-Lorraine e leng kgaolo e e neng ya gapiwa ke Jeremane gabedi magareng ga 1871 le 1945. Ka jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta Sejeremane. Fa ke simolola tiro ya potologo, go ne go na le dikoloi di le mmalwa, dithelebishene le metšhine ya go tlanya e le mmalwa mo kgaolong eo, e bile go ne go se na diradio kgotsa dikhomputara. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa me bo ne bo sa utlwise botlhoko e bile bo sa gagamala. Tota e bile, eo e ne e le nako e e itumedisang thata. E re ka ke ne ke latela kgakololo ya Baebele ya go nna le ‘leitlho le le sa raraanang,’ dilo tse di ka ntitayang tsebe fa ke direla Jehofa, di ne di le mmalwa fa di bapisiwa le tse di leng teng gompieno.—Math. 6:19-22.

Kopano ya 1955 ya “Bogosi jo bo Fenyang” e e neng e tshwaretswe kwa Paris e ne e le sengwe se se sa lebalesegeng mo go nna. Ke teng kwa ke neng ka kopana le Irène Kolanski yo e neng e tla nna mosadi wa me, yo o neng a simolotse tirelo ya nako e e tletseng ngwaga pele ga me. Batsadi ba gagwe ba Ba-Poland ba ne ba sa bolo go nna Basupi ba ba tlhagafetseng. Fa ba le kwa Fora ba ne ba etelwa ke Adolf Weber. O ne a kile a bo a dira mo tshingwaneng ya ga Mokaulengwe Russell mme o ne a tlile mo Yuropa go tla go rera dikgang tse di molemo. Nna le Irène re ne ra nyalana ka 1956, mme re ne ra dira mmogo mo tirong ya go potologa. A bo a ne a nkema nokeng jang ne mo dingwageng tseno tsotlhe!

Dingwaga di le pedi morago ga foo, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa kgaolo. Le fa go ntse jalo, e re ka go ne go na le tlhokego ya bakaulengwe ba ba tshwanelegang, ke ne ka tswelela ke etela diphuthego ke le molebedi wa potologo. Ruri eo e ne e le nako ya ditshwarego! Mo godimo ga go rera diura di le 100 ka kgwedi, beke le beke ke ne ke tshwanelwa ke go neela dipuo, go tshwara dipokano tsa thuto ya buka di le tharo, go sekaseka direkoto le go baakanyetsa dipego. Ke ne ke tla kgona jang go nna le nako ya go bala Lefoko la Modimo? Ke ne ka bona tharabololo e le go sega ditsebe tsa Baebele ya me ya bogologolo, ke bo ke tsamaya ka tsone. Nako nngwe le nngwe fa ke ne ke tshwanelwa ke go leta mongwe yo ke neng ke tshwanetse go kopana le ene, ke ne ke ntsha ditsebe tseo ke bo ke di bala. Dinako tseo tse di khutshwane tse di neng di lapolosa semoyeng di ne tsa nonotsha maikemisetso a me a go tswelela mo kabelong ya me.

Ka 1967, nna le Irène re ne ra lalediwa go nna maloko a nako e e tletseng a lelapa la Bethele kwa Boulogne-Billancourt. Ke ne ka simolola go direla mo Lefapheng la Tirelo, mme dingwaga tse di fetang 40 morago ga foo, ke sa ntse ke na le tshiamelo ya go direla mo go lone. Karolo e ke e itumelelang thata ya tirelo ya me ke go araba makwalo a a botsang dipotso tsa Baebele. Ruri ke itumelela go hukutsa Lefoko la Modimo le go ‘sireletsa dikgang tse di molemo’! (Bafil. 1:7) Gape ke itumelela go tshwara metlotlo ya Baebele mo kobamelong ya mo mosong ya kwa Bethele pele ga sefitlholo. Ka 1976, ke ne ka tlhomiwa go nna leloko la Komiti ya Lekala kwa Fora.

Tsela e e Molemolemo ya Botshelo

Le fa ke ile ka nna le dinako tse di thata, gone jaanong ke nako e e gwetlhang thata mo botshelong jwa me, e re ka botsofe le mathata a botsogo a dira gore nna le Irène re palelwe ke go dira se re batlang go se dira. Le fa go ntse jalo, go bala le go ithuta Lefoko la Modimo re le mmogo go dira gore re nne re na le tsholofelo. Re itumelela go tsamaya ka bese go ya kwa tshimong ya phuthego ya rona gore re bolelele ba bangwe ka tsholofelo eno. Maitemogelo a re nang le one a dingwaga tse fa re di kopanya di fetang 120 mo tirelong ya nako e e tletseng, a re tlhotlheletsa gore fa re bua le botlhe ba ba batlang go nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo nang le bokao, re buelele tirelo eno re tlhomamisegile. Fa Kgosi Dafide a ne a kwala mafoko a a mo go Pesalema 37:25, o ne a “tsofetse” mme fela jaaka ene, le nna, “ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele.”

Jehofa o ne a nnonotsha ka Lefoko la gagwe mo botshelong jwa me jotlhe. Dingwaga tse di fetang 60 tse di fetileng, ba losika lwa me ba ne ba bolelelapele gore go bala Baebele e ne e tla nna selo se ke tla se dirang botshelo jotlhe. Ba ne ba nepile. E nnile selo se ke se dirang letsatsi le letsatsi, se ruri ke iseng ke se ikwatlhaele!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 E gatisitswe ka 1944, mme jaanong ga e sa tlhole e gatisiwa.

^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Evans Emiot, bona Tora ya Tebelo ya January 1, 1999, tsebe 22 le 23.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Nna le Simon

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Fa ke ne ke direla ke le molebedi wa kgaolo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Baebele e e tshwanang le ya ntlha e ke e amogetseng

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ka letsatsi la lenyalo la rona

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Nna le Irène re itumelela go bala le go ithuta Lefoko la Modimo