Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Kabelo ya Me

Jehofa ke Kabelo ya Me

Jehofa ke Kabelo ya Me

“Ke nna kabelo ya gago le boswa jwa gago mo gare ga bomorwa Iseraele.”—DIPA. 18:20.

1, 2. (a) Boemo jwa Balefi e ne e le bofe malebana le go amogela lefatshe go nna boswa jwa bone? (b) Jehofa o ne a tlhomamisetsa Balefi eng?

MORAGO ga gore Baiseraele ba fenye karolo e kgolo ya Lefatshe le le Solofeditsweng, Joshua o ne a kgaoganya lefatshe ka bola. O ne a thusiwa ke Moperesiti yo Mogolo e bong Eliasare le ditlhogo tsa ditso. (Dipa. 34:13-29) Mme Balefi bone ba ne ba sa tshwanela go amogela lefatshe go nna boswa jwa bone jaaka ditso tse dingwe di ne di le amogetse. (Josh. 14:1-5) Ke eng fa Balefi ba ne ba se na lefatshe le le abetsweng lotso lwa bone, kgotsa kabelo ya Lefatshe le le Solofeditsweng? A ba ne ba tlogetswe fela?

2 Re bona karabo ya potso eo, mo go se Jehofa a se boleletseng Balefi. Fa Jehofa a ne a gatelela ntlha ya gore o ne a sa ba latlha, o ne a ba raya a re: “Ke nna kabelo ya gago le boswa jwa gago mo gare ga bomorwa Iseraele.” (Dipa. 18:20) Ruri o ne a ba tlhomamisetsa sengwe se segolo: “Ke nna kabelo ya gago”! O ne o ka ikutlwa jang fa Jehofa a ka bo a ile a go bolelela mafoko ao? Gongwe kwa tshimologong o ne o ka re, ‘A tlhomamisetso eno e e tswang kwa Mogodimodimong e a ntshwanela?’ Gape o ka nna wa ipotsa, ‘A tota Jehofa e ka nna kabelo ya Mokeresete ope fela yo o sa itekanelang gompieno?’ Dipotso tseno di a go ama wena le batho ba o ba ratang. Ka jalo, a re sekasekeng se mafoko ano a a tswang kwa Modimong a se kayang. Seo se tla re thusa go tlhaloganya kafa Jehofa e ka nnang kabelo ya Bakeresete ka gone gompieno. Mme totatota, a ka nna kabelo ya gago, le fa o ka tswa o na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa o lebile pele go tshela mo lefatsheng la paradaise.

Jehofa o Tlamela Balefi

3. Ke eng se se neng sa dira gore Modimo a tlhophe Balefi gore e nne bone ba ba mo direlang?

3 Pele ga Jehofa a naya Baiseraele Molao, ditlhogo tsa malapa e ne e le bone baperesiti. Fa Modimo a ne a ba naya Molao, o ne a ba rulaganyetsa boperesiti jo bo nnelang ruri go tswa mo lotsong lwa Lefi le bathusi ba ba tswang mo go lone. Seno se ne sa direga jang? Fa Modimo a ne a bolaya maitibolo a Baegepeto, o ne a itshepisa maitibolo a Baiseraele, a ba tlhaola gore e nne ba gagwe. Go tswa foo, Modimo o ne a dira phetogo eno e e botlhokwa: “Ke tsaya Balefi . . . mo boemong jwa maitibolo otlhe a a bulang sebopelo sa bomorwa Iseraele.” E re ka go balwa ga batho go ne ga bontsha gore maitibolo a bomorwa Iseraele a ne a feta palo ya Balefi, go ne ga duelwa thekololo gore palo eo e lekane. (Dipa. 3:11-13, 41, 46, 47) Ka jalo, Balefi ba ne ba ka kgona go dira seabe sa bone go direla Modimo wa Iseraele.

4, 5. (a) Go ne go kaya eng mo Balefing, go dira Modimo kabelo ya bone? (b) Modimo o ne a tlamela Balefi jang?

4 Tiro eo e ne e kaya eng mo Balefing? Jehofa o ne a re ke kabelo ya bone ka kgopolo ya gore go na le gore ba amogele lefatshe e le boswa, ba ne ba neilwe tshiamelo e e ka se lekanngweng le epe ya go mo direla. Go nna “boperesiti jwa ga Jehofa” e ne e le boswa jwa bone. (Josh. 18:7) Fa re bala Dipalo 18:20, re lemoga gore seno se ne se sa ba dire gore ba humanege. (Bala Dipalo 18:19, 21, 24.) Balefi ba ne ba tshwanetse go newa “sa bosome sengwe le sengwe mo Iseraele go nna boswa e le tuelo ya tirelo ya bone.” Ba ne ba tla amogela sa bosome sa dijalo tsa Baiseraele le sa bosome sa koketsego ya leruo la bone. Mme Balefi bone, ba ne ba tshwanetse go ntsha moneelo wa sa bosome sa se ba se amogetseng, “wa o o e gaisang yotlhe” gore ba eme boperesiti nokeng. * (Dipa. 18:25-29) Gape baperesiti ba ne ba newa “meneelo yotlhe e e boitshepo” e bomorwa Iseraele ba e tliseditseng Modimo mo lefelong la gagwe la kobamelo. Ka jalo, maloko a boperesiti a ne a na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Jehofa o ne a tla ba tlamela.

5 Go lebega Molao wa ga Moshe o ne o bolela gore go ntshiwe sa bosome se sengwe gape, se se neng se beelwa kwa thoko gore se tshedise lelapa le se se neng se tla itumelelwa ka nako ya dikopano tse di boitshepo ngwaga le ngwaga. (Dute. 14:22-27) Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa ngwaga mongwe le mongwe wa boraro le wa borataro wa modikologo wa dingwaga di le supa tsa sabata, sa bosome seno se ne se bewa kwa kgorong gore se solegele bahumanegi le Balefi molemo. Ke ka ntlha yang fa Balefi le bone ba ne ba tshwanetse go se amogela? Ka gonne, ba ne ba se na “kabelo epe kgotsa boswa bope” mo Iseraele.—Dute. 14:28, 29.

6. Le fa Balefi ba ne ba se na kabelo ya naga mo Iseraele, ba ne ba tla nna kae?

6 O ka nna wa ipotsa, ‘Fa e le gore Balefi ba ne ba se na naga e ba e abetsweng, ba ne ba tla nna kae?’ Modimo o ne a ba tlamela. O ne a ba naya metse e le 48 mmogo le mafulo a yone. Metse eno e ne e akaretsa metse ya botshabelo e le merataro. (Dipa. 35:6-8) Ka jalo, Balefi ba ne ba na le kwa ba nnang gone fa ba ne ba sa direle kwa lefelong le le boitshepo la Modimo. Jehofa o ne a tlamela ba ba neng ba ineetse go mo direla ka dilo di le dintsi. Ruri Balefi ba ne ba kgona go bontsha gore Jehofa e ne e le kabelo ya bone ka go mo ikanya gore o ikemiseditse go ba tlamela e bile o na le maatla a go dira jalo.

7. Go ne go tlhokega eng gore Balefi ba dire Jehofa kabelo ya bone?

7 Molao o ne o sa akaretse kotlhao epe fela ya Moiseraele yo o neng a sa ntshe sa bosome. Fa batho ba ne ba itlhokomolosa go ntsha sa bosome, baperesiti le Balefi ba ne ba amiwa ke seo. Go ne ga direga jalo mo motlheng wa ga Nehemia. Ka ntlha ya seo, Balefi ba ne ba tshwanelwa ke go dira kwa masimong a bone, ba tlhokomologa bodiredi jwa bone. (Bala Nehemia 13:10.) Go bonala sentle gore, go tlamelwa ga Balefi go ne go ikaegile ka bomoya jwa setšhaba sa Baiseraele. Mo godimo ga moo, baperesiti le Balefi ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo mo go Jehofa le mo go se a neng a se dirile gore a ba tlamele.

Molefi ka Nosi O ne A ka Dira Jehofa Kabelo ya Gagwe

8. Tlhalosa bothata jo Asafe wa Molefi a neng a lebane le jone.

8 Balefi e le lotso ba ne ba tshwanetse go dira Jehofa kabelo ya bone. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go ela tlhoko gore Balefi ka nosi ba ne ba dirisa polelwana eno “Jehofa ke kabelo ya me” go bontsha gore ba ineetse mo Modimong e bile ba ikaega ka ene. (Dikhu. 3:24) Mongwe wa Balefi bao e ne e le moopedi le motlhami. Re tla mmitsa Asafe, le fa e ka tswa e ne e le mongwe wa ba ntlo ya ga Asafe, Molefi yo o neng a etelelapele baopedi mo motlheng wa ga Kgosi Dafide. (1 Ditir. 6:31-43) Mo go Pesalema 73, re bala gore Asafe (kgotsa mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe) o ne a akabala. O ne a tswela batho ba ba boikepo pelo e re ka ba ne ba atlegile mo botshelong, mme o ne a bo a re: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato.” Go lebega a ne a sa tlhole a bona botlhokwa jwa tshiamelo e a neng a na le yone mo tirelong ya gagwe; o ne a palelwa ke go anaanela ntlha ya gore Jehofa e ne e le kabelo ya gagwe. O ne a tshwenyegile semoyeng “go fitlha [a] tla mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo.”—Pes. 73:2, 3, 12, 13, 17.

9, 10. Ke eng fa Asafe a ne a ka bitsa Modimo ‘kabelo ya gagwe ka bosakhutleng’?

9 Fa Asafe a le kwa lefelong le le boitshepo, o ne a simolola go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Gongwe le wena o kile wa nna le boemo jo bo ntseng jalo. Gongwe ka nako nngwe o ne wa se ka wa tlhola o bona botlhokwa jwa ditshiamelo tsa semoya tse o nang le tsone mme wa simolola go tlhoma mogopolo mo dilong tse di bonalang tse o se nang tsone. Mme go bala Lefoko la Modimo le go ya dipokanong tsa Bokeresete go ne ga go thusa gore o bone dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Asafe o ne a lemoga se kgabagare se neng se tla diragalela baikepi. O ne a akanya ka kabelo ya gagwe mme a lemoga gore Jehofa o ne a tla mo tshwara ka seatla sa gagwe sa moja mme a mo kaele. Ka jalo, Asafe o ne a ka raya Jehofa a re: “Kwantle ga gago ga ke na sepe se sengwe se se nnatefelelang mo lefatsheng.” (Pes. 73:23, 25) Go tswa foo o ne a bitsa Modimo a re ke kabelo ya gagwe. (Bala Pesalema 73:26.) Le fa ‘mmele wa mopesalema le pelo ya gagwe di ka koafala,’ Modimo o ne a tla nna ‘kabelo ya gagwe ka bosakhutleng.’ Mopesalema o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo gakologelwa e le tsala ya gagwe. Tirelo ya gagwe ya boikanyegi e ne e se kitla e lebalwa. (Mor. 7:1) Ruri seo se tshwanetse sa bo se ile sa gomotsa Asafe! O ne a opela jaana: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.”—Pes. 73:28.

10 Go dira Modimo kabelo ya gagwe go ne go le botlhokwa mo go Asafe go gaisa dilo tsa go itshedisa tse a neng a di amogela e re ka e le Molefi. Segolobogolo o ne a bua ka tshiamelo ya gagwe ya tirelo le kamano e a neng a na le yone le Jehofa, botsala jo a ileng a lwela go nna le jone le Mogodimodimo. (Jak. 2:21-23) Gore mopesalema yono a tswelele a na le kamano eo le Jehofa, o ne a tshwanetse go nna le tumelo mo go ene le go mo ikanya. Asafe o ne a tshwanetse go tlhomamisega gore diphelelo tsa botshelo jwa gagwe e tla nna tse di itumedisang fa a ka tshela go dumalana le melao ya Modimo. Le wena o ka tshepa Mothatayotlhe fela jalo.

11. Jeremia o ne a na le potso efe mme e ne ya arabiwa jang?

11 Moporofeti Jeremia e ne e le Molefi yo mongwe yo o neng a tsaya Jehofa e le kabelo ya gagwe. Mma re sekasekeng gore o ne a kaya eng fa a ne a dirisa polelwana eo. Jeremia o ne a nna kwa Anathothe, motse wa Balefi o o neng o le gaufi le Jerusalema. (Jer. 1:1) Nako nngwe Jeremia o ne a akabala: Ke ka ntlha yang fa baikepi ba atlega fa basiami bone ba sotlega? (Jer. 12:1) Morago ga go bona se se neng se direga kwa Jerusalema le kwa Juda, o ne a patelesega go “ngongorega” ka se a neng a se bona. Jeremia o ne a itse gore Jehofa o siame. Se Jehofa a neng a tlhotlheletsa Jeremia go se porofeta le kafa a diragaditseng mafoko ao a boporofeti ka gone, se ne sa araba potso ya moporofeti yoo. Go dumalana le boporofeti jwa Modimo, ba ba neng ba ikobela taelo ya ga Jehofa ‘ba ne ba amogela meya ya bone e le thopo,’ fa baikepi bone ba ne ba itlhokomolosa tlhagiso mme ba fedisiwa.—Jer. 21:9.

12, 13. (a) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jeremia gore a re: “Jehofa ke kabelo ya me,” mme o ne a na le boikutlo bofe? (b) Ke eng fa ditso tsotlhe tsa Iseraele di ne di tshwanetse go lwela go nna le boikutlo jwa go leta?

12 Moragonyana fa Jeremia a leba nagagae ya gaabo e e sentsweng, o ne a ikutlwa e kete o tsamaya mo lefifing. E ne e kete Jehofa o ne a dirile gore a “nne . . . jaaka batho ba ba suleng nako e telele.” (Dikhu. 1:1, 16; 3:6) Jeremia o ne a boleletse setšhaba se se tlhokang kutlo gore se boele kwa go Rraabone yo o kwa legodimong, le fa go ntse jalo boikepo jwa bone bo ne bo fitlhile mo seemong se Modimo a neng a tshwanelwa ke go letlelela Jerusalema le Juda gore di senngwe. Seo se ne sa utlwisa Jeremia botlhoko le fa a ne a se molato. Le fa moporofeti yoo a ne a utlwa botlhoko, o ne a gakologelwa mautlwelobotlhoko a Modimo. O ne a re: ‘Ga re a fela.’ Eleruri mautlwelobotlhoko a ga Jehofa a masha moso mongwe le mongwe! Ke gone moo Jeremia a neng a re: “Jehofa ke kabelo ya me.” Jeremia o ne a tswelela a na le tshiamelo ya go direla Jehofa e le moporofeti.—Bala Dikhutsafalo 3:22-24.

13 Baiseraele ba ne ba tla tlhoka nagagae dingwaga di le 70. E ne e tla nna e swafetse. (Jer. 25:11) Mme polelwana eno ya ga Jeremia, “Jehofa ke kabelo ya me” e ne e bontsha gore o ikanya mautlwelobotlhoko a Modimo mme e ne ya mo naya lebaka la go bontsha “boikutlo jwa go . . . leta.” Ditso tsotlhe tsa Iseraele di ne di latlhegetswe ke boswa jwa tsone, ka jalo di ne di tshwanetse go lwela go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa moporofeti yoo. Jehofa e ne e le ene fela tsholofelo ya bone. Morago ga dingwaga di le 70, batho ba Modimo ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone, mme ba nna le tshiamelo ya go mo direla koo.—2 Ditir. 36:20-23.

Ba Bangwe Ba ne Ba ka Dira Jehofa Kabelo ya Bone

14, 15. Kwantle ga Balefi, ke mang yo o neng a dira Jehofa kabelo ya gagwe, gone ka ntlha yang?

14 Asafe le Jeremia e ne e le ba lotso lwa Lefi, le fa go ntse jalo, a e ne e le Balefi fela ba ba neng ba na le tshiamelo ya go direla Jehofa? Le e seng? Dafide yo o neng a sa ntse a le mosha, yo e neng e tla nna kgosi ya Iseraele, o ne a bitsa Modimo a re ke ‘kabelo ya gagwe mo lefatsheng la batshedi.’ (Bala Pesalema 142:1, 5.) Ka nako ya fa Dafide a ne a tlhama pesalema eno, o ne a se mo ntlong ya segosi kgotsa mo ntlong epe fela. O ne a le kwa logageng, a iphitlhetse baba ba gagwe. Mo e ka nnang ka makgetlho a mabedi, Dafide o ne a tshabela mo dikgageng—lo longwe lo ne lo le gaufi le Adulama mme lo longwe lo le kwa nageng ya Ene-gedi. Gongwe a ka tswa a ile a tlhama Pesalema 142 a le mo go longwe lwa dikgaga tseo.

15 Fa e le gore go ne go ntse jalo, Kgosi Saulo e ne e le ene yo o neng a tsoma Dafide a batla go mmolaya. Dafide o ne a tshabela kwa logageng lo a neng a ka se mo fitlhele motlhofo kwa go lone. (1 Sam. 22:1, 4) Fa Dafide a ne a le mo lefelong leno le le kwa kgakala, o ne a ka akanya gore ga a na tsala epe e e ka mo emang nokeng le e e ka mo sireletsang. (Pes. 142:4) Ke gone koo Dafide a neng a kopa Modimo thuso.

16, 17. (a) Dafide o ne a na le mabaka afe a go ikutlwa a kgobegile marapo? (b) Dafide o ne a ka batla thuso kwa go mang?

16 Fa Dafide a ne a tlhama Pesalema 142, a ka tswa a ne a lemogile se se diragaletseng Moperesiti yo Mogolo e bong Ahimeleke, yo ka go se itse a neng a mo thusa fa a ne a tshabetse Saulo. Kgosi Saulo yo o lefufa o ne a dira gore Ahimeleke le ba ntlo ya gagwe ba bolawe. (1 Sam. 22:11, 18, 19) Dafide o ne a ikutlwa molato ka ntlha ya loso lwa bone. E ne e kete ke ene yo o bolaileng moperesiti yo o neng a mo thusitse. Fa o ne o le mo boemong jo Dafide a neng a le mo go jone, a o ka bo o ile wa ikutlwa molato? Se se neng se ngomola Dafide pelo le go feta e ne e le ntlha ya go bo a ne a se na boikhutso ka gonne Saulo o ne a nna a mo lelekisa.

17 Ka bonako morago ga foo, moporofeti Samuele yo o neng a tloditse Dafide go nna kgosi ya mo isagweng o ne a swa. (1 Sam. 25:1) Seo se ka tswa se ile sa oketsa boikutlo jo Dafide a neng a na le jone jwa go kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a itse gore a ka batla thuso kwa go mang—kwa go Jehofa. Dafide o ne a se na tshiamelo ya tirelo e e tshwanang le ya Balefi, mme gone o ne a setse a tloleditswe go dira mofuta o mongwe wa tirelo, gore kgabagare a nne kgosi ya batho ba Modimo. (1 Sam. 16:1, 13) Ka jalo, Dafide o ne a tshololela pelo ya gagwe kwa go Jehofa mme a tswelela a batla kaelo kwa Modimong. Fa o ntse o dira ka natla mo tirelong ya Modimo, le wena o ka kgona go dira gore e nne kabelo le botshabelo jwa gago, e bile o tshwanetse go dira jalo.

18. Batho ba re tlotlileng ka bone mo setlhogong seno ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba dirile Jehofa kabelo ya bone?

18 Batho ba re setseng re tlotlile ka bone ba ne ba dira Jehofa kabelo ya bone ka kgopolo ya gore ba ne ba amogela go dira tirelo ya gagwe. Fa ba ntse ba direla Modimo ba ne ba ikaega ka ene gore a ba tlamele. Balefi le batho ba ditso tse dingwe tsa Iseraele ba ba jaaka Dafide, ba ne ba ka dira Modimo kabelo ya bone. Le wena o ka dira jang gore Jehofa e nne kabelo ya gago? Re tla tlotla ka seo mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le kafa boperesiti bo neng bo tshegediwa ka gone, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 684.

O Tla Araba Jang?

• Jehofa e ne e le kabelo ya Balefi ka kgopolo efe?

• Ke eng se Asafe, Jeremia le Dafide ba neng ba se dira go supa gore Jehofa e ne e le kabelo ya bone?

• O tlhoka nonofo efe gore Modimo e nne kabelo ya gago?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Balefi ga ba a ka ba amogela lefatshe e le boswa. Go na le moo, Jehofa e ne e le kabelo ya bone ka gonne ba ne ba na le tshiamelo e kgolo ya go mo direla

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa e ne e le kabelo ya Balefi le baperesiti jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke eng se se thusitseng Asafe go tswelela a dira Jehofa kabelo ya gagwe?