Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sianang Lobelo ka Boitshoko

Sianang Lobelo ka Boitshoko

Sianang Lobelo ka Boitshoko

“A re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—BAHEB. 12:1.

1, 2. Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantshanya botshelo jwa Bakeresete le eng?

NGWAGA LE NGWAGA, mo mafelong a le mantsi go tshwarwa mabelo a marathone. Batabogi ba go tweng ba na le bokgoni ba tsenela lobelo loo ka maikaelelo a le mangwe fela—go fenya. Bontsi jwa ba bangwe ba itumelela fela go bo ba kgona go tsenela lobelo. Mo go bone go kgona fela go wetsa lobelo ke phitlhelelo e ba ka e itumelelang.

2 Mo Baebeleng, botshelo jwa Bakeresete bo tshwantshanngwa le lobelo. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ntlha eno mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakeresetemmogo le ene ba kwa Korintha wa bogologolo. O ne a kwala jaana: “A ga lo itse gore basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele? Sianang ka tsela ya gore lo se gape.”—1 Bakor. 9:24.

3. Ke eng fa Paulo a ne a re ke motabogi a le mongwe fela yo o gapang sekgele?

3 A Paulo o ne a bolela fela gore ke a le mongwe mo Bakereseteng bao yo o neng a tla gapa sekgele sa botshelo mme ba bangwe botlhe ba ne ba tla tabogela lefela? Nnyaa le eseng! Batabogi ba ba tsenelang lobelo ba a bo ba ikatisitse e bile ba iteka ka natla ka maikaelelo a go fenya kgaisano eo. Paulo o ne a batla gore Bakeresetemmogo le ene ba iteke jalo ka natla ba na le maikaelelo a go bona botshelo jo bo sa khutleng. Fa ba dira jalo, ba ka nna le tsholofelo ya go bona sekgele sa botshelo. Mo lobelong lwa Bokeresete, botlhe ba ba lo digelang ba gapa sekgele seo.

4. Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko malebana le lobelo lo re lo tlhomilweng pele?

4 Mafoko ao a a kgothatsa e bile a gomotsa botlhe ba gompieno ba tsenetseng lobelo lwa botshelo. Ka ntlha yang? Ka gonne sekgele seo—e ka tswa e le botshelo kwa legodimong kgotsa botshelo mo lefatsheng la Paradaise—ga se ka ke sa bapisiwa le sepe. Gone ke boammaaruri gore lobelo loo lo loleele e bile lo a lapisa; mo tseleng go na le dikgoreletsi le dikotsi di le dintsi. (Math. 7:13, 14) Ka maswabi, bangwe ba ile ba goga dinao, ba bangwe ba itlhoboga ba bo ba wa mo tseleng eno. Mo lobelong lono lwa botshelo go na le mamena le dikotsi dife? O ka di tila jang? O ka dira eng go digela lobelo loo gore o tle o le fenye?

Go Tlhokega Boitshoko Gore re Fenye

5. Jaaka go tlhalositswe mo go Bahebera 12:1, Paulo o ne a reng ka lobelo?

5 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakeresete ba Bahebera ba kwa Jerusalema le Judea, o ne a umaka gape dikarolo dingwe tsa metshameko ya diatleletiki kgotsa ya mabelo. (Bala Bahebera 12:1.) Ga a ka a umaka fela lebaka la go bo motho a tshwanetse go tsenela lobelo loo, mme gape o ne a bontsha se motho a tshwanetseng go se dira gore a fenye. Pele re ka tlhatlhoba gore ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone mo kgakololong e e tlhotlheleditsweng e Paulo a neng a e kwalela Bakeresete ba Bahebera, mma re sekasekeng gore ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Paulo go kwala lekwalo leo le gore ke eng se a neng a leka go tlhotlheletsa babadi ba gagwe gore ba se dire.

6. Bakeresete ba ne ba lebane le kgatelelo efe ya baeteledipele ba bodumedi?

6 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga segolo jang ba ba neng ba nna kwa Jerusalema le Judea, ba ne ba lebane le diteko di le dintsi le mathata a le mantsi. Ba ne ba gateletswe thata ke baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda, ba ba neng ba sa ntse ba na le tlhotlheletso e e maatla mo bathong. Pelenyana, baeteledipele bano ba ne ba atlegile mo go direng gore Jesu Keresete a atlholwe jaaka moepapuso le go bolawa jaaka senokwane. Mme ba ne ba ikaeletse go tswelela ba mo ganetsa. Mo bukeng ya Ditiro re bala dipego tse dintsi tse di ka ga go tshosediwa le go tlhaselwa ga Bakeresete, mo go simolotseng moragonyana fela ga ditiragalo tse di gakgamatsang ka Pentekosete ya 33 C.E. Ruri seno se ne sa dira gore botshelo jwa ba ba ikanyegang bo nne bokete.—Dit. 4:1-3; 5:17, 18; 6:8-12; 7:59; 8:1, 3.

7. Bakeresete ba Paulo a neng a ba kwalela ba ne ba tshela mo dinakong dife tsa mathata?

7 Gape Bakeresete bao ba ne ba tshela mo nakong ya pele ga tsamaiso ya Sejuda e fela. Jesu o ne a ba boleletse gore setšhaba se se sa ikanyegeng sa Bajuda se ne se tla fedisiwa. Gape o ne a boleletse balatedi ba gagwe ka ditiragalo tse di neng di tla diragala pele fela ga se fedisiwa, a ba naya ditaelo tse di rileng tse ba neng ba tshwanetse go di latela gore ba falole. (Bala Luke 21:20-22.) Ka jalo, ba ne ba tla dira eng? Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho.”—Luke 21:34.

8. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Bakeresete bangwe ba goge dinao kgotsa ba ineele?

8 Ka nako ya fa Paulo a ne a kwalela Bahebera, go ne go fetile dingwaga tse di ka nnang 30 fa e sa le Jesu a ntshitse tlhagiso eo. Ke eng se se neng sa diragalela Bakeresete bao mo dingwageng tseo tse 30? Ba bangwe ba ne ba ineela mo dikgatelelong le mo dilong tsa letsatsi le letsatsi tse di neng tsa ba itaya tsebe mme ba palelwa ke go gatela pele semoyeng mo go neng go ka bo go ba nonotshitse. (Baheb. 5:11-14) Go bonala ba bangwe ba ne ba na le boikutlo jwa gore go tla nna motlhofo fa ba latela bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba tshela le bone. Le fa go ntse jalo, Bajuda bao ba ne ba sa latlha Modimo gotlhelele; ba ne ba sa ntse ba latela Molao wa gagwe go ya selekanyong se se rileng. Bakeresete ba bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa kgotsa ba tshosediwa ke bangwe mo phuthegong ba ba neng ba tsositse modumo ka gore bone ba kgomarela Molao wa ga Moshe le ngwao. Ke eng se Paulo a neng a ka se bua se se neng se tla thusa bakaulengwe bano ba Bakeresete gore ba nne ba tsogile semoyeng le gore ba itshoke mo lobelong?

9, 10. (a) Go ela kwa bofelong jwa Bahebera kgaolo 10, re bala ka kgothatso efe ya ga Paulo? (b) Ke eng fa Paulo a ne a kwala ka ditiro tse di bontshang tumelo tsa “basupi” ba bogologolo?

9 Go a kgatlha go lemoga tsela e Paulo, a tlhotlhelediwa ke Modimo, a neng a nonotsha Bakeresete ba Bahebera ka yone. Mo go kgaolo 10 ya lekwalo la gagwe, Paulo o ne a tlhalosa gore Molao e ne e le “moriti wa dilo tse di molemo tse di tla tlang” mme a bo a bontsha sentle boleng jwa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Go ela kwa bokhutlong jwa kgaolo eo, Paulo o ne a tlhagisa babadi ba gagwe jaana: “Lo tlhoka boitshoko, gore fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso. Gonne go sa ntse go setse ‘lobakanyana lo lonnye thata,’ mme ‘yo o tlang o tla goroga mme ga a na go diega.’”—Baheb. 10:1, 36, 37.

10 Mo go Bahebera kgaolo 11, Paulo o tlhalosa ka botswerere se tumelo ya boammaaruri mo Modimong e leng sone. Mme o bontsha tumelo eo ka go umaka dikai tsa bogologolo tsa banna le basadi ba tumelo. A seo e ne e le go ratha sekgwa go sa tlhokege? Le eseng. Moaposetoloi yono o ne a itse gore badumedimmogo le ene ba ne ba tshwanetse go lemoga gore tumelo e tlhoka bopelokgale le boitshoko. Sekao se se molemo se se tlhomilweng ke batlhanka bao ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba bogologolo, se ne se tla nonotsha Bahebera gore ba itshokele diteko le mathata a ba neng ba lebane le one. Ka jalo, morago ga gore Paulo a umake ditiro tse di bontshang tumelo ya batlhanka bao ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, o ne a ka re: “Ka gonne re na le leru le legolo jaana la basupi le le re dikanyeditseng, a le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—Baheb. 12:1.

‘Leru la Basupi’

11. Go akanya ka ‘leru le legolo la basupi’ go ka re tlhotlheletsa jang?

11 ‘Leru le legolo la basupi’ e ne e se fela babogedi ba ba neng ba tlile go bogela lobelo kgotsa ba ba tlileng fela go bona motabogi yo ba mo ratang kgotsa setlhopha se ba se ratang se fenya. Go na le moo, batlhanka bao ba ne ba tshwana le batabogi ba ba mo lobelong. Mme ba ne ba taboga lobelo loo ka katlego ba bo ba le wetsa. Le fa gone jaanong ba sule, re ka akanya ka bone jaaka batabogi ba ba nang le maitemogelo ba ba ka kgothatsang batabogi ba basha ba ba mo lobelong. Akanya gore motabogi o tla ikutlwa jang fa a itse gore batho ba ba mo dikologileng kgotsa ba ba mo lebileng e ne e le bangwe ba batabogi ba ba atlegileng thata. A o ne a ka se tlhotlheletsege go ntsha ga tshwene? Basupi bao ba bogologolo ba ka re tlhomamisetsa gore le fa lobelo loo lwa tshwantshetso lo ka tswa lo le boima jang, re ka lo fenya. Ka jalo, fa Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna ba akantse ka sekao sa ‘leru la basupi,’ ba ne ba ka nna pelokgale mme ba ‘taboga lobelo ka boitshoko’—jaaka le rona re ka dira jalo gompieno.

12. Dikai tse Paulo a di umakileng di re ama jang?

12 Maemo a bontsi jwa batho ba ba ikanyegang ba Paulo a ba umakileng a ne a tshwana le a rona. Ka sekai, Noa o ne a tshela pele ga lefatshe le ya bokhutlong ka morwalela. Re tshela go ela kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Aborahame le Sara ba ne ba bolelelwa gore ba tlogele nagagae ya bone mme ba latelele kobamelo ya boammaaruri le go letela go diragadiwa ga tsholofetso ya ga Jehofa. Le rona re kgothalediwa gore re iitatole e le gore Jehofa a re amogele a bo a re neye masego a a re solofeditseng one. Moshe o ne a tsamaya go ralala naga e e tshosang a lebile kwa Lefatsheng la Tsholofetso. Le rona re mo loetong mo tsamaisong eno ya dilo e e swang, re lebile kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng. Ruri go molemo go akanya ka se batho bano ba ileng ba lebana le sone, dilo tse ba ileng ba atlega le go palelwa mo go tsone mmogo le bokgoni le makoa a bone.—Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11.

Ba ne Ba Atlega—Jang?

13. Noa o ne a lebana le dikgwetlho dife, mme ke eng se se neng sa mo thusa gore a di fenye?

13 Ke eng se se thusitseng batlhanka bano ba ga Jehofa gore ba itshoke ba bo ba atlege mo lobelong? Ela tlhoko se Paulo a se kwadileng ka ga Noa. (Bala Bahebera 11:7.) Noa ‘o ne a ise a bone’ ‘morwalela wa metsi mo lefatsheng o o neng o tla senya nama yotlhe.’ (Gen. 6:17) E ne e le sengwe se se iseng se ko se direge pele ga foo. Le fa go ntse jalo, Noa ga a ka a tsaya gore ke sengwe se se ka se diregeng kgotsa se e bileng se ka se kgonege. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a na le tumelo ya gore Jehofa o tla diragatsa sengwe le sengwe se a se buileng. Noa ga a ka a akanya gore tiro e a neng a kopilwe go e dira, e ne e le thata. Go na le moo, o ne “a dira fela jalo.” (Gen. 6:22) Fa re akanya ka sotlhe se Noa a neng a tshwanetse go se dira—go aga araka, go phutha diphologolo, go kokoanya dijo tse batho le diphologolo ba neng ba tla di ja mo arakeng, go rera molaetsa wa tlhagiso le go boloka lelapa la gagwe le nonofile semoyeng—e ne e se kgetsi e e potlana go dira “fela jalo.” Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Noa le go itshoka ga gagwe go ne ga felela ka gore a tshele a bo segofadiwe, ene le lelapa la gagwe.

14. Aborahame le Sara ba ne ba itshokela diteko dife, mme re ithuta eng mo go seo?

14 Aborahame le Sara ke bone ba ba latelang mo lenaaneng la ga Paulo la “leru la basupi le le re dikanyeditseng.” Ba ne ba tlogedisiwa botshelo jwa bone jo bo tlwaelegileng kwa Ure, mme isagwe ya bone e ne e bonala e sa tlhomama. Ba ne ba itshupa e le dikao tsa tumelo e e tlhomameng le go nna kutlo mo dinakong tsa mathata. Baebele e bitsa Aborahame e re ke “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo” ka gonne a ne a direla Jehofa ditlhabelo tse dintsi. (Bar. 4:11) Paulo o ne a umaka fela dintlha di sekae ka gonne babadi ba gagwe ba ne ba itse sentle dintlha tsa botshelo jwa ga Aborahame. Le fa go ntse jalo, se Paulo a neng a se bua se ne se le maatla: “Bano botlhe [go akaretsa Aborahame le lelapa la gagwe] ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela mme ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” (Baheb. 11:13) Kwantle ga pelaelo, tumelo ya bone mo Modimong le kamano ya bone le ene e ne ya ba thusa go taboga lobelo ka boitshoko.

15. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Moshe go tshela jaaka a ne a tshela?

15 Moshe ke motlhanka yo mongwe wa ga Jehofa yo o tlhomang sekao yo e neng e le karolo ya “leru la basupi.” Moshe o ne a tlogela botshelo jwa manobonobo “a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo.” Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go dira jalo? Paulo o ne a re: “O ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo. . . . O ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bala Bahebera 11:24-27.) Moshe ga a ka a itewa tsebe ke “go ja monate wa boleo ka nakwana.” O ne a tsaya Modimo le ditsholofetso tsa gagwe e le tsa mmatota mo e leng gore o ne a bontsha bopelokgale jo bogolo le boitshoko. O ne a dira ka natla go etelela pele Baiseraele go tswa kwa Egepeto go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng.

16. Ke eng fa Moshe a sa kgobega marapo fa a ne a sa letliwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

16 Fela jaaka Aborahame, Moshe ga a ka a bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo mo nakong ya botshelo jwa gagwe. Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a bolelelwa jaana: “Gonne o tla bona lefatshe o le kgakajana, mme ga o kitla o ya koo kwa lefatsheng le ke le nayang bomorwa Iseraele.” Seno e ne e le ka gonne pelenyana, e re ka ene le Arone ba ne ba galefisitswe ke go tsuologa ga batho, ‘ba ne ba direla Modimo ka go tlhoka tlotlo mo gare ga bomorwa Iseraele kwa metsing a Meriba.’ (Dute. 32:51, 52) A Moshe o ne a kgobega marapo kgotsa a boloka sekgopi? Nnyaa. O ne a segofatsa batho a bo a konela ka mafoko ano: “Go itumela wena Iseraele! Go na le mang yo o tshwanang le wena, setšhaba se se ipelelang poloko mo go Jehofa, thebe ya thuso ya gago, le Ene yo e leng tšhaka ya gago e e tlhomologileng?”—Dute. 33:29.

Se re Se Ithutang

17, 18. (a) Re ka ithuta eng mo ‘lerung la basupi’ malebana le lobelo lwa rona lwa botshelo? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Go tswa mo go se re ithutileng sone fa re ne re sekaseka matshelo a bangwe ba batho ba ba dirang “leru la basupi le le re dikanyeditseng,” go bonala sentle gore fa re batla go taboga lobelo re bo re le wetse, re tshwanetse go nna le tumelo e e tlhomameng mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe. (Baheb. 11:6) Tumelo e tshwanetse go nna selo sa konokono mo matshelong a rona. Go farologana le batho ba ba se nang tumelo, re a itse gore go na le isagwe e e botoka e Modimo a re solofeditseng yone. Re kgona go bona “Ene yo o sa bonaleng” mme ka jalo re bo re taboga lobelo ka boitshoko.—2 Bakor. 5:7.

18 Lobelo lwa Bokeresete ga lo motlhofo. Mme gone, re ka kgona go wetsa lobelo loo ka katlego. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dilo tse dingwe tse di ka re thusang go wetsa lobelo.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwala go le gontsi ka basupi ba bogologolo ba ba ikanyegang?

• Go bona ka leitlho la mogopolo “leru la basupi le le re dikanyeditseng,” go ka re kgothaletsa jang go taboga ka boitshoko?

• O ithutile eng fa o sekaseka dikao tsa basupi ba ba ikanyegang ba ba jaaka Noa, Aborahame, Sara le Moshe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Aborahame le Sara ba ne ba ikemiseditse go tlogela manobonobo a kwa Ure