Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Ipeleng Mmogo!

A re Ipeleng Mmogo!

A re Ipeleng Mmogo!

GO NNA go ntse go thatafala go bona boitumelo le boipelo. Mo bathong ba le bantsi, go thata go akanya ka sengwe se se molemo se ba ka se bolelelang ba bangwe. Botshelo jwa gompieno, segolobogolo mo ditoropong tse dikgolo, bo dira gore batho ba ikgogone le go itlhaola.

Porofesa wa Psychobiology e bong Alberto Oliverio a re: “Go jewa ke bodutu ke sengwe se se tlwaelegileng, ga go pelaelo gore botshelo mo ditoropong tse dikgolo bo ka dira gore batho ba itlhaole. Mo maemong a le mantsi, bo dira gore re itlhokomolose botshelo jwa motho yo re berekang le ene mo ofising, moagelani kgotsa tlelereke e e berekang kwa suphamakete e e mo lefelong la rona.” Gantsi go itlhaola go go ntseng jalo go bakela batho go tshwenyega thata mo maikutlong.

Le fa go ntse jalo, Bakeresetemmogo le rona ba na le seemo le boikutlo jo bo farologaneng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ipeleng ka metlha.” (1 Bathes. 5:16) Go na le mabaka a le mantsi a gore re ipele mme re itumele re le mmogo. Re obamela Jehofa Modimo yo e leng Mogodimodimo; re tlhaloganya molaetsa wa Baebele wa boammaaruri; re na le tsholofelo ya go falola le ya botshelo jo bo sa khutleng; mme gape re ka kgona go thusa batho ba bangwe gore ba itumelele masego a a ntseng jalo.—Pes. 106:4, 5; Jer. 15:16; Bar. 12:12.

Go ipela le go itumela le batho ba bangwe ke dinonofo tsa Bakeresete ba boammaaruri. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Paulo a ile a kwalela Bafilipi jaana: “Ke itumetse e bile ke ipela le lona lotlhe. Jaanong ka tsela e e tshwanang le lona ka bolona itumeleng lo bo lo ipele le nna.” (Bafil. 2:17, 18) Mo mafokong a le mmalwa fela a Paulo a a buileng fano, o umaka go itumela le go ipela le ba bangwe, gabedi.

Boammaaruri ke gore, Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba tile mokgwa ope fela wa go itlhaola. Ga go ope yo o ikgogonang, yo o ka itumelang le badumedimmogo le ene. Ka jalo, re ka latela jang tlhagiso ya ga Paulo ya gore re ‘tswelele re ipela mo Moreneng’ le bakaulengwe ba rona?—Bafil. 3:1.

Ipele le Badumedimmogo le Wena

Fa Paulo a ne a kwalela Bafilipi lekwalo la gagwe, go ka direga gore e ne e le mogolegwa kwa Roma a tshwaretswe tiro ya gagwe ya go rera. (Bafil. 1:7; 4:22) Le fa go ntse jalo, go golegwa ga gagwe ga go a ka ga fokotsa tlhagafalo e a neng a na le yone ka bodiredi. Go na le moo, o ne a ipelela go direla Jehofa ka botlalo kafa a neng a ka kgona ka gone le gore a ‘tshololelwe jaaka tshupelo ya seno.’ (Bafil. 2:17) Boikutlo jo Paulo a neng a na le jone bo bontsha gore boipelo ga bo a ikaega ka maemo a motho a leng mo go one. Le fa a ne a golegilwe, o ne a re: “Gape ke tla nna ke ipela.”—Bafil. 1:18.

Paulo o ne a tlhomile phuthego ya kwa Filipi, mme o ne a rata bakaulengwe ba koo thata. O ne a itse gore go ba bolelela ka boipelo jo a neng a bo bone ka go direla Jehofa, go ne go tla ba kgothatsa le bone. Ka jalo, o ne a kwala jaana: “Jaanong ke eletsa gore lo itse, bakaulengwe, gore dilo tse di ntiragaletseng di diragetse ka tsela e e dirang gore dikgang tse di molemo di tswelele pele, mme e seng ka tsela e nngwe e sele, mo e leng gore dikgole tsa me di itsilwe phatlalatsa seoposengweng le Keresete mo gare ga Badisa botlhe ba Mmusimogolo le ba bangwe botlhe.” (Bafil. 1:12, 13) Fa Paulo a ne a ba bolelela maitemogelo ano a gagwe a a kgothatsang, e ne e le tsela ya gore a ipele a bo a itumele le bakaulengwe ba gagwe. Bafilipi le bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipela le Paulo. Le fa go ntse jalo, gore ba kgone go dira jalo ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba kgobega marapo ka ntlha ya se Paulo a neng a lebane le sone. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. (Bafil. 1:14; 3:17) Mo godimo ga moo, Bafilipi ba ne ba ka tswelela ba umaka Paulo mo dithapelong tsa bone le go mo naya thuso epe fela le kemonokeng e ba neng ba ka kgona go mo naya yone.—Bafil. 1:19; 4:14-16.

A le rona re bontsha moya wa boipelo fela jaaka Paulo a ne a dira? A re lwela go bona dilo tse di itumedisang mo maemong a rona a botshelo le mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete? Fa re kopane mmogo le bakaulengwe ba rona, go molemo go ipela ka ntlha ya tiro ya go rera. Ga go tlhokege gore re letele maitemogelo a a sa tlwaelegang gore re dire jalo. Gongwe re kgonne go dira gore mongwe a kgatlhegele molaetsa wa Bogosi ka go dirisa matseno mangwe kgotsa tlhaloso nngwe e e molemo. Gongwe re nnile le motlotlo o o molemo le mong wa ntlo ka temana nngwe ya Baebele. Kgotsa gongwe fa re ne re le mo bodireding, mongwe o ile a lemoga gore re Basupi ba ga Jehofa mme seo ka bosone sa naya bosupi jo bo molemo. Go tlotla ka maitemogelo a a ntseng jalo ke tsela ya go ipela mmogo.

Bontsi jwa batho ba ga Jehofa ba ithontshitse dilo dingwe e bile ba sa ntse ba di ithontsha gore ba dire tiro ya go rera. Babulatsela, balebedi ba ba etang, maloko a Bethele, barongwa le batlhanka ba boditšhabatšhaba ba dira ka natla mo tirelong ya nako e e tletseng mme ba a ipela fa ba ntse ba dira jalo. A re a ba itumelela e bile re ipela le bone? Fa go ntse jalo, a re bontsheng go anaanela ‘badirimmogo le rona ba ba rategang ba bogosi jwa Modimo.’ (Bakol. 4:11) Fa re le mmogo kwa dipokanong tsa phuthego kgotsa kwa dikopanong tsa Bokeresete tse dikgolo, re ka ba kgothatsa ka lorato. Gape re ka etsa sekao sa bone sa go tlhagafala. Mme re ka dira “sebaka” sa go reetsa maitemogelo a bone le dikakgelo tsa bone tse di agang, ka go ba tshola sentle, gongwe ka go ba laletsa go tla go ja dijo le rona.—Bafil. 4:10.

Ipele Le ba Ba Lebaneng le Diteko

Go itshokela pogiso le go fenya diteko go ne ga nonotsha boikemisetso jwa ga Paulo jwa go nna a ikanyega mo go Jehofa. (Bakol. 1:24; Jak. 1:2, 3) Go itse gore bakaulengwe kwa Filipi ba ne ba ka lebana le diteko tse di tshwanang le tseo, le gore ba ne ba tla kgothadiwa ke boitshoko jwa gagwe, go ne ga mo naya lebaka la go ipela le go itumela le bone. Ka jalo, o ne a kwala jaana: “Lo ne lwa newa tshiamelo mo boemong jwa ga Keresete, e seng fela ya go dumela mo go ene, mme le ya go boga mo boemong jwa gagwe. Gonne lo kgaratlha ka tsela e e tshwanang le e lo e boneng mo go nna le e e tshwanang le e jaanong lo utlwang kaga yone mo go nna.”—Bafil. 1:29, 30.

Le gompieno, Bakeresete ba lebana le kganetso ka ntlha ya go naya bosupi. Ka dinako dingwe, kganetso eno e nna ya thubakanyo, le fa go ntse jalo, gantsi ga e masisi go le kalo. E ka nna ya tla ka mokgwa wa go latofadiwa ka maaka ke batlhanogi, go sotliwa ke ba lelapa, go kgobiwa ke batho ba re berekang le bone kgotsa ba re tsenang sekolo le bone. Jesu o ne a re tlhagisa gore diteko tseno ga di a tshwanela go re gakgamatsa kgotsa go re kgoba marapo. Go na le moo, di re naya mabaka a go ipela. O ne a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.”—Math. 5:11, 12.

Ga re a tshwanela go tshoga kgotsa go boifa fa re utlwa gore bakaulengwe ba rona ba lebana le pogiso e e botlhoko kwa dinageng tse dingwe. Go na le moo, re tshwanetse go itumelela boitshoko jwa bone. Re ka ba rapelela, re kopa Jehofa gore a nonotshe tumelo le boitshoko jwa bone. (Bafil. 1:3, 4) Le fa go se sepe se se kalo se re ka se direlang bakaulengwe bao ba ba rategang, re ka thusa ba ba mo phuthegong ya rona ba ba lebaneng le diteko. Re ka ba kgatlhegela le go ba ema nokeng. Re ka batla ditshono tsa go ipela le bone ka gore ka dinako dingwe re ba laletse go tla go nna le rona mo maitseboeng a Kobamelo ya Lelapa, re dire mmogo le bone kwa bodireding kgotsa re intshe bodutu le bone.

Re na le mabaka a le mantsi a go ipela mmogo! A re lwantsheng moya wa lefatshe leno wa go itlhaola mme re tswelele re itumela le bakaulengwe ba rona. Ka go dira jalo, re tla bo re dira gore go nne le lorato le kutlwano mo phuthegong gape re tla itumelela bokaulengwe jwa Bokeresete ka botlalo. (Bafil. 2:1, 2) Ee, “ka metlha ipeleng mo Moreneng,” ka gonne Paulo o re rotloetsa jaana: “Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!”—Bafil. 4:4.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]

Globe: Courtesy of Replogle Globes