Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”

“Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”

“Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”

“Jehofa o ntloleditse . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—ISA. 61:1, 2.

1. Ke eng se Jesu a neng a se direla ba ba hutsafetseng, mme ka ntlha yang?

JESU KERESETE o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Joh. 4:34) Fa Jesu a ne a diragatsa kabelo e a e neilweng ke Modimo, o ne a bontsha dinonofo tse dikgolo thata tsa ga Rraagwe. Lorato lo logolo lwa ga Jehofa ke nngwe ya tsone. (1 Joh. 4:7-10) Moaposetoloi Paulo o ne a nopola tsela nngwe e Jehofa a bontshang lorato loo ka yone fa a ne a mo tlhalosa e le “Modimo wa kgomotso yotlhe.” (2 Bakor. 1:3) Jesu o ne a supa lorato loo fa a ne a dira se se boleletsweng pele mo boporofeting jwa ga Isaia. (Bala Isaia 61:1, 2.) Jesu o ne a bala go tswa mo boporofeting joo a le kwa sinagogeng ya kwa Nasaretha mme a lebisa mafoko a jone mo go ene. (Luke 4:16-21) Mo bodireding jotlhe jwa ga Jesu, o ne a gomotsa ba ba hutsafetseng ka lorato, a ba kgothatsa le go dira gore ba nne le kagiso ya mogopolo.

2, 3. Ke eng fa balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go mo etsa ka go gomotsa batho?

2 Balatedi botlhe ba ga Jesu ba tshwanetse go mo etsa ka go gomotsa ba ba hutsafetseng. (1 Bakor. 11:1) Paulo o ne a re: “Nnang lo gomotsane lo bo lo agane, fela jaaka tota e bile lo dira.” (1 Bathes. 5:11) Segolobogolo re tshwanetse go gomotsa ba bangwe, e re ka jaanong batho ba lebane le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Tim. 3:1) Batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang go ralala lefatshe lotlhe, ba kopana le batho ba mafoko a bone le ditiro di bakang kutlobotlhoko le mahutsana.

3 Fela jaaka boporofeti jwa Baebele bo ile jwa bolelelapele, mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, bontsi jwa batho ke “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” Mekgwa e e ntseng jalo gone jaanong e etegela pele go feta le fa e le leng pele ka gonne ‘batho ba ba boikepo le maferefere ba tswelela ba sulafalela pele.’—2 Tim. 3:2-4, 13.

4. Go diragetse eng ka maemo a lefatshe mo motlheng wa rona?

4 Dilo tseno tsotlhe ga di a tshwanela go re gakgamatsa, ka gonne Lefoko la Modimo le re tlhalosetsa sentle gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Joh. 5:19) “Lefatshe lotlhe,” le akaretsa dipolotiki, bodumedi le dilo tsa kgwebo mmogo le metswedi ya dithuto tsa maaka. Kwantle ga pelaelo, go a tshwanela gore Satane Diabolo a bidiwe “mmusi wa lefatshe” le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (Joh. 14:30; 2 Bakor. 4:4) Maemo mo lefatsheng lotlhe a tswelela go senyegela pele ka gonne Satane yo jaanong a galefileng thata, o a itse gore o na le nako e e khutshwane fela e e setseng pele ga Jehofa a mo tlosa mo tseleng. (Tshen. 12:12) Ruri go a gomotsa go itse gore boitshoko jo Modimo a itshoketseng Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo ka jone, bo tla tloga bo fela le gore kgang e Satane a e tsositseng malebana le bolaodi jwa ga Jehofa e tla rarabololwa!—Gen., kgao. 3; Jobe, kgao. 2.

Dikgang Tse di Molemo di Rerwa mo Lefatsheng Lotlhe

5. Boporofeti jo bo malebana le tiro ya go rera bo diragadiwa jang mo malatsing ano a bofelo?

5 Mo nakong eno e e thata ya hisitori ya batho, se Jesu a se boleletseng pele se a diragadiwa. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Math. 24:14) Tiro eno e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go neela bosupi malebana le Bogosi jwa Modimo e ntse e tswelela e gola ka selekanyo se segolo. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 7 500- 000, ba ba leng mo diphuthegong tse di fetang 107 000 mo lefatsheng lotlhe, ba rera ka Bogosi jwa Modimo, fela jaaka Jesu le ene a ne a rera le go ruta ka jone. (Math. 4:17) Batho ba ba hutsafetseng ba gomotsega thata, ka ntlha ya tiro e re e dirang gompieno ya go rera. Kana e bile, mo dingwageng tse pedi tsa bosheng go ile ga kolobediwa batho ba le 570 601 gore e nne Basupi ba ga Jehofa!

6. O akanya eng ka selekanyo sa tiro ya rona ya go rera?

6 Re kgona go lemoga selekanyo se segolo sa tiro eno ya go rera fa re ela tlhoko gore Basupi ba ga Jehofa jaanong ba ranola le go anamisa dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse di fetang 500. Ga go ise go bonwe sepe se se tshwanang le seo mo hisitoring yotlhe ya batho! Go nna gone ga phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng, tiro ya yone le go gola ga yone ruri go a gakgamatsa. Seno se ne se ka se direge mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane, kwantle ga kaelo le thuso ya moya o o boitshepo o o maatla wa Modimo. E re ka dikgang tse di molemo di rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni, badumedimmogo le rona le batho ba ba hutsafetseng ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi, ba ipelela kgomotso e e tswang mo Dikwalong.

Go Gomotsa Baobamedimmogo le Rona

7. (a) Ke eng fa re ka se ka ra lebelela gore Jehofa a tlose maemo otlhe a a ngomolang pelo gone jaanong? (b) Re itse jang gore re ka kgona go itshokela pogiso le pitlagano?

7 Mo lefatsheng leno le le tletseng ka boikepo le pogo, ga go ka tsela e ka yone re ka se lebaneng le maemo mangwe a a ngomolang pelo. Ga re ka ke ra lebelela gore Modimo a tlose dilo tsotlhe tse di bakang go sa itumele kgotsa kutlobotlhoko, go fitlha a senya tsamaiso eno ya dilo. Go ntse go le jalo, e re ka re ema nokeng bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, fa re ntse re lebane le pogiso e e boleletsweng pele, bothokgami jwa rona mo go ene bo nna mo kotsing. (2 Tim. 3:12) Le fa go ntse jalo, e re ka re thusiwa le go gomodiwa ke Rraarona yo o kwa legodimong, re ka tshwana le Bakeresete ba batlodiwa ba kwa Thesalonika wa bogologolo, ba ba neng ba itshokela dipogiso le dipitlagano ka boitshoko le ka tumelo.—Bala 2 Bathesalonika 1:3-5.

8. Go na le bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore Jehofa o gomotsa batlhanka ba gagwe?

8 Ga go pelaelo gore Jehofa o naya batlhanka ba gagwe kgomotso e ba e tlhokang. Ka sekai, fa Kgosigadi Jesebele yo o boikepo a ne a batla go bolaya moporofeti Elija, moporofeti yono o ne a felelwa ke bopelokgale mme a tshaba, mme e bile o ne a re o batla go swa. Le fa go ntse jalo, go na le gore Jehofa a kgaleme Elija, o ne a mo gomotsa a bo a mo naya bopelokgale jwa gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya boporofeti. (1 Dikg. 19:1-21) Gape re ka kgona go bona gore Jehofa o gomotsa batho ba gagwe fa re sekaseka maitemogelo a phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka sekai, re bala ka nako e “phuthego mo Judea yotlhe fela le Galalea le Samarea [e neng] ya tsena mo lobakeng lwa kagiso, e agiwa.” Mo godimo ga moo, “ka e ne e tsamaya ka go boifa Jehofa le ka go gomodiwa ke moya o o boitshepo e ne ya nna ya ntsifala.” (Dit. 9:31) Ruri re a itumela gore le rona re “gomodiwa ke moya o o boitshepo”!

9. Ke eng fa go ithuta ka ga Jesu go ka re gomotsa?

9 E re ka re le Bakeresete, re gomodiwa ke go ithuta ka ga Jesu Keresete le go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:28-30) Go ithuta ka tsela e e kgothatsang e Jesu a neng a dirisana le batho ka yone, go tswa foo, re bo re latela sekao sa gagwe se se molemo go ka re thusa thata go fokotsa kgatelelo e re ka lebanang le yone.

10, 11. Mo phuthegong, ke bomang ba ba ka gomotsang ba bangwe?

10 Gape re ka gomodiwa ke Bakeresetemmogo le rona. Ka sekai, akanya kafa bagolwane mo phuthegong ba thusang ba ba lebaneng le maemo a a ngomolang pelo ka gone. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “A go na le motho yo o bobolang [semoyeng] mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele.” Mme diphelelo e tla nna dife? “Thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.” (Jak. 5:14, 15) Maloko a mangwe a phuthego le one a ka mo gomotsa.

11 Gantsi basadi ba fitlhela go le motlhofo go buisana ka mathata a a farologaneng a ba nang le one. Segolobogolo bokgaitsadi ba ba godileng e bile ba na le maitemogelo, ba ka kgona go naya bokgaitsadi ba basha kgakololo e e molemo. Basadi bano ba Bakeresete ba ba godileng ba ka tswa ba ile ba lebana le maemo a a ntseng jalo mo botshelong jwa bone. Kutlwelobotlhoko ya bone le dinonofo tsa bosadi di ka thusa thata. (Bala Tito 2:3-5.) Gone ke boammaaruri gore bagolwane le batho ba bangwe ba ka kgona go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e tshwenyegileng’ mo gare ga rona, e bile ba tshwanetse go dira jalo. (1 Bathes. 5:14, 15) E bile go molemo go nna re gakologetswe gore Modimo o ‘re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ope fela wa pitlagano.’—2 Bakor. 1:4.

12. Ke eng fa go le botlhokwa go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete?

12 Sengwe se se botlhokwa thata se se ka re thusang gore re gomotsege, ke go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa re kgothadiwang ka metlotlo ya Baebele gone. Re bala gore Judase le Silase ba ne “ba kgothatsa bakaulengwe ka dipuo di le dintsi ba bo ba ba nonotsha.” (Dit. 15:32) Pele le morago ga dipokano tsa rona, maloko a phuthego a nna le metlotlo e e agang. Ka jalo, le fa re boga ka ntlha ya boemo bongwe jo bo ngomolang pelo, a re se itlhaoleng, ka gonne go dira jalo ga go kitla go tokafatsa maemo. (Dia. 18:1) Go na le moo, go tla bo go le molemo gore re latele kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”—Baheb. 10:24, 25.

Gomodiwa ke Lefoko la Modimo

13, 14. Bontsha kafa Dikwalo di ka re gomotsang ka gone.

13 Le fa re ka tswa re le Bakeresete ba ba kolobeditsweng kgotsa re le batho ba ba sa tswang go ithuta ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe, re ka gomodiwa thata ke Lefoko la Modimo le le kwadilweng. Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Dikwalo tse di Boitshepo di ka re gomotsa mme tsa dira gore re “tshwanelege ka botlalo, [re] tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Tim. 3:16, 17) Go itse boammaaruri ka maikaelelo a Modimo le go nna le tsholofelo ya mmatota ka isagwe, ruri go tla re gomotsa thata. Ka jalo, mma re diriseng ka botlalo Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di ka re gomotsang le go re solegela molemo ka ditsela tse dintsi.

14 Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo ka go ruta le go gomotsa ba bangwe a dirisa Dikwalo. Ka sekai, nako nngwe fa a tlhagelela mo barutweng ba gagwe morago ga tsogo, o ne a ‘bula Dikwalo ka botlalo’ fa a ne a bua le barutwa ba gagwe ba babedi. Fa a ntse a bua le bone, dipelo tsa bone di ne tsa tlhotlheletsega thata. (Luke 24:32) Moaposetoloi Paulo o ne a latela sekao se se molemo sa ga Jesu ka go “bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong.” Kwa Berea bareetsi ba gagwe “ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi.” (Dit. 17:2, 10, 11) A bo go tshwanela jang ne gore re bale Baebele letsatsi le letsatsi gore re solegelwe molemo ke yone le ke dikgatiso tsa Bokeresete tse di diretsweng go re gomotsa le go re naya tsholofelo mo metlheng eno ya mathata!

Ditsela Tse Dingwe Tse re ka Gomotsang ba Bangwe ka Tsone

15, 16. Dilo dingwe tse re ka di dirang go thusa Bakeresetemmogo le rona le go ba gomotsa ke dife?

15 Re ka thusa Bakeresetemmogo le rona le go ba gomotsa ka ditsela tse di farologaneng tse di molemo. Ka sekai, re ka nna ra thusa badumedimmogo le rona ba ba lwalang kgotsa ba ba tsofetseng ka go ba ela mabenkeleng go ya go ba batlela dilo tse ba di tlhokang. Re ka nna ra thusa ba bangwe ba bone ka ditiro tsa mo lapeng, ka go dira jalo re bontsha gore re a ba kgatlhegela. (Bafil. 2:4) Gongwe re ka akgola baobamedimmogo le rona ka dinonofo tsa bone tse di molemo tse di jaaka, lorato lwa bone, tsela e ba kgonang go rarabolola mathata ka yone, bopelokgale le tumelo ya bone.

16 Re ka leka go gomotsa bagodi ka go ba etela le go reetsa ka kelotlhoko se ba re bolelelang sone ka maitemogelo a bone a nako e e fetileng le masego a ba a boneng mo tirelong ya ga Jehofa. Tota e bile, seno se ka nna sa re kgothatsa le go re gomotsa! Re ka nna ra bala Baebele kgotsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le ba re ba etelang. Gongwe re ka sekaseka setlhogo sa beke eo sa Thuto ya Tora ya Tebelo kgotsa se se tla ithutiwang mo Thutong ya Baebele ya Phuthego mo bekeng eo. Re ka nna ra leba le bone DVD e e buang ka Baebele. Mme gape re ka ba balela kgotsa ra ba anela ka maitemogelo mangwe a a kgothatsang a a fitlhelwang mo dikgatisong tsa rona.

17, 18. E re ka re le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ke eng fa re ka tlhomamisega gore o tla re ema nokeng le go re gomotsa?

17 Fa re lemoga gore mongwe yo re obamelang Jehofa mmogo le ene o tlhoka kgomotso, re ka mo umaka fa re rapela re le nosi. (Bar. 15:30; Bakol. 4:12) Fa rona ka borona re ntse re itshokela mathata a botshelo e bile re batla go gomotsa ba bangwe, re ka nna le tumelo le go tlhatswega pelo fela jaaka mopesalema yo o neng a opela jaana: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa. Ga a kitla a letlelela mosiami go reketla le ka motlha.” (Pes. 55:22) Eleruri, ka metlha Jehofa o tla re gomotsa le go re ema nokeng, e re ka re le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

18 Modimo o ne a bolelela baobamedi ba gagwe ba bogologolo jaana: “Nna—ke nna Yo o lo gomotsang.” (Isa. 51:12) Le rona Jehofa o tla re direla jalo mme o tla segofatsa ditiro tsa rona tse di molemo le mafoko a rona fa re ntse re gomotsa ba ba hutsafetseng. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, mongwe le mongwe wa rona a ka gomodiwa ke mafoko ano a Paulo a neng a a kwalela Bakeresetemmogo le ene ba ba tloditsweng ka moya: “E kete Morena wa rona Jesu Keresete ka boene le Modimo Rraarona, yo o neng a re rata a ba a naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, a ka gomotsa dipelo tsa lona a ba a lo nitamisa mo tirong nngwe le nngwe le mo lefokong lengwe le lengwe le le molemo.”—2 Bathes. 2:16, 17.

A o A Gakologelwa?

• Tiro ya rona ya go gomotsa ba ba hutsafetseng e aname go le kana kang?

• Dilo dingwe tse re ka di dirang go gomotsa ba bangwe ke dife?

• Go na le bosupi bofe jwa Dikwalo jo bo bontshang gore Jehofa o gomotsa batho ba gagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o nna le seabe mo go gomotseng ba ba hutsafetseng?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Basha le bagolo ba ka gomotsa ba bangwe