Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Bona Boipelo mo ‘Tshiamelong ya go Aba ka Bopelonomi’?

A o Bona Boipelo mo ‘Tshiamelong ya go Aba ka Bopelonomi’?

A o Bona Boipelo mo ‘Tshiamelong ya go Aba ka Bopelonomi’?

BAKERESETE ba bogologolo ba kwa Filipi ba ne ba itsege ka go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri ka bopelotshweu. Mo lekwalong le le tlhotlheleditsweng le moaposetoloi Paulo a neng a ba kwalela lone, o ne a re: “Ke leboga Modimo wa me ka metlha fa ke lo gopola mo mokokotlelong mongwe le mongwe wa me ka lona lotlhe, jaaka ke isa mokokotlelo wa me ka boipelo, ka ntlha ya moneelo o lo o diretseng dikgang tse di molemo go tswa letsatsing la ntlha go fitlha mo nakong eno.” (Bafil. 1:3-5) Paulo o ne a gakologelwa sentle gore fa Lidia le ba lelapa la gagwe ba ne ba kolobediwa, Lidia o ne a kopa gore Paulo le ditsala tsa gagwe tse a neng a rera le tsone ba nne mo ntlong ya gagwe.—Dit. 16:14, 15.

Nakwana morago ga foo, phuthego e e sa tswang go tlhomiwa kwa Filipi e ne ya romelela Paulo dilwana gabedi fa a ne a nna le badumedimmogo le ene dibeke di le mmalwa kwa Thesalonika, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 160. (Bafil. 4:15, 16) Dingwaga di le mmalwa moragonyana, fa bakaulengwe ba kwa Filipi le ba bangwe ba kwa Makedonia ba ne ba aparetswe ke “lehuma le legolo” le pogisego, ba ne ba utlwela gore Bakeresete ba ba neng ba bogisiwa kwa Jerusalema ba ne ba tlhoka thuso, mme ba ne ba batla go ba thusa. Paulo o ne a ba tlhomamisetsa gore seno se ne “se feta seo tota ba neng ba se kgona.” Le fa go ntse jalo, o ne a kwala jaana: “Ba ne ba nna ba re kopa tshiamelo ya go aba ka bopelonomi.”—2 Bakor. 8:1-4; Bar. 15:26.

Dingwaga di ka nna lesome morago ga gore Bafilipi ba nne Bakeresete, ba ne ba sa ntse ba bontsha moya oo wa bopelotshweu. Morago ga go utlwa gore Paulo o ne a le kwa kgolegelong kwa Roma, ba ne ba roma Epaforodito yo o neng a tsamaya dikilometara di le 1 287 mo nageng le mo lewatleng a tshotse dilwana a di isetsa moaposetoloi yono. Kwantle ga pelaelo, Bafilipi ba ne ba batla go tlamela Paulo gore a nne a tswelele a nonotsha bakaulengwe le gore a tswelele a rera, le fa a ne a golegilwe.—Bafil. 1:12-14; 2:25-30; 4:18.

Le gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba go tsaya e le tshiamelo go ema nokeng tiro ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Ba dirisa nako ya bone, maatla le madi go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Lebokose le le fa tlase le bontsha ditsela tse dingwe tse ka tsone le wena o ka emang tiro eno e re e neilweng ke Modimo nokeng.

[Mabokoso mo go tsebe 22, 23]

DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko gore ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a kwadilweng “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo ya madi e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. (Meneelo e e ntshiwang ka go rata e e bontshitsweng mo karolong e e fa tlase le yone e ka nna ya romelwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya gaeno.) Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower Society.” Dibenyane le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le le khutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO ABA MO GO RULAGANTSWENG

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka nna wa kwadisiwa gore le one o amogele madi a inshorense morago ga loso lwa gago kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Diakhaonto Tsa Banka: Diakhaonto tsa banka, diakhaonto tsa go beeletsa madi (certificate of deposit) kgotsa diakhaonto tsa phenshene di ka dirwa gore fa o tlhokafala, madi a tsone a abelwe Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa go dumalana le melao ya banka e o e dirisang.

Ditoko le Dibonto (Stocks and Bonds): Ditoko le dibonto di ka abelwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e le dimpho tse o sa di beelang melelwane kgotsa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e ka kwalwa gore e nne yone e newang madi a gago fa o sena go tlhokafala.

Ditsha le Dikago: Ditsha le dikago di ka abiwa e le mpho e o sa e beelang melelwane kana fa e le lefelo la bonno go kwalwe gore mong wa lone o tla tswelela a nna mo go lone fa a sa ntse a tshela. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago ka leina la mokgatlho.

Diwili le Di-Trust: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa ka wili e e kwadilweng semolao, kgotsa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e ka kwadisiwa gore e nne yone e abelwang madi a tumalano ya trust. Fa mokgatlho wa bodumedi o abelwa madi a trust, mokgatlho o o abelwang madi le motho yo o a abang a ka nna a se ka a duedisiwa lekgetho.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office ka mogala kana ka go e kwalela mo atereseng e e kwadilweng fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067

Krugersdorp

1740

South Africa

Nomoro ya mogala: 011 761 1323