Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Baagi ba Nakwana” mo Lefatsheng le le Boikepo

“Baagi ba Nakwana” mo Lefatsheng le le Boikepo

“Baagi ba Nakwana” mo Lefatsheng le le Boikepo

“Bano botlhe ba ne . . . ba na le tumelo, . . . ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.”—BAHEB. 11:13.

1. Jesu o ne a re boemo jwa balatedi ba gagwe ke bofe malebana le lefatshe?

JESU o ne a bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Ba mo lefatsheng.” Mme o ne a tlhalosa jaana: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Joh. 17:11, 14) Ka jalo, Jesu o ne a tlhalosa sentle boemo jwa balatedi ba gagwe ba boammaaruri malebana le “tsamaiso eno ya dilo” e modimo wa yone e leng Satane. (2 Bakor. 4:4) Le fa ba ne ba tshela mo lefatsheng leno le le boikepo, ba ne ba se kitla ba nna karolo ya lone. Boemo jwa bone mo tsamaisong eno e ne e tla nna jwa “baeng le baagi ba nakwana.”—1 Pet. 2:11.

Ba ne Ba Tshela e le “Baagi ba Nakwana”

2, 3. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Enoke, Noa, Aborahame le Sara ba ne ba tshela e le “baeng le baagi ba nakwana”?

2 Go tswa mo metlheng ya bogologolo batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ne ba farologane le batho ba lefatshe le le boikepo le ba neng ba nna mo go lone. Pele ga Morwalela, Enoke le Noa ba ne ba “tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Gen. 5:22-24; 6:9) Boobabedi e ne e le bareri ba ba pelokgale ba dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le lefatshe le le boikepo la ga Satane. (Bala 2 Petere 2:5; Jude 14, 15.) E re ka ba ne ba tsamaya le Modimo mo lefatsheng le le bosula, Enoke o ne a ‘itumedisa Modimo sentle’ mme Noa ene o ne a “itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.”—Baheb. 11:5; Gen. 6:9.

3 Aborahame le Sara ba ne ba reetsa kopo ya Modimo mme ba tlogela manobonobo a motse wa Ure wa Bakaladia mme ba amogela kgwetlho ya go tshela e le bakgarakgatshegi mo nageng e sele. (Gen. 11:27, 28; 12:1) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tumelo Aborahame, e rile a bidiwa, a utlwa ka go tswa a ya mo lefelong le a neng a laoletswe go le amogela e le boswa; mme o ne a tswa, le mororo a ne a sa itse kwa a yang gone. Ka tumelo o ne a aga e le moeng mo lefatsheng la tsholofetso jaaka mo lefatsheng la seeng, a ba a nna mo megopeng le Isake le Jakobe, baruaboswa le ene ba yone tsholofetso eo.” (Baheb. 11:8, 9) Fa Paulo a bua ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, o ne a re: “Bano botlhe ba ne ba swa ba na le tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso, mme ba ne ba di bona di le kgakala thata ba bo ba di amogela mme ba bolela phatlalatsa gore e ne e le batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.”—Baheb. 11:13.

Baiseraele ba a Tlhagisiwa

4. Baiseraele ba ne ba newa tlhagiso efe pele ga ba nna baagi mo lefatsheng la bone?

4 Ditlogolwana tsa ga Aborahame e leng Baiseraele, ba ne ba nna bantsi mme kgabagare ba rulaganngwa go nna setšhaba se se nang le molao le lefatshe. (Gen. 48:4; Dute. 6:1) Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go lebala gore tota Mong wa lefatshe la bone, e ne e le Jehofa. (Lefi. 25:23) Ba ne ba tshwana le bahiri ba ba patelesegang go ikobela dikeletso tsa Mong wa bone. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwanetse go gopola gore “motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi”; ba ne ba sa tshwanela go letla dikhumo gore di ba lebatse Jehofa. (Dute. 8:1-3) Pele ga Baiseraele ba nna mo lefatsheng la bone, ba ne ba tlhagisiwa jaana: “Go tla diragala gore fa Jehofa Modimo wa gago a go tsenya mo lefatsheng le a neng a le ikanela borragomogologolwane e leng Aborahame, Isake le Jakobe gore o tla le go naya, metse e megolo le e mentle e o sa e agang, le matlo a a tletseng dilo tsotlhe tse di molemo e bile e le a o sa a tlatsang, le megobe e e epilweng e o sa e epang, masimo a mofine le ditlhare tsa motlhware tse o sa di jalang, mme o tla bo o jele o kgotshe, itise gore o se ka wa lebala Jehofa.”—Dute. 6:10-12.

5. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a latlha Baiseraele, mme o ne a itlhophela setšhaba sefe se sesha?

5 Baiseraele ba ne ba dira sone se Jehofa a neng a ba tlhagisitse gore ba se ka ba se dira. Mo motlheng wa ga Nehemia, setlhopha sa Balefi se ne sa tlhabiwa ke ditlhong fa se gopola se se neng sa direga morago ga gore Baiseraele ba simolole go nna mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Fa Baiseraele ba sena go nna mo matlong a manobonobo le go nna le letlepu la dijo le beine, ba ne “ba simolola go ja le go kgotsofala le go nona.” Ba ne ba tsuologela Modimo, ba bo ba bolaya baporofeti ba a neng a ba rometse kwa go bone go ba tlhagisa. Ka jalo, Jehofa o ne a ba neela mo diatleng tsa baba ba bone. (Bala Nehemia 9:25-27; Hos. 13:6-9) Moragonyana mo pusong ya Baroma, Bajuda ba ba se nang tumelo ba ne ba bo ba bolaya Mesia yo o solofeditsweng! Jehofa o ne a ba latlha mme a itlhophela setšhaba se sesha, Iseraele wa semoya.—Math. 21:43; Dit. 7:51, 52; Bagal. 6:16.

“Ga lo Karolo ya Lefatshe”

6, 7. (a) O ka tlhalosa jang se Jesu a neng a se bolela ka boemo jwa balatedi ba gagwe malebana le lefatshe? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba sa tshwanela go nna karolo ya tsamaiso ya ga Satane?

6 Jaaka go bontshitswe pelenyana mo setlhogong seno, Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete e bong Jesu Keresete o ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang gore balatedi ba gagwe ba ka se nne karolo ya lefatshe, e leng tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana nakwana pele ga loso lwa gagwe: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”—Joh. 15:19.

7 Fa Bokeresete bo ntse bo anama, a Bakeresete ba ne ba tshwanetse go amogela lefatshe, ba inyalanya le mekgwa ya lone le go nna karolo ya lone? Nnyaa. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba nna gone, ba ne ba tshwanetse go ikgaoganya le tsamaiso ya ga Satane. Dingwaga di ka nna 30 morago ga loso lwa ga Keresete, moaposetoloi Petere o ne a kwalela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa dikarolong tse di farologaneng tsa dinaga tse di neng di laolwa ke puso ya Roma, jaana: “Baratwa, ke lo rotloetsa lo le baeng le baagi ba nakwana gore lo nne lo ithibe mo dikeletsong tsa senama, tse e leng tsone tota tse di tlhabanang le moya. Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng.”—1 Pet. 1:1; 2:11, 12.

8. Mokwalahisitori mongwe o tlhalosa jang kamano e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba na le yone le lefatshe?

8 Fa mokwalahisitori e bong Kenneth Scott Latourette a ne a tlhomamisa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itshwara jaaka “baeng le baagi ba nakwana” mo lefatsheng la Roma, o ne a kwala jaana: “Ke sengwe se se itsegeng mo hisitoring gore mo dingwageng tsa ntlha tse di makgolo a le mararo tsa go simologa ga Bokeresete, Bakeresete ba ne ba nna ba bogisiwa mme ba bogisiwa setlhogo . . . Ba ne ba latofadiwa ka dilo tse di farologaneng. E re ka ba ne ba gana go nna le seabe mo meletlong ya boheitane, Bakeresete ba ne ba bidiwa balatolamodimo. Ka gonne ba ne ba sa dire dilo tse dintsi tse batho ba ba nnang le bone ba neng ba di dira—meletlo ya boheitane, boitlosobodutu jo Bakeresete ba neng ba bo leba bo tletse ditumelo tsa boheitane, mekgwa ya jone le boitsholo jo bo sa siamang—ba ne ba sotliwa ba bidiwa batho ba ba tlhoileng batho ba bangwe.”

Go se Dirise Lefatshe ka Botlalo

9. E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re bontsha jang gore ga re “batho ba ba tlhoileng batho ba bangwe”?

9 Boemo bo ntse jang gompieno? Malebana le ‘tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo,’ le rona re itshwara ka tsela e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba itshwara ka yone. (Bagal. 1:4) Ka ntlha ya seno, bontsi jwa batho ga bo re tlhaloganye e bile bangwe ba re tlhoile. Le fa go ntse jalo, tota ga re “batho ba ba tlhoileng batho ba bangwe.” Ka go bo re rata batho, re tsamaya ka ntlo le ntlo re leka go bua le moagi mongwe le mongwe ka “dikgang tse di molemo tsa bogosi” jwa Modimo. (Math. 22:39; 24:14) Re dira seno ka gonne re tlhatswegile pelo gore go ise go ye kae puso ya Bogosi jwa ga Jehofa e e eteletsweng pele ke Keresete e tla fedisa puso ya batho ba ba sa itekanelang, mme e bo e e emisetsa ka tsamaiso e ntšha ya dilo e e siameng.—Dan. 2:44; 2 Pet. 3:13.

10, 11. (a) Ke jang re sa diriseng lefatshe ka botlalo? (b) Bakeresete ba ba kelotlhoko ba tila go dirisa lefatshe ka botlalo ka ditsela dife?

10 E re ka rona batlhanka ba ga Jehofa re bona gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo atamela ka bofefo, re lemoga gore eno ga se nako ya go tlhaba kgobe ka mmutlwa mo lefatsheng leno le le nyelelang. Re tsaya mafoko ano a ga Paulo tsia: “Seno ke a se bua, bakaulengwe, nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba . . . rekang [ba nne] jaaka ba ba se nang sepe, le ba ba dirisang lefatshe jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakor. 7:29-31) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba motlha wa gompieno ba dirisa lefatshe jang? Ba dira seno ka go dirisa thekenoloji ya sesheng le didirisiwa tsa tlhaeletsano go anamisa kitso ya Baebele mo lefatsheng lotlhe ka dipuo di le makgolokgolo. Ga ba dirise lefatshe ka botlalo gore ba itshedise. Ba reka dilo tse di tlhokegang le go batla ditirelo tse di tlhokegang tse di leng teng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ba tila go dirisa lefatshe ka botlalo ka go dira gore dithoto le mebereko ya bone e se ka ya nna dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone.—Bala 1 Timotheo 6:9, 10.

11 Bakeresete ba ba kelotlhoko ba tila go dirisa lefatshe ka botlalo malebana le thuto e e kwa godimo. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tsaya thuto e e kwa godimo e le sengwe se se tla ba thusang go nna le maemo a a kwa godimo le go huma. Mme rona Bakeresete re tshela re le baagi ba nakwana, e bile re na le mekgele e e sa tshwaneng le ya bone. Re tila go “tlhoma megopolo mo dilong tse di kwa godimo.” (Bar. 12:16; Jer. 45:5) E re ka re le balatedi ba ga Jesu re tsaya tlhagiso eno ya gagwe tsia: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Ka jalo, basha ba Bakeresete ba kgothalediwa gore ba latelele mekgele ya semoya, ba bone thuto e e lekaneng e e tla ba thusang gore ba kgone go nna le dilo tse ba di tlhokang fa ba ntse ba tlhomile mogopolo mo go ipaakanyetseng go direla Jehofa ‘ka dipelo tsa bone tsotlhe, ka moya, ka nonofo le ka mogopolo.’ (Luke 10:27) Ka go dira jalo, ba ka kgona go “huma malebana le Modimo.”—Luke 12:21; bala Mathaio 6:19-21.

Tila go Imelwa ke Ditlhobaelo Tsa Botshelo

12, 13. Go tsaya tsia tlhagiso ya ga Jesu e e mo go Mathaio 6:31-33 go re farologanya jang le batho ba lefatshe?

12 Batlhanka ba ga Jehofa ba farologane le batho ba lefatshe ka tsela e ba lebang dikhumo ka yone. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana malebana le kgang eno: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Math. 6:31-33) Go ya ka se re se itemogetseng, bontsi jwa badumedimmogo le rona ba lemogile gore Rrarona yo o kwa legodimong o ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang.

13 “Poifomodimo mmogo le kgotsofalo ke papadi e kgolo.” (1 Tim. 6:6, New International Version) Eo ke pono e e farologaneng le e batho mo lefatsheng ba nang le yone. Ka sekai, fa basha ba tsena mo lenyalong, bontsi jwa bone ba solofela go nna le sengwe le sengwe ka yone nako eo—ntlo kgotsa folete e e tletseng fanitšhara e e turang, koloi e ntle le dilo tsa bosheng tsa ileketeroniki. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tshelang e le baagi ba nakwana ga ba letle gore dikeletso tsa bone di dire gore ba reke dilo tse ba tla palelwang ke go di duelela. Eleruri, ke selo se se molemo gore batho ba le bantsi ba ithontsha botshelo jwa manobonobo e le gore ba dirise nako le maatla a bone mo tirelong ya ga Jehofa e le baboledi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi. Ba bangwe ke babulatsela, ba bangwe ba direla kwa Bethele, ba bangwe ba mo tirong ya go eta kgotsa ke barongwa. A bo rotlhe re anaanela jang ne tiro e baobamedimmogo le rona ba e direlang Jehofa ka pelo yotlhe!

14. Re ka ithuta thuto efe mo setshwantshong sa ga Jesu sa molemi?

14 Mo setshwantshong sa molemi, Jesu o ne a bua gore “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo” a ka hupetsa lefoko la Modimo mo dipelong tsa rona mme a dira gore re se ka ra ungwa. (Math. 13:22) Go tshela re kgotsofetse re le baagi ba nakwana mo tsamaisong eno ya dilo, go re thusa gore re tile go wela mo seraing seno. Mme seo se dira gore re boloke leitlho la rona “le sa raraana,” malebana le Bogosi jwa Modimo le go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona.—Math. 6:22.

“Lefatshe le a Feta”

15. Ke mafoko afe a ga moaposetoloi Johane a a supang tsela e Bakeresete ba boammaaruri ba lebang dilo ka yone le e ba itshwarang ka yone malebana le lefatshe leno?

15 Lebaka ka konokono la go bo rona Bakeresete ba boammaaruri re itsaya re le “baeng le baagi ba nakwana” mo lefatsheng leno, ke gore re tlhatswegile pelo gore lefatshe leno le gaufi le go fela. (1 Pet. 2:11; 2 Pet. 3:7) Re supa gore re dumela seno ka ditshwetso tse re di dirang mo botshelong, dilo tse re di batlang le mekgele e re ipeelang yone. Moaposetoloi Johane o ne a gakolola badumedimmogo le ene gore ba se ka ba rata lefatshe kgotsa dilo tse di mo lefatsheng ka gonne “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Joh. 2:15-17.

16. Re ka bontsha jang gore re batho ba Jehofa a ba itlhophetseng ba ba farologaneng le lefatshe?

16 Baiseraele ba ne ba bolelelwa gore fa ba ka ikobela Jehofa, ba ne ba tla nna “thuo ya [gagwe] e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” (Ekes. 19:5) Fa Baiseraele ba ne ba ikanyega, ba ne ba farologana le ditšhaba tse dingwe tsotlhe ka kobamelo le ka tsela ya bone ya botshelo. Le gompieno Jehofa o itlhophetse batho ba ba farologaneng le lefatshe la ga Satane. Re bolelelwa gore, re “gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo, fa re sa ntse re letetse tsholofelo e e itumedisang le ponatshego e e galalelang ya Modimo yo mogolo le ya Mmoloki wa rona, Keresete Jesu, yo o neng a ineela ka ntlha ya rona gore a re golole mo mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao a ba a intlafaletsa setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:11-14) “Batho” bano ba akaretsa Bakeresete ba ba tloditsweng le dimilionemilione tsa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu tse di ba thusang le go ba ema nokeng.—Joh. 10:16.

17. Ke ka ntlha yang fa batlodiwa le ditsala tsa bone ba se kitla ba ikwatlhaela go bo ba ile ba tshela e le baagi ba nakwana mo lefatsheng leno le le boikepo?

17 “Tsholofelo e e itumedisang” ya batlodiwa ke go busa le Keresete kwa legodimong. (Tshen. 5:10) Ba dinku tse dingwe ga ba kitla ba tlhola ba nna baagi ba nakwana mo lefatsheng le le boikepo, fa tsholofelo ya bone ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng e diragadiwa. Ba tla nna le matlo a mantle le letlepu la dijo le dino. (Pes. 37:10, 11; Isa. 25:6; 65:21, 22) Go farologana le Baiseraele, ga ba kitla ba lebala gore tseno tsotlhe di tswa kwa go Jehofa, “Modimo wa lefatshe lotlhe.” (Isa. 54:5) Batlodiwa le ba dinku tse dingwe ga ba kitla ba ikwatlhaela go bo ba ile ba tshela e le baagi ba nakwana mo lefatsheng leno le le boikepo.

O ka Araba Jang?

• Batlhanka ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ne ba tshela jang e le baagi ba nakwana?

• Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itshwara jang malebana le lefatshe?

• Bakeresete ba boammaaruri ga ba dirise lefatshe ka botlalo jang?

• Ke ka ntlha yang fa re se kitla re ikwatlhaela go bo re ile ra tshela re le baagi ba nakwana mo lefatsheng leno le le boikepo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ithiba mo go nneng le seabe mo boitlosobodutung jo bo nang le thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang