Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Gone Jaanong ke Golafetse Mme Ga ke A Golafalela Ruri!”

“Gone Jaanong ke Golafetse Mme Ga ke A Golafalela Ruri!”

“Gone Jaanong ke Golafetse Mme Ga ke A Golafalela Ruri!”

Jaaka go Boletse Sara van der Monde

Gantsi batho ba nthaya ba re: “Sara, o na le monyenyo o montle. Ke eng fa o nna o itumetse jaana?” Ke ba bolelela gore ke na le tsholofelo e e kgethegileng. E ka sobokanngwa ka mafoko a a reng, “Gone jaanong ke golafetse mme ga ke a golafalela ruri!”

KE TSHOTSWE ka 1974 kwa Paris, kwa Fora. Go ne ga nna le mathata fa ke tsholwa, mme moragonyana go ne ga lemogiwa gore ke na le bolwetse jwa cerebral palsy. Ke ne ke sa kgone go tsamaisa matsogo le maoto sentle mme le puo ya me e ne e sa tlhaloganyesege motlhofo. Gape ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa go wa e bile go ne go le motlhofo gore ke tshwaediwe ke megare.

Fa ke ne ke le dingwaga di le pedi, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Melbourne, kwa Australia. Dingwaga di le pedi morago fa foo, Rre o ne a re tlogela, nna le Mama. Leo e ne e le lekgetlo la ntlha le ke gopolang ke ikutlwa ke atamalane le Modimo ka lone. E re ka Mama e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ka metlha o ne a ya le nna kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke teng koo ke neng ka ithuta gore Modimo o a nthata e bile o amega ka nna. Kitso eo, mmogo le lorato lwa Mama le go nna a ntlhomamisetsa gore go tla siama, e ne ya nthusa gore ke ikutlwe ke sireletsegile le fa maemo a rona a ne a fetogile.

Gape Mama, o ne a nthuta kafa ke tshwanetseng go rapela Jehofa ka gone. Tota e bile, ke bona go le motlhofo go rapela go na le go bua. Fa ke rapela, ga ke tlhoke go tshwenyega ka go bua mafoko, mme go nna e kete ke a utlwa a kopana sentle mo mogopolong wa me. E bile, e re ka go le thata gore motho a tlhaloganye se ke se buang, go a nametsa go itse gore Jehofa ene o tlhaloganya sengwe le sengwe, le fa nka tswa ke se buela mo pelong kgotsa ke kwakwaetsa.—Pes. 65:2.

Go Lepalepana le Mathata

Fa ke ne ke le dingwaga di le tlhano, bolwetse jwa me bo ne bo etegetse pele mo ke neng ke tlhoka go tsamaya ke tsentse ditshipi tse di ntshegetsang maoto. Fa ke tsamaya, maoto a me a ne a kgwetlha. Fa ke le dingwaga di le 11, ke ne ke palelwa le ke go tsamaya. Moragonyana, ke ne ke sa kgone go palama le go fologa mo bolaong ke sa dirise motšhine o o neng o nthusa go nna mo setulong sa maotwana se se tsamayang ka enjene e nnye se ke neng ke se laola ka letsogo.

Gone ke a itse gore ka dinako dingwe bogole jwa me bo nkgoba marapo. Fa go le jalo, ke gakologelwa moano wa lelapa la gaetsho: “O se ka wa tshwenyega ka dilo tse o sa kgoneng go di dira. Tswelela o dira se o kgonang go se dira.” Seno se nthusitse gore ke kgone go dira dilo tse di jaaka go palama pitse, go tsamaya ka mokoro, go kgweetsa mokorwana, go kampa, tota le go kgweetsa koloi mo tseleng e e sa dirisiweng ke batho ba le bantsi! Gape ke bontsha bokgoni jwa me ka go taka, go roka, go dira di-duvet, go kgabisa matsela le go dira dilo tsa letsopa.

E re ka ke golafetse thata, bangwe ba ile ba belaela gore a nka kgona go itirela tshwetso ya go obamela Modimo. Fa ke le dingwaga di le 18, morutisi mongwe kwa sekolong o ne a nthotloetsa gore ke tswe kwa gae gore ke “tshabele” bodumedi jwa ga mmè. O ne a bo a re o tla nthusa go bona lefelo la bonno. Le fa go ntse jalo, ke ne ka mmolelela gore ga nka ke ka tlogela tumelo ya me le gore ke tla tswa kwa gae fa ke ikutlwa ke siametse go nna ke le esi.

Nakwana morago ga go bua le morutisi yoo wa me, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Dingwaga di le pedi morago ga foo, ke ne ka fudugela mo foleteng e nnye. Fano ke itumelela kgololesego ya go nna ke le esi le kemonokeng e ke e newang.

Kopo e ke Neng Ke sa E Lebelela

Mo dingwageng tse di fetileng, ke ile ka lebana le maemo mangwe a a lekang tumelo ya me. Letsatsi lengwe, ke ne ka gakgamala fa moithutimmogo le nna—yo le ene a golafetseng—a ne a nkopa lenyalo. Kwa tshimologong ke ne ke itumetse e bile ke ikutlwa ke le motho wa botlhokwa. Fela jaaka lekgarebe lengwe le lengwe, ke eletsa go nna le monna yo o ka nnyalang. Le fa go ntse jalo, go bo roobabedi re golafetse, ga go tlhomamise gore re tla nna le lenyalo le le itumetseng. Mo godimo ga moo, lekawana leo, e ne e se Mokeresete. Dilo tse re di dumelang, tse re di dirang, le mekgele ya rona e ne e farologane gotlhelele. Ka jalo, re ne re ka tshela mmogo jang? Gape ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla ikobela taelo e e utlwalang sentle ya Modimo ya go nyala fela modumedimmogo le nna. (1 Bakor. 7:39) Ka jalo, ke ne ka bolelela lekawana leo ka bopelonomi gore nka se kgone go amogela kopo ya gagwe.

Tota le gompieno, ke a itse gore ke dirile tlhopho e e siameng. E bile ga ke na pelaelo gore ke tla itumela mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. (Pes. 145:16; 2 Pet. 3:13) Mme gone jaanong, ke ikaeletse go nna ke ikanyega mo go Jehofa le go kgotsofalela maemo a ke leng mo go one.

Ke tlhologeletswe letsatsi le ke tla kgonang go tlola go tswa mo setulong sa me sa maotwana ke tabogakaka. Ka nako eo, ke tla goa ke re, “Ke ne ke golafetse, mme jaanong ke fodile—go ya go ile!”