Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehu o Emela Kobamelo e E Itshekileng ka Tlhagafalo

Jehu o Emela Kobamelo e E Itshekileng ka Tlhagafalo

Jehu o Emela Kobamelo e E Itshekileng ka Tlhagafalo

JEHU o ne a emela kobamelo e e itshekileng ka tlhagafalo. Fa a ne a dira tiro eno o ne a le matlhagatlhaga, a le bonako, a ikemiseditse, a tlhoafetse e bile a le pelokgale. Jehu o ne a bontsha dinonofo tse go ka nnang molemo fa re ka di etsa.

Jehu o amogetse taelo fa setšhaba sa Iseraele se ne se le mo seemong se se maswe. Jesebele yo e neng e le motlholagadi wa ga Ahabe le mmaagwe kgosi e e neng e busa e bong Jehorame, o ne a tlhotlheletsa naga eo ka tsela e e boikepo. O ne a rotloetsa batho gore ba obamele Baale go na le gore ba obamele Jehofa, a bolaya baporofeti ba Modimo e bile a leswefatsa batho ka “dikgokafalo” le ka “boloi” jwa gagwe. (2 Dikg. 9:22; 1 Dikg. 18:4, 13) Jehofa o ne a laela gore ntlo yotlhe ya ga Ahabe e fedisiwe go akaretsa Jehorame le Jesebele. Jehu e ne e le ene yo o tshwanetseng go etelela tiro eo pele.

Fa Dikwalo di simolola go umaka Jehu, o ne a ntse le balaodi ba masole fa Baiseraele ba ne ba lwa le Baasiria kwa Ramothe-gileade. Jehu e ne e le modiredimogolo wa maemo a a kwa godimo, gongwe e bile e le molaodi wa masole a Iseraele. Moporofeti Elisha o ne a romela mongwe wa bomorwa baporofeti go ya go tlotsa Jehu gore e nne kgosi le go mo laela gore a bolaye banna botlhe ba ntlo ya ga Ahabe ya batlhanogi.—2 Dikg. 8:28; 9:1-10.

Fa badiredibagolo mmogo le Jehu ba ne ba mmotsa lebaka la go bo moporofeti yono a ne a mo etetse, Jehu o ne a okaoka go ba bolelela. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba mo pateletsa go bua, o ne a ba bolelela boammaaruri, mme ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go logela Jehorame leano. (2 Dikg. 9:11-14) Go ka direga gore bangwe ba bone ba ne ba sa rate melao ya ntlo ya segosi le tlhotlheletso ya ga Jesebele e bile ba ne ba le kgatlhanong le yone. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, Jehu o ne a akanya ka kelotlhoko tsela e e molemo e a ka diragatsang taelo eno ka yone.

Kgosi Jehorame o ne a gobaditswe kwa ntweng mme o ne a ikgogetse morago a boetse kwa Jesereele a solofetse gore o tla fola. Jehu o ne a itse gore, gore leano la gagwe le atlege, dikgang tseno di ne di sa tshwanela go fitlha kwa Jesereele. O ne a re: “Lo se ka lwa letla ope go falola mo motseng go ya go bega kwa Jesereele.” (2 Dikg. 9:14, 15) Gongwe o ne a akanya gore masole mangwe a a ikanyegang mo go Jehorame a ne a tla mo ema kgatlhanong. Jehu o ne a batla go tlhomamisa gore ga ba bone tshono ya go mo ema kgatlhanong.

O KGWEETSA KA LOBELO LO LO BOITSHEGANG!

E le gore a ba tshoganyetse, Jehu o ne a kgweetsa kara ya gagwe ya ntwa sekgala sa dikilometara di le 72, go tswa Ramothe-gileade go ya Jesereele. Fa a ntse a kgweetsa ka lobelo lo logolo go ya kwa lefelong leo, molebedi yo o mo toreng o ne a bona “bontsi jo bo boitshegang jwa banna ba ga Jehu.” (2 Dikg. 9:17) Go ka direga gore Jehu o ne a tsamaya le masole a mantsi e le go tlhomamisa gore o diragatsa boikaelelo jwa gagwe.

Fa molebedi yoo a lemoga gore Jehu yo o pelokgale o ne a le mo go nngwe ya dikara tseo, o ne a goa jaana: “O kgweetsa ka botsenwa.” (2 Dikg. 9:20) Fa e le gore Jehu o ne a tlwaetse go kgweetsa jalo, lobelo lo a neng a kgweetsa ka lone mo lekgetlong leno le tshwanetse la bo le ne le boitshega tota.

Fa Jehu a sena go gana go bua le barongwa ba babedi ba ba neng ba rometswe kwa go ene, o ne a kopana le Kgosi Jehorame le kgosi ya Juda e bong Ahasia ba ba neng ba dirile semphato, mongwe le mongwe wa bone a le mo kareng ya gagwe. Jehorame o ne a mmotsa jaana: “A go na le kagiso, Jehu?” mme a mo araba jaana: “Go ka nna le kagiso efe fa fela go sa ntse go na le dikgokafalo tsa ga Jesebele mmago le boloi jwa gagwe jo bontsi?” E re ka Jehorame a ne a gakgamadiwa ke karabo eno, o ne a retologa gore a tshabe. Le fa go ntse jalo, Jehu o ne a le bonako go mo gaisa! O ne a ntsha bora, a hula Jehorame a bo a mo phunyeletsa pelo, mme kgosi ya wela mo kareng ya yone ya swa. Le fa Ahasia a ne a kgona go tshaba, moragonyana Jehu o ne a mmatla mme a laela gore a bolawe.—2 Dikg. 9:22-24, 27.

Motho yo mongwe mo ntlong ya ga Ahabe yo o neng a tshwanetse go bolawa e ne e le Kgosigadi Jesebele yo o boikepo. Go ne go tshwanela gore Jehu a mo kaye e le “yo o hutsegileng yono.” Fa Jehu a tsena mo Jesereele, o ne a mmona a lebile kwa tlase go tswa mo fensetereng ya ntlo ya segosi. Jehu ga a ka a bua dilo tse dintsi, o ne a laela badiredi ba ntlo ya segosi gore ba latlhele Jesebele kwa tlase ka fensetere. Go tswa foo o ne a dira gore dipitse tsa gagwe di gatake motho yono yo o neng a leswefaditse Iseraele yotlhe. Morago ga foo, Jehu o ne a tswelela go bolaya bontsi jwa maloko a mangwe a ntlo ya ga Ahabe yo o boikepo.—2 Dikg. 9:30-34; 10:1-14.

Le fa tshololo ya madi e le sengwe se se sa itumediseng, re tshwanetse go gopola gore mo metlheng eo, Jehofa o ne a dirisa batlhanka ba gagwe go diragatsa dikatlholo tsa gagwe. Baebele ya re: “Go wa ga ga Ahasia go ne ga direga go tswa kwa Modimong ka go tla ga gagwe kwa go Jehorame; e rile a tla, a tswa le Jehorame ba ya kwa go Jehu morwa ngwana wa ga Nimeshi, yo Jehofa a neng a mo tloditse gore a fedise ntlo ya ga Ahabe.” (2 Ditir. 22:7) Fa Jehu a laela gore setopo sa ga Jehorame se ntshiwe mo kareng ya gagwe mme se latlhwe, o ne a lemoga gore seo se ne se diragatsa tsholofetso ya ga Jehofa ya go otlhaya Ahabe ka go bo a bolaile Nabothe. Mo godimo ga moo, Jehu o ne a laetswe gore a ‘busolose madi a batlhanka ba Modimo,’ a Jesebele a a tsholotseng.—2 Dikg. 9:7, 25, 26; 1 Dikg. 21:17-19.

Gompieno batlhanka ba ga Jehofa ga ba lwe le baganetsi ba kobamelo e e itshekileng ka tsela ya mmatota. Modimo a re: “Pusoloso ke ya me.” (Baheb. 10:30) Mme gone, go sireletsa phuthego mo ditlhotlheletsong tse di bosula, bagolwane ba Bakeresete ba ka nna ba tshwanelwa ke go bontsha bopelokgale jo bo tshwanang le jwa ga Jehu. (1 Bakor. 5:9-13) Maloko otlhe a phuthego a tshwanetse go ikemisetsa go tila go dirisana le batho ba ba kgaotsweng.—2 Joh. 9-11.

JEHU O NE A SA LETLE GORE JEHOFA A PATAGANNGWE LE OPE

Maitlhomo a ga Jehu a go diragatsa taelo e a neng a e neilwe a bonala mo mafokong a a latelang a a neng a a bolelela Jehonadabe yo o ikanyegang: “Tsamaya le nna mme o bone kafa ke sa letleng ka gone gore Jehofa a pataganngwe le ope.” Jehonadabe o ne a amogela taletso eo, a tsena mo kareng ya ga Jehu mme a ya le ene kwa Samarea. Teng koo, Jehu o ne “a dira ka bonweenwee, ka boikaelelo jwa go senya baobamedi ba ga Baale.”—2 Dikg. 10:15-17, 19.

Jehu o ne a itsise gore o ikaeletse go direla Baale “setlhabelo se segolo.” (2 Dikg. 10:18, 19) Mokanoki mongwe a re: “Fano Jehu o ne a tshameka ka mafoko ka tsela e e botlhale.” Le fa polelwana e e dirisitsweng fano “ka tlwaelo e kaya ‘setlhabelo,’ gape e dirisediwa go kaya go ‘kgemethiwa’ ga batlhanogi.” E re ka Jehu a ne a sa batle gore ope fela wa baobamedi ba ga Baale a fetwe ke tiragalo eno, o ne a ba kokoanya botlhe mo ntlong ya ga Baale mme a dira gore ba apare diaparo tse di tlhomologileng. “Fela fa a fetsa go isa tshupelo e e fisiwang,” Jehu o ne a laela banna ba le 80 ba ba tlhometseng gore ba kgemethe baobamedi ba ga Baale. Go tswa foo, o ne a dira gore ntlo ya ga Baale e senngwe, mme lefelo le e neng e agilwe mo go lone le dirwe ntlo ya boithomelo, a dira gore le se ka la tshwanela kobamelo.—2 Dikg. 10:20-27.

Gone ke boammaaruri gore Jehu o ne a tsholola madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di mo tlhalosa e le monna yo o pelokgale yo o neng a golola Iseraele mo kgatelelong ya taolo ya ga Jesebele le lelapa la gagwe. Gore moeteledipele ope fela wa Iseraele a atlege go dira seno, o ne a tshwanetse go nna monna yo o pelokgale, yo o ititeileng sehuba le yo o tlhagafetseng. Dikishinare nngwe ya Baebele e tlhalosa jaana: “E ne e le tiro e e thata mme e ne ya dirwa ka manontlhotlho. Fa a ka bo a sa nna setlhogo jalo, gongwe a ka bo a paletswe ke go fedisa kobamelo ya ga Baale gotlhelele mo Iseraele.”

Ga go pelaelo gore re kgona go bona gore maemo a Bakeresete ba lebanang le one gompieno a ba tlhoka gore ba bontshe dinonofo dingwe tse Jehu a neng a na le tsone. Ka sekai, re tshwanetse go itshwara jang fa re raelwa go dira sengwe se Jehofa a se kgalang? Re tshwanetse go nna bonako, re nne pelokgale re bo re tlhagafalele go gana go se dira. Fa go tla mo boineelong jwa rona jwa bomodimo, ga re a tshwanela go letla gore Jehofa a pataganngwe le ope.

TLHOKOMELA GORE O TSAMAYA MO MOLAONG WA GA JEHOFA

Pego eno e konela ka go re naya tlhagiso. Jehu ‘ga a ka a fapoga mo go saleng morago dinamane tsa gauta kwa Bethele le kwa Dana.’ (2 Dikg. 10:29) Go kgonega jang gore motho yo go neng go lebega a tlhagafetse jaana, a tlhagafaletse kobamelo e e itshekileng, a letlelele kobamelo ya medingwana?

Jehu a ka tswa a ne a dumela gore, gore bogosi jwa Iseraele bo ikemele go tswa mo go Juda, magosi ao a mabedi a ne a tshwanetse go kgaogana ka bodumedi. Ka jalo, fela jaaka dikgosi tse di fetileng tsa Iseraele, o ne a leka go a boloka a kgaogane ka go tsweletsa kobamelo ya namane. Mme gone, seno se ne se tla bontsha gore o ne a se na tumelo mo go Jehofa, yo o neng a mo dirile kgosi.

Jehofa o ne a akgola Jehu ka gonne o ne ‘a dirile se se siameng mo matlhong a Modimo.’ Le fa go ntse jalo, “Jehu ga a ka a tlhokomela go tsamaya mo molaong wa ga Jehofa Modimo wa Iseraele ka pelo ya gagwe yotlhe.” (2 Dikg. 10:30, 31) Seno se a gakgamatsa e bile se utlwisa botlhoko, fa o akanya ka sotlhe se Jehu a neng a se dira pelenyana. Le fa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe mo go seno. Le ka motlha, ga re a tshwanela go tseela kamano ya rona le Jehofa kwa tlase. Letsatsi le letsatsi re tshwanetse go lwela go ikanyega mo Modimong ka go ithuta Lefoko la gagwe, go tlhatlhanya ka lone le go rapela Rraarona yo o kwa legodimong go tswa pelong. Ka jalo, a re nneng re tlhokometse gore re dira sotlhe se re se kgonang go nna re tsamaya mo molaong wa ga Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa rona.—1 Bakor. 10:12.

[Lebokoso mo go tsebe 4]

Jehu o Umakiwa mo Hisitoring ya Lefatshe

Gantsi batshwayadiphoso ba belaela gore a tota batho ba ba umakilweng mo Dikwalong ba kile ba tshela. Ka jalo, a go na le bosupi jo bongwe gape kwantle ga jo bo leng mo Baebeleng jo bo malebana le Jehu?

Go na le makwalo a ka nna mararo a a tswang kwa Asiria wa bogologolo a a umakang kgosi eno ya Iseraele ka leina. Lengwe la one le bolela fa le bontsha Jehu kgotsa gongwe mongwe wa barongwa ba gagwe, a obama fa pele ga Kgosi Shalamanesere III wa Asiria mme a mo naya mpho. Mokwalo o o mo setshwantshong seo o balega jaana: “Mpho ya ga Jehu (Ia-ú-a), morwa Omeri (Hu-um-ri); go tswa mo go ene ke amogetse selefera, gauta, sejana sa saplu sa gauta, nkgwana ya gauta e e motsu kwa tlase, digalase tsa gauta, dikgamelo tsa gauta, thini, lore lwa kgosi, (le) puruhtu e e dirilweng ka logong [bokao jwa lefoko leno ga bo itsiwe].” Jehu e ne e se “morwa Omeri,” le fa go ntse jalo, polelwana eno e dirisiwa go tlhalosa tatelano ya dikgosi tsa Iseraele, gongwe ka gonne Omeri o ne a tumile le ka go bo a ile a aga motsemogolo wa Iseraele e leng Samarea.

Ga go ka ke ga tlhomamisiwa boammaaruri jwa se kgosi ya Asiria e neng ya se bolela malebana le mpho e Jehu a neng a mo naya yone. Le fa go ntse jalo, o umaka Jehu ka makgetlo a le mararo—mo lejeng le le gabilweng, mo sefikantsweng sa ga Shalamanesere le mo dipegong tsa ditiragalo tsa dikgosi tsa Asiria. Ditshupiso tseno di dira gore re se ka ra belaela gore ruri motho yono yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o kile a tshela.