“O se Ka wa Ikaega ka Tlhaloganyo ya Gago”
“O se Ka wa Ikaega ka Tlhaloganyo ya Gago”
“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.”—DIA. 3:5.
1, 2. (a) Re ka nna ra lebana le maemo afe? (b) Re tshwanetse go ikaega ka mang fa re lebane le maemo a a ngomolang pelo, fa re tshwanetse go dira ditshwetso kgotsa fa re lwantsha dithaelo, mme ka ntlha yang?
MOTHAPI wa ga Cynthia * o setse a tswetse dikarolo dingwe tsa khampani ya gagwe e bile o lebogisitse badiri ba le mmalwa tiro. Cynthia o akanya gore jaanong go tla latela ene. O tla dira eng fa a ka latlhegelwa ke tiro? O tla duela jang dikoloto tsa gagwe? Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Pamela o batla go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone, mme a o tshwanetse go ya koo? Lekawana le le bidiwang Samuel le lebane le boemo jwa mofuta o o farologaneng. O simolotse go leba ditshwantsho tse di hepisang a sa ntse a le monnye. Gone jaanong Samuel o mo dingwageng tsa bo20, o raelesega thata go boela kwa mokgweng oo. A ka fenya jang thaelo eo?
2 O ikaega ka mang fa o lebane le maemo a a ngomolang pelo, fa o dira ditshwetso tse di botlhokwa kgotsa fa o lwantsha dithaelo? A o ikaega ka wena, kgotsa a o “latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa”? (Pes. 55:22) Baebele ya re: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pes. 34:15) Ka jalo, ruri go botlhokwa gore re ikanye Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe le gore re se ka ra ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona!—Dia. 3:5.
3. (a) Go ikanya Jehofa go akaretsa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa gantsi batho ba ikaega ka ditlhaloganyo tsa bone?
3 Go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe go akaretsa go dira dilo ka tsela ya gagwe, go ya ka thato ya gagwe. Sa botlhokwa thata ke go tswelela re mo atamela ka thapelo le go mo kopa go tswa pelong gore a re kaele. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go ikaega ka botlalo ka Jehofa. Ka sekai, kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Lynn a re: “Ke sa ntse ke lwela go ithuta go ikaega ka botlalo ka Jehofa.” Ka ntlha yang? O tswelela ka go re: “Ga ke na kamano le rre, mmè le ene o ne a sa ntlhokomele mo maikutlong le ka dilo tse ke neng ke di tlhoka. Ka jalo, ka bonako fela ke ne ka ithuta go itlhokomela.” Tsela e Lynn a godileng ka yone e dirile gore go nne thata gore a ikanye ope fela ka botlalo. Bokgoni jo motho a ka nnang le jone le go atlega ga gagwe di ka dira gore a ikaege ka boene fela. Mogolwane a ka ikaega ka maitemogelo a gagwe mme a simolola go rarabolola dikgang tsa phuthego kwantle ga go rapela Modimo pele.
4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 Jehofa o lebeletse gore re dire bojotlhe jwa rona gore re tshele go dumalana le dithapelo tsa rona le go dira se se tsamaisanang le thato ya gagwe. Ka jalo, re itse jang gore ke leng re tshwanetseng go letla Jehofa go rarabolola bothata jo bo boima jo re nang le jone le gore ke leng rona re tshwanetseng go leka go bo rarabolola? Fa go tla mo go direng ditshwetso, ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko? Ke eng fa thapelo e le botlhokwa fa re leka go lwantsha dithaelo? Re tla sekaseka dipotso tseno ka go tlhatlhoba dikai tse di mo Baebeleng.
Fa o Le mo Tlalelong
5, 6. Hesekia o ne a dira eng fa a tshosediwa ke kgosi ya Asiria?
5 Fa Baebele e bua ka Kgosi Hesekia wa Juda 2 Dikg. 18:5, 6) Hesekia o ne a dira eng fa Kgosi Senakeribe wa Asiria a ne a romela baemedi ba gagwe—go akaretsa le Rabeshake—mmogo le mophato o mogolo wa masole kwa Jerusalema? Sesole se segolo sa Asiria se ne se setse se gapile metse e le mmalwa e e sireleditsweng ya Juda, mme jaanong, Senakeribe o ne a tlhomile Jerusalema matlho. Hesekia o ne a ya kwa ntlong ya ga Jehofa mme a simolola go rapela jaana: “Tlhe Jehofa Modimo wa rona, re boloke, tsweetswee, mo seatleng sa gagwe, gore magosi otlhe a lefatshe a tle a itse gore wena, Jehofa, o Modimo o le nosi.”—2 Dikg. 19:14-19.
ya re: “A nna a ngaparela Jehofa. A se ka a fapoga mo go mo saleng morago, mme a tswelela a boloka ditaelo tsa gagwe tse Jehofa a neng a di laetse Moshe.” Ee, “o ne a ikanya Jehofa Modimo wa Iseraele.” (6 Hesekia o ne a dira go dumalana le thapelo ya gagwe. Tota le pele a ya kwa tempeleng go ya go rapela, o ne a laela batho gore ba se ka ba araba ditshotlo tsa ga Rabeshake. Gape Hesekia o ne a romela baemedi kwa go moporofeti Isaia gore ba ye go batla kgakololo ya gagwe. (2 Dikg. 18:36; 19:1, 2) Hesekia o ne a dira sotlhe se a neng a tshwanetse go se dira. Ga a ka a leka go rarabolola bothata ka go dira sengwe se se sa tsamaisaneng le thato ya ga Jehofa ka go batla kemonokeng e e tswang kwa Egepeto kgotsa mo ditšhabeng tsa baagelani. Go na le gore Hesekia a ikaege ka tlhaloganyo ya gagwe, o ne a ikanya Jehofa. Fa moengele wa ga Jehofa a sena go bolaya banna ba ga Senakeribe ba le 185 000, Senakeribe o ne a “tswa a tsamaya” a boela kwa Ninife.—2 Dikg. 19:35, 36.
7. Thapelo ya ga Hana le ya ga Jona di ka re gomotsa jang?
7 Hana, mosadi wa ga Elekana wa Molefi, le ene o ne a ikaega ka Jehofa fa a ne a ngomogile pelo ka ntlha ya go sa kgone go tshola ngwana. (1 Sam. 1:9-11, 18) Moporofeti Jona le ene o ne a gololwa mo mpeng ya tlhapi e kgolo morago ga go rapela jaana: “Ke ne ka tlhaeletsa kwa go Jehofa ke le mo matshwenyegong a me, mme a nkaraba. Ke ne ka goa ke le mo mpeng ya Sheole ke kopa thuso. O ne wa utlwa lentswe la me.” (Jona 2:1, 2, 10) Ruri go a gomotsa go itse gore le fa maemo a rona a ka nna maswe go le kana kang, re ka ipiletsa kwa go Jehofa ka “kopo ya . . . go utlwelwa botlhoko”!—Bala Pesalema 55:1, 16.
8, 9. Fa Hesekia, Hana le Jona ba rapela ba ile ba bua ka dilo dife tse di ba tshwenyang, mme re ithuta eng mo go seno?
8 Gape sekao sa ga Hesekia, sa ga Hana le sa ga Jona se re ruta thuto e e botlhokwa ka se re sa tshwanelang go se lebala fa re rapela re le mo maemong a a thata. Batho bano ba bararo ba ne ba utlwa botlhoko mo maikutlong fa ba lebane le mathata. Le fa go ntse jalo, dithapelo tsa bone di ne di bontsha gore ba ne ba sa amega fela ka bobone le gore ba tswe mo mathateng a ba nang le one. Dilo tse di neng di le botlhokwa thata mo go bone e ne e le leina la Modimo, go mo obamela le go dira thato ya gagwe. Hesekia o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore leina la ga Jehofa le ne le kgobiwa. Hana o ne a solofeditse gore o tla ntsha morwawe yo a neng a mo rata thata gore a direle kwa motlaaganeng o o neng o le kwa Shilo. Mme Jona ene o ne a re: “Se ke se ikanetseng, ke tla se diragatsa.”—Jona 2:9.
9 Fa re rapelela gore re gololwe mo maemong a a thata, go botlhale gore re sekaseke maitlhomo a rona. A re amegile fela ka go bona thuso ya bothata jo re nang le jone kgotsa a re nna re akantse ka Jehofa le maikaelelo a gagwe? Go boga go ka dira gore re amege ka mathata a rona mo e leng gore go amega ka dilo tsa semoya, e ka nna selo se se tlang kwa morago. Fa re rapela Jehofa gore a re thuse, a re se lebaleng go nna re akantse ka ene, go itshepisa leina la gagwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Go dira jalo go ka re thusa gore re nne le pono e e siameng tota le fa re sa bone tharabololo e re neng re e solofetse. Karabo ya dithapelo tsa rona e ka nna gore re tshwanetse go itshokela boemo jo re leng mo go jone ka thuso ya Modimo.—Bala Isaia 40:29; Bafilipi 4:13.
Fa o Dira Ditshwetso
10, 11. Jehoshafate o ne a dira eng fa a lebane le boemo jo a neng a sa itse gore o tla bo rarabolola jang?
10 O dira jang ditshwetso tse di masisi mo botshelong? A gongwe o dira tshwetso pele
mme go tswa foo o bo o rapela Jehofa gore a segofatse tshwetso e o e dirileng? Akanya ka se kgosi ya Juda e bong Jehoshafate a se dirileng fa masole a Bamoabe le a Baamone a ne a ikopantse go lwa kgatlhanong le ene. Juda e ne e sa nonofa go ka lwa le masole ao. Jehoshafate o ne a tla dira eng?11 Baebele ya re: “Jehoshafate a boifa mme a ikemisetsa go batla Jehofa.” O ne a laela batho botlhe ba Juda gore ba itime dijo mme a phutha batho botlhe “go tla go botsa Jehofa.” Go tswa foo, o ne a ema mo phuthegong ya Juda le ya Jerusalema mme a bo a rapela. O ne a kopa jaana mo thapelong eo: “Ao tlhe Modimo wa rona, a ga o kitla o diragatsa katlholo mo go bone? Gonne mo go rona ga go na maatla fa pele ga boidiidi jo bogolo jono jo bo re tsogologelang; mme rona ka borona ga re itse gore re dire eng, mme matlho a rona a kwa go wena.” Modimo wa boammaaruri o ne a reetsa thapelo ya ga Jehoshafate mme a ba golola ka kgakgamatso. (2 Ditir. 20:3-12, 17) Fa re dira ditshwetso, segolobogolo tse di ka amang bomoya jwa rona, a ga re a tshwanela go ikanya Jehofa go na le gore re ikaege ka tlhaloganyo ya rona?
12, 13. Kgosi Dafide o re tlhometse sekao sefe sa go dira ditshwetso?
12 Re tshwanetse go dira eng fa re lebane le maemo a a ka bonalang a le motlhofo go a rarabolola—gongwe maitemogelo a re kileng ra nna le one a dira gore re akanye ka tharabololo ka bonako? Pego e e ka ga Kgosi Dafide e re tlhaba botlhale ka kgang eo. Fa Baamaleke ba ne ba thopa motse wa Sikelage, ba ne ba tsaya basadi le bana ba ga Dafide mmogo le ba banna ba gagwe. Dafide o ne a botsa Jehofa jaana: “A ke lelekise setlhopha seno sa dirukutlhi?” Jehofa o ne a araba a re: “Ba lelekise, gonne ruri o tla ba wela ka tshoganyetso, mme ruri o tla golola.” Dafide o ne a dira fela jalo, mme a “golola sotlhe se Baamaleke ba neng ba se tsere.”—1 Sam. 30:7-9, 18-20.
13 Nako nngwe morago ga gore Baamaleke ba thope motse oo, Bafilisitia ba ne ba lwa le Baiseraele. Dafide o ne a botsa Jehofa gape, mme Jehofa a mo naya karabo e e utlwalang sentle. Modimo o ne a mo raya a re: “Tlhatloga, gonne ruri ke tla tsenya Bafilisitia mo diatleng tsa gago.” (2 Sam. 5:18, 19) Nakwana morago ga foo, Bafilisitia ba ne ba lwa gape le Dafide. Mo lekgetlong leno o ne a tla dira eng? A ka bo a ile a re: ‘Ke ile ka lebana le boemo jo bo tshwanang le jono gabedi mo nakong e e fetileng. Mma ke ye go lwa le baba ba Modimo jaaka ke dirile mo nakong e e fetileng.’ Kgotsa a Dafide o tla batla kaelo ya ga Jehofa? Dafide ga a ka a ikaega ka maitemogelo a gagwe a nako e e fetileng. O ne a rapela Jehofa gape. Ruri Dafide o tshwanetse a bo a ile a itumelela se a se dirileng! Mo lekgetlhong leno o ne a newa ditaelo tse di sa tshwaneng le tsa ntlha. (2 Sam. 5:22, 23) Fa re lebane le maemo a re a tlwaetseng kgotsa bothata bongwe, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ikaega fela ka maitemogelo a nako e e fetileng.—Bala Jeremia 10:23.
14. Re ka ithuta eng mo tseleng e Joshua le banna ba bagolwane ba Baiseraele ba neng ba dirisana le Bagibeone ka yone?
14 E re ka rotlhe re sa itekanela—go akaretsa le bagolwane ba ba nang le maitemogelo—re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re batle kaelo ya ga Jehofa fa re dira ditshwetso. Akanya kafa motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua le banna ba bagolwane ba Baiseraele ba neng ba arabela ka gone, fa Bagibeone ba ba botlhale ba ne ba tla kwa go bone ba itirile e kete ba tswa kwa lefatsheng le le kwa kgakala. Joshua le banna bao ba bagolwane ba ne ba dira kagiso le Bagibeone kwantle ga go botsa Jehofa mme ba dira kgolagano le bone. Le fa tota kwa bofelong Jehofa a ne a ema kgolagano ya bone nokeng, o ne a tlhomamisa gore go retelelwa ga bone go batla kaelo mo go ene, go a kwalwa mo Dikwalong gore re solegelwe molemo.—Josh. 9:3-6, 14, 15.
Fa re Lwela go Fenya Dithaelo
15. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re rapele gore re fenye thaelo.
15 E re ka re na le “molao wa boleo” o o mo Bar. 7:21-25) Eno ke ntwa e re ka e fenyang. Jang? Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore go botlhokwa gore ba rapele fa ba batla go fenya dithaelo. (Bala Luke 22:40.) Tota le fa re tswelela go nna le dikeletso le dikakanyo tse di sa siamang morago ga go rapela Modimo, re tshwanetse go “nna re kopa Modimo” gore a re neye botlhale jwa go lebana le teko eno. Re tlhomamisegile gore “o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe.” (Jak. 1:5) Jakobe gape o kwala jaana: “A go na le motho yo o bobolang [semoyeng] mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”—Jak. 5:14, 15.
ditokololong tsa rona, re tshwanetse go lwa ka natla le ditshekamelo tsa boleo. (16, 17. Fa re batla thuso ya go fenya thaelo, ke nako efe e e molemo ya go rapela?
16 Thapelo e botlhokwa go re thusa go fenya dithaelo, mme re tshwanetse go ela tlhoko botlhokwa jwa go rapela ka nako e e tshwanetseng. Akanya ka kgang ya lekawana lengwe le le umakilweng mo go Diane 7:6-23. Ka lotlatlana, o tsamaya mo mmileng o o itsegeng ka gore go na le mosadi wa seaka mo go one. E re ka a ne a mo tsietsa ka go mo tlhotlheletsa thata le ka borethe jwa dipounama tsa gagwe, o mo sala morago jaaka poo e e tlang go tlhabiwa. Ke eng fa lekawana leno le ne la ya koo? E re ka ‘a ne a se botlhale,’ se se kayang gore o ne a se na maitemogelo, go bonala a ne a na le bothata jwa dikeletso tse di sa siamang. (Dia. 7:7) Ke leng thapelo e ka bong e mo solegetse molemo thata? Ke boammaaruri gore fa a ka bo a rapeletse go fenya thaelo nako nngwe le nngwe fa a lebana le yone, go ka bo go mo thusitse. Mme gone, nako e e molemo e a ka bong a rapetse ka yone, e ka bo e ne e le fa a tlelwa ke mogopolo wa go tsamaya mo mmileng oo.
17 Gompieno, motho a ka tswa a leka ka natla go fenya go leba ditshwantsho tse di hepisang. Le fa go ntse jalo, a re re gongwe motho yoo o bula aterese nngwe mo Internet, mme o a itse gore go na le dibidio kgotsa ditshwantsho tse di hepisang. A boemo jwa gagwe ga bo tshwane le jwa lekawana le go builweng ka lone mo go Diane kgaolo 7? A bo eo e le tsela e e kotsi jang ne go simolola go tsamaya mo go yone! Gore motho a kgone go fenya thaelo ya go leba ditshwantsho tse di hepisang, o tshwanetse go kopa thuso ya ga Jehofa ka thapelo pele ga a leka go bula diaterese tse di sa siamang tsa Internet.
18, 19. (a) Ke eng fa go fenya dithaelo e le kgwetlho, mme gone o ka lebana jang le kgwetlho eo ka katlego? (b) O ikaeletse go dira eng?
18 Ga go motlhofo go fenya thaelo kgotsa mekgwa e e sa siamang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nama e kgatlhanong le moya mo keletsong ya yone, le moya o kgatlhanong Bagal. 5:17) E le gore re kgone go fenya kgwetlho eno, re tshwanetse go rapela re sa kgaotse fa re simolola go tlelwa ke dikakanyo le dithaelo tse di sa siamang go tswa foo re bo re dira go dumalana le dithapelo tsa rona. “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong,” mme ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go nna re ikanyega mo go ene.—1 Bakor. 10:13.
le nama.” Ka jalo, “tsone dilo tse [re] ratang go di dira ga [re] di dire.” (19 Le fa re ka tswa re lebane le boemo jo bo thata, go dira ditshwetso tse di masisi kgotsa go leka go fenya thaelo nngwe, Jehofa o re neile mpho e e botlhokwa thata—tshiamelo e e molemolemo ya thapelo. Ka go dirisa tshiamelo eo, re bontsha gore re ikaegile ka ene. Gape re tshwanetse go nna re kopa Modimo moya wa gagwe o o boitshepo, o o re kaelang le go re nonotsha. (Luke 11:9-13) Ka jalo, a re lekeng ka natla go ikanya Jehofa mme re se ka ra ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 1 Maina a fetotswe.
A o A Gakologelwa?
• O ithutile eng go tswa mo go Hesekia, Hana le Jona malebana le go ikanya Jehofa?
• Sekao sa ga Dafide le Joshua se gatelela jang botlhokwa jwa go nna kelotlhoko fa re dira ditshwetso?
• Ke leng segolobogolo re tshwanetseng go rapela fa re lebane le dithaelo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Gore re kgone go fenya dithaelo, ke leng thapelo e leng botlhokwa thata?