Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thapisa ba Bangwe Gore ba Leke go Tshwanelega

Thapisa ba Bangwe Gore ba Leke go Tshwanelega

Thapisa ba Bangwe Gore ba Leke go Tshwanelega

“Mongwe le mongwe yo o rutiwang sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.”—LUKE 6:40.

1. Jesu o ne a thaya motheo wa phuthego jang ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng?

FA MOAPOSETOLOI Johane a ne a konela pego ya gagwe ya Efangele, o ne a kwala jaana: “Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi gape tse Jesu a di dirileng, tse, fa go ne go diregile gore dintlha tsotlhetsotlhe tsa tsone di kwalwe ka botlalo, ke tsaya gore, lefatshe ka bolone le ne le ka se ka la tshola dikwalo tsa momeno tse di kwadilweng.” (Joh. 21:25) Dingwe tsa dilo tsotlhe tse Jesu a di fitlheletseng ka nako ya bodiredi jwa gagwe jo bokhutshwane jo a neng a bo dira ka matlhagatlhaga, e ne e le go batla banna ba ba tla salang ba etelela pele fa a wetsa botshelo jwa gagwe jwa nakwana mo lefatsheng, go ba thapisa le go ba rulaganya. Fa Jesu a ne a boela kwa legodimong ka 33 C.E., o ne a tlogela motheo wa phuthego e e neng e tla gola ka bonako go fitlha e nna le batho ba le diketekete.—Dit. 2:41, 42; 4:4; 6:7.

2, 3. (a) Ke ka ntlha yang fa go na le tlhokego e kgolo ya gore banna ba ba kolobeditsweng ba leke go tshwanelega? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

2 E re ka gompieno go na le baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng ba ba fetang dimilione di le supa mo diphuthegong tse di fetang 100 000 mo lefatsheng lotlhe, go sa ntse go tlhokega banna ba ba etelelang pele mo dilong tsa semoya. Ka sekai, bagolwane ba Bakeresete ba tlhokega thata. Batho ba ba kgaratlhelang tshiamelo eno ya tirelo ba tshwanetse go akgolwa, ka gonne ba “eletsa tiro e e molemo.”—1 Tim. 3:1.

3 Le fa go ntse jalo, ga go itiragalele fela gore banna ba tshwanelegele ditshiamelo mo phuthegong. Go nna le thuto ya lefatshe kgotsa maitemogelo a botshelo ga go baakanyetse monna tiro eno. Gore monna a direle sentle mo maemong ano, o tshwanetse gore a tshwanelege semoyeng. O tlhophiwa ka ntlha ya dinonofo tsa semoya tse a nang le tsone e seng fela ka ntlha ya bokgoni bongwe kgotsa dilo dingwe tse a di fitlheletseng. Banna ba ba mo phuthegong ba ka thusiwa jang gore ba tshwanelege? Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o rutiwang sentle o tla tshwana le morutisi wa gagwe.” (Luke 6:40) Mo setlhogong seno re tla sekaseka ditsela dingwe tse ka tsone Morutisi yo Mogolo e bong Jesu Keresete a neng a thusa barutwa ba gagwe gore ba tshwanelegele boikarabelo jo bogolo, gape re tla bona gore re ka ithuta dithuto dife go tswa mo go se a neng a se dira.

“Ke lo Biditse Ditsala”

4. Jesu o ne a itshupa jang gore ke tsala ya mmatota ya barutwa ba gagwe?

4 Jesu o ne a tshwara barutwa ba gagwe jaaka ditsala mme a sa ba tseele kwa tlase. O ne a ipha nako le bone, a ba ikanya, a bo a ba ‘itsise dilo tsotlhe tse a di utlwileng mo go Rre.’ (Bala Johane 15:15.) Akanya gore ba ne ba itumetse jang fa Jesu a ne a araba potso eno ya bone: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Math. 24:3, 4) Gape o ne a bolelela balatedi ba gagwe dikakanyo tsa gagwe le maikutlo a gagwe. Ka sekai, mo bosigong jo Jesu a neng a okiwa mo go jone, o ne a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya le bone kwa tshimong ya Gethesemane kwa a neng a rapela ka tlhoafalo gone go tswa mo pelong e e tshwenyegileng. Baaposetoloi bano ba bararo ba ka tswa ba ne ba sa utlwa se Jesu a neng a se bua fa a rapela, le fa go ntse jalo, ba tshwanetse ba bo ba ile ba lemoga bomasisi jwa tiragalo eno. (Mar. 14:33-38) Akanya gape kafa go fetolwa ponalo ga gagwe go tshwanetseng ga bo go ile ga ama boraro jono ka gone pelenyana. (Mar. 9:2-8; 2 Pet. 1:16-18) Botsala jo bogolo jo Jesu a neng a na le jone le barutwa ba gagwe e ne e le tshetledi mo go bone fa ba ne ba newa dikabelo tse di botlhokwa moragonyana.

5. Dingwe tsa ditsela tse bagolwane ba Bakeresete ba ka thusang ba bangwe ka tsone ke dife?

5 Fela jaaka Jesu, bagolwane ba Bakeresete gompieno ba nna ditsala tsa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong e bile ba batla go ba thusa. Ba lwela go nna le kamano e e lorato le badumedimmogo le bone ka go ipha nako le bone ba ba bontsha gore ba a ba kgatlhegela. Le fa ka dinako dingwe go na le dilo tse bagolwane ba ka se bueng ka tsone, ba bua le bakaulengwe ba bone ka dilo tse ba di ithutileng mo Lefokong la Modimo. Bagolwane ba ikanya bakaulengwe ba bone. Le ka motlha bagolwane ga ba tseele kwa tlase batlhanka ba bodiredi ba ba ka tswang ba le bannye mo go bone. Go na le moo, ba ba tsaya e le banna ba semoya ba ba ka nnang ba gola semoyeng, ba ba dirang tirelo e e botlhokwa mo phuthegong.

“Ke lo Tlhometse Sekao”

6, 7. Tlhalosa gore Jesu o tlhometse barutwa ba gagwe sekao sefe le gore se ba amile jang.

6 Le fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba anaanela dilo tsa semoya, ka dinako dingwe tsela e ba neng ba akanya ka yone e ne e tlhotlhelediwa ke tsela e ba godisitsweng ka yone le setso sa bone. (Math. 19:9, 10; Luke 9:46-48; Joh. 4:27) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a nna a ba tshwayatshwaya diphoso kgotsa a ba galefela. Ga a ka a ba rwesa mokgweleo ka go batla dilo tse ba ka se kgoneng go di dira kgotsa a ba bolelela gore ba dire sengwe mme ene a bo a dira sengwe se sele. Go na le moo, o ne a ba tlhomela sekao.—Bala Johane 13:15.

7 Jesu o tlogeletse barutwa ba gagwe sekao sefe? (1 Pet. 2:21) O ne a tshela botshelo jo bo sa raraanang gore a kgone go direla ba bangwe go se sepe se se mo itayang tsebe. (Luke 9:58) Jesu o ne a le boingotlo mme ka metlha se a neng a se ruta se ne se tswa mo Dikwalong. (Joh. 5:19; 17:14, 17) O ne a atamelesega e bile a le pelonomi. O ne a tlhotlhelediwa ke lorato mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira. (Math. 19:13-15; Joh. 15:12) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tlhotlhelediwa ke sekao sa gagwe se se molemo. Ka sekai, Jakobe ga a ka a boifa fa a ne a lebane le loso mme o ne a direla Modimo ka boikanyegi go fitlha a bolawa. (Dit. 12:1, 2) Johane o ne a latela dikgato tsa ga Jesu ka boikanyegi ka dingwaga tse di fetang 60.—Tshen. 1:1, 2, 9.

8. Bagolwane ba tlhomela makawana le batho ba bangwe sekao sefe?

8 Bagolwane ba ba intshang setlhabelo, ba ba boikokobetso le ba ba lorato ba tlhomela makawana sekao se ba se tlhokang. (1 Pet. 5:2, 3) Mo godimo ga moo, bagolwane ba ba tlhomang sekao mo tumelong, mo go ruteng, mo go tsheleng botshelo jwa Bokeresete le mo bodireding ba itumelela go itse gore ba bangwe ba ka etsa sekao sa bone sa tumelo.—Baheb. 13:7.

‘Jesu O ne A ba Naya Ditaelo, A bo A ba Romela’

9. Re itse jang gore Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba tswelele ka tiro ya go rera?

9 Morago ga gore Jesu a dire bodiredi jwa gagwe ka tlhagafalo mo e ka nnang dingwaga di le pedi, o ne a atolosa tiro eo ka go romela baaposetoloi ba gagwe ba le 12 go ya go rera. Mme pele ga moo, o ne a ba naya ditaelo. (Math. 10:5-14) Fa Jesu a ne a tla tloga a fepa diketekete tsa batho ka kgakgamatso, o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba rulaganye batho mme ba ba abele dijo. (Luke 9:12-17) Ka jalo, go bonala sentle gore Jesu o thapisitse barutwa ba gagwe ka go ba naya ditaelo tse di utlwalang sentle le tse di tlhamaletseng. Tsela eno e a neng a ba thapisa ka yone mmogo le tlhotlheletso e e maatla ya moya o o boitshepo, e ne ya thusa baaposetoloi gore moragonyana ba kgone go rulaganya tiro e kgolo ya go rera e e neng ya dirwa ka 33 C.E. le morago ga moo.

10, 11. Batho ba basha ba ka thapisiwa kgato ka kgato ka ditsela dife?

10 Gompieno, monna o simolola go amogela kaelo ya semoya fa a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Re ka nna ra tlhoka go mo thusa gore a bale sentle. Re tswelela re mo thusa fa re ntse re ithuta le ene Baebele. Fa a simolola go tla dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, o tla ithuta gore o tshwanetse go dira eng gore a nne le seabe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le gore e nne mmoledi yo o sa kolobediwang. Morago ga gore a kolobediwe, a ka thapisediwa dilo tse di jaaka go thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi. Fa nako e ntse e ya, mokaulengwe yoo a ka thusiwa gore a lemoge se a tshwanetseng go se dira gore a tshwanelegele go nna motlhanka wa bodiredi.

11 Fa mogolwane a naya mokaulengwe yo o kolobeditsweng kabelo, o mo tlhalosetsa tsela e e tshwanetseng e phuthego ya Bokeresete e dirang dilo ka yone a bo a mo naya ditaelo tse di tlhokegang. Mokaulengwe yo o thapisiwang o tshwanetse go tlhaloganya gore ke eng se go lebeletsweng gore a se dire. Fa mokaulengwe yoo a thatafalelwa ke go dira se a kopilweng gore a se dire, mogolwane yo o lorato ga a itlhaganelele go swetsa ka gore, ga a tshwanelege. Go na le moo, mogolwane o mmontsha gape ka bopelonomi se a tshwanetseng go se dira le gore o tshwanetse go se dira jang. Fa bagolwane ba bona banna ba tsibogela maiteko a bone a go ba thusa mme ka go dira jalo ba ipelela go direla ba bangwe, seo se dira gore bagolwane ba itumele.—Dit. 20:35.

“Yo o Reetsang Kgakololo o Botlhale”

12. Ke eng se se dirileng gore kgakololo ya ga Jesu e nne mosola?

12 Jesu o ne a thapisa barutwa ba gagwe ka go ba naya kgakololo e ba neng ba e tlhoka ka nako e e tshwanetseng. Ka sekai, o ne a kgalema Jakobe le Johane ka gonne ba ne ba batla go bitsa molelo gore o fologe kwa legodimong mme o nyeletse Basamarea bangwe ba ba neng ba sa mo amogela. (Luke 9:52-55) Fa mmaagwe Jakobe le Johane a ne a atamela Jesu a kopa gore bomorwaawe ba newe maemo a a kwa godimo mo Bogosing, Jesu o ne a raya Jakobe le Johane a re: “Go nna kafa seatleng sa me sa moja mono le kafa go sa molema ga se ga me go go aba, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” (Math. 20:20-23) Ka metlha Jesu o ne a naya batho kgakololo e e utlwalang sentle, e e ba thusang gore ba itse gore ba dire eng mo maemong a a farologaneng le e e theilweng mo melaometheong ya Modimo. O ne a ruta barutwa ba gagwe gore fa ba baya mabaka, ba dirise melaometheo eo. (Math. 17:24-27) Gape Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ga ba a itekanela e bile go na le dilo dingwe tse ba neng ba sa kgone go di dira. Kgakololo ya gagwe e ne e tlhotlhelediwa ke lorato lwa mmatota.—Joh. 13:1.

13, 14. (a) Ke mang yo o tlhokang kgakololo? (b) Naya dikai tsa kgakololo e mogolwane a ka e nayang mongwe yo o sa gateleng pele semoyeng.

13 Monna mongwe le mongwe yo o gagamalelang boikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete o tlhoka kgakololo ya Dikwalo ka nako nngwe mo botshelong. Diane 12:15 ya re: “Yo o reetsang kgakololo o botlhale.” Mokaulengwe mongwe yo mosha a re: “Kgwetlho e kgolo e ke neng ke na le yone e ne e le go lebana le bosaitekanelang jwa me. Kgakololo e mogolwane mongwe a neng a nnaya yone e ne ya nthusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.”

14 Fa bagolwane ba ela tlhoko gore boitsholo bongwe jo bo belaetsang jwa monna mongwe bo koafatsa bomoya jwa gagwe, ba tsaya kgato go mo lolamisa ka moya o o bonolo. (Bagal. 6:1) Ka dinako dingwe motho a ka tlhoka go newa kgakololo ka gonne a na le bokoa bongwe mo bothong jwa gagwe. Ka sekai, fa go bonala mokaulengwe mongwe a itsemeletsa, mogolwane a ka bona go le molemo go mmontsha gore Jesu e ne e le mmoledi yo o tlhoafetseng wa Bogosi yo o neng a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa. (Math. 28:19, 20; Luke 8:1) Fa mokaulengwe mongwe a bonala a rata maemo, mogolwane a ka mmontsha kafa Jesu a neng a thusa barutwa ba gagwe ka teng go bona dikotsi tsa go batla go tlhagelela. (Luke 22:24-27) Go tweng fa mokaulengwe a na le mokgwa wa go sa itshwarele batho ba bangwe? Setshwantsho sa motlhanka yo o neng a sa batle go itshwarela mongwe yo o neng a mo kolota madi a mannye le fa ene a ne a itshwaretswe molato o mogolo, se ka mo thusa thata. (Math. 18:21-35) Fa bagolwane ba tshwanelwa ke go neela mongwe kgakololo, go molemo gore ba dire jalo ka bonako jo bo kgonegang.—Bala Diane 27:9.

“Ithapise”

15. Monna a ka thusiwa jang ke lelapa la gagwe gore a direle ba bangwe?

15 Bagolwane ba etelela pele mo go thapiseng banna gore ba kgaratlhe, mme batho ba bangwe le bone ba ka ema matsapa a bagolwane nokeng. Ka sekai, monna a ka thusiwa ke ba lelapa la gagwe e bile ba tshwanetse go mo thusa go kgaratlha. Mme fa e setse e le mogolwane, o tla solegelwa molemo ke go bo mosadi wa gagwe yo o lorato le bana ba gagwe ba ba seng pelotshetlha ba mo ema nokeng. Gore a atlege go sikara maikarabelo a gagwe go botlhokwa gore lelapa la gagwe le iketleeletse go mo naya nako ya go dira dilo tsa phuthego. Moya wa bone wa go intsha setlhabelo o dira gore a ipele e bile o anaanelwa thata ke batho ba bangwe.—Dia. 15:20; 31:10, 23.

16. (a) Ke mang yo o nang le boikarabelo jwa konokono jwa go kgaratlha? (b) Monna a ka kgaratlhela jang ditshiamelo mo phuthegong?

16 Le fa ba bangwe ba ka thusa monna yoo ba bo ba mo ema nokeng, ke ene a nang le boikarabelo jwa konokono jwa go kgaratlha. (Bala Bagalatia 6:5.) Gone ke boammaaruri gore mokaulengwe ga a tlhoke go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane gore a thuse ba bangwe le gore a nne le seabe ka botlalo mo bodireding. Le fa go ntse jalo, go kgaratlhela ditshiamelo mo phuthegong go raya gore monna o tshwanetse go lwela go fitlhelela ditshwanelego tse di mo Dikwalong. (1 Tim. 3:1-13; Tito 1:5-9; 1 Pet. 5:1-3) Ka jalo, fa monna a eletsa go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane mme a ise a tlhomiwe, o tshwanetse go lemoga gore a ka tokafatsa kae gore a kgone go gatela pele semoyeng. Gore a kgone go dira jalo o tshwanetse go nna le mmalo wa Baebele wa ka metlha, thuto ya motho a le esi, a tlhatlhanye ka tsela e e tseneletseng, a rapele go tswa pelong le go nna le seabe ka tlhoafalo mo bodireding jwa Bokeresete. Fa a dira jalo, o tla dirisa kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Timotheo: “Ithapise, mokgele wa gago e le boineelo jwa bomodimo.”—1 Tim. 4:7.

17, 18. Mokaulengwe yo o kolobeditsweng a ka dira eng fa a kgorelediwa ke maikutlo a go tlhobaela le a go inyatsa kgotsa go se na sepe se se mo tlhotlheletsang gore a kgaratlhe?

17 Mme go tweng fa monna a sa kgaratlhe ka gonne a tlhobaela kgotsa a na le maikutlo a go inyatsa? Go tla bo go le molemo gore a sekaseke kafa Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re direlang go le gontsi ka gone. Eleruri, Jehofa ‘o re rwalela morwalo letsatsi le letsatsi.’ (Pes. 68:19) Ka jalo, Rrarona yo o kwa legodimong a ka thusa mokaulengwe go sikara maikarabelo mo phuthegong. Mokaulengwe yo e seng motlhanka wa bodiredi kgotsa e se mogolwane a ka fitlhela gape go le molemo go akanyetsa kgang ya gore go na le tlhokego e kgolo ya gore banna ba ba godileng sentle ba amogele ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong ya Modimo. Fa mokaulengwe a akanya ka dintlha tseno go tla mo tlhotlheletsa gore a dire maiteko a go fenya maikutlo a a sa siamang. A ka nna a rapelela moya o o boitshepo, a akantse ka gore dinonofo tsa one di akaretsa kagiso le boikgapo—dinonofo tse di tlhokegang gore motho a fedise maikutlo a go tlhobaela le a go inyatsa. (Luke 11:13; Bagal. 5:22, 23) Mme a ka tlhomamisega ka gore Jehofa o segofatsa botlhe ba ba kgaratlhang ba na le maitlhomo a a siameng.

18 A gongwe monna yo o kolobeditsweng ga a na sepe se se mo tlhotlheletsang gore a kgaratlhe? Ke eng se se ka thusang mokaulengwe yo o se nang keletso ya go direla? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafil. 2:13) Modimo ke ene yo o dirang gore motho a nne le keletso ya go direla, e bile moya wa ga Jehofa o ka mo nonotsha gore a dire tirelo e e boitshepo. (Bafil. 4:13) Mo godimo ga moo, Mokeresete a ka rapela Modimo gore a mo thuse go dira se se siameng.—Pes. 25:4, 5

19. Go tsosiwa ga “badisa ba le supa . . . , ee, dikgosana di le robedi” go re tlhomamisetsa eng?

19 Jehofa o segofatsa maiteko a banna ba ba godileng ba a dirang go thapisa ba bangwe. Gape o segofatsa ba ba reetsang banna bano mme ba bo ba kgaratlhela ditshiamelo mo phuthegong. Dikwalo di re tlhomamisetsa gore mo bathong ba Modimo, go tla tsosiwa “badisa ba le supa . . . , ee, dikgosana di le robedi”—e leng palo e e tlhokegang ya banna ba ba nang le bokgoni—gore ba etelele pele mo phuthegong ya ga Jehofa. (Mik. 5:5) A bo e le tshegofatso e kgolo jang ne go bo go na le banna ba Bakeresete ba le bantsi ba ba thapisiwang e bile ka boikokobetso ba kgaratlhela ditshiamelo tsa tirelo gore ba bake Jehofa!

O ka Araba Jang?

• Jesu o ne a thusa jang barutwa ba gagwe gore ba tshwanelegele boikarabelo jo bogolwane?

• Bagolwane ba ka etsa Jesu jang fa ba thusa banna mo phuthegong gore ba etelele pele?

• Monna a ka thusiwa jang ke lelapa la gagwe gore a leke go tshwanelega?

• Ke eng se monna a ka se dirang gore a kgaratlhele ditshiamelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ke thapiso efe e o ka e nayang moithuti wa Baebele fa a batla go gatela pele?

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Banna ba ka bontsha jang gore ba leka go tshwanelega?