Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusang Banna go Gatela Pele Semoyeng

Thusang Banna go Gatela Pele Semoyeng

Thusang Banna go Gatela Pele Semoyeng

“Go tloga jaanong go ya pele [lo] tla bo [lo] tshwara batho ba tshela.”—LUKE 5:10.

1, 2. (a) Banna ba ne ba itshwara jang fa Jesu a ne a ba rerela? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

KA NAKO ya fa Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le mo loetong lwa go rera go ralala Galalea, ba ne ba palama mokoro mme ba ya kwa lefelong le le kwa thoko. Le fa go ntse jalo, boidiidi jwa batho bo ne jwa ba sala morago ka dinao. Ba ba neng ba ba sala morago mo letsatsing leo e ne e le “banna ba le dikete di le tlhano, kwantle ga basadi le bana ba babotlana.” (Math. 14:21) Mo lekgetlong le lengwe, boidiidi bo ne jwa tla kwa go Jesu bo eletsa gore a ba fodise e bile ba batla go mo reetsa fa a bua. Mo go bone go ne go na le “banna ba le dikete tse nnè, kwantle ga basadi le bana ba babotlana.” (Math. 15:38) Go lebega banna ba le bantsi e ne e le bangwe ba batho ba ba neng ba tla kwa go Jesu e bile ba kgatlhegela thuto ya gagwe. Tota e bile, o ne a lebeletse gore banna ba bangwe ba le bantsi ba tseye kgato ka gonne fa Jesu a sena go dira kgakgamatso ya gore barutwa ba gagwe ba tshware ditlhapi di le dintsi, o ne a bolelela morutwa wa gagwe e bong Simone a re: “Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” (Luke 5:10) Barutwa ba gagwe, ba ne ba tshwanetse go latlhela matloa a bone mo lewatleng la batho mme ba solofele go “tshwara” batho, ba ba akaretsang banna ba le bantsi.

2 Gompieno le gone, banna ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele o re ba rutang one mme ba tsaya kgato. (Math. 5:3) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa banna bo a ikgogona mme bo palelwa ke go gatela pele semoyeng. Re ka ba thusa jang? Le fa Jesu a ne a sa dira gore bodiredi jwa gagwe e nne letsholo le le kgethegileng la go batla banna, o ne a bua ka dilo tse di amang banna ba motlha wa gagwe. Mma re diriseng sekao sa gagwe go sekaseka kafa re ka thusang banna ka gone go lebana le dilo tse tharo tse di tlwaelegileng tse ba tshwenyegileng ka tsone gompieno: (1) go tlhobaela ka madi, (2) go boifa gore batho ba tla reng le (3) go inyatsa.

Fa Monna a Tlhobaela ka Madi

3, 4. (a) Banna ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka eng? (b) Ke eng fa banna bangwe ba dira gore go itshedisa go tle kwa pele ga dilo tsa semoya?

3 Mokwadi mongwe o ne a raya Jesu a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe fela kwa o tla tlogang o ya gone.” Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a mmolelela gore, “Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone” mokwadi yoo o ne a okaoka. Go bonala kgang ya go se tlhomamisege ka gore o tla bona kae dijo kgotsa o tla nna kae e ne e sa mo jese diwelang, ka gonne ga go buiwe sepe gore o ne a nna molatedi wa ga Keresete.—Math. 8:19, 20.

4 Gantsi banna ba akanya gore go nna le tiro le madi go botlhokwa go feta dilo tsa semoya. Bontsi jwa bone bo tsaya go nna le thuto e e kwa godimo le go nna le tiro e e duelang sentle e le dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone. Ba a itse gore ba tlhoka madi gore ba itshedise ka jalo, ba akanya gore madi le tiro di ka ba solegela molemo go feta go ithuta Baebele le go nna le kamano le Modimo. Se Baebele e se rutang se ka tswa se ba kgatlha, le fa go ntse jalo, “ditlhobaelo tsa tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo” di hupetsa kgatlhego epe fela e ba ka tswang ba na le yone. (Mar. 4:18, 19) Akanya kafa Jesu a ileng a thusa barutwa ba gagwe ka gone gore ba dire gore dilo tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele.

5, 6. Ke eng se se neng sa thusa Anderea, Petere, Jakobe le Johane go dira gore tiro ya go rera e nne yone e tlang pele ga tiro ya bone ya boitshediso?

5 Anderea le morwarraagwe e bong Simone Petere e ne e le badirimmogo mo kgwebong ya go tshwara ditlhapi. Mme go ne go ntse jalo le ka Johane le morwarraagwe e bong Jakobe le rraabone e bong Sebede. Kgwebo ya bone e ne e tsamaya sentle mo ba neng ba tshwanelwa ke go hira banna gore ba ba thuse. (Mar. 1:16-20) Fa Anderea le Johane ba ne ba simolola go utlwa ka ga Jesu mo go Johane Mokolobetsi, ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba bone Mesia. Anderea o ne a tlotlela morwarraagwe e bong Simone Petere dikgang tseo, mme gongwe Johane le ene o ne a bolelela morwarraagwe e bong Jakobe. (Joh. 1:29, 35-41) Mo dikgweding tse di latelang, bonè jono bo ne jwa fetsa nako le Jesu fa a ntse a rera kwa Galalea, Judea le Samarea. Go tswa foo, barutwa bano ba banè ba ne ba boela kwa kgwebong ya bone ya go tshwara ditlhapi. Ba ne ba rata dilo tsa semoya, le fa go ntse jalo, bodiredi e ne e se sengwe se se tlang pele mo go bone.

6 Nako nngwe morago ga foo, Jesu o ne a laletsa Petere le Anderea gore ba mo sale morago mme e nne “batshwari ba batho.” Bobedi jono bo ne jwa itshwara jang? “Ba tlogela matlowa ka yone nako eo, ba mo sala morago.” Jakobe le Johane le bone ba ne ba dira fela jalo. “Ba tlogela mokoro le rraabone ka yone nako eo, ba mo sala morago.” (Math. 4:18-22) Ke eng se se ileng sa thusa banna bano go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng? A ba ne ba dira tshwetso eo ka go tseega maikutlo fela ka nakwana? Le e seng! Mo dikgweding tse di fetileng, banna bano ba ne ba reetsa Jesu, ba mmona fa a dira dikgakgamatso, ba lemoga kafa a neng a tlhagafalela tshiamo ka gone, ba bo ba bona kafa batho ba neng ba tsibogela molaetsa wa gagwe ka gone. Ka ntlha ya seo, tumelo e ba neng ba na le yone mo go Jehofa le tsela e ba neng ba mo ikanya ka yone e ne ya nonofa!

7. Re ka thusa jang batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba ikanye maatla a ga Jehofa a go tlamela batho ba gagwe?

7 Re ka etsa Jesu jang go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba ikanye Jehofa? (Dia. 3:5, 6) Tsela e re rutang ka yone e ka ba thusa thata. Fa re ruta, re ka gatelela tsholofetso ya Modimo ya gore o tla re segofatsa thata fa re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele. (Bala Malaki 3:10; Mathaio 6:33.) Le fa re ka dirisa ditemana tse di farologaneng go gatelela kafa Jehofa a tlamelang batho ba gagwe ka gone, ga re a tshwanela go itlhokomolosa kafa sekao sa rona se ka ba amang ka gone. Fa re bolelela batho ba re ithutang le bone Baebele kafa Jehofa a re thusitseng ka teng, seno se ka ba thusa gore le bone ba ithute go mo ikanya. Gape re ka ba tlotlela ka maitemogelo a re badileng ka one mo dikgatisong tsa rona. *

8. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore motho yo o ithutang Baebele le ene a ‘leke mme a bone gore Jehofa o molemo’? (b) Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene go iponela kafa Jehofa a leng molemo ka gone?

8 Gore motho a nne le tumelo e e nonofileng, ga go a lekana fela gore a bale le go utlwa kafa Jehofa a segofaditseng ba bangwe ka teng. Gape moithuti wa Baebele o tshwanetse go iponela kafa Jehofa a leng molemo ka gone. Mopesalema o ne a opela jaana: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene.” (Pes. 34:8) Re ka thusa moithuti jang go bona gore Jehofa o molemo? A re re motho yo o ithutang le ene yo o nang le mathata a tsa madi gape o leka go tlogela mokgwa o o sa siamang o o jaaka go goga motsoko, go betšha, kgotsa go nwa ka tsela e e feteletseng. (Dia. 23:20, 21; 2 Bakor. 7:1; 1 Tim. 6:10) A go ruta moithuti yoo go rapelela gore Modimo a mo thuse go fenya bothata joo go ka se mo thuse gore a bone gore Jehofa o molemo? Akanya gape ka se se ka diregang fa re kgothaletsa moithuti gore a dire gore dilo tsa semoya di tle pele ka go ipha nako ya go nna le thuto ya Baebele beke le beke le go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go ya kwa go tsone. Fa a ntse a iponela kafa Jehofa a segofatsang maiteko a gagwe ka teng, ruri tumelo ya gagwe e tla nonofa!

Go Boifa Gore Batho ba Tla Reng

9, 10. (a) Ke eng fa Nikodemo le Josefa wa Arimathea ba ile ba dira gore go kgatlhegela ga bone Jesu e nne sephiri? (b) Ke ka ntlha yang fa banna bangwe gompieno ba okaoka go sala Keresete morago?

9 Banna bangwe ba ile ba okaoka go latela Keresete ka botlalo ka ntlha ya kgatelelo ya balekane. Le fa Nikodemo le Josefa wa Arimathea ba ne ba kgatlhegela Jesu, ba ne ba dira gore seo e nne sephiri ka gonne ba boifa gore Bajuda ba tla reng kgotsa ba tla dirang fa ba ka itse. (Joh. 3:1, 2; 19:38) Ba ne ba na le mabaka a go bo ba ne ba boifa. Letlhoo le baeteledipele ba bodumedi ba neng ba tlhoile Jesu ka lone, le ne le le legolo jaana mo e leng gore mongwe le mongwe yo o neng a itshupa gore o dumela mo go ene o ne a lelekwa mo sinagogeng.—Joh.9:22.

10 Mo mafelong mangwe gompieno, fa monna a kgatlhegela Modimo, Baebele kgotsa bodumedi thata, a ka nna a sotliwa ke badirimmogo le ene, ditsala kgotsa ba losika. Mo mafelong a mangwe, go ka nna ga bo ga nna kotsi gore motho a bue ka go fetola bodumedi jwa gagwe. Kgatelelo ya balekane e ka nna masisi thata fa monna e le lesole, a le mo dipolotiking kgotsa a na le maemo mangwe mo motseng. Ka sekai, monna mongwe wa kwa Jeremane o ne a re: “Se lona Basupi lo se rerang ka Baebele se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, fa nka nna Mosupi gompieno, ka moso mongwe le mongwe o tla bo a itse ka gone. Batho ba ke berekang le bone, baagisani, mmogo le batho ba nna le lelapa la me re ba itseng ba tla reng? Seo ga se se nka se kgonang.”

11. Jesu o thusitse barutwa ba gagwe jang go lepalepana le go boifa batho?

11 Le fa baaposetoloi ba ga Jesu e ne e se magatlapa, botlhe ba ne ba na le bothata jwa go boifa batho. (Mar. 14:50, 66-72) Jesu o ne a ba thusa jang go gatela pele le fa ba ne ba lebane le kgatelelo ya balekane? Jesu o ne a thusa barutwa gore ba ipaakanyetse pogiso e ba neng ba tla lebana le yone moragonyana. O ne a re: “Go itumela lona le fa e le leng fela fa batho ba lo tlhoa, gape le fa e le leng fela fa ba lo kgaphela kwa thoko ba bile ba lo kgoba ba ba ba kgaphela leina la lona kwa thoko jaaka le le boikepo ka ntlha ya Morwa motho.” (Luke 6:22) Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba itse gore ba tla kgobiwa. Ba ne ba tla kgobiwa “ka ntlha ya Morwa motho.” Gape Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore Modimo o ne a tla ba ema nokeng, fa fela ba ikaega ka Ene gore o tla ba thusa le go ba nonotsha. (Luke 12:4-12) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a laletsa batho ba basha gore ba itsalanye le barutwa ba gagwe.—Mar. 10:29, 30.

12. Re ka thusa batho ba basha jang go fenya go boifa batho?

12 Le rona re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba fenye go boifa batho. Gantsi go motlhofo go fenya kgwetlho fa o ile wa akanya ka yone pele. (Joh. 15:19) Ka sekai, ke eng fa o sa thuse moithuti gore a baakanyetse dikarabo tse di motlhofo le tse di utlwalang sentle, tse di theilweng mo Baebeleng tsa dipotso le dikganetso tse badirimmogo le ene le batho ba bangwe ba ka di tsosang? Le fa o ka tswa o le tsala ya gagwe, o ka nna wa mo itsise maloko a mangwe a phuthego, segolobogolo ba ba ka tswang ba na le boemo jo bo tshwanang le jwa gagwe. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go mo ruta go rapela ka metlha le go rapela go tswa pelong. Seno se ka mo thusa gore a atamalane le Modimo le gore a dire Jehofa Botshabelo le Lefika la gagwe.—Bala Pesalema 94:21-23; Jakobe 4:8.

Maikutlo a go Inyatsa

13. Go inyatsa go ka dira jang gore ba bangwe ba ikgogone go nna le seabe mo dilong tsa semoya?

13 Banna bangwe ba ikgogona go nna le seabe mo dilong tsa semoya, ka gonne ba sa itse go bala sentle kgotsa ba sa kgone go itlhalosa sentle kgotsa ba le ditlhong. Ba bangwe ga ba kgone go ntsha maikutlo a bone fa ba le mo gare ga batho. Fa ba akanya ka go ithuta, go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete kgotsa go bolelela ba bangwe ka tumelo ya bone, seo se ka bonala e le namane e tona ya tiro. Mokaulengwe mongwe wa Mokeresete a re: “Fa ke ne ke le mosha, ke ne ke itlhaganelela go ya kwa mojako, ke itira e kete ke letsa bele ya mojako, ke bo ke tswa ka setu, ke solofela gore ga go ope yo o mponang kgotsa yo o nkutlwang. . . . Go akanya fela ka go tsamaya ka ntlo le ntlo go ne go dira gore ke lwale.”

14. Ke eng fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba palelwa ke go fodisa mosimanyana yo o neng a na le ledimona?

14 Akanya kafa barutwa ba ga Jesu ba tshwanetseng ba bo ba ile ba ikutlwa ba inyatsa ka gone fa ba ne ba palelwa ke go fodisa mosimanyana yo o neng a na le ledimona. Rraagwe mosimane yoo o ne a tla kwa go Jesu mme a mo raya a re: “[Morwaake] o na le bolwetse jwa go karalala e bile o a lwala, gonne o wela mo molelong gantsi le mo metsing gantsi; mme ke ne ka mo tlisa mo barutweng ba gago, mme ba ne ba se ka ba kgona go mo alafa.” Jesu o ne a leleka ledimona leo, ka go dira jalo a fodisa mosimanyana yoo. Moragonyana barutwa ba ne ba tla kwa go Jesu mme ba mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go le leleka?” Jesu o ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne ammaaruri ke a lo raya, Fa lo na le tumelo ya bogolo jwa tlhaka ya mosetara, lo tla raya thaba eno lo re, ‘Fuduga fano o ye fale,’ mme e tla fuduga, ga go na sepe se se tla nnang se sa kgonege mo go lona.” (Math. 17:14-20) Motho o tshwanetse go nna le tumelo mo go Jehofa gore a kgone go fenya dikgoreletsi tse dikgolo tse di tshwanang le thaba. Go diragalang fa motho a ka latlhegelwa ke tumelo mme a bo a simolola go tlhoma mogopolo mo bokgoning jwa gagwe? Fa a ka se atlege o tla simolola go inyatsa.

15, 16. Re ka kgona jang go thusa moithuti wa Baebele go fenya maikutlo a go inyatsa?

15 Tsela e e molemo e re ka thusang motho yo o lwang le bothata jwa go inyatsa ke go mo kgothaletsa gore a tlhome mogopolo mo go Jehofa e seng mo go ene ka boene. Petere o ne a re: “Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.” (1 Pet. 5:6, 7) Seno se re tlhoka gore re thuse motho yo re ithutang le ene Baebele gore a gole semoyeng. Motho yo o ratang dilo tsa semoya o di tseela kwa godimo. O rata Lefoko la Modimo e bile o bontsha “dinonofo tse moya o di tlhagisang,” mo botshelong jwa gagwe. (Bagal. 5:22, 23) Ke motho yo o ratang thapelo. (Bafil. 4:6, 7) Mo godimo ga moo, o batla thuso mo Modimong gore a nne pelokgale le gore a mo nonotshe gore a lebane le boemo bongwe le bongwe kgotsa a diragatse kabelo epe fela ka katlego.—Bala 2 Timotheo 1:7, 8.

16 Bangwe ba baithuti ba ka tlhoka go thusiwa go tokafatsa tsela e ba balang ka yone, e ba tlotlang ka yone kgotsa bokgoni jwa bone jwa go bua. Ba bangwe ba ka ikutlwa ba sa tshwanelegele go direla Modimo ka ntlha ya ditiro tse di bosula tse ba di dirileng pele ba itse Jehofa. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, go ba thusa ka lorato le ka bopelotelele e ka nna sone se ba se tlhokang. Jesu o ne a re: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Math. 9:12.

Thusang Banna ba ba Oketsegileng go Ithuta ka Jehofa

17, 18. (a) Re ka fitlhelela banna ba ba oketsegileng jang mo bodireding jwa rona? (b) Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

17 Re eletsa go bona banna ba bangwe ba bantsi ba reetsa molaetsa o o kgotsofatsang o o fitlhelwang fela mo Baebeleng. (2 Tim. 3:16, 17) Ka jalo, re ka fitlhelela jang banna ba ba oketsegileng mo bodireding? Ka go dirisa nako e ntsi re neela bosupi maitseboa, thapama ka mafelobeke le ka malatsi a boikhutso fa banna ba le bantsi ba le kwa magaeng. Bakaulengwe ba ka kopa go bua le borre ba malapa fa go kgonega. A re neeleng banna ba re berekang le bone bosupi jo e seng jwa tlwaelo fa go tshwanela kgotsa bakaulengwe ba ka leka go bua le banna ba e seng Bakeresete, ba basadi ba bone ba leng mo phuthegong.

18 Fa re ntse re rerela mongwe le mongwe yo re kopanang le ene re ka tlhatswega pelo gore batho ba ba nang le kanaanelo, ba tla reetsa molaetsa wa rona. A ka bopelotelele re thuseng botlhe ba ba kgatlhegelang boammaaruri go tswa pelong. Ka gone, re ka thusa jang banna ba ba kolobeditsweng ba ba leng mo phuthegong gore ba kgaratlhe mme ba tshwanelegele maikarabelo mo phuthegong ya Modimo? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka potso eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona dikgatiso tsa Yearbook of Jehovah’s Witnesses le dikgang tsa botshelo tse di gatisitsweng mo dimakasineng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

O ka Araba Jang?

• Banna ba ka thusiwa jang gore ba dire gore dilo tsa semoya di tle pele mo botshelong?

• Re ka thusa batho ba basha jang go lebana le kgatelelo ya balekane?

• Ke eng se se ka thusang bangwe go fenya maikutlo a go inyatsa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

A o dira maiteko a go fitlhelela banna ka dikgang tse di molemo?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

O ka thusa jang motho yo o ithutang le ene Baebele go lebana le diteko?