Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?

A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?

A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?

“Modimo wa ga Jakobe . . . o tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tla tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe.”—ISA. 2:3.

1, 2. O ka solegelwa molemo jang ke dikao tse di mo Baebeleng?

A GA o a tlhatswega pelo gore o ka solegelwa molemo ke se se kwadilweng mo Baebeleng? Mo go yone o fitlhela dikao tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba o ka ratang go etsa tsela ya bone ya botshelo le dinonofo tsa bone. (Baheb. 11:32-34) Le fa go ntse jalo, gape o ka tswa o lemogile dikao tse di re tlhagisang—banna le basadi ba go tla bong go le molemo gore o tile ditiro le mekgwa ya bone.

2 Tota e bile, batho bangwe ba ba umakilweng mo Baebeleng ke dikao tse di molemo tse re ka di etsang le ditlhagiso tsa dilo tse re ka di tilang. Akanya ka Dafide, modisa yo o ikokobeditseng yo o neng a nna kgosi e e maatla. O ile a re tlhomela sekao se se molemo sa go rata boammaaruri le go ikanya Jehofa. Mme gone, Dafide o ne a dira diphoso tse di masisi, tse di jaaka go dira boaka le Bathesheba, go bolaya Uria le go dira boeleele jwa go bala batho a sa tshwanela. Le fa go ntse jalo, mma jaanong re tlotleng ka morwawe—yo e neng e le kgosi gape e le mokwadi wa Baebele—Solomone. Re tla simolola ka go sekaseka ditsela tse pedi tse a re tlhometseng sekao se se molemo ka tsone.

“Botlhale Jwa ga Solomone”

3. Ke eng fa re ka re Solomone o re tlhometse sekao se se molemo?

3 Solomone yo Mogolwane e bong Jesu Keresete, o ne a bua sentle ka Kgosi Solomone, a bua ka ene e le sekao se se molemo se re ka se etsang. Jesu o ne a bolelela Bajuda bangwe ba ba neng ba na le dipelaelo a re: “Kgosigadi ya borwa e tla tsosiwa mo katlholong le kokomana eno mme e tla e bona molato; ka gonne e ne ya tla e tswa kwa mafelelong a lefatshe go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme, bona! sengwe se se fetang Solomone se fano.” (Math. 12:42) Ee ruri, Solomone o ne a tumile ka ntlha ya botlhale jwa gagwe, mme o ne a re rotloetsa gore re bo batle.

4, 5. Go tlile jang gore Solomone a nne le botlhale, mme gone tsela e rona re bapalang botlhale ka yone e farologane jang le ya gagwe?

4 Kwa tshimologong ya puso ya ga Solomone, Modimo o ne a tla kwa go ene mo torong mme a mmolelela gore a kope sengwe le sengwe se a se batlang. E re ka Solomone a ne a lemoga gore ga a na maitemogelo, o ne a kopa botlhale. (Bala 1 Dikgosi 3:5-9.) Modimo o ne a kgatlhiwa ke gore Solomone o kopile botlhale go na le go kopa dikhumo le kgalalelo, mme o ne a mo naya “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang”—mmogo le katlego. (1 Dikg. 3:10-14) Fela jaaka Jesu a umakile, botlhale jwa ga Solomone bo ne bo le bogolo jaana mo kgosigadi ya Sheba e ileng ya utlwela ka jone mme ya tsaya loeto lo loleele go tla go inosa ka nkgo.—1 Dikg. 10:1, 4-9.

5 Rona ga re a lebelela go newa botlhale ka kgakgamatso. Solomone o ne a re, “Jehofa o naya botlhale,” mme gone o ne a kwala gore re tshwanetse go leka ka natla go nna le nonofo eno ya bomodimo, o ne a re: “O . . . tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong.” Go dumalana le seo, o ne a dirisa dipolelwana tse di jaaka “tlhaeletsa,” ‘nna o senka,’ le ‘nna o batla’ botlhale. (Dia. 2:1-6) Ga go pelaelo gore re ka kgona go nna le botlhale.

6. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re solegelwa molemo ke sekao sa ga Solomone malebana le botlhale?

6 Go tla bo go le molemo go ipotsa gore, ‘A ke tsaya tsia sekao sa ga Solomone sa go anaanela botlhale jwa Modimo?’ Maemo a a sa iketlang a ikonomi a dirile gore batho ba le bantsi ba tlhome mogopolo mo ditirong le madi a bone kgotsa a tlhotlheleditse ditshwetso tse ba di dirang malebana le mofuta wa thuto e ba tla nnang le yone le gore ba tla batla go nna le thuto e e kana kang. Go tweng ka wena le lelapa la gago? A dilo tse lo di tlhophang di supa gore lo batla botlhale jwa Modimo e bile lo a bo anaanela? A go fetola tsela e lo lebang dilo ka yone le mekgele ya lona go ka dira gore lo nne le botlhale jo bo oketsegileng? Go nna le botlhale le go bo dirisa go ka lo solegela molemo go ya go ile. Solomone o ne a kwala jaana: “Foo o tla tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.”—Dia. 2:9.

Go Tseela Kobamelo ya Boammaaruri Kwa Godimo Go ne Ga Lere Kagiso

7. Go tlile jang gore Modimo a nne le tempele e kgolo?

7 Fa Solomone a simolola go busa, o ne a emisetsa motlaagana o o neng o sa le o dirisiwa mo motlheng wa ga Moshe, ka tempele e kgolo. (1 Dikg. 6:1) Re ka e bitsa tempele ya ga Solomone, mme gone e ne e se ene a tlileng ka kgopolo ya go aga tempele, e bile o ne a sa e age gore a itirele leina e le motlhami wa dipolane kgotsa mohumi yo o dirang molemo fela. Tota e bile, Dafide ke ene yo kwa tshimologong a neng a akantsha go agiwa ga tempele, mme Modimo o ne a mo naya dintlha ka botlalo tsa gore a age tempele jang le gore a e kgabise jang. E bile, Dafide o ne a ntsha moneelo o montsi gore tiro eo e atlege. (2 Sam. 7:2, 12, 13; 1 Ditir. 22:14-16) Le fa go ntse jalo, Solomone ke ene yo o neng a tsweletsa kago ya tempele e e tsereng dingwaga di le supa le sephatlho.—1 Dikg. 6:37, 38; 7:51.

8, 9. (a) Solomone o ne a re tlhomela sekao sefe se se molemo sa go tswelela a dira ditiro tse di molemo? (b) Go bo Solomone a ile a tseela kobamelo ya boammaaruri kwa godimo go ne ga felela ka eng?

8 Ka jalo, Solomone o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go tswelela a dira ditiro tse di molemo mme o ne a dira gore dilo tse di botlhokwa e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa gagwe. Fa kago ya tempele e sena go wediwa, letlole la kgolagano le ne la tsenngwa mo go yone, mme Solomone o ne a rapela phatlalatsa. Karolo nngwe ya thapelo ya gagwe e e neng e ya kwa go Jehofa ke eno: “[A] matlho a gago a bulegele ntlo eno motshegare le bosigo, kwa lefelong le o neng wa bua ka lone wa re, ‘Leina la me le tla nna gone,’ gore o reetse thapelo e motlhanka wa gago a e rapelang mo lefelong leno.” (1 Dikg. 8:6, 29) Baiseraele le batswakwa ba ne ba ka rapela mo lefelong leno le leina la Modimo le neng le bidiwa mo go lone.—1 Dikg. 8:30, 41-43, 60.

9 Go bo Solomone a ile a tseela kobamelo ya boammaaruri kwa godimo go ne ga felela ka eng? Fa batho ba sena go keteka go kgakolwa ga tempele, ba ne “ba ipela e bile ba ikutlwa ba itumetse mo pelong ka ntlha ya molemo otlhe o Jehofa a neng a o diretse Dafide motlhanka wa gagwe le Iseraele.” (1 Dikg. 8:65, 66) Tota e bile, mo pusong ya ga Solomone ya dingwaga di le 40 go ne ga nna le kagiso e kgolo le katlego. (Bala 1 Dikgosi 4:20, 21, 25.) Pesalema 72 e re bolelela ka seo e bile e re thusa go tlhaloganya botoka masego a re tla a ipelelang mo pusong ya ga Solomone yo Mogolwane e bong Jesu Keresete.—Pes. 72, 6-8, 16.

Sekao sa ga Solomone Se se Re Tlhagisang

10. Ke phoso efe ya ga Solomone e e tlang pele mo mogopolong wa gago?

10 Le fa go ntse jalo, ke eng fa re ka re tsela e Solomone a neng a tshela ka yone, gape ke sekao se se re tlhagisang? Sa ntlha, o ka akanya ka basadi ba gagwe ba batswakwa le bagadingwana ba gagwe. Re bala jaana: “Ga diragala mo nakong ya fa Solomone a tsofala gore basadi ba gagwe ba ne ba fapositse pelo ya gagwe gore e sale medimo e sele morago; mme pelo ya gagwe e ne ya se ka ya itshupa e feletse mo go Jehofa.” (1 Dikg. 11:1-6) Ga go pelaelo gore o ititeile sehuba gore le ka motlha o se ka wa etsa tsela ya gagwe ya boeleele. Le fa go ntse jalo, a ke yone tlhagiso fela e re e fitlhelang mo botshelong jwa ga Solomone? Akanya ka dintlha dingwe tsa botshelo jwa gagwe tse go leng motlhofo gore re di tlodise matlho, mme o bone gore ke tlhagiso efe e o ka e fitlhelang.

11. Re ka dira tshwetso efe ka lenyalo la ntlha la ga Solomone?

11 Solomone o ne a busa dingwaga di le 40. (2 Ditir. 9:30) Ka jalo, o ka dira tshwetso efe fa o bala 1 Dikgosi 14:21? (E bale.) Go ya ka temana eo, fa Solomone a sena go swa, morwawe e bong Rehoboame o ne a nna kgosi a le dingwaga di le 41, mmaagwe e ne e le “Naama mosadi wa Moamona.” Seno se raya gore pele ga Solomone e nna kgosi, o ne a nyala mosadi wa motswakwa go tswa mo setšhabeng sa baba se se neng se direla medingwana ya disetwa. (Baatlh. 10:6; 2 Sam. 10:6) A mosadi yono le ene o ne a e obamela? Tota le fa ka nako nngwe a ne a e obamela, a ka tswa a ile a tlogela go e obamela mme a nna moobamedi wa boammaaruri, fela jaaka Rahabe le Ruthe le bone ba ile ba dira. (Ruthe 1:16; 4:13-17; Math. 1:5, 6) Le fa go ntse jalo, go ka direga gore bomogogadie Solomone e ne e le Baamone e bile o ne a na le ba losika ba ba neng ba sa direle Jehofa.

12, 13. Solomone o ne a dira tshwetso efe e e seng botlhale fa a simolola go busa, mme a ka tswa a ile a ipeela mabaka afe?

12 Mme dilo di ne tsa senyegela pele morago ga gore a nne kgosi. Solomone o ne a dira “kgolagano ya lenyalo le Faro kgosi ya Egepeto le go tsaya morwadia Faro a mo tlisa mo Motseng wa ga Dafide.” (1 Dikg. 3:1) A mosadi yono wa Moegepeto o ne a etsa Ruthe ka go amogela kobamelo ya boammaaruri? Ga go sepe se se bontshang gore o ne a dira jalo. Go na le moo, fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a mo agela ntlo (gongwe le malata a gagwe a Baegepeto) ka kwa ntle ga Motse wa ga Dafide. Ka ntlha yang? Dikwalo tsa re o dirile jalo ka gonne go ne go sa tshwanela gore moobamedi wa maaka a nne gaufi le letlole la kgolagano.—2 Ditir. 8:11.

13 Solomone a ka tswa a ile a akanya gore go nyala morwadiakgosi e ne e le selo se se molemo ka gonne go ne go tla nonotsha botsala magareng ga Iseraele le Egepeto, le fa go ntse jalo, a seo e ne e le seipato? Bogologolo pele ga foo, Modimo o ne a thibetse batho ba gagwe go nyala Bakanana ba baheitane, a bo a dira lenaane la merafe mengwe ya Bakanana e ba neng ba sa tshwanela go nyalana le yone. (Ekes. 34:11-16) A Solomone o ne a ipeela mabaka a a sa utlwaleng a gore Egepeto e ne e se nngwe ya ditšhaba tse di mo lenaaneng? Tota le fa a ka tswa a ile a ipeela mabaka ao, a seipato seo se ne se tla utlwala? Tota e bile, tsela ya gagwe ya botshelo e ne e itlhokomolosa dikotsi tse Jehofa a ileng a di umaka—tsa gore go nyala moditšhaba go tla faposa Moiseraele mo kobamelong ya boammaaruri go mo ise mo go ya maaka.—Bala Duteronome 7:1-4.

14. Re ka solegelwa molemo jang ke go tsaya tsia sekao se se re tlhagisang sa ga Solomone?

14 A re tla letla tsela e Solomone a neng a tshela ka yone e nne sekao se se re tlhagisang? Kgaitsadi a ka dira seipato sa go itlhokomolosa taelo ya Modimo ya go nyala “mo Moreneng fela,” ka go ratana le motho yo e seng Mokeresete. (1 Bakor. 7:39) Mongwe le ene a ka nna a dira seipato se se ntseng jalo, sa go bo a nna le seabe mo metshamekong ya morago ga sekolo kgotsa mo ditlelapeng tsa kwa sekolong, a sa bege madi otlhe a a a amogelang gore a se ka a duela lekgetho, kgotsa a sa bue boammaaruri fa a kopiwa gore a senole ditiro dingwe tse di ka tlhabisang ditlhong. Ntlha ke gore, Solomone o tshwanetse a bo a ile a baya mabaka a a sa utlwaleng gore a tlole taelo ya Modimo, mme le rona re ka tsena mo kotsing e e ntseng jalo.

15. Jehofa o ile a bontsha jang Solomone kutlwelobotlhoko, mme gone re tshwanetse go gakologelwa eng ka seo?

15 Go a itumedisa go itse gore morago ga gore Baebele e umake gore Solomone o ile a nyala mosadi wa motswakwa, e tlhalosa gore Modimo o ne a mo naya botlhale jo a neng a bo kopa mme a bo a mo okeletsa ka dikhumo. (1 Dikg. 3:10-13) Solomone o ne a itlhokomolositse ditaelo tsa Modimo, le fa go ntse jalo, ga go na sepe se se bontshang gore Jehofa o ne a mo gana ka yone nako eo gore a se ka a nna kgosi kgotsa gore o ile a mo otlhaya ka tsela e e botlhoko. Seo se dumalana le ntlha ya gore Modimo o a itse gore re batho ba ba sa itekanelang ba ba dirilweng ka lerole. (Pes. 103:10, 13, 14) Le fa go ntse jalo, gakologelwa seno: Dilo tse re di dirang di ka nna le ditlamorago tse di sa itumediseng gone jaanong kgotsa gongwe mo nakong e e tlang.

Basadi ba Bantsi Jaana!

16. Fa Solomone a ne a tsaya basadi ba le bantsi, o ne a itlhokomolosa eng?

16 Mo go Sefela sa Difela, kgosi Solomone o ne a boka lekgarebane lengwe a re le lentle thata go gaisa dikgosigadi di le 60 le bagadingwana ba le 80. (Sefela 6:1, 8-10) Fa e le gore seo se bua ka boemo jwa ga Solomone, o ne a setse a na le basadi ba le bantsi thata ka nako eo mo pusong ya gagwe. Tota le fa bontsi jwa bone kgotsa botlhe e ne e le baobamedi ba boammaaruri, Modimo o ne a laetse Moshe gore kgosi ya Iseraele e se ka ya “ikokeletsa basadi, gore pelo ya gagwe e se ka ya fapoga.” (Dute. 17:17) Le fano, Jehofa ga a ka a latlha Solomone. Tota e bile, Modimo o ne a tswelela a mo segofatsa, a mo dirisa gore a kwale buka ya Baebele ya Sefela sa Difela.

17. Ga re a tshwanela go itlhokomolosa boammaaruri bofe?

17 A seno se raya gore Solomone o ne a ka itlhokomolosa taelo ya Modimo mme a sa otlhaiwe kgotsa gore le rona re ka dira se se ntseng jalo? Nnyaa. Go na le moo, seno se bontsha gore Modimo a ka kgona go itshoka ka lobaka lo lo rileng. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore mongwe a ka nna a se ikobele ditaelo tsa Modimo a bo a sa boge ditlamorago tsa gone ka yone nako eo, mme seo ga se reye gore kgabagare a ka se lebane le ditlamorago tsa gone. Gakologelwa se Solomone a neng a se kwala: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.” O ne a oketsa jaana: “Gape ke lemoga gore dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle, ka gonne ba ne ba mmoifa.”—Mor. 8:11, 12.

18. Se se diragaletseng Solomone se bontsha jang boammaaruri jwa se re balang ka sone mo go Bagalatia 6:7?

18 E kete Solomone a ka bo a ile a reetsa boammaaruri jo Modimo a neng a bo bua. Ee, o ne a dirile dilo tse dintsi tse di molemo e bile o ne a sa bolo go itumelela masego a Modimo. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o ne a dira diphoso ka go latelana. O ne a simolola go nna le mokgwa o o maswe. Ruri se moaposetoloi Paulo a neng a tlhotlhelediwa go se kwala moragonyana se ne se le boammaaruri: “Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape”! (Bagal. 6:7) Fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a lebana le ditlamorago tse di sa siamang tsa go itlhokomolosa taelo ya Modimo. Re bala jaana: “Kgosi Solomone o ne a rata basadi ba le bantsi ba sele mmogo le morwadia Faro, basadi ba Bamoabe, ba Baamona, ba Baedoma, ba Basidona le ba Bahite.” (1 Dikg. 11:1) Go ka direga gore bontsi jwa bone ba ne ba tswelela ba kgomaretse medingwana ya maaka, mme seo se ne sa tshwaetsa Solomone. O ne a fapoga mme Modimo yo o pelotelele a se ka a tlhola a mo amogela.—Bala 1 Dikgosi 11:4-8.

Ithute mo Sekaong sa Gagwe —Se se Siameng Le se Se sa Siamang

19. Ke eng fa o ka re Baebele e na le dikao tse dintsi tse di molemo?

19 Ka bopelonomi Jehofa o ne a tlhotlheletsa Paulo go kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Dilo tseo tse di kwadilweng di akaretsa dikao tse dintsi tse di molemo tsa banna le basadi ba ba neng ba bontsha tumelo e e tlhomologileng. Paulo o ne a ka re: “Ke eng gape se ke ka se buang? Gonne ke tla felelwa ke nako fa ke ka tswelela ke anela kaga Gidione, Barake, Samesone, Jefetha, Dafide mmogo le Samuele le baporofeti ba bangwe, ba ka tumelo ba neng ba fenya magosi mo tlhabanong, ba diragatsa tshiamo, ba amogela ditsholofetso, . . . fa ba le bokoa, ba nonotshiwa.” (Baheb. 11:32-34) Re ka kgona go solegelwa molemo ke dikao tse di mo Baebeleng e bile di tshwanetse go re solegela molemo mme go tla nna molemo gore re latele kgotsa re etse se se tlhalositsweng mo dipegong tseo tse di molemo tsa Baebele.

20, 21. Ke eng fa o ititeile sehuba gore o solegelwe molemo ke dikao tse di tlhagisang tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo?

20 Le fa go ntse jalo, dipego dingwe tsa Baebele di na le dikao tse di re tlhagisang. Re ka bona dikao tseo tsa tlhagiso mo matshelong a banna le basadi ba ka nako nngwe Jehofa a neng a ba amogela a bo a ba dirisa e le batlhanka ba gagwe. Fa re ntse re bala Baebele, re ka kgona go lemoga gore ke jang bangwe ba batho ba Modimo ba ileng ba fapoga mme ka jalo ba nna dikao tse di re tlhagisang. Re ka lemoga gore bangwe ba bone ka bonya ka bonya ba ile ba nna le maikutlo le mekgwa e e sa siamang e kgabagare e ileng ya nna le diphelelo tse di botlhoko. Re ka kgona jang go ithuta go tswa mo dipegong tseno? Go ka nna molemo gore re ipotse dipotso tse di jaaka: ‘Go tlile jang gore motho yoo a nne le mokgwa oo? A le nna nka nna le mekgwa e e ntseng jalo? Nka dira eng go tila seo mme ke solegelwe molemo ke sekao seno se se tlhagisang?’

21 Ruri re tshwanetse go sekaseka dikao tseno ka kelotlhoko, ka gonne Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Dilo tseno di ne tsa tswelela di ba diragalela e le dikao, mme di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.”—1 Bakor. 10:11.

O Ithutile Eng?

• Ke eng fa o ka fitlhela dikao tse di molemo le tse di re tlhagisang mo Baebeleng?

• Solomone o itetlile jang go nna le mekgwa e e sa siamang?

• O ka solegelwa molemo jang ke sekao se se tlhagisang sa ga Solomone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Solomone o ne a dirisa botlhale jo a bo neilweng ke Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

A o solegelwa molemo ke sekao se se tlhagisang sa ga Solomone?