Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o badile dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Olivétan e ne e le mang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela tiro ya gagwe?

Monna wa Mofora e bong Pierre Robert o ne a itsiwe ka leina leo. Ka nako ya Phetogo e Kgolo mo lekgolong la bo16 la dingwaga, o ne a ranolela Baebele mo puong ya Sefora. O ne a bona go le botoka go dirisa lefoko “molebedi” go na le “bishopo,” le “phuthego” go na le “kereke.” Mo ditemaneng dingwe o ne a dirisa leina la Modimo e bong “Jehofa.”—9/1, tsebe 18-20.

• Modimo o ne a kaya eng fa a ne a raya Balefi a re: “Ke nna kabelo ya gago”?

Ditso tse dingwe tsotlhe tsa Iseraele di ne di neilwe kabelo ya lefatshe, mme Balefi bone ba ne ba dirile Jehofa “kabelo” ya bone. (Dipa. 18:20) Ba ne ba se kitla ba nna le boswa jwa naga, mme gone ba ne ba na le tshiamelo e e kgethegileng ya tirelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba tlhokomela ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Gompieno, ba ba nang le tshiamelo ya go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi ba ka tlhomamisega ka gore ba tla newa dilo tse ba di tlhokang mo botshelong.—9/15, tsebe 7-8, 13.

• Re itse jang gore Bababelona ba gapile leng Jerusalema wa bogologolo?

Borahisitori ba bogologolo ba bua dilo tse di sa dumalaneng tse di ka ga dikgosi tsa Babelona le puso ya tsone. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba a dumela gore Kurose II o ne a fenya Babelona ka 539 B.C.E., letlha la botlhokwa thata. Bajuda ba ne ba gololwa, mme ba goroga kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Baebele ya re ba ne ba ile botshwarwa dingwaga di le 70. Ka jalo, Jerusalema e tshwanetse ya bo ile ya senngwa ka 607 B.C.E. (2 Ditir. 36:21, 22; Jer. 29:10; Dan. 9:1, 2)—10/1, tsebe 26-31.

• Ke eng se se ka thusang Mokeresete go dira tshwetso ya gore a mofuta mongwe wa boitlosobodutu o molemo kgotsa nnyaa?

Fa re sekaseka gore a mofuta mongwe wa boitlosobodutu o tla nna molemo le go itumedisa Modimo kgotsa nnyaa, go molemo go ipotsa jaana: Bo akaretsa eng? Ke tla nna le seabe leng mo go jone? Ke tla itlosa bodutu le bomang?10/15, tsebe 9-12.

• Ke eng fa go tla bo go le phoso go senya mpa?

Modimo o tsaya botshelo bo le boitshepo, mme o tsaya lesea le le sa tswang go imiwa e le setshedi. (Pes. 139:16) Go bolaya ngwana yo o iseng a tsholwe ke go bolaya motho, fela jaaka re kgona go bona mo ntlheng e e tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe gore motho o ne a ka otlhaelwa go gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe. (Ekes. 21:22, 23)—11/1, tsebe 6.

• Pego e e mo go Diane 7:6-23 e ka re thusa jang gore re tile go leba ditshwantsho tse di hepisang?

Temana eo e re bolelela ka lekawana lengwe le le neng la tsamaya mo lefelong le go itsegeng gore mo go lone go nna mosadi yo o nang le boitsholo jo bo sa siamang. Mosadi yoo o ne a mo hepisa. Gompieno go tla bo go le molemo go tila go leba mafelo a Internet a a nang le ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mme go botlhokwa go batla thuso ya Modimo ka thapelo pele ga re leka go batla ditshwantsho tse di ntseng jalo mo Internet.—11/15, tsebe 9-10.

• Re itse jang gore a lefatshe le tla falola 2012?

Ka ntlha ya medikologo e e mo khalendareng ya bogologolo ya Maya, bangwe ba akanya gore lefatshe le tla fela ka 2012. Le fa go ntse jalo, seo ga se kgonege, ka gonne Jehofa o bopile lefatshe gore le nniwe ke batho. Baebele ya re lefatshe le tla nnela ruri. (Mor. 1:4; Isa. 45:18)—12/1, tsebe 10.

• Ke bakwadi bafe ba Baebele ba ba neng ba le gone ka Pentekosete ya 33 C.E.?

Mo bakwading botlhe ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go lebega go ne go na le ba le barataro fela. Go ne go na le baaposetoloi ba le bararo—Mathaio, Johane le Petere. Bomorwarraagwe Jesu ka mmaabone ba le babedi le bone ba ne ba le gone—Jakobe le Jude. Mme go ka direga gore lekawana le le bidiwang Mareko le lone le ne le le gone.—12/1, tsebe 22.