Batlhanka ba ba Ikanyegang ba Bogologolo—Ba ne Ba Kaelwa ke Moya wa Modimo
Batlhanka ba ba Ikanyegang ba Bogologolo—Ba ne Ba Kaelwa ke Moya wa Modimo
“Morena Molaodimogolo Jehofa o nthomile, le one moya wa gagwe.”—ISA. 48:16.
1, 2. Go tlhokega eng gore re bontshe tumelo, mme re tla bona kgothatso efe fa re sekaseka dikao tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba bogologolo?
LE FA tumelo e ile ya bonala go tloga mo motlheng wa ga Abele, “tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathes. 3:2) Ka jalo, ke eng fa motho a na le nonofo eno mme ke eng se se dirang gore a ikanyege? Gantsi tumelo e latela dilo tse di utlwilweng mo Lefokong la Modimo. (Bar. 10:17) Ke karolo ya dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo o di tlhagisang. (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, re tlhoka moya o o boitshepo gore re kgone go bontsha tumelo.
2 Go tla bo go le phoso go swetsa ka gore banna le basadi ba tumelo ba tshotswe ba na le yone ka tlholego fela. Batlhanka ba ba tlhomang sekao ba re balang ka bone mo Baebeleng e ne e le batho ba ba “nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Ba ne ba na le dipelaelo le makoa, e bile ba sa tlhomamisege ka bokgoni jwa bone, le fa go ntse jalo, ba ne “ba nonotshiwa” ka moya wa Modimo gore ba kgone go lebana le maemo a a thata. (Baheb. 11:34) Fa re sekaseka kafa moya wa ga Jehofa o neng o dira ka teng mo go bone, le rona gompieno re tla nonotshiwa gore re tswelele re ikanyega, e re ka re tshela mo nakong e mo go yone tumelo ya rona e tlhaselwang.
Moya wa Modimo O ne Wa Nonotsha Moshe
3-5. (a) Re itse jang gore Moshe o ne a thusiwa ke moya o o boitshepo go diragatsa maikarabelo a gagwe? (b) Sekao sa ga Moshe se re ruta eng ka fa Jehofa a abang moya wa gagwe ka gone?
3 Mo bathong botlhe ba ba neng ba tshela ka 1513 B.C.E., Moshe e ne e le “motho yo o boikokobetso thata.” (Dipa. 12:3) Motlhanka yono yo o bonolo o ne a neilwe maikarabelo a magolo thata mo setšhabeng sa Baiseraele. Moya wa Modimo o ne wa nonotsha Moshe gore a porofete, a atlhole, a kwale, a etelele pele a bo a dire dikgakgamatso. (Bala Isaia 63:11-14.) Le fa go ntse jalo, nako nngwe o ne a bua a hutsafetse gore maikarabelo ao a ne a le boima thata. (Dipa. 11:14, 15) Ka jalo, Jehofa o ne a “tsaya mongwe wa moya” o o neng o le mo go Moshe mme a o baya mo go ba bangwe ba le 70 gore ba mo thuse go sikara morwalo o a neng a na le one. (Dipa. 11:16, 17) Le fa morwalo o Moshe a neng a o rwele o ne o bonala o le boima thata, tota o ne a sa o sikara a le esi—le banna ba ba 70 ba ba neng ba tlhomilwe go mo thusa ba ne ba ka se o sikare ba le bosi.
4 Moshe o ne a neilwe moya o o boitshepo o o lekaneng o o neng o tla mo thusa go dira tiro eo. Morago ga phetogo eo, Moshe o ne a sa ntse a na le moya o a neng a o tlhoka. O ne a sa tlhaele moya o o boitshepo mme le banna ba bagolwane ba le 70 ba ne ba sa newa o montsi. Jehofa o re naya moya wa gagwe go ya kafa re o tlhokang ka gone, mo boemong jo bo rileng jo re leng mo go jone. “Ga a neye moya ka go o lekanya” mme o o naya “mo botlalong jwa gagwe.”—Joh. 1:16; 3:34.
5 A o itshokela diteko? A dilo tse tota o di tlhokang mo botshelong di go jela nako e ntsi? A o kgaratlhela go tlamela lelapa la gago ka dilo tse le di tlhokang semoyeng le mo nameng o ntse o lebane le go tlhobaela ka botsogo kgotsa ditlhwatlhwa tse di ntseng di tlhatloga? A o na le maikarabelo a magolo mo phuthegong? Tlhomamisega gore Modimo a ka go nonotsha ka moya wa gagwe gore o lepalepane le boemo bope fela jo o ka lebanang le jone.—Bar. 15:13.
Moya o o Boitshepo O ne Wa Dira Gore Besalele a Tshwanelege
6-8. (a) Moya wa Modimo o ile wa dira gore Besalele le Oholiabe ba kgone go dira eng? (b) Ke eng se se bontshang gore Besalele le Oholiabe ba ne ba kaelwa ke moya wa Modimo? (c) Ke eng fa maitemogelo a ga Besalele a kgothatsa jaana?
6 Maitemogelo a ga Besalele, yo o tshetseng ka nako e le nngwe le Moshe a bontsha go le gontsi ka tsela e moya wa Modimo o ka dirang ka yone. (Bala Ekesodo 35:30-35.) Besalele o ne a tlhomilwe gore a etelele pele mo go direng mekgabiso e e tlhokegang mo motlaaganeng. Pele ga a newa tiro eo e kgolo, a o ne a na le kitso ya go betla? Go ka direga, le fa go ntse jalo, gongwe tiro ya gagwe ya bofelo e ne e le go direla Baegepeto ditena. (Ekes. 1:13, 14) Ka jalo, Besalele o ne a tla diragatsa jang tiro eno ya gagwe e e raraaneng? Jehofa “o ne a mo tlatsa ka moya wa Modimo mo botlhaleng, mo tlhaloganyong le mo kitsong le mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere gore a tlhame didirisiwa . . . gore a dire dilwana tsa mofuta mongwe le mongwe tsa botlhalefi.” Le fa Besalele ka tlholego a ka tswa a ne a na le bokgoni bope fela, moya o o boitshepo o ne a wa oketsa bokgoni joo. Go ne go ntse jalo le ka Oholiabe. Besalele le Oholiabe ba tshwanetse ba bo ba ne ba ithutile sentle ka gonne ga ba a ka ba dira ditiro tsa bone fela mme gape ba ne ba ruta ba bangwe se ba tshwanetseng go se dira. Ee, Modimo o ne a go tsenya mo dipelong tsa bone gore ba rute ba bangwe.
7 Bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore Besalele le Oholiabe ba ne ba kaelwa ke moya wa Modimo, ke tsela e e gakgamatsang e tiro ya diatla tsa bone e neng e nna lobaka lo loleele ka yone e sa senyege. Dilo tse ba di dirileng di ne di sa ntse di dirisiwa dingwaga di le 500 moragonyana. (2 Ditir. 1:2-6) Go farologana le batho ba ba dirang dilo mo motlheng wa gompieno, Besalele le Oholiabe ba ne ba sa kgatlhegele go saena maina a bone kgotsa go baya letshwao la bone mo dilong tse ba di dirileng. Kgalalelo yotlhe e ne e ya kwa go Jehofa ka ntlha ya se ba se fitlheletseng.—Ekes. 36:1, 2.
8 Gompieno, re ka nna ra lebana le ditiro tse di bonalang di le bokete mme di tlhoka bokgoni bongwe jo bo kgethegileng, tse di jaaka go aga, go gatisa, go rulaganya dikopano tse dikgolo, go okamela letsholo la namolo, go buisana le dingaka le batsamaisi ba bookelo ka boemo jwa rona jwa Dikwalo malebana le go dirisa madi. Ka dinako dingwe, ditiro tseno di dirwa ke batho ba ba nang le bokgoni, mme gantsi di dirwa ke baithaopi ba ba se nang maitemogelo a a kalo mo tirong e e rileng. Moya wa Modimo o dira gore maiteko a bone a atlege. A o kile wa ikgogona go amogela kabelo nngwe mo tirelong ya ga Jehofa, o akanya gore batho ba bangwe ba tshwanelega go go gaisa? Gakologelwa gore moya wa ga Jehofa o ka oketsa kitso le bokgoni jo o nang le jone wa bo wa go thusa go diragatsa kabelo epe fela e a go nayang yone.
Moya wa Modimo O ne Wa Thusa Joshua go Atlega
9. Baiseraele ba ne ba lebana le maemo afe morago ga Khudugo, mme go ne ga tsoga potso efe?
9 Moya wa Modimo o ne wa kaela gape le mongwe yo o neng a tshela ka nako ya ga Moshe le Besalele. Nakwana morago ga Khudugo, Baamaleke ba ne ba bolotsa tlhaselo kgatlhanong le batho ba Modimo kwantle ga lebaka. Nako e ne e fitlhile ya gore Baiseraele ba emelane le matshosetsi ao. Tota le fa Baiseraele ba ne ba ise ba lwe, ba ne ba tshwanelwa ke go lwa ntwa ya bone ya ntlha e le batho ba ba golotsweng. (Ekes. 13:17; 17:8) Go ne go tlhokega mongwe go etelela pele mo ntweng. Motho yoo e ne e tla nna mang?
10. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ba neng ba eteletswe pele ke Joshua mo ntweng ba ne ba fenya?
10 Go ne ga tlhophiwa Joshua. Mme gone, fa a ne a ka tshwanelwa ke go tlhalosa tiro e a neng a e dira pele, gore a kgone go tshwanelegela kabelo eo, ke eng se a ka bong a se tlhalositse? A o ne a tla re e ne e le motlhanka yo o neng a dira ditena? Kgotsa o ne a olela mana? Ke boammaaruri gore rremogolo wa ga Joshua e bong Elishama e ne e le kgosana ya lotso lwa Eferaime e bile a ka tswa a ne a eteletse pele banna ba le 108 100 ba lekgamu la ditso tse tharo la bothibelelo jwa ga Eferaime. (Dipa. 2:18, 24; 1 Ditir. 7:26, 27) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a bolelela Moshe gore a tlhophe Elishama kgotsa morwawe e bong Nune gore a etelele pele masole a a neng a tla fenya baba, go na le moo o ne a re a tlhophe Joshua. Ntwa e tsere mo e batlileng e nna letsatsi lotlhe. E re ka Joshua a ne a ikobela Modimo ka botlalo a bo a amogela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo, Iseraele e ne ya fenya.—Ekes. 17:9-13.
11. Re ka atlega jang mo tirelong e e boitshepo fela jaaka Joshua?
11 Moragonyana Joshua yo o neng “a tletse moya wa botlhale,” o ne a tlhatlhama Moshe. (Dute. 34:9) Moya o o boitshepo ga wa ka wa dira gore Joshua a nne le bokgoni jwa go porofeta kgotsa jwa go dira dikgakgamatso jaaka Moshe a ne a dira, mme gone o ne wa dira gore a kgone go etelela pele Iseraele mo letsholong la ntwa le le dirileng gore ba gape Kanana. Gompieno re ka ikutlwa re se na maitemogelo kgotsa re sa tshwanelege go diragatsa dikarolo dingwe tsa tirelo ya rona e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Joshua re tlhomamisegile gore re tla atlega fa re kgomarela ditaelo tsa Modimo.—Josh. 1:7-9.
“Moya wa ga Jehofa wa Aparela Gidione”
12-14. (a) Lebaka la go bo banna ba le 300 ba ile ba kgona go fenya Bamidiana le senola eng? (b) Jehofa o ile a tlhomamisetsa Gideone jang gore o tla mo ema nokeng? (c) Modimo o re tlhomamisetsa eng gompieno?
12 Morago ga loso lwa ga Joshua, Jehofa o ne a tswelela a bontsha kafa maatla a gagwe a ka nonotshang batho ba ba ikanyegang ka gone. Buka ya Baatlhodi e na le dipego di le dintsi tsa batho ba ba neng “ba le bokoa, [mme] ba nonotshiwa.” (Baheb. 11:34) Modimo o ne a tlhotlheletsa Gideone ka moya o o boitshepo go lwela batho ba Gagwe. (Baatlh. 6:34) Le fa go ntse jalo, masole a Gideone a neng a a kokoantse a ne a fetiwa ke masole a Bamidiana mo e leng gore Moiseraele a le mongwe o ne a tshwanelwa ke go lwa le Bamidiana ba le banè. Le fa go ne go lebega palo eo ya masole a Baiseraele e le nnye, mo go Jehofa e ne e le palo e ntsi thata. O ne a laela Gideone gabedi gore a fokotse masole ao go fitlha Moiseraele a le mongwe a tshwanelwa ke go lwa le Bamidiana ba le 450. (Baatlh. 7:2-8; 8:10) Ke kafa Jehofa a neng a batla gore dilo di nne ka gone. Fa go ne go ka nna le phenyo e kgolo, ga go ope yo o neng a ka ikgantsha ka gore phenyo eo e fitlheletswe ka maatla kgotsa botlhale jwa motho.
13 Gideone le masole a gagwe ba ne ba batla ba ipaakanyeditse ntwa. Fa o ka bo o ne o le mongwe wa masole ao a mannye, a o ne o tla ikutlwa o sireletsegile o itse gore batho ba ba boifang kgotsa ba ba sa ntshang matlho dinameng ba buseditswe gae? Kgotsa a o ne o tla ikutlwa o tshogile fa o akanya ka se se neng se tla direga? Re ka tlhomamisega gore Gideone o ne a ikanya Modimo. O ne a dira se a se laetsweng! (Bala Baatlhodi 7:9-14.) Jehofa ga a ka a galefela Gideone fa a ne a kopa sesupo sa gore Modimo o ne a tla nna le ene. (Baatlh. 6:36-40) Go na le moo, o ne a mo nonotsha tumelo.
14 Maatla a ga Jehofa a go boloka ga a fele. A ka golola batho ba gagwe mo mathateng ape fela, a dirisa batho ba go bonalang ba le bokoa kgotsa ba ba ka se itireleng sepe. Ka dinako dingwe re ka ikutlwa e kete batho ba le bantsi ba kgatlhanong le rona kgotsa re ikutlwa e kete re mo gare ga dinaka tsa kukama. Ga re a lebelela gore Modimo a re bontshe ditshupo jaaka a ne a di bontsha Gideone, mme gone re ka bona kaelo le kgomotso ka Lefoko la Modimo le ka phuthego ya gagwe e e kaelwang ke moya. (Bar. 8:31, 32) Ditsholofetso tsa ga Jehofa tse di lorato di nonotsha tumelo ya rona e bile di re tlhatswa pelo gore tota ke Mothusi wa rona!
“Jaanong Moya wa ga Jehofa wa Tla mo go Jefetha”
15, 16. Ke eng fa morwadia Jefetha a ile a nna le boikutlo jo bo siameng, mme seno se ka kgothatsa batsadi jang?
15 Akanya ka sekao se sengwe. Fa Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhabana le Baamone, moya wa ga Jehofa o ne “wa tla mo go Jefetha.” E re ka Jefetha a ne a tlhoafaletse go fenya gore Jehofa a bakwe, o ne a dira maikano a a neng a tla mo amoga sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Jefetha o ne a ikana gore fa Modimo a ka neela Baamone mo seatleng sa gagwe, motho wa ntlha yo o neng a tla tswa mo kgorong fa a ne a boela gae, o tla nna wa ga Jehofa. Fa Jefetha a boela gae morago ga go fenya Baamone, morwadie o ne a tla go mo kgatlhantsha a taboga. (Baatlh. 11:29-31, 34) A seno se ne sa gakgamatsa Jefetha? Ga go bonale jalo, ka gonne o ne a na le ngwana a le esi fela. O ne a diragatsa maikano a gagwe ka go neela morwadie gore a dire tirelo e e kgethegileng kwa lefelong le le boitshepo la ga Jehofa kwa Shilo. E re ka morwadie Jefetha e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa, o ne a tlhatswegile pelo gore maikano a ga rragwe a tshwanetse go diragadiwa. (Bala Baatlhodi 11:36.) Moya wa ga Jehofa o ne wa ba naya nonofo e boobabedi ba neng ba e tlhoka.
16 Go tlile jang gore morwadia Jefetha a nne le moya oo wa go intsha setlhabelo? Kwantle ga pelaelo tumelo ya gagwe e ne ya nonofa fa a ntse a lemoga tlhagafalo ya ga rraagwe le tsela e a neng a ineetse mo Modimong ka yone. Batsadi, bana ba lona ba ela tlhoko sekao sa lona. Ditshwetso tse lo di dirang di bontsha gore lo dumela se lo se buang. Bana ba lona ba reetsa dithapelo tsa lona tse di tswang pelong le tsela e e molemo e lo rutang ka yone mme ba bona matsapa otlhe a lo a tsayang go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Fa bana ba lona ba ntse ba dira jalo, ba ka nna ba kgatlhegela thata go direla Jehofa. Leno ke lebaka la go ipela.
“Moya wa ga Jehofa wa Dira mo go” Samesone
17. Moya wa Modimo o ne wa thusa Samesone gore a dire eng?
17 Akanya ka sekao se sengwe gape. “Fa nako e ntse e tsamaya moya wa ga Jehofa wa simolola go tlhotlheletsa” Samesone go golola Baiseraele e re ka ba ne ba tsentswe mo seatleng sa Bafilisitia. (Baatlh. 13:24, 25) Samesone o ne a nonotshiwa go dira ditiro tse di gakgamatsang tse di neng di bontsha gore o na le maatla a magolo thata. Fa Bafilisitia ba ne ba tlhotlheletsa Baiseraele mmogo le ene gore ba mo tshware, “moya wa ga Jehofa wa dira mo go ene, mme megala e e neng e le mo mabogong a gagwe ya nna jaaka ditlhale tsa leloba tse di fisitsweng ka molelo, mo mehiri ya gagwe e neng ya nyerologa mo diatleng tsa gagwe.” (Baatlh. 15:14) Samesone o ne a nonotshiwa “ka tumelo,” le fa a ne a le bokoa ka ntlha ya tshwetso e e seng botlhale e a neng a e dirile. (Baheb. 11:32-34; Baatlh. 16:18-21, 28-30) Moya wa ga Jehofa o ne wa dira mo go Samesone ka tsela e e kgethegileng ka ntlha ya maemo a a sa tlwaelegang a a neng a iphitlhela a le mo go one. Le fa go ntse jalo, ditiragalo tseno tsa nako e e fetileng di sa ntse di re kgothatsa thata. Jang?
18, 19. (a) Maitemogelo a ga Samesone a re tlhomamisetsa eng? (b) O solegetswe molemo jang ka go sekaseka dikao tsa batlhanka ba ba ikanyegang mo setlhogong seno?
18 Le rona re ikaegile ka moya o o boitshepo o Samesone a neng a ikaegile ka one. Re tshepa gore moya oo o tla re thusa go dira tiro e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe, e leng “go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.” (Dit. 10:42) Kabelo eno e tlhoka bokgoni jo re ka tswang re sa tsholwa re na le jone. A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a dirisa moya wa gagwe go re thusa go dira dikabelo tse di farologaneng tse a re neileng tsone! Ka jalo, fa re ntse re diragatsa taelo e re e neilweng, re ka bua fela jaaka moporofeti Isaia a ile a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nthomile, le one moya wa gagwe.” (Isa. 48:16) Ee ruri, ke moya wa Modimo o o re romileng! Re dira bojotlhe jwa rona mo tirong eno re tlhomamisegile gore Jehofa o tla oketsa tsela e re tshwanelegang ka yone fela jaaka a ne a direla Moshe, Besalele le Joshua. Re tsaya “tšhaka ya moya, e leng, lefoko la Modimo,” re tlhatswegile pelo gore o tla re nonotsha fela jaaka a ile a nonotsha Gideone, Jefetha le Samesone. (Baef. 6:17, 18) Fa re ikaega ka Jehofa gore a re thuse go fenya dikgoreletsi, re ka nonofa semoyeng fela jaaka Samesone a ne a na le maatla.
19 Ga go pelaelo gore Jehofa o segofatsa botlhe ba ba emelang kobamelo ya boammaaruri ka bopelokgale. Fa re latela kaelo ya moya wa Modimo o o boitshepo, tumelo ya rona e a gola. Ka jalo, re tla itumelela go sekaseka le ditiragalo dingwe tse di kgatlhang tse di kwadilweng mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Seo se tla senola kafa moya wa ga Jehofa o neng wa dira ka gone mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang mo lekgolong la ntlha dingwaga, pele le morago ga Pentekosete ya 33 C.E. Re tla sekaseka dipego tseno mo setlhogong se se latelang.
Ke eng fa o kgothadiwa ke go itse kafa moya wa Modimo o neng wa dira ka gone mo go . . .
• Moshe?
• Besalele?
• Joshua?
• Gideone?
• Jefetha?
• Samesone?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mafoko a a mo go tsebe 22]
Moya wa Modimo o ka re nonotsha semoyeng fela jaaka Samesone a ne a na le maatla
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Batsadi, sekao sa lona sa go bontsha tlhagafalo se ka ama bana ba lona