Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Diphetogo go Nnile le Melemo

Go Dira Diphetogo go Nnile le Melemo

Go Dira Diphetogo go Nnile le Melemo

Jaaka go Boletse James A. Thompson

Fa ke ne ke tsholwa kwa borwa jwa United States ka 1928, e ne e le molao gore batho ba basweu le ba bantsho ba se ka ba tlhakana. Go tlola molao oo go ne go ka felela ka go isiwa kgolegelong kgotsa sengwe se se maswe le go feta.

KA NAKO eo mo dikarolong dingwe tsa United States, Basupi ba ga Jehofa ba basweu le ba bantsho ba ne ba tshwanetse gore ba nne le diphuthego, dipotologo le dikgaolo tse di aroganeng. Ka 1937, rre o ne a nna motlhanka wa khampani (yo jaanong a bidiwang morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane) wa phuthego ya batho ba bantsho kwa Chattanooga, Tennessee. Henry Nichols ene e ne e le motlhanka wa khampani mo phuthegong ya basweu.

Ke sa ntse ke gopola dinako tse di itumedisang tsa fa ke sa le mosha ke ntse mo mathuding a a kwa morago bosigo mme ke reeditse Rre le Mokaulengwe Nichols ba tlotla. Le fa ke ne ke sa tlhaloganye sengwe le sengwe se ba neng ba bua ka sone, ke ne ke itumelela go nna gaufi le Rre fa bobedi jono bo ntse bo tlotla ka tsela e e molemo e ka yone ba neng ba ka tsweletsa tiro ya go rera, mo maemong a ba neng ba le mo go one.

Pelenyana ka 1930, lelapa la gaetsho le ne la welwa ke masetlapelo. Mmè o ne a tlhokafala a le dingwaga di le 20 fela. Rre o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela nna le kgaitsadiake e bong Doris, yo o neng a le dingwaga di le nnè mme nna ke le dingwaga di le pedi fela. Le fa Rre a ne a sa tswa go kolobediwa, o ne a tswelela pele sentle semoyeng.

Dikao Tse di Neng Tsa Fetola Botshelo Jwa Me

Ka 1933, Rre o ne a kopana le kgaitsadi mongwe yo o molemo wa Mokeresete e bong Lillie Mae Gwendolyn Thomas, mme go ise go ye kae ba ne ba nyalana. Rre le Mmè ba ne ba tlhomela nna le Doris sekao se se molemo sa go direla Jehofa ka boikanyegi.

Ka 1938, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa kopiwa go ema nokeng maitlamo a gore bagolwane ba ba mo diphuthegong ba tlhomiwe ke ntlokgolo ya rona e e kwa Brooklyn, New York, go na le gore ba tlhophiwe mo diphuthegong tse ba leng mo go tsone. Fa bangwe kwa Chattanooga ba ne ba okaoka go amogela phetogo eo, Rre ene o ne a itsise gore o tla ema nokeng phetogo e e tswang kwa ntlokgolo a sa okaoke. Sekao sa gagwe sa boikanyegi—le tirisanommogo e e tswang pelong e Mmè a neng a e bontsha—se nthusitse go tla go fitlha le gompieno.

Kolobetso le Bodiredi Jwa Nako e e Tletseng

Ka 1940, batho ba le mmalwa mo phuthegong ya rona ba ne ba hira bese go ya kwa kopanong e kgolo e e neng e tshwaretswe kwa Detroit, Michigan. Batho ba le mmalwa mo beseng ya rona ba ne ba kolobediwa koo. Bangwe ba ne ba ipotsa gore ke eng fa nna ke sa kolobediwa, ka gonne ke sa le ke simolola go rera ke le dingwaga di le tlhano e bile ke ne ke le matlhagatlhaga mo bodireding.

Fa ba ne ba mpotsa ka gone, ke ne ka ba araba ka go re, “Ga ke tlhaloganye sotlhe se se tlhokegang gore motho a kolobediwe.” Rre o ne a nkutlwa ke bua jalo mme o ne a gakgamala. Go tloga ka nako eo, o ne a tsaya matsapa a go nthusa gore ke tlhaloganye se kolobetso e se kayang le botlhokwa jwa yone. Dikgwedi di le nnè morago ga foo, ka October 1, 1940, go le tsididi thata, ke ne ka kolobelediwa mo mogobeng kwa ntle ga Chattanooga.

Fa ke le dingwaga di le 14, ke ne ka simolola go tsaya bobulatsela ka malatsi a boikhutso a sekolo. Ke ne ke rera mo ditorotswaneng tsa Tennessee le mo porofenseng e e gaufi ya Georgia. Ke ne ke tsoga phakela, ke dira dijo tsa motshegare ke bo ke palama bese kgotsa terena ka 6:00 a.m. ke ya tshimong. Ke ne ke boa mo e ka nnang ka 6:00 p.m. Gantsi ka nako ya dijo tsa motshegare, dijo tse ke neng ke di tshwere di ne di sa bolo go fela. Le fa gone ke ne ke tshotse madi, go ne go sa kgonege gore ke tsene mo lebenkeleng go ya go reka dijo tse dingwe ka gonne ke le motho yo montsho. Nako nngwe ke ne ka tsena mo lebenkeleng go ya go reka ice-cream mme ka kopiwa gore ke tswe. Ka bopelonomi mosadi mongwe wa mosweu o ne a ntlisetsa yone ke le kwa ntle.

Fa ke simolola go tsena sekolo se segolwane, mokgatlho wa ditshwanelo tsa setšhaba o ne wa simolola go anama kwa Borwa. Mekgatlho e e jaaka NAACP (National Association for the Advancement of Colored People) e ne e rotloetsa baithuti gore ba tswe letsholo la go lwela diphetogo. Re ne ra rotloediwa gore re nne maloko a mokgatlho oo. Dikolo di le mmalwa tsa batho ba bantsho, go akaretsa le sa rona, di ne tsa ipeela mokgele wa gore mongwe le mongwe mo sekolong a nne leloko la mokgatlho. Ba ne ba mpateletsa gore ke eme morafe wa rona nokeng. Mme ke ne ka gana, ka ba tlhalosetsa gore Modimo ga a na tlhaolele e bile ga a rate morafe o mongwe go gaisa e mengwe. Ka jalo, ke solofetse gore Modimo o tla rarabolola tshiamololo e e ntseng jalo.—Joh. 17:14; Dit. 10:34, 35.

Nakwana morago ga go wetsa dithuto kwa sekolong se segolwane, ke ne ka dira tshwetso ya go fudugela kwa New York City. Le fa go ntse jalo, fa ke le mo tseleng go ya koo, ke ne ka fapogela kwa Philadelphia, kwa Pennsylvania, go ya go etela ditsala tse nkileng ka kopana le tsone pelenyana kwa kopanong. Phuthego ya koo e ne e le ya ntlha e ke ileng kwa go yone e e neng e na le batho ba merafe e e farologaneng. Fa molebedi wa potologo a ne a etetse phuthego eo, o ne a ntseela kwa thoko mme a mpolelela gore ke abetswe go nna le karolo mo pokanong e e latelang. Seo se ne sa dira gore go nne motlhofo gore ke dire tshwetso ya go nna koo.

Nngwe ya ditsala tse ke neng ka nna le tsone kwa Philadelphia, e ne e le kgaitsadi yo mmotlana yo o bidiwang Geraldine White—mme nna ke ne ka mmitsa Gerri. O ne a itse Baebele tota, e le setswerere mo go tlotleng le beng ba matlo mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Sa botlhokwa le go feta ke gore o ne a na le mokgele o o tshwanang le wa me wa go nna mmulatsela. Re ne ra nyalana ka April 23, 1949.

Re Lalediwa go ya Kwa Sekolong sa Gileade

Go tswa kwa tshimologong fela, mokgele wa rona e ne e le go ya kwa Sekolong sa Gileade, mme re bo re nna barongwa kwa nageng e sele. Re ne re iketleeleditse go fetola maemo a rona gore re tshwanelegele go ya Gileade. Nakwana fela morago ga foo, re ne ra kopiwa go fudugela kwa Lawnside, New Jersey; go tswa foo ra ya kwa Chester, Pennsylvania; mme la bofelo ra ya kwa Atlantic City, New Jersey. Fa re le kwa Atlantic City, re ne ra tshwanelegela go dira kopo ya go ya Gileade, e re ka re ne re nyalane dingwaga di le pedi. Le fa go ntse jalo, kopo ya rona e ne ya emisiwa ka nakwana. Lebaka e ne e le lefe?

Kwa masimologong a bo1950, bontsi jwa makau bo ne bo kwadisediwa go ya bosoleng le go lwa mo ntweng e e neng e tsweletse kwa Korea. Kwa Philadelphia, go ne go lebega setlhopha se se neng se kwadisetsa batho bosole se ne se na le tlhaolele mo Basuping ba ga Jehofa ka gore re ne re sa tseye letlhakore. Kgabagare, moatlhodi o ne a mpolelela gore ba lephata la FBI ba ne ba dirile dipatlisiso ka nna mme ba tlhomamisitse gore ga ke tseye letlhakore. Ka jalo, ka January 11, 1952, lekgotla la boikuelo le ne la nnaya tetla ya gore ke se ka ka ya bosoleng ka gonne ke le moruti.

Ka August one ngwaga oo, nna le Gerri re ne ra lalediwa go nna gone kwa tlelaseng ya bo20 ya Gileade, e e neng ya simolola ka September. Ka nako ya dithuto tsa rona, re ne re lebile pele go amogela kabelo ya go direla kwa nageng e sele. Kgaitsadiake e bong Doris, o ne a alogile mo tlelaseng ya bo13 ya Gileade, mme o ne a direla kwa Brazil. A bo nna le Gerri re ne ra gakgamala jang ne fa re ne re amogela kabelo ya tiro ya potologo—re etela diphuthego tsa batho ba bantsho kwa porofenseng e e kwa borwa ya Alabama! Ka tsela nngwe, seo se ne sa re swabisa, e re ka re ne re solofetse go direla kwa nageng e sele.

Phuthego ya ntlha e re neng ra e etela e ne e le kwa Huntsville. Fa re goroga koo, re ne ra ya kwa legaeng la kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo re neng re tla nna le ene. Fa re ntse re folosa dithoto tsa rona, re ne ra mo utlwa a bua mo mogaleng a re, “Bana ba gorogile.” Re ne re na le dingwaga di le 24 mme re ne re lebega re le bannye thata. Leina la sereto, “Bana” le ne la re kgomarela fa re ntse re le mo potologong eo.

Lefelo le le kwa Borwa, gantsi le ne le bidiwa Bible Belt ka gonne bontsi jwa batho ba koo ba ne ba tlotla Baebele thata. Ka jalo, gantsi re ne re simolola motlotlo ka go bua dintlha tseno tse tharo:

(1) Kakgelo e khutshwane ka maemo a lefatshe.

(2) Tharabololo e Baebele e buang ka yone.

(3) Se Baebele e reng re tshwanetse go se dira.

Go tswa foo, re naya motho kgatiso e e tshwanelang thuto ya Baebele. Ka gonne tsela eno e ne e atlega, ke ne ka abelwa karolo nngwe kwa Kopanong ya Mokgatlho wa Lefatshe Le Lesha kwa New York ka 1953. Ke teng kwa ke neng ka dira pontsho ka dintlha tse tharo tseo tsa go simolola motlotlo.

Go ise go ye kae, ka selemo sa 1953, ke ne ka abelwa go direla kwa dipotologong tsa batho ba bantsho kwa Borwa ke le molebedi wa kgaolo. Tshimo ya rona e ne e akaretsa kgaolo yotlhe go tswa Virginia go ya Florida le go fitlha kwa Alabama le Tennessee tse di kwa bophirima. Eleruri, balebedi ba ba etang ba ne ba tshwanetse go fetofetoga le maemo. Ka sekai, gantsi re ne re nna mo mafelong a a se nang diphaephe tse di tsamaisang metsi mo ntlong, mme re ne re tlhapela mo sekotlolong sa lesenke kwa morago ga setofo se se kwa boapeelong. Se se itumedisang ke gore eo e ne e le karolo ya ntlo e e neng e le bothito go gaisa!

Kgwetlho ya go Tlhaolwa ka Morafe

Go direla kwa Borwa go ne go tlhoka gore re akanyetse dilo kwa pele le gore re dirise botlhale gore re kgone go dira dilo dingwe. Batho ba bantsho ba ne ba sa letlelelwa go dirisa mafelo a botlhatswetso. Ka jalo, Gerri o ne a tle a ye koo mme a bo a ba bolelela gore diaparo tse a neng a tlile go di tlhatswa ke tsa ga “Mmè Thompson.” Go bonala bontsi jwa bone bo ne bo akanya gore Gerri ke lelata la ga “Mmè Thompson.” Fa balebedi ba kgaolo ba ne ba bontsha filimi ya The New World Society in Action, ke ne ke leletsa lebenkele lengwe mogala ke bo ke kopa gore ba beele “Rre Thompson” sekirini se segolo. Moragonyana ke ne ke ya kwa lebenkeleng leo go ya go se tsaya. Ka gale re ne re bontsha maitseo e bile gantsi re ne re diragatsa bodiredi jwa rona re sa lebane le mathata ape.

Go ne go na le mofuta o mongwe gape wa tlhaolele, go tlhaolana ka dikgaolo magareng ga batho ba kwa Borwa le ba kwa Bokone. Nako nngwe lekwalodikgang la lefelo leo le ne la bega gore James A. Thompson, Jr., wa Watchtower Bible and Tract Society of New York o ne a tlile go bua kwa kopanong nngwe. Fa bangwe ba bala se se neng se kwadilwe mo lekwalodikgannyeng leo ba ne ba akanya gore se kaya gore ke tswa kwa New York, mme tumalano ya rona ya go dirisa holo ya sekolo e ne ya phimolwa. Ka jalo, ke ne ka tlhalosetsa balaodi ba sekolo gore ke tsene sekolo kwa Chattanooga. Go tswa foo re ne ra letlelelwa go tshwara kopano ya rona ya potologo.

Mo magareng a bo1950, dikgogakgogano tsa bomorafe di ne tsa oketsega mme ka dinako tse dingwe go ne go tsoga dikhuduego. Ka 1954, bangwe ba Basupi ba ne ba kgopisega fa go ne go se na dibui tsa batho ba bantsho mo thulaganyong ya kopano kwa dikopanong dingwe tsa kgaolo. Re ne ra rotloetsa bakaulengwe ba rona ba bantsho gore ba nne pelotelele. Selemo sa ngwaga o o latelang ke ne ka abelwa go nna sebui. Morago ga foo, bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba batho ba bantsho ba kwa Borwa ba ne ba tsenngwa mo dithulaganyong tsa kopano.

Fa nako e ntse e ya, dikhuduego kwa Borwa di ne tsa fokotsega, mme ka bonya ka bonya batho ba bantsho le ba basweu ba ne ba simolola go kopanela mmogo mo diphuthegong. Seno se ne se tlhoka gore baboledi bangwe ba romelwe kwa diphuthegong tse dingwe tse di farologaneng mmogo le go fetola tshimo ya diphuthego dingwe le maikarabelo a bakaulengwe ba ba okamelang. Batho ba bangwe ba basweu le ba bantsho ba ne ba sa rate thulaganyo eno e ntšha. Le fa go ntse jalo, bontsi bo ne bo sa tseye letlhakore fela jaaka Rraarona yo o kwa legodimong. Tota e bile, bontsi bo ne jwa nna ditsala tse dikgolo go sa kgathalesege mmala wa bone. Lelapa la rona le nnile ditsala tsa batho ba basweu ka bo1930 le bo1940 fa ke sa ntse ke gola.

Kabelo e Ntšha

Ka January 1969, nna le Gerri re ne ra abelwa go ya go direla kwa Guyana, kwa Amerika Borwa, mme re ne ra amogela kabelo eo ka boitumelo. Re ne ra simolola ka go ya kwa Brooklyn, New York, ke gone kwa ke neng ka thapisediwa go okamela tiro ya go rera kwa Guyana. Re ne ra goroga kwa Guyana ka July 1969. Morago ga dingwaga di le 16 ke le mo tirong ya go eta, ke ne ke lebane le phetogo e kgolo ya go nna mo lefelong le le lengwe. Gerri o ne a dirisa bontsi jwa malatsi a gagwe a le kwa tirelong ya tshimo e le morongwa mme nna ke ne ke dira kwa ofising ya lekala.

Ke ne ke dira ditiro tse di farologaneng mo lekaleng tse di akaretsang go sega bojang, go tlhokomela diotara tsa diphuthego tse 28, le go ikgolaganya le ntlokgolo e e kwa Brooklyn ka makwalo. Ke ne ke bereka diura di le 14 go ya go di le 15 letsatsi le letsatsi. E ne e le tiro e e bokete mo go rona roobabedi, le fa go ntse jalo, re ne re itumelela kabelo ya rona. Fa re goroga kwa Guyana, go ne go na le baboledi ba le 950; mme gompieno ba feta 2 500.

Le fa re ne re itumelela maemo a bosa a a itumedisang le maungo le merogo ya lefelo leo, se se neng se re itumedisa thata e ne e le gore batho ba ba boikobo ba ba neng ba tlhologeletswe go utlwa boammaaruri jwa Baebele ba ne ba ithuta ka Bogosi jwa Modimo. Gantsi Gerri o ne a tshwara dithuto tsa Baebele di le 20 beke nngwe le nngwe, mme bontsi jwa batho ba re neng ra ithuta le bone ba ne ba gatela pele mme ba kolobediwa. Bangwe ba bone fa nako e ntse e ya ba ne ba nna babulatsela, ba nna bagolwane mo diphuthegong, ba bangwe ba ne ba bo ba ya sekolong sa Gileade mme le bone ya nna barongwa.

Dikgwetlho, Segolobogolo Tsa Botsogo

Ka 1983, batsadi ba me kwa United States ba ne ba tlhoka thuso. Nna, Doris le Gerri re ne ra nna le pokano ya lelapa. Doris yo o neng a na le dingwaga di le 35 e le morongwa kwa Brazil, o ne a tlhopha go boela gae go ya go ba tlhokomela. O ne a re, ke eng fa barongwa ba babedi ba tshwanetse go tswa mo tshimong, fa a le mongwe a ka kgona go dira tiro? Fa e sa le batsadi ba rona ba tlhokafala, Doris o ne a nna kwa Chattanooga e le mmulatsela yo o kgethegileng.

Ka 1995 go ne ga fitlhelwa gore ke na le kankere ya prostate mme ke ne ka tshwanelwa ke go boela kwa United States. Re ne ra nna kwa Goldsboro, North Carolina, ka gonne re ne re le fa gaufi le lelapa la gaetsho kwa Tennessee le la gaabo Gerri kwa Pennsylvania. Jaanong kankere ya me e okobetse, mme re direla kwa phuthegong ya Goldsboro re le babulatsela ba ba kgethegileng ba ba lwalang.

Fa ke leba kwa morago dingwaga tse di fetang 65 tse di fetileng ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ruri ke itumelela go bo Jehofa a segofaditse nna le Gerri ka go bo re ile ra dira diphetogo mo matshelong a rona gore re kgone go mo direla. Ruri mafoko ano a ga Dafide a boammaaruri: “[Jehofa] o tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang”!—2 Sam. 22:26.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Rre le Mokaulengwe Nichols ba ne ba ntlhomela sekao se se molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Ke na le Gerri, re ipaakanyetsa go ya Gileade, 1952

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Fa re se na go aloga kwa sekolong sa Gileade, re ne ra abelwa go dira tiro ya go eta kwa Borwa

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Balebedi ba ba etang, mmogo le basadi ba bone, ba ipaakanyetsa kopano ya kgaolo ya merafe e e kopaneng, ka 1966

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Tirelo ya borongwa kwa Guyana e ne e itumedisa