Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno

Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno

Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga le Gompieno

“Ditiro tseno tsotlhe di dirwa ke moya o le mongwe fela.”—1 BAKOR. 12:11.

1. Re tla sekaseka dintlha dife mo thutong eno?

PENTEKOSETE. A bo lefoko leo le dira gore o gakologelwe ditiragalo tse di kgatlhang jang ne! (Dit. 2:1-4) Go tshololwa ga moya o o boitshepo mo lekgetlong leo mo lekgolong la ntlha la dingwaga, e ne ya nna tshimologo ya phetogo e kgolo mo tseleng e Modimo a neng a dirisana le batlhanka ba gagwe ka yone. Mo setlhogong se se fetileng, re ile ra sekaseka ditsela dingwe tse ka tsone moya wa Modimo o ileng wa dira gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba bogologolo ba diragatse dikabelo tsa bone tse di thata le tse di neng di ba tlhoka go le gontsi. Le fa go ntse jalo, pharologano ke efe magareng ga tsela e moya wa Modimo o ileng wa dira ka yone mo motlheng wa pele ga Bokeresete le tsela e o neng wa dira ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga? Mme gompieno Bakeresete ba solegelwa molemo jang ke se moya o o boitshepo wa Modimo o se dirang? Mma re boneng.

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

2. Marea o ne a bone jang kafa moya o o boitshepo o dirang ka gone?

2 Marea o ne a le gone mo phaposing eo e kgolo e e kwa godimo kwa Jerusalema fa barutwa ba ne ba amogela moya o o boitshepo o ba neng ba o solofeditswe. (Dit. 1:13, 14) Le fa go ntse jalo, dingwaga tse di fetang masome a mararo pele ga tiragalo eo o ne a bone ditsela tse di gakgamatsang tse moya wa ga Jehofa o neng wa dira ka tsone. Jehofa o ne a tlosa botshelo jwa Morwawe kwa legodimong mme a bo fetisetsa mo lefatsheng, ka go dira gore Marea a ime e sa ntse e le lekgarebane. O ne a imile ka “moya o o boitshepo.”—Math. 1:20.

3, 4. Marea o ne a bontsha boikutlo bofe, mme re ka mo etsa jang?

3 Ke eng fa Marea a ne a newa tshiamelo eo e e seng kana ka sepe? Fa moengele a sena go tlhalosetsa Marea gore o ne a tla tshola morwa Modimo, Marea o ne a goa a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” (Luke 1:38) Fa Marea a bua jalo, o ne a bontsha boikutlo jwa pelo jo Modimo a neng a setse a bo lemogile. Go araba ga gagwe ka yone nako eo go ne go supa gore o iketleeleditse go amogela thato ya Modimo mo kgannyeng eo. Ga a ka a botsa potso epe malebana le gore batho ba lefelo la gaabo ba tla leba jang go ima ga gagwe kgotsa gore seo se ka ama jang kamano ya gagwe le monna yo a neng a mmeeleditse. Fa Marea a ne a ipitsa lelata la maemo a a kwa tlase, o ne a bontsha gore o ikanya Jehofa ka botlalo e le Mong wa gagwe.

4 A ka dinako dingwe o kile wa ikutlwa o fekeediwa ke dikgwetlho kgotsa maikarabelo mangwe mo tirelong ya Modimo? Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle fa a ka ipotsa jaana: ‘A ke ikanya Jehofa ka botlalo gore o tla dira dilo go dumalana le thato ya gagwe? A ruri ke supa moya wa go ithaopa ka go rata?’ Tlhomamisega gore botlhe ba ba ikanyang Modimo ka dipelo tsotlhe tsa bone le ba ba tlotlang thato ya bolaodi jwa gagwe, o ba naya moya wa gagwe.—Dit. 5:32.

Petere o Ile a Thusiwa ke Moya o o Boitshepo

5. Petere o ne a bone moya o o boitshepo o dira ka ditsela dife pele ga Pentekosete ya 33 C.E.?

5 Fela jaaka Marea, moaposetoloi Petere le ene o ne a kile a bona tsela e e maatla e moya wa Modimo o dirang ka yone pele ga Pentekosete ya 33 C.E. Jesu o ne a neile Petere le baaposetoloi ba bangwe maatla a go leleka madimona. (Mar. 3:14-16) Le fa Dikwalo di sa re neye dintlha tse dintsi, go lebega e kete Petere o ne a dirisa maatla ao. Moya wa Modimo gape o ne wa lemotshega fa Jesu a ne a raya Petere a re a tle kwa go ene a tsamaya mo godimo ga Lewatle la Galalea, mme Petere o ne a dira fela jalo. (Bala Mathaio 14:25-29.) Ga go pelaelo gore Petere o ne a ikaegile ka moya o o boitshepo gore o mo thuse go dira ditiro tseno tse dikgolo. Go ise go ye kae, moya oo o ne o tla dira mo go Petere le mo barutweng ba bangwe ka ditsela tse disha.

6. Moya wa Modimo o ne wa thusa Petere go dira eng ka Pentekosete ya 33 C.E. le morago ga yone?

6 Kwa Moletlong wa Pentekosete ya 33 C.E., ka kgakgamatso Petere le ba bangwe ba ne ba newa bokgoni jwa go bua dipuo tse di neng di buiwa ke bajaki ba ba neng ba etile kwa Jerusalema. Morago ga moo, Petere o ne a etelelapele go bua le batho ba ba neng ba kokoane koo. (Dit. 2:14-36) Ee, monna yono yo ka lekgetlo lengwe a neng a dira dilo ka go phamoga fela kgotsa a le boi, o ne a newa bopelokgale jwa go naya bosupi le fa a ne a tshosediwa kgotsa a bogisiwa. (Dit. 4:18-20, 31) Modimo o ne a mo senolela kitso. (Dit. 5:8, 9) Mme o ne a bo a nonotshiwa go dira kgakgamatso ya go tsosa motho.—Dit. 9:40.

7. Fa Petere a sena go tlodiwa o ne a tlhaloganya dithuto dife tsa ga Jesu?

7 Tota le pele ga Pentekosete, Petere o ile a tlhaloganya bontsi jwa dithuto tsa boammaaruri tse Jesu a neng a di ruta. (Math. 16:16, 17; Joh. 6:68) Le fa go ntse jalo, go ne go na le dikarolo dingwe tsa dithuto tsa ga Jesu tse a neng a sa di tlhaloganye pele ga Pentekosete. Ka sekai, Petere o ne a ise a lemoge gore Keresete o ne a tla tsosiwa ka mmele wa moya mo letsatsing la boraro; e bile o ne a ise a tlhaloganye gore Bogosi bo ne bo tla nna kwa legodimong. (Joh. 20:6-10; Dit. 1:6) Petere o ne a sa itse gore batho ba tla nna dibopiwa tsa moya mme ba buse mo Bogosing jwa legodimo. Fa a sena go kolobediwa ka moya o o boitshepo a bo a newa tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, o ne a kgona go tlhaloganya bokao jwa dithuto tsa ga Jesu malebana le dintlha tseo.

8. Batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba na le tshono ya go nna le kitso efe?

8 Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go tshololelwa moya o o boitshepo, ba ne ba nna le kitso e ba neng ba se na yone mo nakong e e fetileng. Bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba tlhotlhelediwa gore ba tlhalose dintlha tse di gakgamatsang tsa boikaelelo jwa ga Jehofa—gore rona re solegelwe molemo. (Baef. 3:8-11, 18) Gompieno, batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba fepiwa mmogo semoyeng, mme ba ithuta dithuto tse di tshwanang tsa boammaaruri. (Joh. 10:16) A o itumelela go thusiwa ke moya o o boitshepo gore o nne le kitso ka Lefoko la Modimo le go le tlhaloganya?

Paulo O ne A “Tlala Moya o o Boitshepo”

9. Moya o o boitshepo o ne wa thusa Paulo go fitlhelela eng?

9 Mo e ka nnang ngwaga morago ga Pentekosete ya 33 C.E., mongwe gape o ne a amogela mpho ya Modimo ya moya o o boitshepo. Motho yoo e ne e le Saulo, yo o ileng a bidiwa Paulo. Moya o ne wa dira mo go ene ka ditsela tse di re solegelang molemo gompieno. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala dibuka di le 14 tsa Baebele. Fela jaaka go ne ga direga ka Petere, moya wa Modimo o ne wa thusa Paulo gore a tlhaloganye a bo a kwale ka tsela e e utlwalang sentle ka tsholofelo ya bosasweng le bosaboleng kwa legodimong. Moya o o boitshepo o ne wa thusa Paulo go fodisa batho, go leleka madimona tota le go tsosa motho yo o neng a sule! Le fa go ntse jalo, maatla a a neng a a amogetse ka moya o o boitshepo a ile a mo thusa go diragatsa kabelo e e botlhokwa thata, e batlhanka ba Modimo ba e dirang gompieno le fa e se ka tsela ya kgakgamatso.

10. Moya o o boitshepo o ne wa ama jang bokgoni jwa ga Paulo jwa go bua?

10 Paulo yo o neng a ‘tletse moya o o boitshepo,’ o ne a bua ka bopelokgale kgatlhanong le moloi mongwe. Ruri seo se ne sa ama molaodi yo mogolo wa kwa Kupero, yo o neng a reeditse motlotlo ono otlhe! Molaodi yoo wa masole o ne a amogela boammaaruri, “ka a ne a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya thuto ya ga Jehofa.” (Dit. 13:8-12) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a itse sentle botlhokwa jwa moya wa Modimo fa go tla mo kgannyeng ya go bua boammaaruri. (Math. 10:20) Moragonyana o ne a kopa phuthego ya kwa Efeso gore e mo direle mokokotlelo gore a newe “bokgoni jwa go bua.”—Baef. 6:18-20.

11. Moya o o boitshepo o ne wa kaela Paulo jang?

11 Moya o o boitshepo ga o a ka wa dira fela gore Paulo a kgone go bua, mme ka dinako dingwe o ne wa mo itsa go bua mo mafelong mangwe. Fa Paulo a ne a tsere maeto a borongwa, o ne a kaelwa ke moya wa Modimo. (Dit. 13:2; bala Ditiro 16:6-10.) Jehofa o sa ntse a dirisa moya wa gagwe go kaela tiro ya go rera. Fela jaaka Paulo, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba kutlo ba leka ka natla go bolelela ba bangwe boammaaruri ka bopelokgale le ka tlhagafalo. Tota le fa gompieno tsela e Modimo a dirisang moya wa gagwe ka yone e farologane le tsela e a neng a e dirisa mo motlheng wa ga Paulo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o sa ntse a gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang mo boammaaruring ka moya wa gagwe.—Joh. 6:44.

“Ditiro Tse di Farologaneng”

12-14. A moya wa Modimo o dira ka tsela e e tshwanang mo batlhankeng botlhe ba gagwe? Tlhalosa.

12 A gompieno dipego tsa masego a Jehofa a ileng a a naya batlodiwa ba gagwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ga di kgothatse batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng? Ga go pelaelo gore di a ba kgothatsa! Gakologelwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a Paulo a neng a a kwalela phuthego ya kwa Korintha malebana le dimpho tse moya o o boitshepo o neng wa ba naya tsone ka kgakgamatso mo motlheng wa gagwe: “Jaanong go na le dimpho tse di farologaneng, mme go na le moya o le mongwe fela; gape go na le mefuta e e farologaneng ya bodiredi, mme le fa go ntse jalo go na le Morena a le mongwe fela; e bile go na le ditiro tse di farologaneng, mme le fa go ntse jalo ke Modimo a le mongwe fela yo o dirang ditiro tsotlhe mo bathong botlhe.” (1 Bakor. 12:4-6, 11) Ee, moya o o boitshepo o ka dira ka ditsela tse di farologaneng mo batlhankeng ba ba farologaneng ba Modimo gore ba diragatse boikaelelo jo bo rileng. Eleruri, moya o o boitshepo o thusa “letsomanyane” la ga Keresete le “dinku tse dingwe” tsa gagwe. (Luke 12:32; Joh. 10:16) Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha o dirang ka tsela e e tshwanang mo lelokong lengwe le lengwe la phuthego.

13 Ka sekai, bagolwane ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo. (Dit. 20:28) Mme gone, ga se batlodiwa botlhe ba e leng balebedi mo phuthegong. Re ka swetsa ka go reng go tswa mo go seno? Re ka swetsa ka gore moya wa Modimo o dira ka ditsela tse di sa tshwaneng mo malokong a phuthego.

14 Moya o o thusang batlodiwa go nna le “moya wa go tsholwa jaaka bana” kgotsa go ikutlwa e le bomorwa, ke one moya o Jehofa a ileng a o dirisa go tsosa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo baswing, gore a tshele botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. (Bala Baroma 8:11, 15.) Ke one moya o Jehofa a o dirisitseng go dira gore lobopo lotlhe lo nne gone. (Gen. 1:1-3) Mme Jehofa o ne a dirisa one moya oo go dira gore Besalele a tshwanelegele tiro e e kgethegileng mo motlaaganeng, go nonotsha Samesone go dira ditiro tse di neng di tlhoka maatla a magolo le go dira gore Petere a tsamaye mo godimo ga metsi. Ka jalo, a re se ka ra akanya gore go nna le moya wa Modimo go kaya go tlodiwa ka moya wa Modimo, e re ka go tlodiwa e le tsela nngwe e e kgethegileng e moya o dirang ka yone. Modimo ke ene yo o tlhophang batho ba a batlang go ba tlotsa ka moya wa gagwe.

15. A kolobetso ya moya o o boitshepo e tla tswelela ka bosakhutleng? Tlhalosa.

15 Maatla a a dirang a a boitshepo a Modimo a ntse a dira ka ditsela di le mmalwa mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang, fa e sa le Modimo a nna le batlhanka ba ba ikanyegang, ee, diketekete tsa dingwaga pele ga a simolola go tlotsa batho ka one. Ka Pentekosete ya 33 C.E., moya o o boitshepo o ile wa simolola go dirisiwa ka tsela eo e ntšha, mme gone ga o kitla o dirisiwa jalo go ya go ile. Go kolobediwa ka moya go tla kgaotsa, le fa go ntse jalo moya o o boitshepo o tla tswelela o dira mo bathong ba Modimo gore ba dire thato ya gagwe ka bosaengkae.

16. Moya wa Modimo o thusa batlhanka ba gagwe gore ba dire eng gone jaanong?

16 Ke eng se gone jaanong se dirwang mo lefatsheng ka thuso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa? Tshenolo 22:17 e araba jaana: “Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” Gompieno moya wa Modimo o tlhotlheletsa Bakeresete gore ba laletse “le fa e le mang yo o eletsang,” gore a amogele metsi a botshelo. Bakeresete ba ba tloditsweng ba etelelapele mo go direng seno. Le fa go ntse jalo, ba dinku tse dingwe le bone ba nna le seabe mo go laletseng batho. Ditlhopha tseno tsoopedi di dirisana mmogo le moya o o boitshepo go diragatsa tiro eno. Ba ditlhopha tseno tse pedi ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Math. 28:19) Mme botlhe ba itetla go kaelwa ke moya wa Modimo mo matshelong a bone, ba o letla gore o dire gore ba nne le dinonofo tse o di tlhagisang. (Bagal. 5:22, 23) Fela jaaka batlodiwa, ba dinku tse dingwe ba letla moya wa Modimo gore o ba thuse. O ba thusa gore ba dire bojotlhe jwa bone go fitlhelela boitshepo jo Jehofa a batlang gore ba nne le jone.—2 Bakor. 7:1; Tshen. 7:9, 14.

Nnang lo Kope Moya o o Boitshepo

17. Re ka naya jang bosupi jwa gore re na le moya wa Modimo?

17 Ka jalo, go sa kgathalesege gore o na le tsholofelo e Modimo a go neileng yone ya botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, Jehofa a ka go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o kgone go tswelela o thokgame mme o bone tuelo ya gago. (2 Bakor. 4:7) O ka nna wa sotliwa ka ntlha ya go tswelela o rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa go ntse jalo, gakologelwang gore “fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.”—1 Pet. 4:14.

18, 19. Jehofa o tla go thusa jang a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, mme wena o tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

18 Moya o o boitshepo ke mpho ya mahala e Modimo a e abelang ba ba e batlang ka tlhoafalo. O ka oketsa bokgoni jwa gago wa bo wa dira gore o nne le keletso ya go dira bojotlhe mo tirelong ya gagwe. “Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, ka ntlha ya boipelo jwa gagwe jo bo molemo, gore lo rate lo bo lo dire.” Mpho eno e e tlhwatlhwakgolo ya moya o o boitshepo, mmogo le go dira ka natla go nna re “ngangatletse lefoko la botshelo thata,” go tla re thusa go ‘nna re direla poloko ya rona ka poifo le go roroma.’—Bafil. 2:12, 13, 16.

19 Ka jalo, bontsha go ikanya moya wa Modimo ka botlalo, ka go dira ka natla mo kabelong nngwe le nngwe, ka go nna setswerere mo go sengwe le sengwe se o laelwang go se dira, le ka go kopa thuso ya ga Jehofa. (Jak. 1:5) O tla go naya se o se tlhokang gore o tlhaloganye Lefoko la gagwe, o lepalepane le mathata a botshelo le gore o rere dikgang tse di molemo. “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa” mme seno se akaretsa le go amogela moya o o boitshepo. (Luke 11:9, 13) Ee ruri, nnang lo isa mekokotlelo kwa go Jehofa gore lo nne jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang—ba bogologolo le ba motlha ono—ba ba neng ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo.

A o Ka Tlhalosa?

• Fela jaaka Marea, re ka bontsha boikutlo bofe jo bo tla dirang gore re segofadiwe?

• Paulo o ne a kaelwa ke moya wa Modimo ka tsela efe?

• Batlhanka ba Modimo ba kaelwa jang ke moya wa Modimo gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Moya wa Modimo o ne wa thusa Paulo gore a kgone go fenya tlhotlheletso ya meya e e boikepo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Gompieno moya o o boitshepo o thusa Bakeresete, go sa kgathalesege gore ba na le tsholofelo efe