Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?

“O Modimo wa me. Moya wa gago o molemo; e kete o ka nkgoga.”—PES. 143:10.

1. Bontsha kafa maatla a a sa bonaleng a ka kaelang motho ka gone.

A O KILE wa dirisa khampase go bona tsela? Khampase ke sedirisiwa se se sa raraanang se se nang le karolo e le nngwe fela e e tshikinyegang—lonakana lo lo nnang lo supile kwa bokone. Maatla a a sa bonaleng a a bidiwang maatla a makenete ke one a dirang gore lonakana loo lo tshikinyege. Ka makgolokgolo a dingwaga, babatlisisi le batsamai ba ile ba dirisa khampase go batla tsela fa ba tsamaya mo lefatsheng le mo lewatleng.

2, 3. (a) Jehofa o ne a dirisa maatla afe a magolo dingwaga di le dintsintsi tse di fetileng? (b) Ke eng fa re tshwanetse go lebelela gore maatla a a sa bonaleng a Modimo a kaele matshelo a rona gompieno?

2 Go na le maatla a mangwe gape a a sa bonaleng a re a tlhokang thata gore a re kaele. Ke afe? Ke maatla a a tlhalositsweng mo ditemaneng tsa ntlha tsa Baebele. Genesise e bua jaana ka se Jehofa a se fitlheletseng mo dingwageng di le dintsintsi tse di fetileng: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” Fa a ne a bopa, o ne a dirisa maatla a magolo ka gonne pego e e buang ka popo e oketsa ka go re: “Maatla a a dirang a Modimo a ne a ya kwa le kwa.” (Gen. 1:1, 2) Ke eng se Modimo a neng a se dirisa? Moya o o boitshepo—maatla a magolo a a dirisitsweng mo popong. Re leboga Jehofa go bo a dirisitse moya ono go dira ditiro tsotlhe tsa gagwe.—Jobe 33:4; Pes. 104:30.

3 Rona batho ba ba tshelang, a re tshwanetse go lebelela gore maatla a a dirang a Modimo a tswelele a ama matshelo a rona ka tsela nngwe? Morwa Modimo e bong Jesu o ne a itse gore re tshwanetse go lebelela seo, ka gonne o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Moya . . . o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 16:13) Moya ono ke eng, mme ke eng fa re tshwanetse go batla go kaelwa ke one?

Moya o o Boitshepo ke Eng?

4, 5. (a) Batho ba ba dumelang Tharonngwe ba dira phoso ya go akanya gore moya o o boitshepo ke eng? (b) O ka tlhalosa jang se tota moya o o boitshepo e leng sone?

4 Go ka direga gore bangwe ba batho ba o buang le bone mo bodireding ba na le pono e e seng ya Dikwalo ka moya o o boitshepo. Batho ba ba dumelang Tharonngwe ba dira phoso ya go akanya gore moya ono ke motho yo o lekanang le Modimo Rara. (1 Bakor. 8:6) Le fa go ntse jalo, thuto ya Tharonngwe e bonala sentle gore ga e dumalane le Dikwalo. Mo thanolong ya The Webster Bible e e gatisitsweng ka 1833 le mo thanolong e e tokafaditsweng ya King James Version, mokwadi wa dikishinare wa Moamerika e bong Noah Webster o ne a dirisa lefoko, Moya o o Boitshepo. O ne a itse gore go ya ka Baebele lefoko leo le ne le sa kaye sebopiwa sengwe sa moya.

5 Ka jalo, tota moya o o boitshepo ke eng? Ntlha e e kwa tlase mo go Genesise 1:2 mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References ya re: “Lefoko le le ranotsweng e le ‘moya,’ ruʹach [ka Sehebera] gape le ranotswe e le ‘phefo’ mme ka mafoko a mangwe seo se kaya maatla a a dirang a a sa bonaleng.” (Bapisa dintlha tse di kwa tlase mo go Genesise 3:8; 8:1NW.) Fela jaaka phefo e sa bonale mme gone e na le maatla, moya wa Modimo le one ga o bonale mme ditiro tsa one di a bonala. Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang, a a a dirisang kana a a a neelang batho kana dilo gore di diragatse thato ya gagwe. A go thata go dumela gore maatla a a ntseng jalo a a gakgamatsang a tswa kwa Motsweding o o boitshepo, e bong Modimo Mothatayotlhe? Legoka!—Bala Isaia 40:12, 13.

6. Ke eng se Dafide a neng a se kopa Jehofa?

6 A Jehofa a ka tswelela a dirisa moya wa gagwe go re kaela mo botshelong? O ne a solofetsa mopesalema Dafide jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Pes. 32:8) A Dafide o ne a batla seo? Ee, ka gonne o ne a kopa Jehofa a re: “Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me. Moya wa gago o molemo; e kete o ka nkgoga.” (Pes. 143:10) Le rona re tshwanetse go nna le keletso e e ntseng jalo mme re batle go kaelwa ke moya wa Modimo. Ka ntlha yang? Ela tlhoko mabaka a manè.

Ga re Tshwanelege go Kaela Dikgato Tsa Rona

7, 8. (a) Ke eng fa re ka se kgone go kaela matshelo a rona kwantle ga thuso ya Modimo? (b) Bontsha gore ke goreng fa le ka motlha re sa tshwanela go leka go ipatlela tsela e re ka tsamayang mo go yone mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo.

7 La ntlha, re tshwanetse go batla go kaelwa ke moya wa Modimo ka gonne ga re kgone go kaela matshelo a rona. Go “kaela” go kaya “go bontsha motho tsela e a tshwanetseng go e latela.” Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a re bopa re na le bokgoni jwa go itirela seo, segolobogolo e re ka re sa itekanela. Moporofeti wa gagwe e bong Jeremia o ne a kwala jaana: “Ao tlhe Morena, ke a itse gore tsela ya motho ga e mo go ene: motho ga a na maatla a go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jer. 10:23, The Bible in Basic English) Ka ntlha yang? Jeremia o ne a utlwa kafa Modimo a neng a tlhalosa ka gone gore ke eng fa re sa kgone go kaela matshelo a rona. Jehofa o ne a bua jaana ka motho yo re leng ene ka fa gare: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?”—Jer. 17:9; Math. 15:19.

8 A go tla bo go se kotsi gore motho yo o se nang maitemogelo a tsamaye a le esi mo lefelong lengwe, a se na mokaedi yo o itseng lefelo leo sentle e bile a sa tshola khampase, a tsamaya ka dinao mo nageng e a sa e itseng? O tla bo a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing, e re ka a sa itse gore o tla lebana jang le maemo a a sa itumediseng kwa nageng e bile a se na bokgoni jwa go bona tsela e e sireletsegileng e e tla mo gorosang kwa a yang teng. Mme motho yo o akanyang gore a ka kaela tsela ya gagwe mo tsamaisong eno e e boikepo a sa letle gore Modimo a mmontshe tsela e e siameng e a tshwanetseng go e tsaya, le ene o a bo a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing e kgolo. Tsela fela e ka yone re ka kgonang go falola tsamaiso eno ya dilo, ke ka go kopa Jehofa jaana ka thapelo fela jaaka Dafide a ile a dira: “Mma dikgato tsa me di tshware ditselana tsa gago, tse dikgato tsa me ruri di se nang go reketlisiwa mo go tsone.” (Pes. 17:5; 23:3) Re ka kgona jang go bona kaelo eo?

9. Moya wa Modimo o ka re kaela jang, jaaka go bontshitswe mo tsebe 17?

9 Fa re ikokobeditse e bile re iketleeleditse go ikaega ka Jehofa, o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo e le go re tlhomamisetsa gore ke ene a kaelang dikgato tsa rona. Maatla ao a a dirang a tla re thusa jang? Jesu o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe jaana: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Joh. 14:26) Fa re rapela re bo re ithuta Lefoko la Modimo ka metlha, go akaretsa le mafoko a ga Keresete, moya o o boitshepo o tla re thusa go tlhaloganya botlhale jo bo boteng jwa ga Jehofa gore re kgone go mo obamela. (1 Bakor. 2:10) Gape fa re diragalelwa ke dilo tse re neng re sa di solofela mo botshelong, moya wa Modimo o tla re thusa go itse se re tshwanetseng go se dira. O tla re gakolola melaometheo ya Baebele e re setseng re ithutile yone, o bo o re thuse go tlhaloganya kafa re ka e dirisang ka gone go kaela dikgato tsa rona.

Jesu O ne A Kaelwa ke Moya wa Modimo

10, 11. Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a lebeletse gore moya o o boitshepo o mo thuse jang, mme o ne wa dira seo jang?

10 Lebaka la bobedi la go bo re tshwanetse go batla go kaelwa ke moya o o boitshepo ke gore Modimo o ne a kaela Morwawe ka one. Pele ga Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a tla mo lefatsheng, o ne a itse boporofeti jono: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa.” (Isa. 11:2) Akanya fela kafa Jesu a neng a tlhoafaletse go amogela thuso ya moya wa Modimo ka gone, fa a ne a tshela mo maemong a a thata mo lefatsheng!

11 Mafoko a ga Jehofa a ne a nna boammaaruri. Pego ya Efangele e tlhalosa se se diragetseng fela fa Jesu a sena go kolobediwa: “Jaanong Jesu, ka a tletse moya o o boitshepo, a tloga kwa Joredane, mme a gogelwa kwa le kwa ke moya mo nageng.” (Luke 4:1) Fa Jesu a le koo, a ntse a itima dijo, a rapela le go tlhatlhanya, go ka direga gore Jehofa o ne a mo naya ditaelo a bo a mo sedimosetsa ka se a neng a tla lebana le sone. Maatla a a dirang a Modimo a ne a tlhotlheletsa mogopolo le pelo ya ga Jesu, a kaela tsela e a neng a akanya ka yone le ditshwetso tsa gagwe. Ka ntlha ya seo, Jesu o ne a itse se a tshwanetseng go se dira mo boemong bongwe le bongwe, mme o ne a dira sone se Rragwe a neng a batla gore a se dire.

12. Ke eng fa go tlhokega gore re kope moya wa Modimo gore o re kaele?

12 E re ka Jesu a ne a itse botlhokwa jwa se moya wa Modimo o neng wa se dira mo botshelong jwa gagwe, o ne a gatelela botlhokwa jwa gore barutwa ba gagwe ba kope moya o o boitshepo le gore o ba kaele. (Bala Luke 11:9-13.) Ke eng fa seo se tlhokega thata mo go rona? Ka gonne moya o o boitshepo o ka fetola tsela e re akanyang ka yone, gore e tshwane le mogopolo wa ga Keresete. (Bar. 12:2; 1 Bakor. 2:16) Fa re letla moya wa Modimo gore o re kaele mo botshelong, re tla kgona go akanya jaaka Keresete mme re bo re etsa sekao sa gagwe.—1 Pet. 2:21.

Moya wa Lefatshe o Tla re Timetsa

13. Moya wa lefatshe ke eng, mme ke eng se o se tlhagisang?

13 Lebaka la boraro la go bo re batla gore moya wa Modimo o re kaele ke gore kwantle ga one re ka timediwa ke moya o o seng boitshepo o o tlhotlheletsang matshelo a batho ba le bantsi gompieno. Lefatshe le na le moya o o maatla, o o tlhotlheletsang batho go dira se se farologaneng gotlhelele le se moya o o boitshepo o ka se tlhagisang mo go rona. Go na le gore moya wa lefatshe o tlhotlheletse batho gore ba nne le mogopolo wa ga Keresete, o dira gore tsela e ba akanyang ka yone le ditiro tsa bone di tshwane le tsa mmusi wa lefatshe leno e bong Satane. (Bala Baefeso 2:1-3; Tito 3:3.) Fa motho a ineelela moya wa lefatshe a bo a dira ditiro tsa nama, o tla nna le ditlamorago tse di botlhoko, tse di ka dirang gore a palelwe ke go rua Bogosi jwa Modimo.—Bagal. 5:19-21.

14, 15. Re ka atlega jang go gana moya wa lefatshe?

14 Jehofa o re tlhomeletse gore re kgone go emelana le moya wa lefatshe. Moaposetoloi Paulo o ne a re re ‘tswelele re bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe gore re tle re kgone go itsetsepela mo letsatsing le le boikepo.’ (Baef. 6:10, 13) Jehofa o re nonotsha ka moya wa gagwe gore re kgone go emelana le maiteko a ga Satane a go re tsietsa. (Tshen. 12:9) Moya wa lefatshe leno o maatla mme ga re ka ke ra o tila gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go o letla gore o re leswafatse. Moya o o boitshepo o maatla go feta moya wa lefatshe, mme o tla re thusa!

15 Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana malebana le batho ba ba neng ba tlogetse Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga: “Ka go tlogela tselana e e tlhamaletseng, ba timeditswe.” (2 Pet. 2:15) A bo re ka leboga jang ne go bo re sa ka ra “amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong”! (1 Bakor. 2:12) Tlhotlheletso ya moya wa Modimo le go dirisa ka botlalo dilo tsotlhe tse Jehofa a re neileng tsone gore di re thuse go tsamaya mo tseleng e e siameng ya semoya, di ka re thusa gore re kgone go atlega go gana moya wa lefatshe leno le le boikepo la ga Satane.—Bagal. 5:16.

Moya o o Boitshepo o Tlhagisa Dinonofo Tse di Molemo

16. Ke dinonofo dife tse moya o o boitshepo o ka di tlhagisang mo go rona?

16 Lebaka la bonè la go bo re batla gore moya wa Modimo o dire mo go rona ke gore o tlhagisa dinonofo tse di molemo mo matshelong a batho ba o ba kaelang. (Bala Bagalatia 5:22, 23.) Ke mang mo go rona yo o ka se kang a batla go nna le lorato, boipelo le kagiso? Ke mang yo o sa batleng go nna le bopelotelele, bopelonomi le molemo? Ke mang yo o ka se kang a solegelwa molemo ke go nna le tumelo, bonolo le boikgapo? Moya wa Modimo o dira gore re nne le dinonofo tse di molemo tse di re solegelang molemo mmogo le batho ba re tshelang le bone le ba re ba direlang. Re tshwanetse go tswelela re dira ka natla go bontsha dinonofo tseno, e re ka go se na selekanyo sa gore re tshwanetse go bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang go le kana kang.

17. Re ka leka jang ka natla go nna le dikarolo tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang?

17 Go tla bo go le botlhale gore re itlhatlhobe go tlhomamisa gore mafoko le ditiro tsa rona di naya bosupi jwa gore re kaelwa ke moya o o boitshepo e bile re tlhagisa dinonofo tsa one. (2 Bakor. 13:5a; Bagal. 5:25) Fa re lemoga gore re tlhoka go leka ka natla go nna le dikarolo dingwe tsa dinonofo tse moya o di tlhagisang, re ka dira bojotlhe go dirisana mmogo le moya o o boitshepo gore re tlhagise dinonofo tseo. Re dira jalo ka go ithuta karolo nngwe le nngwe e e umakilweng mo Baebeleng le e e tlhalositsweng mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete. Ka go dira jalo, re lemoga kafa re tshwanetseng go bontsha ka gone dinonofo tse moya o di tlhagisang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi mme re bo re leka ka natla go di bontsha. * Fa re ntse re bona kafa moya wa Modimo o dirang ka gone mo botshelong jwa rona le mo matshelong a Bakeresetemmogo le rona, re lemoga sentle lebaka la go bo re tshwanetse go kaelwa ke one.

A o Letla Moya wa Modimo o go Kaela?

18. Re ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu fa a ne a letla moya wa Modimo gore o mo kaele?

18 E re ka Jesu e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo mo popong ya lobopo lotlhe, o ne a itse sengwe le sengwe ka maatla a makenete a a mo lefatsheng, a batho ba a dirisang go bona tsela mo lefatsheng. (Dia. 8:30; Joh. 1:3) Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng ga go na bosupi bope jwa gore Jesu o kile a dirisa maatla ao go kaela tsela ya gagwe fa a ne a le mo lefatsheng. Baebele e bega gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bona kafa moya o o boitshepo wa Modimo o neng o le maatla ka gone mo botshelong jwa gagwe. O ne a o letla gore o mo tlhotlheletse mme fa o dira jalo, o ne a dira tumalanong le one. (Mar. 1:12, 13; Luke 4:14) A le wena o tshwana le Jesu?

19. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore moya o o boitshepo o re kaele mo botshelong?

19 Maatla a Modimo a a dirang a sa ntse a tlhotlheletsa le go kaela megopolo le dipelo tsa batho ba ba iketleeleditseng. O ka a letla jang gore a dire mo go wena a bo a go kaele mo tseleng e e siameng? Rapela Jehofa o sa kgaotse gore a go neye moya wa gagwe mme a go thuse gore o o letle gore o go tlhotlheletse. (Bala Baefeso 3:14-16.) Dira tumalanong le dithapelo tsa gago ka go hukutsa kgakololo e e leng mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng, e leng Baebele—e e kwadilweng ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo. (2 Tim. 3:16, 17) Ikobele ditaelo tse di botlhale tse di fitlhelwang mo go lone mme o bo o amogela kaelo ya moya o o boitshepo. Bontsha gore o na le tumelo ya gore Jehofa a ka kgona go go kaela ka tsela e e siameng mo lefatsheng leno le le boikepo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Go bona tlhaloso malebana le karolo nngwe le nngwe ya tsone, bona w07 7/15 24-25; w03 1/15 11; w02 1/15 17; w95 1/15 16; w01 11/1 14-15; w03 7/1 6; w01 1/1 22; w03 4/1 15, 19-20; w03 10/15 14.

A o Kgonne go Bona Dintlha Tsa Konokono?

• Moya o o boitshepo o ka ama matshelo a rona jang?

• Ke mabaka afe a manè a go bo re batla go kaelwa ke moya wa Modimo?

• Re ka dira jang seabe sa rona gore re solegelwe molemo ka botlalo ke go kaelwa ke moya o o boitshepo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Moya wa Modimo e ne e le one o tlhotlheletsang Jesu mo botshelong

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moya wa Modimo o tlhotlheletsa le go kaela megopolo le dipelo tsa batho