Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Letla Bolwetse bo go Amoga Boitumelo

O se Ka wa Letla Bolwetse bo go Amoga Boitumelo

O se Ka wa Letla Bolwetse bo go Amoga Boitumelo

AKANYA fela o tsoga mo mosong mme o eletsa e kete letsatsi le ka bo le setse le wetse. O tshwanelwa ke go itshokela botlhoko mo mmeleng kana mo maikutlong letsatsi le lengwe gape. O ka nna wa bo wa ikutlwa fela jaaka Jobe yo o neng a re: “Ke tla tlhopha go swa go na le go lebana le dipogo tsa me tsotlhe.” (Jobe 7:15, The New English Bible) Go tweng fa e le gore boemo jo bo ntseng jalo bo tswelela dingwaga di le dintsi?

Mefiboshethe, morwa wa ga Jonathane tsala ya ga Kgosi Dafide, le ene o ne a le mo boemong jo bo ntseng jalo. Fa Mefiboshethe a ne a le dingwaga di le tlhano o ne “a wa mme a golafala.” (2 Sam. 4:4) Kgatelelo ya maikutlo e tshwanetse ya bo e ile ya oketsa botlhoko jwa bogole jwa gagwe fa moragonyana a ne a latofadiwa ka gore o tlhanogetse kgosi a bo a tseelwa dithoto tse a neng a na le tsone. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a tlhoma sekao se se molemo ka go itshokela bogole, go senngwa leina le go swabisiwa, a sa letle gore dilo tseo di mo amoge boitumelo.—2 Sam. 9:6-10; 16:1-4; 19:24-30.

Sekao se sengwe gape ke sa ga moaposetoloi Paulo. Nako nngwe o ne a umaka “mmutlwa mo nameng” o a neng a tshwanelwa ke go o itshokela. (2 Bakor. 12:7) Mmutlwa o a neng a o umaka e ka tswa e ne e le bokoa jo bo sa foleng kgotsa e ka tswa e ne e le batho ba ba neng ba mo gwetlha ka go bo e le moaposetoloi. Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, bothata joo bo ne jwa tswelela bo le gone ka lobaka lo loleele mme o ne a tshwanelwa ke go lebana le botlhoko jwa mo mmeleng kgotsa jwa mo maikutlong jo bo neng jwa nna gone ka ntlha ya mmutlwa oo.—2 Bakor. 12:9, 10.

Bangwe ba batlhanka ba Modimo gompieno ba lebana le malwetse a a sa foleng a a koafatsang kgotsa kgatelelo ya maikutlo. Fa Magdalena a le dingwaga di le 18, go ne ga lemogiwa gore o na le bolwetse jwa systemic lupus erythematosus, e leng bolwetse jo masole a mmele a tlhaselang dirwe tsa mmele. A re: “Ke ne ke tshogile. Fa nako e ntse e ya, boemo jwa me bo ne jwa etegela mme jwa gakadiwa gape ke mathata a go silwa ga dijo mo mmeleng, ka nna le ditlhagala mo molomong le bothata jwa thyroid.” Izabela le ene o tshwanelwa ke go itshokela mathata mangwe a a sa lemotshegeng motlhofo. A re: “Go simolola ke sa ntse ke le monnye ke ne ka lebana le go tshwenyega thata mo maikutlong. Seno se ne sa dira gore ke tlalelwe thata (panic attacks), ke nne le bothata jwa go hema, le dikerempe mo maleng. Seno se dira gore gantsi ke ikutlwe ke lapile thata.”

Amogela Boemo jo o Leng mo go Jone

Bolwetse le bokoa bo ka tlhakatlhakanya botshelo jwa gago. Fa seo se direga, go molemo gore o sekaseke boemo jwa gago ka boikanyegi. Go amogela gore o na le bokoa bongwe go ka nna ga se ka ga nna motlhofo. Magdalena a re: “Bolwetse jwa me bo nna bo etegela pele. Gantsi ke ikutlwa ke lapile thata mo ke sa kgoneng go tsoga mo bolaong. Go se tlhomame ga bolwetse jwa me go dira gore go nne thata gore ke rulaganye dilo go sa le gale. Se se mpetisang pelo le go feta ke gore ga ke sa tlhole ke kgona go direla Jehofa jaaka ke ne ke mo direla pele.”

Zbigniew a re: “Fa dingwaga di ntse di feta, ramatiki e e bakang go ruruga ga malokololo (rheumatoid arthritis) e dira gore ke felelwe ke maatla, mme e ntse e senya ditokololo tsa mmele wa me. Ka dinako dingwe, fa go ruruga go nna maswe thata, ga ke kgone le go dira ditiro tse di motlhofo. Seo se dira gore ke hutsafale.”

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Barbara o ne a bolelelwa gore o na le bolwetse jo bo etegelang pele jwa tlhagala mo bobokong. A re: “Mmele wa me o fetogile ka bonako. Ke ikutlwa ke se na maatla, ke opiwa ke tlhogo gantsi e bile ga ke kgone go tlhoma mogopolo. E re ka jaanong ke na le mathata a botsogo a a nkgoreletsang, ke tshwanelwa ke go sekaseka sengwe le sengwe se ke tshwanetseng go se dira.”

Batho bano botlhe ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng. Se se tlang pele mo go bone ke go dira thato ya gagwe. Ba ikanya Modimo ka botlalo mme ba solegelwa molemo ke go bo a ba ema nokeng.—Dia. 3:5, 6.

Jehofa O a Re Thusa—Jang?

Ga re a tshwanela go akanya gore mathata a re nang le one ke bosupi jwa gore Modimo ga a re amogele. (Dikhu. 3:33) Akanya ka se Jobe a neng a tshwanelwa ke go lebana le sone le fa a ne a se na “molato e bile a thokgame.” (Jobe 1:8) Modimo ga a leke ope ka dilo tse di bosula. (Jak. 1:13) Malwetse otlhe—go akaretsa le a a sa foleng le a maikutlo—ke sengwe se se hutsafatsang se re se ruileng go tswa mo batsading ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa.—Bar. 5:12.

Le fa go ntse jalo, Jehofa le Jesu ga ba kitla ba tlogela basiami ba sa ba thuse. (Pes. 34:15) Fa re lebana le dinako tse di thata mo matshelong a rona, ke gone segolobogolo re anaanelang go bo Modimo e le ‘setshabelo sa rona le kago ya rona e e thata.’ (Pes. 91:2) Ka jalo, fa o itshoketse mathata a a se nang tharabololo e e motlhofo, ke eng se se ka go thusang gore o nne o itumetse?

Thapelo: Le wena o ka latlhela mokgweleo wa gago mo go Rraarona yo o kwa legodimong ka thapelo, fela jaaka batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba bogologolo ba ne ba dira. (Pes. 55:22) Fa o dira jalo, o tla nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” Kagiso eo ‘e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’ (Bafil. 4:6, 7) Magdalena o kgona go itshokela bolwetse jwa gagwe jo bo mo koafatsang ka gonne a ikaegile ka Modimo ka thapelo. A re: “Go bulela Jehofa mafatlha a me go dira gore ke wele makgwafo ke bo ke itumele. Ruri jaanong ke tlhaloganya gore go ikaega ka Modimo letsatsi le letsatsi go kaya eng.”—2 Bakor. 1:3, 4.

Jehofa a ka araba dithapelo tsa gago ka go go naya maatla ka moya wa gagwe o o boitshepo, ka Lefoko la gagwe le ka bakaulengwe ba Bakeresete. Ga o ka ke wa solofela gore Modimo a tlose bokoa jo o nang la jone ka kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, o ka mo ikanya gore a go neye botlhale le maatla a o a tlhokang gore o itshokele mathata mangwe le mangwe. (Dia. 2:7) A ka go nonotsha, a go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakor. 4:7.

Lelapa: Fa mo lelapeng go na le lorato le bopelotlhomogi, seo se ka go thusa gore o itshokele bolwetse. Le fa go ntse jalo, se lebale gore batho ba o ba ratang le bone ba utlwa botlhoko. Ba ka tswa ba ikutlwa ba kgobegile marapo fela jaaka wena. Le fa go ntse jalo, ba go ema nokeng, tota le mo maemong a a thata. Go rapela mmogo go tla lo thusa gore lo nne le pelo e e ritibetseng.—Dia. 14:30.

Fa Barbara a bua ka morwadie le bokgaitsadi ba bangwe ba basha mo phuthegong, o ne a re: “Ba nkema nokeng mo bodireding. Tlhagafalo ya bone e a nkgothatsa.” Zbigniew o fitlhela kemonokeng ya mosadi wa gagwe e le sengwe sa botlhokwa thata. “Mosadi wa me o dira bontsi jwa ditiro tsa mo lapeng. Gape o nthusa go apara e bile gantsi o ntshwarela kgetsana ya dibuka fa re ya dipokanong tsa Bokeresete le fa re le mo bodireding.”

Badumedimmogo: Fa re na le badumedimmogo le rona, re a kgothatsega le go gomotsega. Mme gone, go tweng fa o sa kgone go ya dipokanong ka ntlha ya bolwetse? Magdalena a re: “Phuthego e tlhomamisa gore ke solegelwa molemo ke dipokano ka go di rekota gore ke di reetse. Gantsi baobamedimmogo le nna ba nteletsa mogala go bona gore ke eng gape se ba ka nthusang ka sone. Gape ba nthomelela makwalo a a kgothatsang. Go itse fela gore ba a nkgopola e bile ba amegile ka botsogo jwa me go nthusa gore ke itshoke.”

Izabela yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong, a re: “Mo phuthegong ke na le ‘borre’ le ‘bomme’ ba bantsi, ba ba ntheetsang e bile ba leka go ntlhaloganya. Phuthego ke lelapa la me—ke mo ke ikutlwang ke na le kagiso le boipelo gone.”

Go molemo gore batho ba ba lebanang le diteko tse di farologaneng ba tile ‘go itlhaola.’ Go na le moo, ba tsaya go kopanela le phuthego e le sengwe sa botlhokwa. (Dia. 18:1) Ka go dira jalo, ba kgothatsa ba bangwe fela thata. Kwa tshimologong o ka nna wa okaoka go itsise bakaulengwe le bokgaitsadi dilo tse o di tlhokang. Le fa go ntse jalo, badumedimmogo le wena ba tla itumela fa o ba bulela mafatlha. Seno se tla ba naya tshono ya go go bontsha “lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo.” (1 Pet. 1:22) Ke eng fa o sa ba bolelele gore o tlhoka sepalangwa go ya dipokanong, gore o ka rata go bereka le bone mo bodireding kgotsa o ka rata go nna le motlotlo o o kgothatsang le bone? Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go batla gore ka metlha batho ba re thuse, mme gone re tshwanetse go anaanela thuso ya bone.

Nna le boikutlo jo bo siameng: Gore o itshokele bolwetse jo bo sa foleng kwantle ga gore o latlhegelwe ke boipelo, gantsi go ikaegile ka wena. Go nna le maikutlo a go tlhoka tsholofelo le a go kgobega marapo go ka dira gore o akanye ka tsela e e sa siamang. Baebele ya re: “Moya wa motho o ka itshokela botlhoko jwa gagwe; mme fa e le moya o o hutsafetseng one, ke mang yo o ka o itshokelang?”—Dia. 18:14.

Magdalena a re: “Ke dira ka natla gore ke se ka ka tlhoma mogopolo mo mathateng a me. Ka malatsi a ke ikutlwang botoka ka one, ke leka go itumela. Ke a gomotsega fa ke bala ka maitemogelo a batho ba ba ileng ba ikanyega go sa kgathalasege malwetse a bone a a sa foleng.” Izabela o nonotshiwa ke go itse gore Jehofa o a mo rata e bile o mo tsaya a le botlhokwa. A re: “Ke ikutlwa ke le botlhokwa e bile ke na le mongwe yo ke mo tshelelang. Gape ke na le tsholofelo e e molemo ka isagwe.”

Zbigniew a re: “Bolwetse jwa me bo nthuta go nna boikokobetso le go nna kutlo. Bo nthuta go nna le temogo le pono e e siameng mmogo le go itshwarela batho ba bangwe go tswa pelong. Ke ithutile go itumelela go direla Jehofa ke sa ikutlwele botlhoko. Tota e bile, ke ile ka tlhotlheletsega go nna ke gatela pele semoyeng.”

Nna o gakologetswe gore Jehofa o tsaya tsia boitshoko jwa gago. O go utlwela botlhoko fa o ntse o boga e bile o amega ka wena. Ga a kitla a ‘lebala tiro ya gago le lorato lo o lo bontshitseng leina la gagwe.’ (Baheb. 6:10) Nna o gakologelwa tsholofetso e a e nayang batho botlhe ba ba mmoifang: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”—Baheb. 13:5.

Fa go direga gore ka dinako dingwe o ikutlwe o kgobegile marapo, tlhoma mogopolo mo tsholofetsong e e molemo ya go tshela mo lefatsheng le lesha. Nako e atamela ka bonako e ka yone matlho a gago a tla bonang masego a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Ba Nna ba Rera Le fa Ba na Le Malwetse A a Sa Foleng

“Ga ke sa kgona go tsamaya ke le esi, ka jalo fa ke ya bodireding ke tsamaya le mosadi wa me kana bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe. Ke tshwara dipuisano le ditemana tsa Baebele ka tlhogo.”—Jerzy, yo o sa boneng sentle.

“Mo godimo ga go neela bosupi ka founo, gantsi ke kwalelana makwalo le batho ba le mmalwa ba ba bontshitseng kgatlhego. Fa ke le kwa bookelong, ka metlha ke baya Baebele le dikgatiso tsa rona gaufi le bolao jwa me. Seo se nthusitse go simolola metlotlo e mentsi e e itumedisang.”—Magdalena, yo o nang le bolwetse jwa “systemic lupus erythematosus.”

“Ke rata bodiredi jwa ntlo le ntlo, mme fa ke sa kgone go ya kwa go jone, ke neela bosupi ka founu.”—Izabela, yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.

“Ke itumelela go dira maeto a go boela le go thusa go tshwara dithuto tsa Baebele. Fa ke ikutlwa botoka, ke rata go rera ka ntlo le ntlo.”—Barbara, yo o nang le tlhagala mo bobokong.

“Ke tshwara fela kgetsana ya dimakasine e e motlhofo thata. Ke tswelela ke le mo bodireding fa fela ditlhabi di se maswe thata.”—Zbigniew, yo o nang le bolwetse jwa “rheumatoid arthritis.”

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Basha le bagolo ba ka kgona go re kgothatsa