Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boperesiti Jwa Segosi bo Tla Solegela Batho Botlhe Molemo

Boperesiti Jwa Segosi bo Tla Solegela Batho Botlhe Molemo

“Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng.’”—1 PET. 2:9.

1. Ke eng fa “dijo tsa maitseboa tsa Morena” gape di bidiwa Segopotso, mme maikaelelo a sone ke eng?

MO MAITSEBOENG a Nisane 14 ka ngwaga wa 33 C.E., Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba le 12 ba ne ba gopola moletlo wa Tlolaganyo wa Sejuda lekgetlho la bofelo. Morago ga gore Jesu a kobe Judase Isekariota yo e neng e le mooki, o ne a simolola tiragalo e ntšha e moragonyana e neng ya bidiwa “dijo tsa maitseboa tsa Morena.” (1 Bakor. 11:20) Jesu o ne a bua jaana gabedi: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Tiragalo eno gape e itsege e le Segopotso, se se re gakololang gore Keresete o ne a re swela. (1 Bakor. 11:24, 25) Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tshwara Segopotso ngwaga le ngwaga, e le go ikobela taelo eno. Go ya ka khalendara ya Baebele, ka 2012, Nisane 14 e simolola fa letsatsi le phirima ka Labone April 5.

2. Jesu o ne a reng ka ditshwantshetso tse a neng a di dirisa?

2 Mo ditemaneng tseno tse pedi, morutwa Luke o sobokanya se Jesu a neng a se bua le go se dira mo tiragalong eo jaana: “A tsaya senkgwe, a leboga, a se ngathoganya, mme a se ba naya, a re: ‘Seno se kaya mmele wa me o ruri o tla ntshiwang mo boemong jwa lona. Nnang lo dire seno e le go nkgopola.’ Le senwelo ka tsela e e tshwanang fa ba sena go ja sejo sa maitseboa, a re: ‘Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me, a a tla tshololelwang lona.’” (Luke 22:19, 20) Baaposetoloi ba ne ba tlhaloganya jang mafoko ao?

3. Baaposetoloi ba ne ba tlhaloganya jang bokao jwa ditshwantshetso?

3 E re ka baaposetoloi e ne e le Bajuda, ba ne ba tlwaelane thata le ditlhabelo tsa diphologolo tse baperesiti ba neng ba di ntshetsa Modimo kwa tempeleng kwa Jerusalema. Ditshupelo tseo di ne di direlwa gore Jehofa a ba amogele, mme bontsi jwa tsone e ne e le tsa gore ba itshwarelwe maleo. (Lefi. 1:4; 22:17-29) Ka jalo, baaposetoloi ba ne ba tlhaloganya gore fa Jesu a ne a re, mmele le madi a gagwe di ne di ‘tla ntshiwa le go tshololelwa bone,’ o ne a kaya gore o tla ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le setlhabelo. Setlhabelo sa gagwe se ne se tla nna le boleng jo bogolo go feta ditlhabelo tsa diphologolo.

4. Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me”?

4 Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re: “Senwelo seno se kaya kgolagano e ntšha ka ntlha ya madi a me”? Baaposetoloi ba ne ba itse boporofeti jo bo ka ga kgolagano e ntšha, jo bo umakilweng mo go Jeremia 31:31-33. (E bale.) Mafoko a ga Jesu a bontsha gore jaanong o ne a simolola kgolagano eo e ntšha, e e neng e tla emisetsa kgolagano ya Molao e Jehofa a neng a e dirile le Baiseraele a dirisa Moshe. A dikgolagano tseno tse pedi di ne di amana?

5. Kgolagano ya Molao e ne e naya Baiseraele tsholofelo efe?

5 Ee, boikaelelo jwa tsone bo ne bo amana thata. Fa Jehofa a ne a simolola kgolagano ya Molao, o ne a bolelela setšhaba jaana: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.” (Ekes. 19:5, 6) Mafoko ao a ne a kaya eng mo Baiseraeleng?

TSHOLOFETSO YA BOPERESITI JWA SEGOSI

6. Kgolagano ya Molao e ne e thusa go diragatsa tsholofetso efe?

6 Baiseraele ba ne ba tlhaloganya lefoko “kgolagano” ka gonne Jehofa o ne a dira tumalano e e masisi le borraabonemogologolwane e bong Noa le Aborahame. (Gen. 6:18; 9:8-17; 15:18; 17:1-9) Sengwe se Jehofa a neng a se solofetsa Aborahame mo kgolaganong e a neng a e dira le ene ke gore: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Gen. 22:18) Jehofa o ne a dira kgolagano ya Molao go thusa go diragatsa tsholofetso ya gagwe. Kgolagano eo e ne e ka thusa Baiseraele gore e nne “thuo e e kgethegileng [ya ga Jehofa], mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” Ka boikaelelo bofe? Gore ‘ba nne bogosi jwa baperesiti mo go Jehofa.’

7. Polelwana “bogosi jwa baperesiti” e ne e kaya eng?

7 Baiseraele ba ne ba itse thulaganyo ya go nna le dikgosi le baperesiti, le fa go ntse jalo, Melekisedeke e ne e le ene fela monna yo Jehofa a kileng a mo letla go nna kgosi le moperesiti ka nako e le nngwe. (Gen. 14:18) Jaanong Jehofa o ne a naya setšhaba seo tshono ya go nna le “bogosi jwa baperesiti.” Jaaka mekwalo e e tlhotlheleditsweng e ne ya bontsha moragonyana, seno se ne se ba naya tshono ya go nna le boperesiti jwa segosi, se se kayang gore dikgosi gape di ne di tla nna baperesiti.—1 Pet. 2:9.

8. Baperesiti ba ba tlhomilweng ke Modimo ba dira ditiro dife?

8 Gone ke boammaaruri gore, kgosi e a busa. Mme tiro ya moperesiti yone ke eng? Bahebera 5:1 e tlhalosa jaana: “Moperesiti mongwe le mongwe yo mogolo yo o tserweng mo bathong o tlhomiwa mo boemong jwa batho a tlhomelwa dilo tse di leng ka ga Modimo, gore a tle a ise dimpho le ditlhabelo tsa maleo tshupelo.” Ka jalo, moperesiti yo o tlhomilweng ke Jehofa ke moemedi wa batho mo Modimong, o direla batho ba ba leofileng ditshupelo tse di neng di tlhokega, o ikuela kwa go Jehofa mo boemong jwa bone gore a ba itshwarele. Gape moperesiti e ne e le moemedi wa ga Jehofa mo bathong, a ba ruta molao wa Modimo. (Lefi. 10:8-11; Mal. 2:7) Moperesiti yo o tlhomilweng ke Modimo, o dirisa ditsela tseno, go dira gore batho ba boelane le Modimo.

9. (a) Ke eng se Baiseraele ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba nne le tshono ya go nna “bogosi jwa baperesiti”? (b) Ke eng fa Jehofa a ne a tlhoma boperesiti mo Iseraele? (c) Ke eng se se neng se thibela Baiseraele gore ba nne “bogosi jwa baperesiti” mo kgolaganong ya Molao?

9 Ka jalo, kgolagano ya Molao e ne ya naya Baiseraele tshono ya go nna boperesiti jwa segosi jo bo tla solegelang ‘ditšhaba tse dingwe tsotlhe’ molemo. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira sengwe gore ba bone tsholofetso eo e e molemo. Modimo o ne a ba raya a re: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me.” A Baiseraele ba ne ba ka ‘utlwa lentswe la ga Jehofa ka kelotlhoko’? Ee, ba ne ba ka le utlwa ka selekanyo se se rileng. A ba ne ba ka le utlwa ka botlalo? Nnyaa. (Bar. 3:19, 20) Ke ka lone lebaka leo Jehofa a neng a tlhoma bangwe go nna baperesiti mo Iseraele, mme baperesiti bao e ne e se dikgosi, tiro ya bone e ne e le go direla batho ba ba leofileng ditlhabelo tsa diphologolo. (Lefi. 4:1–6:7) Maleo ao a ne a akaretsa le a baperesiti. (Baheb. 5:1-3; 8:3) Jehofa o ne a amogela ditlhabelo tse di ntseng jalo, mme di ne di ka se tlose maleo a Baiseraele gotlhelele, ba ne ba sa ntse ba tsofala e bile ba swa. Boperesiti jo bo neng bo le ka fa tlase ga kgolagano ya Molao bo ne bo ka se dire gore tota le Baiseraele ba ba peloephepa ba letlane le Modimo ka botlalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka gone: “Ga go kgonege gore madi a dipoo le a dipodi a tlose maleo.” (Baheb. 10:1-4) Baiseraele ba ne ba hutsiwa ka gonne ba ne ba sa ikobele Molao. (Bagal. 3:10) Mo maemong a ba neng ba le mo go one, ba ne ba ka se kgone go direla batho ba bangwe e le boperesiti jwa segosi.

10. Kgolagano ya Molao e ne e diragatsa boikaelelo bofe?

10 A tsholofetso ya ga Jehofa ya gore ba tla nna “bogosi jwa baperesiti” e ne e se boammaaruri? Legoka. Fa e le gore ruri ba ne ba leka go ikobela Modimo, ba ne ba tla nna le tshono eno—mme e seng ka fa tlase ga Molao. Ka ntlha yang? (Bala Bagalatia 3:19-25.) Mo bathong ba ba ikanyegang ba ba neng ba leka go o ikobela, Molao o ne o ba thusa gore ba kgone go boloka kobamelo e e itshekileng. O ne o dira gore Bajuda ba lemoge ditlolo tsa bone le gore ba tlhoka setlhabelo se se fetang se baperesiti ba bone ba bagolo ba neng ba ka se ntsha. Molao e ne e le mogogi yo o neng o tla ba isa kwa go Keresete kgotsa Mesia, direto tse di kayang “Motlodiwa.” Le fa go ntse jalo, fa Mesia a goroga, o ne a tla simolola kgolagano e ntšha e e boleletsweng pele ke Jeremia. Batho ba ba neng ba amogela Keresete ba ne ba lalediwa go nna karolo ya kgolagano eo e ntšha mme ba ne ba tla nna “bogosi jwa baperesiti.” Mma re boneng gore seo se direga jang.

KGOLAGANO E NTŠHA E DIRA GORE GO NNE LE BOPERESITI JWA SEGOSI

11. Jesu o ne a nna motheo wa boperesiti jwa segosi jang?

11 Ka 29 C.E., Jesu wa Nasaretha o ne a nna Mesia. Fa a le dingwaga di le 30, o ne a ineela go dira se Jehofa a neng a ikaeletse gore a se dire mme a bontsha seno ka go kolobediwa. Jehofa o ne a mmitsa “Morwaake, moratwa,” a mo tlotsa ka moya o o boitshepo, e seng ka lookwane. (Math. 3:13-17; Dit. 10:38) Modimo o ne a tlotsa Jesu gore e nne Moperesiti yo Mogolo le gore e nne Kgosi ya mo isagweng gore motho mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a solegelwe molemo. (Baheb. 1:8, 9; 5:5, 6) Ka jalo, o ne a tla nna motheo wa boperesiti jwa segosi.

12. Ke eng se setlhabelo sa ga Jesu se dirileng gore se kgonege?

12 E re ka Jesu e le Moperesiti yo Mogolo, o ne a ka ntsha setlhabelo sefe se se neng se tla bipa ka botlalo boleo jo batho ba ba dumelang mo go ene ba bo ruileng? Jaaka a bontshitse fa a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe, botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e ne e le setlhabelo. (Bala Bahebera 9:11, 12.) Go simolola ka 29 C.E., fa Jesu a ne a kolobediwa go nna Moperesiti yo Mogolo, o ne a itetla go lekiwa le go thapisiwa go fitlha ka nako ya loso lwa gagwe. (Baheb. 4:15; 5:7-10) Fa a sena go tsosiwa, o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe kwa go Jehofa. (Baheb. 9:24) Morago ga foo, Jesu o ne a ka direla batho ba ba dumelang mo setlhabelong sa gagwe boikuelo kwa go Jehofa a bo a ba thusa gore ba direle Modimo ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baheb. 7:25) Gape setlhabelo sa gagwe se ne se tlhomamisa kgolagano e ntšha.—Baheb. 8:6; 9:15.

13. Batho ba ba neng ba lalediwa go tsena mo kgolaganong e ntšha ba ne ba na le tsholofelo efe?

13 Ba ba neng ba lalediwa go tsena mo kgolaganong e ntšha le bone ba ne ba tla tlodiwa ka moya o o boitshepo. (2 Bakor. 1:21) Go ne ga tlodiwa Bajuda ba ba ikanyegang mme go tswa foo Baditšhaba. (Baef. 3:5, 6) Batho ba ba neng ba le mo kgolaganong e ntšha ba ne ba na le tsholofelo efe? Ba ne ba tla itshwarelwa maleo a bone. Jehofa o ne a ba solofetsa jaana: “Ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jer. 31:34) E re ka maleo a bone a tla bo a phimotswe semolao, ba ne ba tla kgona go nna “bogosi jwa baperesiti.” Fa Petere a ne a bua le Bakeresete ba ba tloditsweng o ne a re: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Pet. 2:9) Fano Petere o nopola mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Baiseraele fa A ne a simolola Molao mme o a lebisa mo Bakereseteng ba ba leng mo kgolaganong e ntšha.—Ekes. 19:5, 6.

BOPERESITI JWA SEGOSI JO BO SOLEGELANG BATHO BOTLHE MOLEMO

14. Boperesiti jwa segosi bo tla direla kae?

14 Batho bano ba ba leng mo kgolaganong e ntšha, ba tla direla kae? Ba tla direla mo lefatsheng, mo jaaka setlhopha ba tla direlang e le baperesiti, ba emela Jehofa mo bathong ka go ‘bolela dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo’ le go aba dijo tsa semoya. (Math. 24:45; 1 Pet. 2:4, 5) Fa ba sena go swa le go tsosiwa, ba tla direla le Keresete kwa legodimong e le dikgosi le baperesiti mme ba dira ditiro tseno ka botlalo. (Luke 22:29; 1 Pet. 1:3-5; Tshen. 1:6) E le go tlhomamisa seo, moaposetoloi Johane o ne a bona ponatshegelo e mo go yone dibopiwa tse dintsi tsa semoya di neng di le gaufi le setulo sa ga Jehofa sa bogosi. Ba opela jaana mo ‘pineng e ntšha’ e ba neng ba e opelela “Kwana”: “Ka madi a gago o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba, mme wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.” (Tshen. 5:8-10) Mo ponatshegelong e Johane a e boneng moragonyana, o ne a bua jaana ka babusi bano: “Ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshen. 20:6) Bone le Keresete ba bopa boperesiti jwa segosi jo bo tla solegelang batho botlhe molemo.

15, 16. Ke melemo efe e boperesiti jwa segosi bo tla e tlisetsang batho?

15 Ba ba 144 000 ba tla tlisetsa batho ba ba mo lefatsheng melemo efe? Tshenolo kgaolo 21 e ba tlhalosa e le motse yo o kwa legodimong, Jerusalema yo Mosha, yo o bidiwang “mosadi wa Kwana.” (Tshen. 21:9) Temana ya bobedi go ya go ya bonè e tlhalosa jaana: “Gape ka bona motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha, o fologa o tswa legodimong kwa Modimong e bile o baakantswe jaaka monyadiwa a kgabiseditswe monna wa gagwe. Morago ga moo ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’” A bo e le ditshegofatso tse di molemo jang ne! Loso lo e leng selo sa konokono se se bakang dikeledi, khutsafalo, selelo le botlhoko, lo tla fedisiwa. Seno se raya gore batho ba ba ikanyegang ba tla itekanela, ba letlane le Modimo ka botlalo.

16 Tshenolo 22:1, 2 e tswelela ka go tlhalosa jaana ka masego a boperesiti jwa segosi bo tla a tlisang: “A mpontsha noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana e ya le bogare jwa [Jerusalema yo Mosha ka] tsela ya one e e atlhameng. Mme ka kwano ga noka le ka kwa moseja ole go ne go na le ditlhare tsa botshelo di ungwa maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe. Mme matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa ditšhaba.” Ponatshegelo eno e re bontsha kafa ditšhaba kgotsa ditlhopha tsa malapa di tla fodisiwang ka botlalo mo bosaitekanelang jo ba bo ruileng mo go Adame. Ruri ‘dilo tsa pele di tla bo di fetile.’

BOPERESITI JWA SEGOSI BO KONELA TIRO YA JONE

17. Ke eng se kgabagare boperesiti jwa segosi bo tla se fitlhelelang?

17 Fa dingwaga di le 1 000 tsa tirelo e e solegelang molemo di ya bokhutlong, boperesiti jwa segosi bo tla bo bo dirile gore batho ba itekanele. E re ka Keresete e le Moperesiti yo Mogolo le Kgosi, o tla neela Jehofa lelapa la batho ba ba itekanetseng. (Bala 1 Bakorintha 15:22-26.) Boperesiti jwa segosi bo tla bo bo diragaditse boikaelelo jwa jone ka botlalo.

18. Jehofa o tla dirisa jang ditsala tsa ga Keresete morago ga gore boperesiti jwa segosi bo wetse tiro ya jone?

18 Morago ga moo, Jehofa o tla dirisa jang ditsala tseno tsa ga Keresete tse di nang le tshiamelo e kgolo? Go ya ka Tshenolo 22:5, “ba tla busa e le dikgosi ka bosaengkae le go ya go ile.” Ba busa bomang? Baebele ga e tlhalose sepe ka seo. Mme boleng jwa botshelo jo ba nang le jone le maitemogelo a ba nang le one a go thusa batho ba ba sa itekanelang mo lefatsheng a tla ba thusa gore ba nne batho ba botlhokwa thata mo maikaelelong a ga Jehofa ka bosakhutleng.

19. Batho ba ba tla nnang gone mo Segopotsong ba tla gopodiwa eng?

19 Fa re kopana go tla go gopola Segopotso sa loso lwa ga Jesu ka Labone, April 5, 2012, dithuto tseno tsa Baebele di tla bo di le mo megopolong ya rona. Masalela a sekae a Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng, a tla ja ditshwantshetso tsa senkgwe se se sa bedisiwang le tsa beine e khibidu, a bontsha gore ke karolo ya kgolagano e ntšha. Ditshwantshetso tseno tsa setlhabelo sa ga Keresete di tla ba gopotsa ditshiamelo tse di molemo tse ba nang le tsone le maikarabelo a ba nang le one mo maikaelelong a Modimo a bosakhutleng. E kete rotlhe re ka nna gone mo Segopotsong mme re bontshe kanaanelo ka se Jehofa Modimo a re nayang sone ka boperesiti jwa segosi jo bo tla solegelang batho botlhe molemo.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Boperesiti jwa segosi bo tla tlisetsa batho melemo ka bosakhutleng