Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Jehofa Ditlhabelo Ka Moya Otlhe

Go Direla Jehofa Ditlhabelo Ka Moya Otlhe

“Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa.”—BAKOL. 3:23.

1-3. (a) A loso lwa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso lo kaya gore Jehofa ga a tlhole a tlhoka gore re mo direle mofuta le fa e ka nna ofe wa setlhabelo? Tlhalosa. (b) Go tsoga potso efe malebana le ditlhabelo tse gompieno re di ntshang?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga C.E., Jehofa o ne a senolela batho ba gagwe gore thekololo ya setlhabelo sa ga Jesu e ne e fedisitse Molao wa ga Moshe. (Bakol. 2:13, 14) Ditlhabelo tsotlhe tse Bajuda ba neng ba di ntsha makgolokgolo a dingwaga di ne di sa tlhole di tlhokega, e bile di sa tlhole di na le mosola. Molao wa ga Moshe o ne o diragaditse tiro ya one e le “mogogi . . . yo o isang kwa go Keresete.”—Bagal. 3:24.

2 Seo ga se reye gore Bakeresete ga ba tlhole ba kgatlhegela ditlhabelo. Go na le moo, moaposetoloi Petere o ne a umaka gore go tlhokega gore re “ise ditlhabelo tsa semoya tse di amogelesegang mo Modimong ka Jesu Keresete.” (1 Pet. 2:5) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a bontshitse sentle gore go a tshwanela gore botshelo jwa Mokeresete yo o ineetseng—karolo nngwe le nngwe ya jone—bo ka tsewa e le “setlhabelo.”—Bar. 12:1.

3 Ka jalo, Mokeresete o ntshetsa Jehofa ditlhabelo ka go mo naya dilo dingwe kgotsa ka go ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya Gagwe. Go ya ka se re se itseng malebana le ditlhabelo tse Baiseraele ba neng ba di ntsha, re ka tlhomamisega jang gore ditlhabelo tsotlhe tse rona re di ntshang gompieno di a amogelesega mo go Jehofa?

MO BOTSHELONG JWA LETSATSI LE LETSATSI

4. Re tshwanetse go gakologelwa eng ka ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi?

4 Fa re ntse re dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, go ka lebega go le thata go amanya ditiro tse re di dirang le ditlhabelo tse re di ntshetsang Jehofa. Ditiro tsa mo ntlong, tsa kwa sekolong, tsa boitshediso, go ya mabenkeleng, le dilo tse di ntseng jalo, di ka nna tsa lebega di sa amane le dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, fa o neetse botshelo jwa gago mo go Jehofa kgotsa o solofetse go dira jalo mo nakong e e sa fediseng pelo, tsela e ka yone o lebang ditiro tsa letsatsi le letsatsi e botlhokwa. Re Bakeresete letsatsi lotlhe. Re tshwanetse go dirisa melaometheo ya Dikwalo mo go sengwe le sengwe se re se dirang mo botshelong. Ke gone ka moo Paulo a neng a re rotloetsa jaana: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.”—Bala Bakolosa 3:18-24.

5, 6. Ke eng se re tshwanetseng go se akanyetsa malebana le tsela e re aparang ka yone le e re itshwarang ka yone letsatsi le letsatsi?

5 Ditiro tse Mokeresete a di dirang letsatsi le letsatsi ga se karolo ya tirelo ya gagwe e e boitshepo. Le fa go ntse jalo, go bo Paulo a re rotloetsa gore re dire ‘ka moya otlhe jaaka re direla Jehofa,’ go dira gore re akanye ka tsela e re tshwanetseng go tshela ka yone. Ka jalo, rona re ka dirisa jang kgakololo eno? A tsela e re itshwarang ka yone le e re aparang ka yone e a tshwanela ka dinako tsotlhe? Kgotsa fa re dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, a re ka tlhabiwa ke ditlhong go itlhalosa gore re Basupi ba ga Jehofa, gongwe ka ntlha ya tsela e re itshwarang ka yone kgotsa ka ntlha ya tsela e re aparang ka yone? A go se nne jalo ka rona! Batho ba ga Jehofa ba ka se batle go dira sepe fela se se ka amang leina la Modimo ka tsela e e sa siamang.—Isa. 43:10; 2 Bakor. 6:3, 4, 9.

6 Mma re sekasekeng kafa keletso ya go dira ‘ka moya otlhe re direla Jehofa’ e ka amang dikarolo di le mmalwa tsa botshelo jwa rona ka gone. Fa re ntse re dira jalo, a re gakologelweng gore ditlhabelo tsotlhe tse Baiseraele ba neng ba di isa kwa go Jehofa di ne di tshwanetse go nna tse di gaisang tsotlhe.—Ekes. 23:19.

KAFA BOTSHELO JWA GAGO BO AMEGANG KA GONE

7. Ke eng se se akarediwang ke boineelo jwa Bokeresete?

7 Fa o ne o ineela mo go Jehofa, o dirile tshwetso eo o sa okaoke, a ga go jalo? Tota e bile, o ile wa re o tla dira gore Jehofa a tle pele mo go sengwe le sengwe se o se dirang mo botshelong. (Bala Bahebera 10:7.) Eo e ne e le tshwetso e e molemo. Ga go pelaelo gore o bone gore fa o batla go dira thato ya ga Jehofa mo kgannyeng nngwe mme o leka ka natla go dira tumalanong le yone, dilo di go tsamaela sentle. (Isa. 48:17, 18) Batho ba Modimo ba boitshepo e bile ba a ipela ka gonne ba bontsha dinonofo tsa Ene yo o ba kaelang.—Lefi. 11:44; 1 Tim. 1:11.

8. Ke eng fa go le botlhokwa mo go rona go akanya gore Jehofa o ne a tsaya ditlhabelo tsa bogologolo di le boitshepo?

8 Ditlhabelo tse Baiseraele ba neng ba di direla Jehofa di ne di tsewa di le boitshepo. (Lefi. 6:25; 7:1) Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “boitshepo” le naya kgopolo ya go tlhaola kgotsa go itshepisetsa Modimo. Fa re batla gore Jehofa a amogele ditlhabelo tsa rona, re tshwanetse go ikaroganya le sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se se seng phepa. Re ka se rate sepe fela se Jehofa a se tlhoileng. (Bala 1 Johane 2:15-17.) Ga go pelaelo gore seno se kaya gore re tile go itsalanya le batho ba ba tla re leswafatsang go ya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. (Isa. 2:4; Tshen. 18:4) Gape go kaya gore re se ka ra letla matlho a rona go nna a lebile dilo tse di leswe le boitsholo jo bo sa siamang, kgotsa ra itetla go akanya thata ka dilo tse di ntseng jalo.—Bakol. 3:5, 6.

9. Tsela e Mokeresete a tshwarang ba bangwe ka yone e botlhokwa go le kana kang, mme ka ntlha yang?

9 Paulo o ne a rotloetsa badumedimmogo le ene jaana: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” (Baheb. 13:16) Ka jalo, go nna molemo le go direla ba bangwe molemo ke sengwe se Jehofa a se lebang e le setlhabelo se se amogelesegang mo go ene. Go rata batho ba bangwe ke letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri.—Joh. 13:34, 35; Bakol. 1:10.

GO NTSHA DITLHABELO MO KOBAMELONG

10, 11. Jehofa o leba jang bodiredi jwa rona jwa Bokeresete le kobamelo ya rona, mme seo se tshwanetse go re ama jang?

10 Tsela nngwe e e lemotshegang motlhofo e rona Bakeresete re direlang ba bangwe dilo tse di molemo ka yone ke ka “go bolela phatlalatsa tsholofelo ya rona.” A o dirisa tshono nngwe le nngwe go neela bosupi? Paulo o ne a bitsa tiro eno e e botlhokwa ya Bokeresete a re ke “setlhabelo . . . sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la [Modimo] phatlalatsa.” (Baheb. 10:23; 13:15; Hos. 14:2) Go ka nna molemo go akanya ka gore re dirisa nako e e kana kang re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le gore re ka tokafatsa jang tsela e re rerang ka yone, dikarolo di le dintsi tsa Pokano ya Tirelo di diretswe go re thusa go dira seo. Le fa go ntse jalo, se tota re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore tirelo ya rona ya tshimo le go rera re se mo bodireding ke “setlhabelo sa pako” e bile ke karolo ya kobamelo ya rona, ka jalo, setlhabelo sa rona e tshwanetse go nna se se molemolemo. Le fa maemo a sa tshwane, nako e re e dirisang go bolela dikgang tse di molemo, gantsi e bontsha kafa re anaanelang dilo tsa semoya ka teng.

11 Ka metlha Bakeresete ba dirisa nako ya bone ba obamela Jehofa ba le bosi kgotsa e le setlhopha. Jehofa o batla gore re dire jalo. Ke boammaaruri gore ga re tlhole re tlhoka go boloka Sabata kgotsa go nna re tsaya maeto go ya meletlong kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, le rona gompieno go sengwe se re ka se ithutang. Modimo o sa ntse a lebeletse gore re emise go dira ditiro tse di sa reng sepe mme re ithute Lefoko la gagwe, re rapele re bo re nne gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mme ditlhogo tsa malapa a Bakeresete ke tsone di etelelang pele go tshwara kobamelo ya lelapa le ba malapa a bone. (1 Bathes. 5:17; Baheb. 10:24, 25) Malebana le dilo tsa semoya tse re di dirang, go tla bo go le molemo go ipotsa jaana, ‘A nka tokafatsa boleng jwa kobamelo ya me?’

12. (a) Go ntshiwa ga maswalo mo kobamelong ya bogologolo go ka tshwantshanngwa le eng gompieno? (b) Tshwantshanyo eno e tshwanetse go ama jang se re se buang mo dithapelong tsa rona?

12 Kgosi Dafide o ne a opelela Jehofa jaana: “E kete thapelo ya me e ka baakanngwa jaaka maswalo fa pele ga gago.” (Pes. 141:2) Iphe motsotswana gore o akanye ka dithapelo tsa gago—gore o rapela gantsi go le kana kang le boleng jwa tsone. Buka ya Tshenolo e tshwantshanya “dithapelo tsa baitshepi” le maswalo ka tsela ya gore dithapelo tsa rona di tlhatlogela kwa go Jehofa jaaka monko o o monate le o o itumedisang. (Tshen. 5:8) Kwa Iseraele wa bogologolo, maswalo a a neng a ntshediwa Jehofa ka metlha mo sebesong, a ne a tshwanetse go baakanngwa ka kelotlhoko le ka tsela e e tshwanetseng. Jehofa o ne a a amogela fa fela a ne a dirwa go ya ka melao ya gagwe e a e beileng. (Ekes. 30:34-37; Lefi. 10:1, 2) Fa dithapelo tsa rona tse di tswang pelong le tsone di rapelwa ka tsela eo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla di amogela.

GO ABA LE GO AMOGELA

13, 14. (a) Ke eng se Epaforodito le phuthego ya kwa Filipo ba neng ba se direla Paulo, mme moaposetoloi yono o ne a ikutlwa jang ka gone? (b) Re ka etsa sekao sa ga Epaforodito le sa Bafilipi jang?

13 Meneelo ya madi e e ntshiwang go ema tiro ya lefatshe lotlhe nokeng e ka tshwantshanngwa le setlhabelo, go sa kgathalesege gore re ntsha madi a le mantsi kgotsa a le mannye. (Mar. 12:41-44) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., phuthego ya kwa Filipi e ne ya romela Epaforodito kwa Roma gore a thuse Paulo ka dilo tse a neng a di tlhoka. Go bonala moemedi yoo wa Bafilipi a ne a tshotse mpho ya madi e e tswang kwa phuthegong eo. Leno e ne e se lekgetlo la ntlha le Bafilipi ba neng ba bontsha Paulo bopelotshweu ka lone. Ba ne ba bontsha Paulo bopelonomi ka go mo romelela madi gore a se ka a tshwenyega e le gore a ka dirisa nako e ntsi mo bodireding. Paulo o ne a leba jang mpho eo? O ne a e bitsa “lonko lo lo nkgang monate, setlhabelo se se amogelesegang, se se itumedisang Modimo thata.” (Bala Bafilipi 4:15-19.) Ruri Paulo o ne a anaanela tiro eo e e bontshang lorato ya Bafilipi, mme Jehofa le ene o ne a e anaanela.

14 Gompieno le gone, Jehofa o anaanela meneelo e re e ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe. Mo godimo ga moo, o re solofetsa gore fa re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona, o tla re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang, semoyeng le nameng.—Math. 6:33; Luke 6:38.

BONTSHA KANAANELO

15. Ke dilo dife tse o lebogang Jehofa ka ntlha ya tsone?

15 Go tla tsaya lobaka lo loleele go umaka mabaka a le mantsi a re nang le one a go leboga Jehofa. A ga se boammaaruri gore letsatsi le letsatsi re tshwanetse go mo lebogela mpho e a re neileng yone ya botshelo? O re naya sotlhe se re se tlhokang gore re kgone go tswelela re tshela—dijo, diaparo, bonno le moya o re o hemang. Mo godimo ga moo, tumelo ya rona e e theilweng mo kitsong ya boammaaruri, e re naya tsholofelo. Go a tshwanela gore re obamele Jehofa re bo re mo ntshetse ditlhabelo tsa pako, fela ka ntlha ya se a leng sone le se a se re diretseng.—Bala Tshenolo 4:11.

16. Re tshwanetse go tsibogela setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete jang?

16 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, mpho e e botlhokwa thata e Modimo a e neileng batho ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Eno ke tsela e e molemolemo e Modimo a re bontshitseng lorato ka yone. (1 Joh. 4:10) Re ka bontsha jang gore re a e anaanela? Paulo o ne a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe; . . . o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakor. 5:14, 15) Tota e bile, Paulo o ne a re fa e le gore re anaanela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, re tla dirisa matshelo a rona go tlotlomatsa Ene le Morwawe. Re ka bontsha gore re rata Modimo le Keresete le gore re a ba anaanela ka go ba ikobela le ka go nna le keletso ya go rera le go dira barutwa.—1 Tim. 2:3, 4; 1 Joh. 5:3.

17, 18. Ke ka ditsela dife bangwe ba ileng ba oketsa setlhabelo sa pako se ba se ntshetsang Jehofa? Naya sekai.

17 A o ka kgona go tokafatsa setlhabelo sa pako se o se ntshetsang Modimo? Fa batho ba le bantsi ba sena go akanya ka dilo tsotlhe tse Jehofa a ba diretseng tsone, ba ile ba tlhotlheletsega go rulaganya nako le ditiro tsa bone gore ba oketse seabe se ba nang le sone mo tirong ya go rera ka Bogosi kgotsa mo ditirong tse dingwe tse di direlwang puso ya Modimo. Bangwe ba ile ba kgona gore ngwaga le ngwaga ba tseye bobulatsela jo bo thusang kgwedi e le nngwe kgotsa go feta, fa ba bangwe bone ba ile ba kgona go nna babulatsela ba ka metlha. Mme bangwe ba ile ba nna le seabe mo diporojekeng tsa go aga mafelo a kobamelo. A tseno ga se ditsela tse di molemo tse motho a ka bontshang kanaanelo ka tsone? Fa ditiro tseno tsa tirelo e e boitshepo di dirwa ka maitlhomo a a siameng—go bontsha go leboga—Modimo o a di amogela.

18 Bakeresete ba le bantsi ba ikutlwa ba pateletsega go leboga Jehofa mme seo se ile sa ba tlhotlheletsa. Mongwe wa batho bao ke mosadi yo o bidiwang Morena. O ne a batla dikarabo tsa dipotso tsa gagwe tsa semoya mo bodumeding jo a goletseng mo go jone jwa Katoliki le mo filosofing ya kwa Asia. Le fa go ntse jalo, o ne a itaya sefololetse. Lenyora la gagwe la semoya le ne la timolwa fela fa a sena go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Morena o ne a leboga Jehofa tota ka ntlha ya dikarabo tse di utlwalang tsa Dikwalo, tse di neng di araba dipotso tsotlhe tsa gagwe le go bo dikarabo tseo di ile tsa dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao, mme o ne a batla go leboga Jehofa ka go dirisa maatla a gagwe otlhe mo tirelong ya Modimo. O ne a simolola go tsaya bobulatsela jo bo thusang jo bo sa kgaotseng fela fa a sena go kolobediwa, mme fa maemo a gagwe a mo letla, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha. Seo se ne sa direga dingwaga di le 30 tse di fetileng, mme le jaanong Morena o sa ntse a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

19. O ka kgona jang go oketsa tsela e o ntshetsang Jehofa ditlhabelo ka yone?

19 Gone ke boammaaruri gore go na le batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba maemo a bone a sa ba letleng go nna babulatsela. Go sa kgathalasege gore ke eng se re kgonang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa, rotlhe re ka kgona go mo ntshetsa setlhabelo se se amogelesegang. Ka boitsholo jwa rona, re tshwanetse go ikobela melaometheo e e siameng ka kelotlhoko, re nne re gakologetswe gore re emela Jehofa ka dinako tsotlhe. Ka tumelo, re ikanya ka botlalo gore maikaelelo a Modimo a tla diragadiwa. Ka ditiro tse di molemo, re thusa go anamisa dikgang tse di molemo. A re tsweleleng re direla Jehofa ditlhabelo ka moya otlhe go tswa pelong, re bontsha gore re anaanela sotlhe se a re diretseng sone.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

A bomolemo jwa ga Jehofa bo go tlhotlheletsa gore o tokafatse tsela e o ntshang ditlhabelo tsa pako ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o dirisa tshono nngwe le nngwe go naya bosupi?