Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Rera Lefoko la Modimo ka Bopelokgale!

Ba ne Ba Rera Lefoko la Modimo ka Bopelokgale!

Ba ne Ba Rera Lefoko la Modimo ka Bopelokgale!

Bopelokgale—tota le bogatlhamelamasisi—ka nako ya kganetso. Dinonofo tseno di bontshiwa ke Bakeresete ba boammaaruri, fela jaaka go bontshitswe mo dikgatisong tse di jaaka Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo le Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo. Fela jaaka badumedimmogo le rona ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re rapela Jehofa gore a re neye moya wa gagwe le gore a re thuse go rera lefoko la gagwe ka bopelokgale.—Dit. 4:23-31.

Mokaulengwe mongwe o ne a kwala jaana malebana le tiro ya go rera ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe: “Batlhanka ba Modimo ba ne ba anamisa ka matlhagatlhaga bolumo ya bosupa ya Studies in the Scriptures, e e nang le setlhogo se se reng The Finished Mystery. E ne ya anamisiwa ka tsela e e ka se lekanngweng le epe. Ka 1918, go ne ga gololwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 1. Go tswa foo go ne ga latela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 2 e e neng e tlhalosa lebaka la go bo balaodi ba ne ba thibela gore The Finished Mystery e tsamaisiwe. Go ne ga latela pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 3. Dikgatiso tseno di ne tsa anamisiwa thata ke setlhopha sa batlodiwa ba ba ikanyegang. Go ne go tlhokega tumelo le bopelokgale go tsamaisa dipampitshana tsa Dikgang Tsa Bogosi.”

Gompieno, gantsi baboledi ba basha ba Bogosi ba a thapisiwa mo bodireding, le fa go ntse jalo bogologolo go ne go sa nna jalo. Mokaulengwe mongwe wa Mo-Poland yo o nnang kwa United States o ne a kwala jaana a tlhalosa maitemogelo a gagwe a ntlha mo bodireding jwa tshimo ka 1922: “Le fa ke ne ke se na kitso epe ya go tsamaisa dikgatiso e bile ke sa itse Seesemane sentle, ke ne ka ema fa pele ga ofisi ya ngaka ke le esi, ke bo ke kokota. Mooki o ne a bula mojako. Ga nkitla ke lebala maitemogelo ao, ka gonne ke ne ke itumetse gape ke tshogile. Fa ke bula kgetsana ya me, dibuka tsotlhe di ne tsa wela fa dinaong tsa mooki yoo. Ga ke itse gore ke ne ka reng, mme gone ke ne ka mo tsamaisetsa kgatiso nngwe. Fa ke kgaogana le ene, ke ne ka nna le bopelokgale ka bo ka utlwa Jehofa a ntshegofaditse. Mo letsatsing leo, ke ne ka tsamaisa dibukana di le dintsi mo mmileng oo wa kgwebo.”

Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Mo e ka nnang ka 1933, bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba dirisa dikoloi tse di nang le dibuelagodimo go anamisa molaetsa wa Bogosi.” Mo lekgetlong lengwe ene le banyalani ba bangwe ba Basupi ba ne ba rera mo lefelong le le dithaba kwa California, U.S.A. O gakologelwa jaana: “Mokaulengwe o ne a ya kwa godimo kwa dithabeng ka koloi ya sebuelagodimo, mme rona re ne ra sala mo toropong. Fa a simolola go tshameka molaetsa o o rekotilweng, o ne o utlwala e kete o tswa kwa legodimong. Batho ba mo toropong eo ba ne ba leka ka natla go batla mokaulengwe yoo, mme ga ba a ka ba mmona. Fa molaetsa o o rekotilweng o khutla, re ne ra etela batho mme ra ba naya bosupi. Ka makgetlho a mangwe a mabedi, ke ne ka bereka le bangwe ba ba nang le dikoloi tse di nang le dibuelagodimo mme batho ba le bantsi ba ne ba sa batle go utlwa molaetsa. Le fa go ntse jalo, go ne go se ka tsela e ba neng ba ka se utlwe dipuo tseo ka yone, ka gonne molaetsa o o neng o tswa mo dikoloing tseo o ne o utlwala sentle mo matlong a bone. Ka metlha re ne re kgona go bona gore Jehofa o dirisa mokgwa o o siameng ka nako e e siameng. Mokgwa ono o ne o tlhoka bopelokgale jotlhe jo re neng re ka nna le jone, mme gone ka dinako tsotlhe o ne o diragatsa boikaelelo jwa one mme leina la ga Jehofa le ne le galalediwa.”

Ka bo1930 le mo masimologong a bo1940 go ne go dirisiwa difonokerafa le dipuo tse di gatisitsweng tsa Baebele mo tshimong. Mosadi mongwe wa Mokeresete o gakologelwa jaana: “Kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a tsamaya ka ntlo le ntlo a tshotse fonokerafa. Fa a sena go simolola go tshameka rekoto kwa ntlong nngwe, mong wa ntlo eo o ne a galefa a bo a ragela fonokerafa kwa ntle ga mathudi. Ga go na rekoto le fa e le nngwe e e neng ya senyega. Banna ba bararo ba ba neng ba ja dijo tsa bone tsa motshegare mo lloring e e neng e eme gaufi le foo ba ne ba bona tiragalo eo mme ba kopa kgaitsadi yoo gore a ba tshamekele rekoto, go tswa foo a ba naya dikgatiso. Seno se ne sa dira gore kgaitsadi yoo a se ka a tshwenyega ka go bo a ile a tshwarwa makgwakgwa.” Go ne go tlhoka bopelokgale go itshokela diteko tseo.

Ene kgaitsadi yoo, o oketsa ka go re: “Ke gopola fa go ne go simololwa tiro ya go tsamaisa dimakasine mo mmileng ka 1940. Pelenyana, go ne go dirisiwa megwanto ya go anamisa molaetsa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tsamaya ba tlhomagane mo tselaneng ya maoto ba tshotse dipolakate tse di balegang jaana, ‘Bodumedi ke Serai le Maano a Boferefere,’ le tse di reng ‘Direla Modimo le Keresete Kgosi.’ Ka yone nako eo ba ne ba abela batho dipampitshana mahala. Go ne go tlhokega bopelokgale go nna le seabe mo dikarolong tseno tsa bodiredi, le fa go ntse jalo, di ne di diragatsa boikaelelo jwa go dira gore leina la ga Jehofa le batho ba gagwe ba itsewe ke batho botlhe.”

Kgaitsadi yo mongwe a re: “Go ne go se motlhofo go tsamaisa dimakasine mo ditoropong tse dinnye. Seno se ne sa direga fa Basupi ba ne ba ganediwa thata. . . . Go ne go tlhoka bopelokgale go ema mo khoneng o tshotse dimakasine mme o goa meano e go neng go akantshiwa gore re e dirise. Le fa go ntse jalo, e ne e le ka sewelo fela re sa nneng gone mo bodireding ka Matlhatso. Ka dinako dingwe batho ba ne ba nna botsalano. Mme ka dinako tse dingwe ditlhopha tsa batho ba ba galefileng di ne di re kokoanela, mme gangwe le gape re ne re tshwanelwa ke go ngwega go tila go tlhaselwa ke digongwana tseo.”

Le fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba tswelela ka bopelokgale mo bodireding jwa bone. Mo letsholong lengwe la malatsi a le 43 le le simolotseng ka December 1, 1940, go ya go January 12, 1941, mo e ka nnang baboledi ba le 50 000 kwa United States ba ne ba anamisa dibukana di ka nna dimilione di le robedi.

Bontsi jwa batho ba ba godileng ba ba leng mo phuthegong ya Modimo ba gopola sentle dikgwetlho tsa mo nakong e e fetileng tse ba neng ba tshwanelwa ke go bontsha bopelokgale mo go tsone. Bangwe ba gopola gore ka dingwaga di le dintsi ba ne ba bontsha bopelokgale ka go boaboeletsa mafoko a a reng, Tswelelang go rera ka tlhagafalo go fitlha bokhutlong! Re sa ntse re tla bona gore molaetsa o Modimo a re neileng one o tla anamisiwa ka tsela efe mo isagweng pele ga tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e fela. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo, re tla tswelela re rera lefoko la ga Jehofa ka tumelo le ka bopelokgale.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Ga go a bolo go tlhokega bopelokgale go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi