Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tswa mo Mabolokelong a Rona

“E ne Ya Dira Gore ke Lemogiwe Motlhofo”

“E ne Ya Dira Gore ke Lemogiwe Motlhofo”

Fa moreri wa nako e e tletseng e bong Charlotte White a goroga mo Louisville, Kentucky, kwa U.S.A., a kgorometsa beke ya maotwana, batho ba le bantsi ba ne ba mo tlhoma matlho.

E NE e le ka ngwaga wa 1908, mme Kgaitsadi White o ne a gapa kgatlhego ya batho ba kwa toropong ka sengwe se sesha se se sa tswang go tlhamiwa—Kolotsana ya Dawn. O ne a re: “Batho ba ne ba bua ka yone, mme e ne ya dira gore ke lemogiwe motlhofo.”

Baithuti ba Baebele ba jaanong ba bidiwang Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba bona go tlhokega gore ba bolelele batho ba bangwe dithuto tsa boammaaruri tse di tlhwatlhwakgolo tse ba ithutileng tsone ka tlhoafalo mo Dikwalong. Batho ba le bantsi ba ithutile kitso ya Baebele ka go dirisa metseletsele ya dibuka tsa setlhogo se se reng, Millennial Dawn (e moragonyana e neng ya bidiwa Studies in the Scriptures). Bakeresete bao ba ba neng ba ikaeletse, ba ne ba tswa gaufi le kgakala—mo ditoropong, mo metseng le mo metsemagaeng—ba tsamaisetsa babadi ba bangwe ba ba tlhoafetseng dibuka tseno tse di neng di tlhalosiwa e le “Didirisiwa Tsa go Ithuta Baebele.”

Ka 1908, Kgaitsadi White le baboledi ba bangwe ba ba tlhagafetseng ba Bogosi ba ne ba tsamaisa disete tsa dibolumo tse thataro tse di bofilweng ka letsela ka $1,65 tsa Amerika. Go na le go naya mong wa ntlo dibuka tseo ka gangwe, ba ne ba ba kopa gore ba tsenye diotara mme ba bo ba boa moragonyana—gantsi ka letsatsi le ba duelwang ka lone—ba di ba tlisetsa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase go ba thusa ka ditshenyegelo tsa go gatisa. Moganetsi mongwe o ne a ngongorega gore batho ba ne ba ntsha moneelo wa madi a mannye jang fa ba amogela dibuka tseo!

Malinda Keefer o gakologelwa a tsaya diotara tsa dibuka di le makgolo a mabedi go ya go makgolo a le mararo mo malatsing a le supa fela. Mme kgatlhego e kgolo e batho ba e bontshitseng mo dibukeng tseno tsa Dawn e ne ya lere bothata bongwe. Ebu, bolumo ya borataro e le yosi fela, e ne e na le ditsebe di le 740! Makasine wa Zion’s Watch Tower wa re: ‘Dibuka di le masomeamatlhano di ne di le bokete jwa dikilogerama di le 18, mme seo se ne se dira gore go di isa kwa bathong e nne namane e tona ya tiro, segolobogolo mo go bokgaitsadi.’

Go rarabolola bothata joo jwa go isa dibuka tsa Dawn, Mokaulengwe James Cole o ne a dira foreimi e e nang le maotwana a mabedi e e kgonang go menwa, e beke e kgonang go gokelelwa mo go yone ka dikurufu. E re ka a ne a sa tlhole a patelesega go rwala mabokose a a bokete a a tletseng dibuka, mokaulengwe yono o ne a re: “Ga ke tlhole ke tshwanelwa ke go rwala dibuka tse di bokete.” O ne a bontsha batho ba ba tlileng kopanong ya Baithuti ba Baebele kwa Cincinnati, Ohio ka 1908, sedirisiwa seno se sesha. Mo dikonopong tse di mo matlhakoreng a mabedi a tshipi go ne go kwadilwe leina Dawn-Mobile, e re ka selo sa konokono se se neng se tsenngwa mo go yone e ne e le dibolumo tsa Millennial Dawn. Fa motho a dirisa beke eno e e tletseng dibuka tse dintsi gangwe le gape, go ne go nna motlhofo go e kgorometsa ka letsogo le le lengwe. Motho o ne a ka kgona go e isa kwa tlase le kwa godimo e bile maotwana a yone a ne a kgona go tsamaya mo tseleng ya mmu. Morago ga bodiredi, maotwana a diraba a ne a kgona go menwa gore a nne mo letlhakoreng la beke gore motho a kgone go e tshola fa a ya gae ka maoto kgotsa ka koloi.

Bokgaitsadi ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng ba ne ba newa Kolotsana ya Dawn mahala. Mme ba bangwe bone ba ne ba e reka ka $2,50 tsa Amerika. Kgaitsadi Keefer, yo o leng mo setshwantshong seno, o ne a na le bokgoni jwa go dirisa Kolotsana ya Dawn sentle jaana mo a neng a kgona go kgorometsa beke e e tletseng dibuka ka seatla se le sengwe mme ka se sengwe a tshwere kgetsana ya dibuka. E re ka a ne a bona batho ba le bantsi ba ba neng ba amogela molaetsa kwa toropong ya moepo kwa Pennsylvania, U.S.A., gantsi o ne a kgona go tsaya maeto a le mararo kgotsa a le manè go kgabaganya borogo mo letsatsing la go isa dibuka.

Kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1980, mokgweetsi wa sefofane o ne a dira beke e e nang le maotwana e gompieno e tlwaelegileng mo maemafofaneng le mo mebileng e e tlhanaselang ya kwa ditoropong. Mme gone, dingwaga di ka nna lekgolo tse di fetileng, go bonala Baithuti ba Baebele ba ba tlhagafetseng ba ne ba rata go lebiwa ke batho fa ba ntse ba kgorometsa Dikolotsana tsa bone tsa Dawn ba ya kwa le kwa ba anamisa dipeo tse di botlhokwa tsa boammaaruri jwa Baebele.

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

Gantsi Kgaitsadi Keefer o ne a tsaya maeto a le mararo kgotsa a le manè go kgabaganya borogo mo letsatsing la go isa dibuka

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

E ne ya rarabolola bothata jwa go isa dibuka tsa Dawn