Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna a Disitse

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna a Disitse

Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna a Disitse

“Nnang lo disitse mme lo rapele.”—MATH. 26:41.

O TLA ARABA JANG?

Dithapelo tsa rona di ka bontsha jang gore re nna re disitse?

Re ka bontsha ka ditsela dife gore re nna re disitse mo bodireding jwa rona?

Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re disitse fa re lebane le diteko, mme re ka dira seo jang?

1, 2. (a) Go ka tsoga dipotso dife malebana le sekao sa ga Jesu sa go nna a disitse? (b) A sekao se se itekanetseng sa ga Jesu se ka solegela batho ba ba nang le boleo molemo? Bontsha.

OKA nna wa ipotsa jaana: ‘A tota go a kgonega go etsa sekao sa ga Jesu sa go nna a disitse? Tota e bile, Jesu o ne a itekanetse! Mo godimo ga moo, ka dinako dingwe o ne a kgona go bonela isagwe pele—le eleng diketekete tsa dingwaga tse di neng di tla tla mo isagweng! A ruri o ne a tlhoka go nna a disitse?’ (Math. 24:37-39; Baheb. 4:15) Mma re simololeng ka go sekaseka dipotso tseo gore re kgone go bona kafa kgang eno e leng mo nakong ka gone le gore go potlakile go le kana kang gore re nne re disitse.

2 A batho ba ba nang le boleo ba ka ithuta sengwe mo sekaong sa motho yo o itekanetseng? Ee, ka gonne go a kgonega go ithuta mo morutising yo o molemo le mo sekaong sa gagwe. Ka sekai, akanya ka monna yo e leng la ntlha a ithuta go tshameka motshameko wa go hula motswi. Ga a kgone go hula motswi sentle gore o kgone go itaya fa gare ga sediko, le fa go ntse jalo, o tswelela a ithuta mme a leka go tokafatsa. E le gore a tokafatse, o ithuta ka kelotlhoko mo sekaong sa motlhatlheledi wa gagwe yo e leng setswerere mo go huleng motswi. Moithuti yono o ela tlhoko kafa motlhatlheledi wa gagwe a emang ka teng, kafa a bayang matsogo a gagwe ka teng le kafa a bayang menwana ya gagwe mo mogaleng o o mo boreng ka teng. Ka bonya ka bonya, moithuti yono yo o ititeileng sehuba o ithuta kafa a tshwanetseng go goga mogala ka gone; a akanyetsa kafa phefo e ka amang motswi wa gagwe ka teng mme o nna a leka ka natla. Ka go etsa se a bonang motlhatlheledi wa gagwe a se dira, kgabagare o kwaya metswi gore e iteye gaufi le bogare jwa sediko. Ka tsela e e tshwanang, le rona re leka go nna Bakeresete ba ba botoka ka go latela ditaelo tsa ga Jesu le ka go etsa sekao sa gagwe se se itekanetseng.

3. (a) Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a tshwanetse go nna a disitse? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Le fa go ntse jalo, a ruri Jesu o ne a tshwanetse go nna a disitse? Ee ruri. Ka sekai, mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng, Jesu o ne a rotloetsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Lo nne lo disitse le nna.” O ne a oketsa jaana: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Math. 26:38, 41) Le fa ka dinako tsotlhe Jesu a ne a nna a disitse, mo nakong eo e e thata pele ga loso lwa gagwe, o ne a batla go nna a disitse go feta le fa e le leng pele, le go nna a atamalane thata le Rraagwe yo o kwa legodimong. O ne a itse gore balatedi ba gagwe le bone ba tlhoka go nna ba ntshitse matlho dinameng—e seng ka nako eo fela mme le mo isagweng. Ka jalo, mma re sekasekeng lebaka la go bo Jesu a batla gore re nne re disitse. Morago ga moo, re tla sekaseka ditsela tse tharo tse ka tsone re ka etsang sekao sa ga Jesu ka go nna re disitse letsatsi le letsatsi.

LEBAKA LA GO BO JESU A BATLA GORE RE NNE RE DISITSE

4. Go na le kamano efe magareng ga se re sa se itseng ka isagwe le go bo re tshwanetse go nna re disitse?

4 Ka bokhutshwane, Jesu o batla gore re nne re disitse ka ntlha ya se re sa se itseng le se re se itseng. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, a o ne a itse sotlhe se se neng se tla direga mo isagweng? Nnyaa, ka gonne o ne a dumela jaana a bontsha boikokobetso: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Math. 24:36) Ka nako eo, Jesu, “Morwa,” o ne a sa itse gore letsatsi le le tlhomameng la go fedisiwa ga lefatshe leno le le boikepo, le tla tla leng. Go tweng ka rona gompieno? A kitso ya rona ka isagwe e lekanyeditswe? Go ntse jalo! Ga re itse gore Jehofa o tla romela leng Morwawe gore a fedise tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Fa re ka bo re itse, a go ne go tla tlhokega gore re nne re disitse? Jaaka Jesu a tlhalositse, bokhutlo bo tla tla ka bonako bo sa lebelelwa; ka jalo re tshwanetse go nna re disitse go feta le fa e le leng pele.—Bala Mathaio 24:43.

5, 6. (a) Go itse ga rona ka isagwe le ka maikaelelo a Modimo go re thusa jang gore re nne re disitse? (b) Ke eng fa se re se itseng ka Satane se tshwanetse sa dira gore re ikemisetse le e leng go feta, gore re nne re disitse?

5 Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a itse dilo di le dintsi tse di molemo ka isagwe—boammaaruri jo batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela le ene ba neng ba sa bo itse gotlhelele. Kitso ya rona ga e lekane le ya ga Jesu, mme o re thusitse gore re itse go le gontsi ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se fitlhelelang mo isagweng. Fa re leba batho ba re tshelang le bone, ba ka tswa ba le kwa sekolong, kwa tirong kgotsa mo tshimong e re rerang mo go yone, a ga re lemoge gore bontsi jwa bone ba mo lefifing le lentshontsho malebana le dithuto tse di kgatlhang tse di boammaaruri? Ka jalo, fano re bona lebaka le lengwe la gore re nne re disitse. Fela jaaka Jesu, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng, re batla ditshono tsa go nna re bolelela ba bangwe ka se re se itseng ka Bogosi jwa Modimo. Tshono nngwe le nngwe e e ntseng jalo e botlhokwa, mme ga re batle go senya epe ya yone. Matshelo a mo kotsing!—1 Tim. 4:16.

6 Jesu o ne a itse sengwe gape se se neng sa dira gore a nne a disitse. O ne a itse gore Satane o ititeile sehuba gore a mo raele, a mmogise a bo a dire gore a se ka a tlhola a ikanyega. Mmaba yoo yo o setlhogo o ne a nna a batla “nako e nngwe e e mo siametseng” gore a leke Jesu. (Luke 4:13) Jesu o ne a nna a ntshitse matlho dinameng. O ne a batla go nna a iketleeleditse teko nngwe le nngwe, e ka tswa e le thaelo, go ganediwa kana go bogisiwa. Le rona re mo boemong jo bo tshwanang le jwa ga Jesu. Re a itse gore Satane o sa ntse a tshwana le “tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” Ke gone ka moo Lefoko la Modimo le gakololang Bakeresete botlhe jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang.” (1 Pet. 5:8) Ka jalo, re ka kgona jang go nna re disitse?

KAFA RE KA NNANG RE DISITSE KA GONE MO THAPELONG

7, 8. Ke kgakololo efe e Jesu a neng a e naya malebana le thapelo, mme o re tlhometse sekao se se ntseng jang?

7 Baebele e re bolelela gore thapelo e botlhokwa thata gore re nne re tsogile kgotsa re nne re disitse, gore re kgone go sireletsa kamano ya rona le Jehofa. (Bakol. 4:2; 1 Pet. 4:7) Nakwana fela morago ga gore Jesu a reye balatedi ba gagwe a re ba nne ba disitse, o ne a re: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” (Math. 26:41) A o ne a raya gore ba tshwanetse go rapela fela fa ba le mo boemong joo jo bo masisi jo ba neng ba lebane le jone ka nako eo? Nnyaa, kgakololo ya gagwe ke molaomotheo o re tshwanetseng go tshela ka one letsatsi lengwe le lengwe.

8 Jesu o re tlhometse sekao se se molemolemo mo kgannyeng ya thapelo. O tla gakologelwa gore nako nngwe o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela Rraagwe. Mma re lekeng go bona boemo joo ka leitlho la mogopolo. (Bala Luke 6:12, 13.) Ke dikgakologo, gongwe Jesu o gaufi le motse o go tshwarwang ditlhapi mo go one wa Kaperenama. Fa go nna maitseboa, Jesu o tlhatlogela kwa go nngwe ya dithaba tse di gaufi le Lewatle la Galalea. Fa a ntse a lebile kwa tlase mo lefelong leo le le fifalang, gongwe o bona dipone tsa leokwane tse di benyang mo Kaperenama le mo metseng e mengwe e e gaufi. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a bua le Jehofa o tlhoma mogopolo otlhe mo thapelong. Go feta metsotso, go feta diura. Ga a lemoge dipone tse di kwa kgakala tse di ntseng di tima ka bongwe ka bongwe kgotsa fa ngwedi o kgabaganya loapi ka bonya le fa diphologolo tsa bosigo di ntse di batlana le dijo mo sekgweng. Go bonala thapelo ya gagwe e remeletse mo tshwetsong e kgolo e a neng a tshwanetse go e dira—ya go tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba le 12. Re ka akanya Jesu a rapela Rraagwe ka tlhoafalo, a mmolelela megopolo le matshwenyego a a nang le one malebana le mongwe le mongwe wa barutwa ba gagwe mme a mo kopa kaelo le botlhale.

9. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu sa go rapela bosigo jotlhe?

9 Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jesu? A ke gore re tshwanetse go fetsa diura tse dintsi re rapela? Nnyaa, ka gonne o ne a bua jaana ka bopelonomi malebana le balatedi ba gagwe: “Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Math. 26:41) Le fa go ntse jalo, re ka etsa Jesu. Ka sekai, a re atamela Rraarona yo o kwa legodimong ka thapelo pele re dira tshwetso epe fela e e ka amang bomoya jwa rona, jwa malapa a rona kgotsa jwa badumedimmogo le rona? A dithapelo tsa rona di bontsha gore re amegile ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona? A re rapela go tswa pelong go na le gore re boaboeletse dipolelwana dingwe? Gape ela tlhoko gore Jesu o ne a tsaya go le botlhokwa gore a bue le Rraagwe ba le babedi fela mo sephiring. Mo lefatsheng la gompieno la ditshwarego, go motlhofo gore re lebale gore ke eng se se botlhokwa thata. Fa re ipha nako e e lekaneng ya go rapela dithapelo tse di tswang pelong le tse re di rapelang mo sephiring, re tla nna re tsogile semoyeng. (Math. 6:6, 7) Re tla atamalana le Jehofa, re tlhoafaletse go nonotsha kamano e re nang le yone le ene mme re tile go dira sepe fela se se ka e koafatsang.—Pes. 25:14.

KAFA RE KA NNANG RE DISITSE KA GONE MO TIRONG YA GO RERA

10. Ke sekai sefe se se re bontshang gore Jesu o ne a nna a ntshitse matlho dinameng a batla ditshono tsa go neela bosupi?

10 Jesu o ne a nna a disitse mo tirong e Jehofa a neng a mo abetse yone. Go ka nna le mebereko mengwe e mmereki a ka etang ka mogopolo a ntse a bereka mme ga se ka ga nna le diphelelo tse di masisi. Le fa go ntse jalo, mebereko e mentsi e batla gore motho a tsepamise mogopolo a bo a ntshe matlho dinameng, mme le bodiredi jwa Bokeresete bo ntse fela jalo. Ka dinako tsotlhe Jesu o ne a nna a ntshitse matlho dinameng mo tirong ya gagwe, a batla ditshono tsa go rera dikgang tse di molemo. Ka sekai, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga kwa motseng wa Sikara morago ga gore ba tsamaye loeto lo loleele mo mosong, barutwa ba ne ba ya go reka dijo. Jesu o ne a ntse gaufi le sediba sa motse oo gore a ikhutse, le fa go ntse jalo, o ne a nna a ntshitse matlho dinameng, mme o ne a bona tshono ya go neela bosupi. Mosadi wa Mosamaria o ne a tla go ga metsi mo sedibeng. Jesu a ka bo a ile a tlhopha go robala. A ka bo a akantse ka mabaka a go tila go tlotla le ene. Le fa go ntse jalo, o ne a simolola motlotlo le ene, a neela bosupi jo bo maatla jo bo ileng jwa ama matshelo a batho ba le bantsi mo motseng oo. (Joh. 4:4-26, 39-42) A re ka leka ka natla go etsa sekao sa ga Jesu, re nne re disitse re batla ditshono tsa go rerela batho ba re kopanang le bone letsatsi le letsatsi?

11, 12. (a) Jesu o ne a araba jang batho ba ba neng ba batla go mo itaya tsebe mo tirong ya gagwe? (b) Jesu o ne a bontsha go nna tekatekano jang mo tirong ya gagwe?

11 Ka dinako dingwe, batho ba ba nang le maikaelelo a a siameng ba ne ba batla go itaya Jesu tsebe mo tirong ya gagwe. Kwa Kaperenama, boidiidi jwa batho bo ne jwa amiwa ke dikgakgamatso tsa ga Jesu tsa go fodisa, mo e leng gore ba ne ba batla gore a nne le bone. Seo se a utlwala. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa ga Jesu e ne e le go rerela ‘dinku tsotlhe tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele,’ e seng fela tse di leng mo motseng o le mongwe. (Math. 15:24) Ka jalo o ne a bolelela batho bao jaana: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:40-44) Ga go pelaelo gore botshelo jwa ga Jesu bo ne bo remeletse mo bodireding jwa gagwe. Ga a ka a letla sepe se mo itaya tsebe.

12 A Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo tirong ya gagwe jaana mo e leng gore o ne a feteletsa dilo kgotsa a e ne e le moitlami? Kgotsa a o ne a tshwaregile thata jaana mo e leng gore o ne a sa itse gore batho ba tlhoka eng? Nnyaa, Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa go nna tekatekano. O ne a itumelela botshelo, a nna le dinako tse di itumedisang le ditsala tsa gagwe. O ne a rata malapa, a tlhaloganya se ba neng ba se tlhoka le mathata a ba neng ba lebane le one, gape o ne a rata bana.—Bala Mareko 10:13-16.

13. Re ka etsa jang sekao sa ga Jesu sa go nna re disitse le go nna tekatekano mo tirong ya rona ya go rera ka Bogosi?

13 Fa re ntse re etsa sekao sa ga Jesu sa go nna re disitse, re ka leka jang go nna tekatekano jaaka ene? Ga re letle gore lefatshe leno le re iteye tsebe mo tirong ya rona. Tota le ditsala le ba masika a rona ba ba nang le maikaelelo a a siameng ba ka re kgothaletsa gore re fokotse mo bodireding jwa rona kgotsa gore re gagamalele se go tweng ke botshelo jo bo tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, fa re etsa Jesu re leba bodiredi jwa rona bo le botlhokwa jaaka dijo. (Joh. 4:34) Tiro ya rona e re nonotsha semoyeng gape e a re itumedisa. Le fa go ntse jalo, ga re batle go feteletsa dilo ka go bontsha boikutlo jwa go ipona tshiamo kgotsa jwa go nna baitlami. Fela jaaka Jesu re batla go nna batlhanka ba ba itumetseng, ba ba bontshang tekatekano, ba “Modimo yo o itumetseng.”—1 Tim. 1:11.

KAFA RE KA NNANG RE DISITSE KA GONE FA RE LEBANE LE DITEKO

14. Fa re lebane le diteko, ke mokgwa ofe o re tshwanetseng go o lwantsha mme ka ntlha yang?

14 Jaaka re bone, Jesu o ne a neela dingwe tsa dikgakololo tse di malebana le go nna re disitse, fa a ne a lebane le teko e e masisi. (Bala Mareko 14:37.) Fa re lebane le maemo a a thata, re tshwanetse go gakologelwa sekao sa ga Jesu go feta le fa e le leng pele. Fa batho ba le bantsi ba lebane le teko, gantsi ba lebala boammaaruri jo bo botlhokwa jaana mo buka ya Diane e buang jaana ka jone gabedi: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Dia. 14:12; 16:25) Fa re ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona bogolo jang fa re lebane le mathata a a masisi, re ka nna ra tsenya rona le ba re ba ratang mo kotsing.

15. Tlhogo ya lelapa e ka lebana le thaelo efe mo maemong a a thata a ikonomi?

15 Ka sekai, tlhogo ya lelapa e ka lebana le kgatelelo e kgolo mo go tlameleng “ba e leng ba gagwe” ka dilo tse di bonalang. (1 Tim. 5:8) A ka nna a raelesega go amogela tiro e e dirang gore gangwe le gape a palelwe ke go ya dipokanong tsa Bokeresete, go etelela pele mo kobamelong ya lelapa kgotsa go nna gone mo bodireding. Fa a ikaega fela ka tlhaloganyo ya gagwe, a ka nna a bona go siame fela go amogela tiro eo. Le fa go ntse jalo, seo se ka felela ka gore a koafale kgotsa a swe semoyeng. Ruri go tla bo go le molemo go latela kgakololo e e mo go Diane 3:5, 6! Solomone o ne a re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”

16. (a) Jesu o re tlhometse sekao sefe sa go ikanya botlhale jwa ga Jehofa go na le go ikanya botlhale jwa gagwe? (b) Ditlhogo di le dintsi tsa malapa di etsa jang sekao sa ga Jesu sa go ikanya Jehofa mo dinakong tsa mathata?

16 Fa Jesu a ne a lebane le teko, o ne a gana go ikaega ka tlhaloganyo ya gagwe. Akanya fela! Monna yo o botlhale yo o kileng a tshela mo lefatsheng leno, o ne a tlhopha go se ikaege ka botlhale jwa gagwe fa a araba. Ka sekai, fa Satane a ne a mo leka, gangwe le gape Jesu o ne a mo araba jaana: “Go kwadilwe ga twe.” (Math. 4:4, 7, 10) O ne a ikaega ka botlhale jwa ga Rraagwe gore a fenye thaelo, a bontsha boikokobetso jo Satane a neng a se na jone gotlhelele e bile a bo tlhoile. A le rona re dira jalo? Tlhogo ya lelapa e e etsang sekao sa ga Jesu sa go nna a disitse, e letla Lefoko la Modimo gore le e kaele, segolobogolo mo dinakong tsa mathata. Mo lefatsheng lotlhe, diketekete tsa ditlhogo tsa malapa di dira fela jalo. Ba baya Bogosi jwa Modimo le kobamelo e e boitshepo kwa pele mo matshelong a bone, le eleng kwa pele ga dilo tse ba di tlhokang. Ka go dira jalo, ba tlhokomela ba malapa a bone ka tsela e e molemolemo. Jehofa o segofatsa maiteko a bone a go tlamela malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang, fela jaaka Lefoko la gagwe le solofetsa.—Math. 6:33.

17. Ke eng se se go tlhotlheletsang go etsa sekao sa ga Jesu sa go nna a disitse?

17 Ga go pelaelo gore Jesu o re tlhometse sekao se se molemolemo sa go nna a disitse. Sekao sa gagwe se a thusa, se molemo e bile se boloka le matshelo. Gakologelwa gore Satane o tlhagafaletse go re robatsa semoyeng—go re koafatsa tumelo, go dira gore re goge dinao mo kobamelong le go fedisa boikanyegi jwa rona. (1 Bathes. 5:6) O se ka wa letla gore a atlege! Nna o disitse fela jaaka Jesu a ile a dira—o nne o disitse mo dithapelong, mo bodireding le fa o lebane le diteko. Fa o dira jalo, o tla nna le botshelo jo bo itumetseng jo bo atlegileng, tota le gone jaanong mo malatsing a bofelo a tsamaiso eno ya dilo e e swang. Go nna o disitse go tla tlhomamisa gore fa Mong wa gago a tla go fedisa tsamaiso eno ya dilo, o tla go fitlhela o ntshitse matlho dinameng e bile o tlhoafetse mo go direng thato ya ga Rraagwe. A bo Jehofa a tla itumelela go go duelela boikanyegi jwa gago jang ne!—Tshen. 16:15.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jesu o ne a rerela mosadi mongwe kwa sedibeng. Wena o itirela ditshono dife tsa go rera letsatsi le letsatsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tlamela lelapa la gago ka dilo tse le di tlhokang semoyeng go bontsha gore o nna o disitse