Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“A o Ka re Tsaya Setshwantsho Tsweetswee?”

“A o Ka re Tsaya Setshwantsho Tsweetswee?”

“A o Ka re Tsaya Setshwantsho Tsweetswee?”

Morago ga letsatsi la bobedi la kopano ya kgaolo, Josué yo o direlang kwa Bethele ya kwa Mexico o ne a tsamaya a bona mafelo mo toropong ya Querétaro. Bajanala bangwe ba e leng banyalani ba kwa Colombia, e bong Javier le Maru, ba ne ba kopa Josué gore a ba tseye setshwantsho. E re ka ene le ditsala tsa gagwe tsa Basupi ba ne ba apere sentle e bile ba tsentse dibetšhe tsa kopano, banyalani bano ba ne ba ba botsa gore a ba ne ba tswa moletlong mongwe wa go aloga kgotsa moletlo mongwe o o kgethegileng. Josué o ne a tlhalosa gore ba tlile kopanong ya Basupi ba ga Jehofa mme a bo a ba laletsa go tla kopanong ka Sontaga.

Banyalani bao ba ne ba re ba tla tlhabiwa ke ditlhong tota fa ba ka tla ka gonne ba se na diaparo tse di tshwanelang tiragalo eo. Le fa go ntse jalo, Josué o ne a ba bolelela leina la gagwe a bo a ba naya nomoro ya mogala ya ofisi ya lekala e a neng a direla kwa go yone.

Josué o ne a gakgamala fa Javier a ne a ikgolaganya le ene morago ga dikgwedi di le nnè. Banyalani bao ba ne ba ya kwa kopanong e a neng a ba laleditse kwa go yone mme jaanong ba ne ba batla gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ba etele kwa Mexico City, kwa ba neng ba nna gone ka nako eo. Go ise go ye kae thuto ya Baebele e ne ya simololwa le Javier le Maru mme ka bonako fela ba simolola go ya dipokanong. Dikgwedi di le lesome moragonyana, ba ne ba nna baboledi. Le fa banyalani bano ba ne ba tshwanelwa ke go fudugela kwa Toronto kwa Canada, ba ne ba tswelela ba gatela pele semoyeng mme ba kolobediwa.

Moragonyana Josué o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa go Javier le le tlhalosang gore ke eng se se mo tlhotlheleditseng go amogela boammaaruri. “Pele ga re ya kopanong, nna le mosadi wa me re ile ra tlotla ka gore re tlhoka kaelo ya semoya. Fa re bona tsela e ntle e lo neng lo apere ka yone, re ne ra akanya gore lo tshwanetse lwa bo lo ne lo tswa kwa pokanong nngwe e e kgethegileng. Kwa kopanong re ne ra kgatlhiwa ke tsela e e lorato e mongwe a neng a re thusa go bona manno ka yone, e bangwe ba neng ba re thusa go bula Baebele ka yone le tsela e ba ba neng ba le mo kopanong ba neng ba itshwere ka yone. Go ne go bonala go se na bothata gore re apere jaaka bajanala.”

A bo Josué a ne a bona boammaaruri jwa mafoko a ga Kgosi Solomone yo o botlhale jang ne! Solomone o ne a kwala jaana: “Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.” (Mor. 11:6) A o ka jala peo ka go dirisa ditshono tsa go bolelela ba bangwe ka kopano e e tlang kgotsa puo ya phatlalatsa e e latelang? Jehofa a ka go dirisa go ngoka batho ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe kaelo ya semoya, ba ba jaaka Javier le Maru.—Isa. 55:1.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng: Alejandro Voeguelin, Maru Pineda, Alejandro Pineda, Javier Pineda, le Josué Ramírez kwa lekaleng la kwa Mexico