Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Mokeresete a ka nna le mokgwa wa go leba ditshwantsho tse di hepisang o o maswe thata jaana mo go felelang ka gore a kobiwe mo phuthegong ya Bokeresete?

▪ Ee, go ka direga. Seno se gatelela lebaka la go bo go le botlhokwa go dira ka natla go tila tshedimosetso yotlhe e e hepisang—e ka tswa e le e e kwadilweng le ditshwantsho—mo dimakasineng, mo difiliming, mo dibidiong le mo Internet.

Ditshwantsho tse di hepisang di fitlhelwa gongwe le gongwe mo lefatsheng lotlhe. Internet e dira gore go nne motlhofo go bona tshedimosetso e e hepisang go feta le fa e le leng pele, mme e okeditse palo ya batho ba ba amilweng ke leroborobo leno le le bosula. Batho bangwe, ba bannye le ba ba godileng, ba ile ba tsena mo di Web site tsa ditshwantsho tse di hepisang ba sa ikaelela. Ba bangwe ba ile ba tsena mo go tsone ka boomo, ba akanya gore ga go sepe se se ka ba thibelang ka gonne ba kgona go bala le go bona tshedimosetso e e hepisang, mo sephiring—kwa magaeng a bone kgotsa kwa ofising. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go amega thata ka seno?

Re bona lebaka la konokono la go bo Jesu a ile a tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Math. 5:28) Gone ke boammaaruri gore tlhakanelodikobo magareng ga batho ba ba nyalaneng ke sengwe se se tshwanetseng e bile e dira gore banyalani ba itumele. (Dia. 5:15-19; 1 Bakor. 7:2-5) Le fa go ntse jalo, seo ga se boikaelelo jwa tshedimosetso e e hepisang. Go na le moo, e bontsha tlhakanelodikobo e e sa siamang e e dirang gore motho a nne le dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang tse Jesu a neng a re tlhagisa ka tsone. Ga go pelaelo gore, go bala kgotsa go leba tshedimosetso e e hepisang go kgatlhanong le taelo eno ya Modimo: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakol. 3:5.

Go tweng fa Mokeresete a kile a leba tshedimosetso e e hepisang, gangwe fela kgotsa gabedi? Ka tsela nngwe, boemo jwa gagwe bo ka tshwantshiwa le boemo jo bo kotsi jo mopesalema Asafe a kileng a iphitlhela a le mo go jone: “Fa e le nna, dinao tsa me di ne di batlile di fapoga, dikgato tsa me di ne di batlile di reledisiwa.” Mokeresete a ka kgona jang go nna le segakolodi se se phepa a bo a nne le kagiso le Modimo fa e le gore o ne a leba ditshwantsho tse di hepisang tsa banna kgotsa tsa basadi ba ba sa aparang kgotsa tsa batho ba babedi ba ba dirang kgokafalo? Asafe le ene o ne a se na kagiso: “Ke ne ka lerediwa sebetso letsatsi lotlhe, mme kotlhao ya me e tla moso le moso.”—Pes. 73:2, 14.

Mokeresete yo o dirang bosula joo o tshwanetse go thanya mme a lemoge gore o tlhoka thuso ya semoya. A ka bona thuso eo mo phuthegong: “Le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo, mongwe le mongwe wa lona a ntse a ipeile leitlho.” (Bagal. 6:1) Mogolwane a le mongwe kgotsa ba le babedi ba Bakeresete ba ka mo naya thuso e a e tlhokang, go akaretsa le ‘thapelo ya tumelo e e ka fodisang yo o bokoa, mme maleo a gagwe a tla itshwarelwa.’ (Jak. 5:13-15) Batho ba ba ileng ba batla thuso gore ba tlose selabe se se bakilweng ke ditshwantsho tse di hepisang ba ile ba lemoga gore go atamalana le Modimo go ile ga ba solegela molemo, fela jaaka Asafe.—Pes. 73:28.

Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a re bangwe ba ba leofileng ga ba a ka ba “ikwatlhaela boitshekologo jwa bone le kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng tse ba ileng ba di dira.” * (2 Bakor. 12:21) Fa Porofesa Marvin R. Vincent a ne a kwala malebana le lefoko la Segerika le le tlhalosiwang e le “boitshekologo” o ne a re le na le “kgopolo ya go se itsheke go go amanang le boitsholo jo bo sa siamang.” Go utlwisa botlhoko gore tshedimosetso nngwe e e hepisang e maswe thata go feta ditshwantsho tsa motho yo o sa aparang kgotsa tsa monna le mosadi ba dira kgokafalo. Go na le ditshwantsho tse di maswemaswe tse di hepisang tsa bosodoma (tlhakanelodikobo magareng ga batho ba bong jo bo tshwanang), tsa batho ba le bantsi ba tlhakanela dikobo, tsa motho a tlhakanela dikobo le phologolo, ditshwantsho tse di hepisang tsa bana, tsa motho a betelelwa ke segopa, tsa basadi ba sotliwa, tsa go tlhakanela dikobo le motho a bofeletswe kgotsa tsa batho ba ba ijesang monate ka tlhakanelodikobo ba ntse ba utlwisa ba bangwe botlhoko. Bangwe mo motlheng wa ga Paulo ba ba neng ba le mo “lefifing mo mogopolong” ba ne “ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro [mme] ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.”Baef. 4:18, 19.

Paulo o ne a bua gape ka “boitshekologo” mo go Bagalatia 5:19. Mokanoki mongwe wa Moboritane o ne a akgela ka go re “fano go ka tswa go buiwa thata ka dikeletso tsotlhe tse e seng tsa tlholego.” Ke Mokeresete ofe yo o ka ganetsang gore dilo tse di umakilweng fa godimo, tsa mefuta e e makgapha ya ditshwantsho tse di hepisang, ke “dikeletso tse e seng tsa tlholego” e bile di leswe? Mo go Bagalatia 5:19-21 Paulo o ne a swetsa ka gore “ba ba dirang dilo” tse di ntseng jalo tse di leswe, “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Ka jalo, fa mongwe a nna le mokgwa o o tseneletseng wa go leba ditshwantsho tse di makgapha tse di tlhabisang ditlhong tsa tlhakanelodikobo, gongwe ka lobaka lo lo rileng, mme a sa ikwatlhae le go sokologa, ga a kitla a tswelela a le mo phuthegong ya Bokeresete. O tla tshwanelwa ke go kgaolwa gore phuthego e tswelele e le phepa e bile e na le moya o o siameng.—1 Bakor. 5:5, 11.

Go a itumedisa go itse gore bangwe ba ba ileng ba wela mo seraing sa go leba mefuta e e makgapha ya ditshwantsho tse di hepisang, ba ile ba ya kwa bagolwaneng mme ba amogetse thuso ya semoya e ba neng ba e tlhoka gore ba dire diphetogo tse dikgolo. Jesu o ne a ikuela jaana kwa Bakereseteng ba kwa Saredise ya bogologolo: “O nonotshe dilo tse di setseng tse di neng di le gaufi le go swa, . . . tswelela o ntse o gopola kafa o amogetseng ka gone le kafa o neng wa utlwa ka gone, mme o tswelele o go boloka, o bo o ikwatlhaye. Eleruri fa o sa tsoge, . . . ga o na go itse ka gope gore ke tla tla mo go wena ka nako efe.” (Tshen. 3:2, 3) Motho a ka kgona go ikwatlhaya mme a swatolwe mo molelong, ka tsela ya tshwantshetso.—Jude 22, 23.

Le fa go ntse jalo, ruri go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a dire tshwetso ya gore a se ka a bo a atamela gaufi le boemo joo jo bo kotsi. Ee, re tshwanetse go ititaya sehuba tota gore re tile mefuta yotlhe ya tshedimosetso e e hepisang!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go bona pharologano magareng ga “boitshekologo, kgokafalo le boitshwaro jo bo repileng,” bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2006, tsebe 29-31.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Mokeresete yo o dirang bosula o tshwanetse go thanya mme a lemoge gore o tlhoka thuso ya semoya