Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Botshelo

“Go na Le Monate Kafa Seatleng sa Gago sa Moja ka Bosaengkae”

“Go na Le Monate Kafa Seatleng sa Gago sa Moja ka Bosaengkae”

Jaaka go Boletse Lois Didur

Ke gakae mo botshelong o bua sengwe se se jaaka seno, ‘Ke eletsa e kete nka bo ke sa tlhopha se ke se tlhophileng’? Morago ga dingwaga di le 50 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng, ga ke kgone go akanya ka sepe se se tsayang lobaka se se sa itumediseng se se bakilweng ke go nna mo seatleng sa ga Jehofa sa moja. Mma ke go bolelele lebaka la seo.

KE TSHOTSWE ka 1939 mme ka golela kwa motseselegaeng wa Saskatchewan, kwa Canada, mmogo le bomorwadiarre ba le banè le kgaitsadiake. Botshelo mo polasing eno e e mo dipoeng bo ne bo itumedisa. Letsatsi lengwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela rre, mme ke ne ka ba botsa gore a Modimo o na le leina. Ba ne ba re bontsha leina Jehofa mo go Pesalema 83:18. Seo se ne sa dira gore ke batle go itse mo gontsi ka Modimo le ka Lefoko la gagwe.

Mo dingwageng tseo, bana ba kwa polasing ba ne ba tsena dikolo tsa kwa magaeng tse mo go tsone grade nngwe le nngwe e neng e tsenela mo phaposing e le nngwe go fitlha ka grade ya borobedi. Ba ne ba palama dipitse kgotsa ba tsamaya ka dinao dikilometara di le dintsi go ya sekolong. Malapa a mo kgaolong eo ke one a a neng a tlhokomela morutisi wa sekolo ka se a neng a se tlhoka. Ngwaga mongwe, e ne e le lelapa la gaetsho le le neng le tshwanetse go naya morutisi yo mosha e bong John Didur lefelo la bonno.

Ke ne ke sa itse gore lekawana leno le lone le kgatlhegela Lefoko la Modimo thata. Nako nngwe ke ne ke akgola bokomonise le bososialise, tse ka nako eo rre e neng e le mmueledi wa tsone. John o ne a araba jaana a ritibetse: “Ga go motho ope yo o nang le tshwanelo ya go busa batho ba bangwe. Ke Modimo fela yo o nang le tshwanelo eo.” Seo se ne sa dira gore re tlotle ka dilo tse dintsi tse di kgatlhang.

E re ka John a tshotswe ka 1931, o ne a utlwetse ka mathata a a bakilweng ke ntwa. Fa Ntwa ya kwa Korea e runya ka 1950, o ne a botsa baruti ba ba farologaneng ka go nna le seabe ga bone mo ntweng. Botlhe ba ne ba re go a amogelesega gore Mokeresete a nne le seabe mo ntweng. Moragonyana, o ne a botsa Basupi ba ga Jehofa yone potso eo. Ba ne ba mmontsha go tswa mo Dikwalong se Bakeresete ba bogologolo ba neng ba se dumela malebana le ntwa. John o ne a kolobediwa ka 1955. Mo ngwageng o o latelang, le nna ke ne ka kolobediwa. Roobabedi re ne re itse gore re batla go direla Jehofa botshelo jotlhe jwa rona ka maatla otlhe a re nang le one. (Pes. 37:3, 4) Nna le John re ne ra nyalana ka July 1957.

Mo dingwageng di le dintsi, ka letsatsi la go gopola lenyalo la rona, re ne re le kwa kopanong. Re ne re itumelela go nna mo gare ga diketekete tsa batho ba bangwe ba ba neng ba tlotla lenyalo. Kopano ya rona ya ntlha ya ditšhabatšhaba e ne e le ka 1958. Re ne ra tsamaya re le batlhano go ya kwa New York City ka koloi go tswa kwa Saskatchewan. Re ne ra tsaya beke yotlhe re kgweetsa motshegare, mme bosigo bongwe le bongwe re robala mo tenteng. Akanya kafa re neng re akabetse ka gone fa mokaulengwe mongwe yo re neng ra kopana le ene kwa Bethlehem, Pennsylvania, a ne a re laletsa gore re tle go nna kwa ntlong ya gagwe mo bosigong joo! Bopelonomi jwa gagwe bo ne jwa re thusa gore re goroge kwa New York City re le phepa. Kopano e kgolo eo e ne ya gatelela boitumelo jo bogolo jwa go direla Jehofa! Jaaka mopesalema a kwadile, “go na le monate kafa seatleng sa gago sa moja ka bosaengkae.”—Pes. 16:11.

BOBULATSELA

Ngwaga morago ga foo ka 1959, re ne re le babulatsela mme re nna mo kharabeneng e nnye kwa godimo ga thabana e e mo dipoeng kwa Saskatchewan. O ne o kgona go bona bokgakala jwa dikilometara di le mmalwa, mme dingwe tsa dikilometara tseo, e ne e le tshimo ya rona.

Letsatsi lengwe, re ne ra amogela lekwalo le le kgatlhang le le tswang kwa ofising ya lekala. Ke ne ka tabogela kwa John a neng a bereka gone ka terekere. Lekwalo leo le ne le re laletsa go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa Red Lake, kwa Ontario. E re ka re ne re sa itse gore e kwa kae, ka bonako fela re ne ra tsaya dimmapa gore re bone lefelo leno.

Ruri lefelo leno le ne le farologane le dipoa! Jaanong re ne re bona dikgwa tse dikgolo le metsana e mennye e e agilweng gaufi le meepo ya gauta. Mo letsatsing la ntlha fa re ntse re batla lefelo la bonno, mosetsanyana mongwe o ne a utlwa re bua le moagelani wa bone. O ne a tabogela kwa gae go ya go bolelela mmaagwe yo o neng a re naya lefelo la go robala bosigo joo. Bolao bo ne bo le mo kamoreng e e kwa tlase e e ditsweng ka mmu. Letsatsi le le latelang, re ne ra bona lefelo la bonno, ntlo ya diphaposi tse pedi e e agilweng ka dikgong, e e se nang metsi le fanitšhara, go ne go na le thini fela ya go gotsa molelo wa dikgong go thuthafatsa ntlo. Re ne ra ya go reka dilo di le mmalwa kwa lebenkeleng le le rekisang dilo tse di dirisitsweng, mme go ise go ye kae, re ne re kgotsofetse tota.

Phuthego e e gaufi e ne e le bokgakala jwa dikilometara di le 209. Badiri ba le bantsi ba meepo ya gauta ba ne ba tswa kwa Yuropa, mme ba ne ba re botsa gore a re ka ba batlela Baebele ka puo ya bone. Go ise go ye kae, re ne re na le dithuto di le 30 tsa Baebele tse di kgatlhegang thata. Mo dikgweding di le thataro, go ne ga tlhomiwa phuthego e nnye.

Monna wa mosadi mongwe yo re neng re ithuta le ene o ne a leletsa moruti wa gagwe mogala go tla go tlhalosetsa mosadi yoo lebaka la go bo se a neng a ithuta sone se ne se le phoso. Fa re ntse re buisana le moruti yoo, o ne a re mo dilong dingwe tse re di rutang re tshwanetse go ruta ka Tharonngwe. Mosadi yoo o ne a tsaya Baebele ya bone ya Katoliki mme a e naya moruti mme a kopa gore a tshegetse dilo tse a neng a di bolela. Moruti yoo o ne a kgarameletsa Baebele ka kwa ga tafole mme a re ga a tlhoke go tlhomamisa sepe. Fa a tsamaya o ne a bua ka Se-Ukraine, a re ba tshwanetse go re leleka mo ntlong mme ba se ka ba tlhola ba re letla go tsena gape. O ne a sa lemoge gore John o tlhaloganya Se-Ukraine!

Nakwana morago ga foo, re ne ra tloga kwa Red Lake ka gonne John o ne a tshwanetse go thapisediwa tiro ya go eta. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, fa John a ne a neela puo ya kolobetso kwa kopanong ya kgaolo, monna wa mosadi yoo, o ne a le mo gare ga batho ba ba yang kolobetsong! Se se neng sa direga magareng ga rona le moruti se ne sa dira gore monna yoo a simolole go ipalela Baebele ka boene.

RE TSHWAREGILE MO TIRONG YA GO ETA

Mo tirong ya potologo, re ne ra itumelela go nna le malapa a le mantsi a a farologaneng. Re ne ra atamalana thata le ba ba neng ba re amogela mo matlong a bone. Nako nngwe re ne re le mo phaposing e e kwa godimo e e se nang sethuthafatsi mariga. Mo mosong, re ne re utlwa kgaitsadi mongwe yo o godileng a tsena mo phaposing ya rona ka setu gore a tshube molelo mo setofong se sennye. Moragonyana o ne a boa ka sekotlolo le metsi a a bolelo gore re kgone go ipaakanyetsa letsatsi. Ke ne ka ithuta mo gontsi ka tsela e a neng a dira dilo ka setu ka gone.

Tiro ya go eta e nthusitse gore ke atamalane thata le Jehofa. Potologo nngwe ya kwa Alberta e ne e akaretsa toropo ya moepo e e kwa Bokone jo bo Kgakala, kwa kgaitsadi mongwe a neng a nna gone. Phuthego ya ga Jehofa e ne e leba jang kgaitsadi yono yo e leng Mosupi a le esi mo lefelong le a nnang mo go lone? Gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe tse thataro, re ne re tsamaya ka sefofane go ya kwa a nnang gone re fetsa beke kwa bodireding le ene re bo re tshwara dipokano le ene, fela jaaka re ne re dira kwa diphuthegong tse dikgolo tsa kwa toropong. Seno se ne se re gakolola lorato lo Jehofa a ratang nkunyana nngwe le nngwe ya gagwe ka lone.

Re ne ra nna re ikgolaganya le ba le bantsi ba ba neng ba re naya lefelo la bonno. Seo se nkgakolola nngwe ya dimpho tsa ntlha tse John a nneileng tsone—lebokose la mebalabala le le tletseng dipampiri tsa go kwalela. Re ne re itumelela thata go kwalela ditsala tsa rona makwalo re dirisa dipampiri tseo. Ke sa ntse ke rata lebokose leo la makwalo thata.

Fa re ne re le mo tirelong ya potologo kwa Toronto, mokaulengwe mongwe yo o kwa Bethele ya kwa Canada o ne a re leletsa mogala go botsa gore a re ka akanyetsa go tla go direla kwa Bethele. O ne a batla karabo leng? “Fa go kgonega, ka moso!” O ne a bona karabo lone letsatsi le le latelang.

TIRELO YA BETHELE

Kabelo nngwe le nngwe e ntšha e re neng re e newa e ne e dira gore re bone dikarolo tse di farologaneng tsa boitumelo jo bo tswang mo seatleng sa ga Jehofa. Go ne ga nna fela jalo fa re fudugela kwa Bethele ka 1977. Go dirisana le bangwe ba batlodiwa go ne ga dira gore re kgone go bona botho jwa bone jo bo sa tshwaneng le kafa ba tlotlang Lefoko la Modimo ka gone.

Thulaganyo e ntšha ya go dira dilo ya kwa Bethele e ne e itumedisa. Ka sekai, diaparo tsa rona di ne di nna mo llaeng e seng mo bekeng, mme re ne re kopanela le phuthego e le nngwe. Kwantle ga go bereka mo tirong e ke neng ke e abetswe, ka metlha ke ne ke itumelela go tsamaisa batho ba ba tlileng go bona Bethele. Ke ne ke ba tlhalosetsa tiro e e dirwang mo Bethele, ke utlwa dikakgelo tsa bakaulengwe ba ba etileng, ke bo ke araba le dipotso tsa bone.

Dingwaga di ne tsa kgabaganya ka bonako, mme ka 1997, John o ne a lalediwa go nna gone kwa Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala kwa Patterson, New York. Morago ga foo, re ne ra bodiwa gore a re ka akanyetsa go fudugela kwa Ukraine. Re ne ra kopiwa gore re e akanyetse sentle, ka thapelo. Mo maitseboeng ao, re ne re itse gore re tla araba ka go re, ee.

PHETOGO E NNGWE GAPE—UKRAINE

Ka 1992, re ne re kile ra ya kwa kopanong e kgolo ya ditšhabatšhaba kwa St. Petersburg, Russia, mme go tswa foo ra ya kwa go e nngwe kwa Kiev, Ukraine, ka 1993. Dikopano tseo di ne di dirile gore re atamalane le bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba. Lefelo la rona le lesha la bonno kwa Lviv, Ukraine, le ne le le mo boalong jwa bobedi jwa ntlo ya bogologolo. Difensetere tsa yone di ne di lebile kwa jarateng e e nang le tshingwana, mokoko o mogolo o mohibidu le dikoko tse dintsi tse di namagadi. Go ne go ntse jaaka e kete ke kwa polasing kwa Saskatchewan. Re ne re nna mo ntlong eo re le 12. Phakela mongwe le mongwe re ne re kgabaganya toropo go ya tirong kwa Bethele.

Re ne re ikutlwa jang ka go nna kwa Ukraine? Go nna mo gare ga batho ba le bantsi ba ba neng ba lebana le diteko, dithibelo le go tsenngwa mo kgolegelong, go ne go dira gore re ikokobetse tota. Mme gone, ba ne ba tswelela ba na le tumelo e e nonofileng. Fa re ba akgola, ba ne ba re, “Re ne re direla Jehofa.” Ga ba ise ba ikutlwe e kete ba tlogetswe ba le nosi. Tota le jaanong, fa o leboga mongwe ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe, a ka nna a go araba ka go re, “Leboga Jehofa,” a lemoga gore Motswedi wa dilo tsotlhe tse di molemo ke mang.

Kwa Ukraine, batho ba le bantsi ba tsamaya ka dinao go ya dipokanong, ka jalo ba na le nako ya go tlotla le go kgothatsana. Ba ka tswa ba tsamaya lobaka lwa ura kgotsa go feta. Go na le diphuthego tse di fetang 50 kwa Lviv, tse 21 tsa tsone di dirisa kago e kgolo ya Holo ya Bogosi, e e nang le diholo di le mmalwa. Ka Bosontaga, go gontle tota go bona bakaulengwe ba bantsi ba tla dipokanong.

Ka bonako fela re ne ra ikutlwa re atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bonolo e bile ba tlhagafalela go tlhokomela ba bangwe. Fa ke na le bothata jwa go tlhaloganya puo, jo le jaanong ke sa ntseng ke na le jone, ba nna pelotelele tota. Gantsi matlho a bone a bua go le gontsi fela jaaka mafoko a bone.

Sekai sa tsela ya mmatota e bakaulengwe ba supang kafa ba ikanyanang ka gone, se ne sa direga ka 2003 kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Kiev. Re ne re sa tswa go fologa polatefomo ya seteishene se se tlhanaselang fa mosetsanyana mongwe a ne a tla kwa go rona mme a bua jaana a buela kwa tlase: “Ke latlhegile. Ga ke itse gore nkoko o kae.” Mosetsana yoo o ne a bone dibetšhe tsa rona mme a itse gore re Basupi. O ne a le pelokgale tota mme ga a ka a lela. Mosadi wa molebedi wa potologo yo o neng a tsamaya le rona o ne a isa mosetsana yoo kwa Lefapheng la Dilo Tse di Latlhegileng, kwa setadiamong. Go ise go ye kae, mosetsanyana yoo o ne a kopanngwa le nkokoagwe. Ke ne ka amiwa thata ke tsela e e molemo e mosetsanyana yoo a neng a re ikanya ka yone, tota le mo gare ga batho ba le diketekete.

Bakaulengwe ba ba tswang kwa dinageng tse dintsi ba ne ba tla kwa Ukraine ka May 2001 fa go neelwa dikago tse disha tsa lekala la rona. Morago ga puo e e kgethegileng ka Sontaga mo mosong kwa setadiamong, bontsintsi jwa bakaulengwe ba ne ba tla go bona moago o mosha wa Bethele. Ruri seo ke sengwe se se sa lebalesegeng! Ke ne ka amiwa thata ke go bona bakaulengwe bano ba ba neng ba didimetse e bile ba rulagane. Seo se ne sa oketsa tsela e ke anaanelang ka yone boitumelo jo bo nnang gone fa re direla Modimo.

PHETOGO E KGOLO

Ka maswabi, ka 2004, go ne ga lemogiwa gore John o tshwerwe ke kankere. Re ne ra ya kwa Canada gore a ye go alafiwa. Mmele wa gagwe o ne o sa kgone go itshokela karolo ya ntlha ya kalafi e go dirisiwang dikhemikale mo go yone go bolaya disele tsa kankere, mme o ne a fetsa dibeke di le dintsi a le mo tlhokomelong e e tseneletseng. Se se itumedisang ke gore, o ne a tsoga. Le fa a ne a sa kgone go bua sentle, ka dinako tsotlhe matlho a gagwe a ne a bontsha go anaanela botlhe ba ba tlileng go mo etela.

Le fa go ntse jalo, ga a ka a kgona go fola, mme o ne a tlhokafala ka letlhabula la one ngwaga oo. Ke ne ke ikutlwa e kete karolo nngwe e kgolo ya me e a tlhaela. Nna le John re ile ra itumelela thata go direla Jehofa re le mmogo. Ke ne ke tla dira eng? Ke ne ka tlhopha go boela kwa Ukraine. Ke itumelela lorato lo lelapa la Bethele le lo phuthego ya koo e ileng ya mpontsha lone.

Ga go nako epe mo botshelong e re ileng ra ikwatlhaela dilo tse re di tlhophileng. E nnile botshelo jo bo itumedisang le batho ba ba molemolemo. Ke a itse gore go sa ntse go na le mo gontsi go go ithuta ka molemo wa ga Jehofa, mme ke solofela gore ke tla tswelela mo tirelong ya gagwe ka bosakhutleng ka gonne ruri ke fitlhetse ‘monate kafa seatleng sa ga Jehofa sa moja.’

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Ga go nako epe mo botshelong e re ileng ra ikwatlhaela dilo tse re di tlhophileng”

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Fa ke nyalana le John

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Fa ke ne ke le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Red Lake, Ontario

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Ke na le John kwa Ukraine, ka 2002