Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Neela Kgakololo Jang?

O Neela Kgakololo Jang?

O Neela Kgakololo Jang?

A o kile wa kopiwa gore o neye bangwe kgakololo? Ka sekai, a o kile wa bodiwa dipotso tse di jaaka: ‘Ke tshwanetse go dira eng? A ke ye kwa kokoanong eno? ke gagamalele tiro eno? ke tsalane le motho yono ka maikaelelo a go nyalana le ene?’

Batho ba ruri ba tlhokang thuso ba ka nna ba go kopa gore o ba thuse go dira ditshwetso—ditshwetso tse di ka amang kamano ya bone le ditsala, ba lelapa kgotsa le e leng Jehofa. Kgakololo ya gago e tla ikaega ka eng? O tlwaetse go dira eng fa o naya batho ba bangwe kgakololo? Le fa kgang eo e ka bonala e sa re sepe kgotsa e le masisi, Diane 15:28 ya re: “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” Ela tlhoko kafa melaometheo eno e metlhano ya Baebele e ka thusang ka gone fa o neela kgakololo.

1 Tlhaloganya Boemo ka Botlalo.

“Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” DIA. 18:13.

E le gore re kgone go naya kgakololo e e molemo, re tshwanetse go tlhaloganya maemo a motho yo o batlang thuso le kafa a lebang dilo ka teng. Ka sekai: Fa mongwe a go leleditse mogala a botsa gore ke tsela efe e e botoka ya go tla kwa ntlong ya gago, ke eng se o tshwanetseng go se itse gore o kgone go mo thusa? A o ka mmolelela gore a tseye tsela efe pele o ka itse gore o kwa kae? Le eseng! Ka tsela e e tshwanang, e le gore o kgone go naya motho kaelo e e tshwanetseng, o tshwanetse go itse maemo a gagwe le kafa a lebang dilo ka gone. A go ka tswa go na le dilo dingwe tse o sa di lemogeng tse di ka amang tsela e o mo nayang kgakololo ka yone? Fa re se na dintlha tsotlhe tsa boemo jwa motho yoo, re ka mo naya kgakololo e e tla dirang gore a tlhakane tlhogo le go feta.—Luke 6:39.

Tlhomamisa Gore Motho Yoo o Batlisisitse go le Kana Kang. Gape go tla bo go le botlhale gore o botse motho yo o batlang kgakololo dipotso tse di jaaka: “O akanya gore o ka dirisa melaometheo efe ya Baebele?” “Se o akanyetsang go se dira se ka nna le melemo le dikotsi dife?” “O setse o dirile dipatlisiso dife?” “Batho ba bangwe ba ba jaaka motho yo o go tshwarelang thuto ya Baebele, bagolwane ba phuthego kgotsa batsadi ba gago, ba setse ba go thusitse jang?”

Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re thusa go lemoga gore motho yono o setse a dirile maiteko a a kana kang gore a bone tharabololo. Gape fa re mo naya kgakololo re tla akanyetsa se ba bangwe ba setseng ba mmoleletse sone. Gape re tla lemoga gore a motho yono o batla fela motho yo o tla mo “tsikitlang ditsebe” ka kgakololo e a batlang go e utlwa.—2 Tim. 4:3.

2 Tila go Araba ka Lepotlapotla.

“Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.”JAK. 1:19.

Re ka nna ra araba motho ka bonako e le ka boikaelelo jo bo siameng. Mme gone a go botlhale go dira jalo, bogolo jang fa re tlotla ka kgang e re iseng re dire dipatlisiso tse di tseneletseng ka yone? Diane 29:20 ya re: “A o bone motho yo o potlakang ka mafoko a gagwe? Go na le tsholofelo ka sematla go na le ka ene.”

Iphe nako ya go tlhomamisa gore kgakololo ya gago e theilwe ka botlalo mo botlhaleng jwa Modimo. Ipotse jaana, ‘A tsela e lefatshe le akanyang ka yone le “moya wa lefatshe” di setse di tlhotlheleditse tsela e ke akanyang ka yone?’ (1 Bakor. 2:12, 13) Gakologelwa gore maitlhomo a a siameng, ka boone fela a ka nna a se ka a lekana. Fa moaposetoloi Petere a sena go lemoga gore kabelo ya ga Jesu e thata, o ne a gakolola Jesu jaana: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Re ka ithuta eng mo mafokong ao a ga Petere? Gore tota le motho yo o nang le maitlhomo a a siameng, fa a se kelotlhoko a ka rotloetsa ‘dikakanyo tsa batho, e seng tsa Modimo.’ (Math. 16:21-23) A bo go le botlhokwa jang ne gore re akanye pele re bua! Kana e bile, maitemogelo a rona a tlhaela tota fa a bapisiwa le botlhale jwa Modimo.—Jobe 38:1-4; Dia. 11:2.

3 Ikokobetse Mme o Dirise Lefoko la Modimo.

“Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.”JOH. 8:28.

A o tla re, “Fa nka bo ke le wena, ke ne ke tla . . . ”? Tota le fa go bonala karabo e le motlhofo, go ka nna molemo gore o latele sekao sa boikokobetso le sa boingotlo se Jesu a re tlhometseng sone. Le fa a ne a le botlhale thata e bile a na le maitemogelo go feta batho botlhe, o ne a re: “Ga ke a ipuela fela, mme Rara ka boene . . . o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng.” (Joh. 12:49, 50) Dithuto tsa ga Jesu le kgakololo ya gagwe ka metlha di ne di theilwe mo thatong ya ga Rraagwe.

Ka sekai, mo go Luke 22:49 re bala gore fa Jesu a tla tloga a tshwarwa, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa gore a ba ka lwa. Morutwa mongwe o ne a dirisa tšhaka. Ela tlhoko pego e e tsamaisanang le eo mo go Mathaio 26:52-54 gore tota le mo maemong ao, Jesu o ne a ipha nako go tlhalosetsa barutwa ba gagwe se thato ya ga Jehofa e leng sone. E re ka Jesu a ne a itse melaometheo e e mo go Genesise 9:6 le dipolelelopele tse di mo go Pesalema 22 le Isaia 53, o ne a kgona go ba naya kaelo e e botlhale e go seng pelaelo gore e ne ya boloka matshelo e bile ya ipedisa Jehofa.

4 Dirisa Dikgatiso Tsa Baebele.

“Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng?”MATH. 24:45.

Jesu o tlhomile setlhopha sa motlhanka se se ikanyegang se se re nayang dijo tse re di tlhokang tsa semoya. Fa o naya motho kgakololo kgotsa kaelo malebana le dikgang tsa botlhokwa, a o ipha nako ya go dira patlisiso e e tseneletseng mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng?

Watch Tower Publications Index le Watchtower Library * di dira gore go nne motlhofo gore re kgone go bona tshedimosetso e ntsi le e e utlwalang sentle. Ruri go tla bo go le phoso go tlodisa letlotlo leno la tshedimosetso matlho! Didirisiwa tseno di na le lenaane la ditlhogo di le diketekete tse di nang le dikgatiso tse di ka thusang motho yo o batlang kgakololo. O na le bokgoni jo bo kana kang jwa go thusa ba bangwe go batlisisa melaometheo ya Baebele le go baya mabaka ba dirisa Lefoko la Modimo? Fela jaaka mmapa o ka thusa motho go lemoga gore o fa kae le go mo kaela go fitlha kwa a yang teng, didirisiwa tsa go dira dipatlisiso le tsone di ka mo thusa gore a bone gore o fa kae le go lemoga gore a ka kgona jang go tswelela a le mo tseleng e e isang kwa botshelong.

Bagolwane ba le bantsi ba thapisitse baboledi go batlisisa ditlhogo dingwe ba dirisa Index kgotsa Watchtower Library, ka go dira jalo ba thusa bakaulengwe le bokgaitsadi go baya mabaka ba dirisa Dikwalo. Thuso e e ntseng jalo e thusa baboledi go batla tharabololo ya mathata a ba lebaneng le one le go ba thusa gore ba nne le mokgwa wa go dira dipatlisiso le go ikaega ka dilo tsa semoya tse Jehofa a re neileng tsone. Ka tsela eno, ba ‘thapisa bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Baheb. 5:14.

5 Tila go Leka go Direla ba Bangwe Ditshwetso.

“Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”BAGAL. 6:5.

Kwa bokhutlong, mongwe le mongwe o tshwanetse go itlhophela gore o tla latela kgakololo efe. Jehofa o re letla go nna le kgololesego ya go itlhophela gore a re batla go latela melaometheo ya gagwe kgotsa nnyaa. (Dute. 30:19, 20) Maemo mangwe a akaretsa melaometheo e le mmalwa ya Baebele, mme kwa bokhutlong, motho yo o batlang kgakololo o tshwanetse go itirela tshwetso. Go ikaegile ka kgang e go buiwang ka yone kgotsa ka dingwaga tsa motho yo o batlang kgakololo, re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A tota ke na le tshwanelo ya go araba potso eno?’ Go molemo gore dikgang dingwe di sekasekiwe ke bagolwane ba phuthego kgotsa fa e le gore motho yo o batlang kgakololo o sa ntse a le monnye, di sekasekiwe ke batsadi ba gagwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Gone jaanong Watchtower Library ka CD-ROM e gone ka dipuo di le 39. Watch Tower Publications Index yone e gone ka dipuo tse di fetang 45.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Porojeke ya Kobamelo ya Lelapa

Ke eng o sa dire dipatlisiso malebana le dikarabo tsa dipotso tse o neng wa di bodiwa bosheng jaana e le porojeke ya kobamelo ya lelapa? O ka fitlhela ditlhogo dife le melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang motho yo o botsang dipotso tse di ntseng jalo? Ka sekai, a re re mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe o go botsa ka go intsha le mongwe ka maikaelelo a go mo nyala. Fa o dirisa Index kgotsa Watchtower Library, santlha, batla setlhogo se se amanang ka tlhamalalo le kgang eo. Ka sekai mo Index o ka nna wa leba “Dating [Go intsha]” kgotsa “Marriage [Lenyalo].” Go tswa foo, leba ditlhogwana tse di ka fa tlase ga sone go bona dikgatiso tse di maleba. Fa o lebile setlhogo se segolo, ela tlhoko gore a ga go na ditlhogo tse di reng “Bona gape le” tse gongwe di ka go lebisang ka tlhamalalo kwa setlhogong se o batlisisang ka sone.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Re leboga Jehofa go bo a dirisitse phuthego ya gagwe go re thusa gore re kgone go amogela kgakololo e e molemolemo le go e naya ba bangwe. Moreri 12:11 ya re: “Mafoko a ba ba botlhale a tshwana le ditlhabapholo, fela jaaka dimapo tse di kokotetsweng di ntse, ba ba ineelang mo go phutheng dipolelwana ba ntse jalo; di neilwe go tswa kwa modiseng a le mongwe.” Fela jaaka ditlhabapholo—dithobane tse di motsu tse di dirisediwang go kaela diphologolo—kgakololo e e lorato le e e utlwalang e kaela batho ba ba peloephepa gore ba tsamaye mo tseleng e e siameng. “Dimapo tse di kokotetsweng” di tiisa moago. Ka tsela e e tshwanang, kgakololo e e molemo e ka thusa motho go dira ditshwetso tse di siameng le tse di tlhomameng. Batho ba ba botlhale ba a ‘ineela,’ kgotsa ba ipela fela thata fa ba ‘phutha dipolelwana’ tse di bontshang botlhale jwa ‘modisa a le mongwe,’ e bong Jehofa.

Etsa Modisa fa o naya kgakololo. A bo e le tshiamelo jang ne go reetsa fa mongwe a bua le go mo naya kgakololo e e lorato nako nngwe le nngwe fa re kgona! Fa ruri kgakololo ya rona e theilwe mo melaometheong ya Baebele e tla itshupa e utlwala e bile e ka dira gore motho yo o e reetsang a bone botshelo jo bo sa khutleng.