Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thusa Batho Gore ba “Thanye mo Borokong”

Thusa Batho Gore ba “Thanye mo Borokong”

Thusa Batho Gore ba “Thanye mo Borokong”

“Lo itse paka, gore e setse e le nako ya gore lo thanye mo borokong.”—BAR. 13:11.

A O KA TLHALOSA?

Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba nne ba tsogile semoyeng?

Ke eng fa badiredi ba ba tsogileng ba tshwanetse go reetsa le go nna ba ntshitse matlho dinameng?

Go nna pelonomi le bonolo go botlhokwa go le kana kang mo bodireding?

1, 2. Batho ba le bantsi ba tshwanetse go nna ba tsogile ka tsela efe?

NGWAGA le ngwaga diketekete tsa batho di a swa ka gonne ba otsela kgotsa ba robala ba ntse ba kgweetsa. Ba bangwe ba latlhegelwa ke ditiro ka gonne ba palelwa ke go tsoga ka nako gore ba ye tirong kgotsa ka gonne ba robala ba ntse ba le mo tirong. Mme gone go otsela semoyeng go ka nna le ditlamorago tse di masisi le go feta. Baebele e re tlhagisa kgatlhanong le mofuta ono wa boroko fa e re: “Go itumela yo o nnang a tsogile.”—Tshen. 16:14-16.

2 Fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le ntse le atamela, batho ba robetse ka tsela ya semoya. Tota le bangwe ba baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba bitsa matsomane a bone ba re ke ‘batho ba ba robalang bobe.’ Boroko jwa semoya ke eng? Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba nne ba thantse? Re ka thusa ba bangwe jang gore ba thanye mo borokong joo?

BOROKO JWA SEMOYA—KE ENG?

3. O ka tlhalosa jang motho yo o robetseng semoyeng?

3 Gantsi batho ba ba robetseng ga ba dire sepe. Go farologana le bone, batho ba ba robetseng semoyeng ba ka tswa ba tshwaregile thata—mme e seng ka dilo tsa semoya. Ba ka tswa ba tshwaregile ka ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi kgotsa ba ipatlela monate, maemo kgotsa dikhumo. E re ka ba tshwaregile mo ditirong tseno tsotlhe, ga ba amege go le kalo ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Le fa go ntse jalo, batho ba ba thantseng semoyeng ba lemoga gore re tshela “mo metlheng ya bofelo,” ka jalo ba leka ka natla go dira thato ya Modimo.—2 Pet. 3:3, 4; Luke 21:34-36.

4. Ke eng se se kaiwang ke kgakololo eno: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira”?

4 Bala 1 Bathesalonika 5:4-8. Fano moaposetoloi Paulo o gakolola badumedimmogo le ene gore ba se ka ba ‘nna ba robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira.’ O ne a kaya eng? Tsela nngwe e re ka ‘nnang re robetse’ ka yone ke ka go itlhokomolosa melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Tsela e nngwe e re ka ‘nnang re robetse’ ka yone ke ka go itlhokomolosa ntlha ya gore nako ya ga Jehofa ya go fedisa batho ba ba boikepo e atametse. Re tshwanetse go tlhomamisa gore batho bao ba ba boikepo ga ba re tlhotlheletse gore re etse tsela e ba tshelang ka yone le mekgwa ya bone.

5. Batho ba ba robetseng semoyeng ba na le boikutlo bofe?

5 Batho bangwe ba akanya gore ga go na Modimo yo o tla ba atlholang. (Pes. 53:1) Ba bangwe ba akanya gore Modimo ga a amege ka rona batho, ka jalo ga go thuse sepe go mo kgatlhegela. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba akanya gore go nna leloko la kereke nngwe go tla ba dira ditsala tsa Modimo. Batho bano botlhe ba robetse semoyeng. Ba tshwanetse go tsoga. Re ka ba thusa jang?

RONA KA BORONA RE TSHWANETSE GO NNA RE THANTSE

6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go lwela go nna ba tsogile semoyeng?

6 Gore re kgone go tsosa ba bangwe, rona ka borona re tshwanetse ra bo re thantse. Seo se akaretsa eng? Lefoko la Modimo le amanya boroko jwa tshwantshetso le “ditiro tsa lefifi”—mediro ya ditlhapelo, mediro ya botagwa, tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong, boitshwaro jo bo repileng, dikgogakgogano le lefufa. (Bala Baroma 13:11-14.) Go tila mekgwa eo, e ka nna kgwetlho. Go botlhokwa gore re ntshe matlho dinameng. Mokgweetsi wa koloi yo o itlhokomolosang kotsi ya go robala a ntse a kgweetsa, a ka nna a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing. A bo go le botlhokwa jang ne gore Mokeresete a lemoge gore go otsela semoyeng go ka nna kotsi!

7. Tsela e e phoso e batho ba lebang dilo ka yone e ka re ama jang?

7 Ka sekai, Mokeresete a ka akanya gore batho botlhe mo tshimong ya bone ga ba batle dikgang tse di molemo e bile ga ba kitla ba fetoga. (Dia. 6:10, 11) A ka nna a re, ‘Fa e le gore ga go na ope yo o tla reetsang, ke eng fa ke tshwanetse go dira ka natla go fitlhelela batho kgotsa go ba thusa?’ Ke boammaaruri gore bontsi jwa batho ba ka tswa ba robetse semoyeng, mme gone maemo a bone le tsela e ba lebang dilo ka yone e ka fetoga. Bangwe ba a tsoga ba bo ba tsaya kgato. Mme re ka kgona go ba thusa fa rona ka borona re nna re tsogile, re ka dira seo ka go leka mekgwa e mesha ya go rera molaetsa wa Bogosi ka tsela e e kgatlhang. Sengwe se se ka re thusang go nna re tsogile ke go ikgopotsa lebaka la go bo bodiredi jwa rona bo le botlhokwa.

KE ENG SE SE DIRANG GORE BODIREDI JWA RONA BO NNE BOTLHOKWA?

8. Ke eng fa bodiredi jwa rona jwa Bokeresete bo le botlhokwatlhokwa?

8 Gakologelwa gore go sa kgathalesege gore gone jaanong batho ba arabela jang, go rera ga rona go tlotlomatsa Jehofa e bile go botlhokwa mo go diragadiweng ga maikaelelo a gagwe. Go ise go ye kae, batho ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo ba tla atlholwa. Batho ba tla atlholwa go ya ka tsela e ba itshwarang ka yone fa re ba rerela. (2 Bathes. 1:8, 9) Mo godimo ga moo, go tla bo go le phoso gore Mokeresete a akanye gore ga go tlhokege go rera ka matlhagatlhaga ka gonne “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Dit. 24:15) Go ya ka Lefoko la Modimo, re tlhaloganya gore ba ba tlileng go atlholwa e le “dipodi” ba tla ya kwa “go kgaolweng ga bosakhutleng.” Go rera ga rona go bontsha bopelotlhomogi jwa Modimo e bile go bulela batho tsela ya gore ba fetoge le gore ba bone “botshelo jo bo sa khutleng.” (Math. 25:32, 41, 46; Bar. 10:13-15) Fa re ka bo re sa rere, batho ba ne ba tla nna jang le tshono ya go utlwa molaetsa o o ka ba tlisetsang botshelo?

9. Go nna le seabe mo go rereng dikgang tse di molemo go solegetse wena le ba bangwe molemo jang?

9 Le rona re solegelwa molemo fa re rera dikgang tse di molemo. (Bala 1 Timotheo 4:16.) A ga o ise o lemoge gore go bua ka ga Jehofa le ka tsholofelo ya Bogosi go nonotsha tumelo le lorato lwa gago mo Modimong? A ga go a go thusa gore o nne le dinonofo tsa Bokeresete? A go bontsha boineelo jwa gago mo Modimong ka go nna le seabe mo bodireding ga go a dira gore o nne o itumetse? Batho ba le bantsi ba ba nnileng le tshiamelo ya go ruta ba bangwe boammaaruri, ba itumeletse go bona moya wa Modimo o thusa batho bao go tokafatsa tsela e ba tshelang ka yone.

NTSHA MATLHO DINAMENG

10, 11. (a) Jesu le Paulo ba ne ba itshupa jang gore ba tsogile le gore ba ntshitse matlho dinameng? (b) Bontsha kafa go nna re tsogile le go nna re ntshitse matlho dinameng, go ka tokafatsang bodiredi jwa rona ka gone.

10 Batho ba ka thusiwa ka ditsela tse di farologaneng gore ba kgatlhegele dikgang tse di molemo. Ka jalo, badiredi ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng. Jesu o re tlhometse sekao mo ntlheng eo. E re ka a ne a itekanetse, o ne a kgona go lemoga go galefa ga Mofarasai mongwe le fa a ne a sa bue sepe, go ikwatlhaya go tswa pelong ga mosadi wa moleofi le moya wa go intsha setlhabelo o motlholagadi mongwe a neng a na le one. (Luke 7:37-50; 21:1-4) Jesu o ne a ka kgona go thusa mongwe le mongwe wa bone ka selo se a se tlhokang semoyeng. Le fa go ntse jalo, motlhanka wa Modimo ga a tlhoke gore a bo a itekanetse gore a kgone go nna kelotlhoko. Moaposetoloi Paulo e ne e le sekao sa seo. O ne a fetola puisano ya gagwe e le gore a ikuele mo ditlhopheng tse di farologaneng le mo bathong ba ba nang le mekgwa e e sa tshwaneng.—Dit. 17:22, 23, 34; 1 Bakor. 9:19-23.

11 Fa re leka go nna re tsogile le go nna re ntshitse matlho dinameng jaaka Jesu le Paulo, re ka kgona go lemoga tsela e e molemolemo e ka yone re ka tsosang kgatlhego ya batho ba re kopanang le bone. Ka sekai, fa o bua le batho, batla dilo tse di ka go lemotshang setso sa bone, dilo tse ba di ratang kgotsa boemo jwa malapa a bone. Gongwe o ka kgona go lemoga gore ba dira eng ka nako eo mme o bo o akgela ka tlotlo ka se o se lemogileng fa o simolola motlotlo.

12. Fa re le mo bodireding, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko ka motlotlo wa rona?

12 Motho yo o nnang a ntshitse matlho dinameng o leka go tila dikgoreletsi. Fa re le mo bodireding, motlotlo o re nnang le one le motho yo re tsamayang le ene o ka aga. Le fa go ntse jalo, re batla go nna re gakologelwa gore maikaelelo a rona mo bodireding jwa tshimo, ke go rerela batho ba bangwe. (Mor. 3:1, 7) Ka jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore motlotlo wa rona fa re tswa mo ntlong e nngwe re ya kwa go e nngwe, ga o kgoreletse bodiredi jwa rona. Go tlotla ka dintlha tse re ka ratang go di bolelela batho ba ba kgatlhegang, ke tsela e e molemo e e re thusang gore re nne re tlhomile megopolo mo maikaelelong a rona. Le fa gone, ka dinako dingwe founo ya selula e ka re thusa gore re atlege mo bodireding, re tshwanetse go tlhomamisa gore fa motho a re leletsa mogala, seo se ka se kgoreletse motlotlo wa rona le mong wa ntlo.

BONTSHA GORE O KGATLHEGELA BATHO

13, 14. (a) Re ka lemoga jang gore motho o kgatlhiwa ke eng? (b) Ke eng se se ka tsosang kgatlhego ya batho mo dilong tsa semoya?

13 Badiredi ba ba thantseng le ba ba ntshitseng matlho dinameng ba reetsa ka kelotlhoko batho ba ba kopanang le bone. Ke dipotso dife tse o ka di botsang motho yo o kopanang le ene mo tshimong gore a ntshe maikutlo a gagwe? A o amegile ka palo ya madumedi, thubakanyo mo lefelong la gaabo kgotsa go palelwa ga dipuso? A o ka tsosa kgatlhego ya dilo tsa semoya mo go ene ka go akgela ka popo e e gakgamatsang ya dilo tse di tshelang kgotsa ka go mmontsha kafa kgakololo ya Baebele e leng mosola ka teng? Batho ba e ka nnang ba ditso tsotlhe, tota le bangwe ba balatolamodimo ba kgatlhiwa ke thapelo. Batho ba le bantsi ba ipotsa gore a go mongwe yo o reetsang dithapelo. Ba bangwe ba ka kgatlhiwa ke potso eno: A Modimo o reetsa dithapelo tsotlhe? Fa e le gore ga go jalo, ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Modimo a re reetse?

14 Re ka ithuta go le gontsi ka bokgoni jwa go simolola metlotlo ka go lemoga kafa baboledi ba ba nang le maitemogelo ba dirang ka gone. Ela tlhoko kafa ba tilang ka teng go bonala e kete ba thamathamisa batho ka dipotso kgotsa ba itshunya nko mo dikgannyeng tsa bone. Segalo sa lentswe la bone le tebego ya sefatlhego, di bontsha jang gore ba kgatlhegela go tlhaloganya se mong wa ntlo a se buang?—Dia. 15:13.

BOPELONOMI LE BOKGONI

15. Ke ka ntlha yang fa maiteko a rona a go rera a tshwanetse go nna a bopelonomi?

15 A o rata go tsosiwa mo borokong jo bogolo? Batho ba le bantsi ga ba rate fa ba tsosiwa ka tshoganyetso. Gantsi ba rata go tsosiwa ka bonolo. Go ntse jalo le ka maiteko a go leka go tsosa batho semoyeng. Ka sekai, fa mongwe a go galefela fa o mo etetse, ke eng se gantsi go leng molemo go se dira? Amogela maikutlo a gagwe ka bopelonomi, mo leboge go bo a sa go fitlhela sepe mme o bo o mo tlogela ka kagiso. (Dia. 15:1; 17:14; 2 Tim. 2:24) Bopelonomi jwa gago bo ka mo tlhotlheletsa gore mo nakong e e tlang, a amogele Mosupi yo mongwe.

16, 17. Re ka dirisa jang temogo fa re le mo bodireding?

16 Mo maemong mangwe, o ka nna wa kgona go itshokela tsela e e sa siamang e motho a itshwarang ka yone. Motho mongwe a ka nna a re, “Ke siame. Ke na le bodumedi jwa me” kgotsa, “Ga ke kgatlhege” e le fela ka gonne go bua jalo go bonala e le tsela e e motlhofo ya go kgaotsa motlotlo. Le fa go ntse jalo, go nna le bokgoni le go itshoka ka bopelonomi, go ka go thusa gore o kgone go botsa potso e e dirang gore mong wa ntlo a kgatlhegele dilo tsa semoya.—Bala Bakolosa 4:6.

17 Ka dinako dingwe fa re kopana le batho ba ba reng ga ba na nako ya go re reetsa, go botoka gore re tlhaloganye seemo sa bone mme re tswe re tsamaye. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ka kgona go lemoga gore o ka bua sengwe ka bokhutshwane mme se na le bokao. Bakaulengwe bangwe ba kgona go bula Baebele, go bala temana nngwe e e dirang gore motho a akanye, le go tlogela mong wa ntlo ka potso nngwe—tsotlhe tseno ka fa tlase ga motsotso. Dipuisano tsa bone tse dikhutshwane ka dinako dingwe di ile tsa dira gore mong wa ntlo a kgatlhege thata jaana mo a bileng a ipha nako ya go reetsa motlotlo oo o mokhutshwane. Ke eng fa o sa leke go dira jalo fa boemo bo go letla?

18. Ke eng se re ka se dirang gore re atlege fa re rera re se mo bodireding?

18 Fa re kopana le batho mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, gantsi re ka dira gore ba kgatlhegele dikgang tse di molemo fa re ikemiseditse go neela bosupi le fa re se mo bodireding. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba tsenya dikgatiso dingwe mo dipateng kgotsa mo dikgetsaneng tsa bone. Gape ba ka tswa ba tshwere temana e e rileng ya Baebele ka tlhogo gore ba e bolelele ba bangwe fa ba ka bulegelwa ke tshono. O ka nna wa bua le molebedi wa tirelo kgotsa babulatsela mo phuthegong ya lona malebana le kafa o ka ipaakanyetsang go dira seo ka gone.

THUSA BA LOSIKA KA BONOLO GORE BA THANYE

19. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna re leka go thusa ba masika a rona?

19 Ka tlholego fela re ka rata go thusa ba masika a rona gore ba amogele dikgang tse di molemo. (Josh. 2:13; Dit. 10:24, 48; 16:31, 32) Fa kwa tshimologong ba gana go reetsa molaetsa wa rona, seo se ka re kgoba marapo gore re se ka ra tlhola re leka go ba thusa gape. Re ka akanya gore ga go sepe se se kalo se re ka se dirang kgotsa se re ka se buang se se tla fetolang tsela e ba ikutlwang ka yone. Le fa go ntse jalo, dilo dingwe di ka dira gore botshelo jwa ba losika bo fetoge kgotsa di fetole tsela e ba lebang dilo ka yone. Kgotsa o ka tswa o tokafaditse bokgoni jwa gago jwa go tlhalosa boammaaruri, gore o tle o kgone go nna le diphelelo tse di botoka.

20. Ke eng fa botlhale bo le botlhokwa fa re bua le ba losika?

20 Re tshwanetse go leka go akanyetsa maikutlo a ba masika a rona. (Bar. 2:4) A ga re a tshwanela go bua ka bopelonomi le bone fela jaaka re dira jalo ka ba re kopanang le bone mo tirong ya go rera? Bua le bone ka bonolo le ka tlotlo. Kwantle ga gore o ba rerele, ba neye bosupi jwa kafa boammaaruri bo go thusitseng ka gone. (Baef. 4:23, 24) Ba bontshe kafa Jehofa a nonotshitseng botshelo jwa gago ka gone, a ‘go ruta gore o solegelwe molemo.’ (Isa. 48:17) Dira gore ba losika lwa gago ba bone mo go wena sekao sa kafa Mokeresete a tshwanetseng go tshela ka gone.

21, 22. Anela maitemogelo a a bontshang botlhokwa jwa go itshoka fa re ntse re leka go thusa ba masika a rona semoyeng.

21 Bosheng jaana, kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana: “Ka metlha ke ne ke leka go naya bomorwarre le bokgaitsadiake ba le 13 bosupi ka se ke se buang le tsela e ke itshwarang ka yone. Ga go ise go fete ngwaga ke sa kwalele mongwe le mongwe wa bone. Le fa go ntse jalo, dingwaga di le 30 ke ntse ke le Mosupi ke le esi mo lelapeng.”

22 Kgaitsadi yono o ne a tswelela ka go re: “Letsatsi lengwe ke ne ka leletsa mongwe wa bokgaitsadiake yo o nnang dikilometara di le makgolokgolo go tswa kwa re nnang gone. O ne a mpolelela gore o ne a kopa moruti gore a ithute Baebele le ene, mme go ne ga retela. Fa ke mmolelela gore nka itumelela go thusa, o ne a re: ‘Go siame, mme gone, ke go bolelela jaana gone jaanong: Ga nkitla ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.’ Morago ga go mo romelela buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, ke ne ka mo leletsa makgetlho a le mmalwa mo bekeng. Mme o ne a ise a bule buka eo. Kwa bofelong, ke ne ka mo kopa gore a tseye buka ya gagwe re bo re bala le go tlotla ka dintlha dingwe tse di nopotsweng mo dikwalong mo e ka nnang metsotso e le 15. Morago ga go mo leletsa makgetlho a le mmalwa, o ne a batla go ithuta metsotso e e fetang 15. Go tswa foo, o ne a simolola go nteletsa mogala gore re ithute, ka dinako dingwe pele ke tsoga mo mosong mme ka dinako dingwe gabedi mo letsatsing. Mo ngwageng o o latelang o ne a kolobediwa, mme ngwaga morago ga moo a nna mmulatsela.”

23. Ke eng fa re sa tshwanela go lapa fa re leka go tsosa batho mo borokong jwa semoya?

23 Go thusa batho gore ba tsoge mo borokong jwa semoya ke bokgoni mme go tlhoka gore re nne re dire maiteko. Le fa go ntse jalo, batho ba ba bonolo ba sa ntse ba arabela mo maitekong a rona a go ba tsosa. Kgwedi nngwe le nngwe go kolobediwa palogare ya batho ba ba fetang 20 000 go nna Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo, mma re tseyeng tsia kgakololo eno ya ga Paulo e a neng a e naya mokaulengwe Arekipo wa lekgolo la ntlha la dingwaga: “Nna o tlhokometse bodiredi jo o bo amogetseng mo Moreneng, gore o bo diragatse.” (Bakol. 4:17) Setlhogo se se latelang se tla re thusa rotlhe gore re tlhaloganye se go rera re na le boikutlo jwa go potlaka go se kayang.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 13]

KAFA O KA NNANG O THANTSE KA GONE

▪ Nna o tshwaregile mo go direng thato ya Modimo

▪ Tila ditiro tsa lefifi

▪ Ela tlhoko kotsi ya go otsela semoyeng

▪ Nna le maikutlo a a siameng ka batho ba ba mo tshimong ya lona

▪ Leka ditsela tse disha tsa go rerela ba bangwe

▪ Gakologelwa botlhokwa jwa bodiredi jwa gago