Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Botshelo

Dingwaga di le 70 ke Tshwere Seaparo sa Mojuda

Dingwaga di le 70 ke Tshwere Seaparo sa Mojuda

Jaaka go Boletse Leonard Smith

Fa ke ne ke le mo masimologong a dingwaga tsa bolesome, ke ne ka kgatlhiwa ke ditemana tse pedi tsa Baebele. Gompieno go setse go fetile dingwaga di le 70, mme ke sa ntse ke gakologelwa nako e ke neng ke tlhaloganya bokao jwa Sekaria 8:23 e e buang ka “batho ba le lesome” ba ba tshwarang “ntlha ya seaparo sa monna yo e leng Mojuda.” Ba raya Mojuda ba re: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”

MONNA wa Mojuda o emela Bakeresete ba ba tloditsweng, mme “banna ba le lesome” ba emela “dinku tse dingwe” kgotsa “Bajonadabe,” jaaka ba ne ba itsewe ka nako eo. * (Joh. 10:16) Fa ke sena go tlhaloganya boammaaruri joo, ke ne ka lemoga kafa go diragadiwa ga tsholofelo e ke neng ke na le yone ya go tshelela ruri mo lefatsheng go ikaegileng ka gone ka go ema nokeng setlhopha sa batlodiwa ka boikanyegi.

Setshwantsho sa ga Jesu sa “dinku” le “dipodi” se se mo go Mathaio 25:31-46 le sone se ne sa nkgatlha fela thata. “Dinku” di emela batho ba ba amogelang katlholo e e molemo ka nako ya bofelo ka gonne ba direla batlodiwa ba ga Keresete ba ba leng mo lefatsheng molemo. E re ka ke ne ke le Mojonadabe yo monnye, ke ne ka ipolelela jaana, ‘Len, fa o batla gore Keresete a go lebe o le nku, o tshwanetse go ema nokeng bomorwarraagwe ba ba tloditsweng, o amogele boeteledipele jwa bone, ka gonne Modimo o na le bone.’ Tsela e ke neng ke tlhaloganya temana eo ka yone e ntse e nkaela mo dingwageng tse di fetang masomeasupa.

‘SEABE SA ME KE SEFE?’

Mmè o kolobeditswe ka 1925 kwa holong ya dikopano kwa Bethele. Holo eo e ne e bidiwa London Tabernacle mme e ne e dirisiwa ke bakaulengwe ba ba mo lefelong leo. Ke tshotswe ka October 15, 1926. Ka March 1940, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong kwa Dover, mo lotshitshing kwa Engelane. Ke ne ka simolola go rata boammaaruri jwa Baebele. E re ka Mmè e ne e le Mokeresete wa motlodiwa, ‘seaparo sa Mojuda’ sa ntlha se ke neng ka se tshwara e ne e le sa ga mmè. Ka nako eo, rre le nkgonne ba ne ba sa direle Jehofa. Re ne re le mo Phuthegong ya Gillingham e e kwa borwabotlhaba jwa Engelane, e bontsi jwa maloko a yone e neng e le Bakeresete ba batlodiwa. Mmè o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go tlhagafala mo tirong ya go rera.

Ka September 1941, kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa toropong ya Leicester, go ne ga neelwa puo ya setlhogo se se reng “Bothokgami,” e e neng e bua ka kgang ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Puo eo e ne ya nthusa go tlhaloganya ka lekgetlo la ntlha gore re a amega mo kgannyeng e e magareng ga Jehofa le Satane. Ka jalo, re tshwanetse go emela Jehofa mme re tswelele re thokgame mo go ene e re ka e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe.

Kwa kopanong eo go ne go buiwa thata ka tirelo ya bobulatsela, mme basha ba ne ba kgothalediwa gore ba itirele mokgele wa go nna babulatsela. Puo ya setlhogo se se reng “Seabe sa Babulatsela mo Phuthegong” e ne ya dira gore ke ipotse jaana, ‘Seabe sa me ke sefe?’ Kopano eo e ne ya ntlhatswa pelo gore maikarabelo a ke nang le one e re ka ke le Mojonadabe, ke go thusa setlhopha sa batlodiwa kafa nka kgonang ka teng mo tirong ya go rera. Gone koo kwa Leicester, ke ne ka tlatsa kopo ya go nna mmulatsela.

TIRELO YA BOBULATSELA KA NAKO YA NTWA

Ka December 1, 1941, ke le dingwaga di le 15 ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Mmè e ne e le motho wa ntlha yo ke neng ke direla le ene mo tirong ya bobulatsela, le fa go ntse jalo, morago ga mo e ka nnang ngwaga o ne a tlogela tirelo ya bobulatsela ka ntlha ya bolwetse. Ofisi ya lekala ya London e ne ya nthomelela mokaulengwe Ron Parkin gore ke bereke le ene, mme gone jaanong o direla mo Komiting ya Lekala kwa Puerto Rico.

Re ne ra romelwa kwa ditoropong tse di fa lotshitshing tsa Broadstairs le Ramsgate kwa porofenseng ya Kent, kwa re neng ra hira phaposi gone. Madi a re neng re a amogela kgwedi le kgwedi go re thusa mo tirelong ya bobulatsela jo bo kgethegileng e ne e le disheleng di le 40 (a jaanong a ka nnang R63). Ka jalo, fa re sena go duela madi a rente, re ne re salelwa ke madi a le mannye fela e bile re ne re sa itse gore re tla ja eng. Le fa go ntse jalo, ka ditsela dingwe, Jehofa o ne a nna a re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.

Gantsi re ne re tsamaya ka dibaesekele, re kgorometsa dibaesekele tsa rona tse di rweleng morwalo o o bokete mo diphefong tse di maatla tse di tswang kwa Lewatleng la Bokone. Gape re ne re tshwanelwa ke go itshokela ditlhaselo tsa mo moyeng le dimisaele tsa German V-1 tse di neng di fofela kwa tlase thata di feta kwa Kent di ya go phampholola London. Nako nngwe ke ne ka tshwanelwa ke go tlola mo baesekeleng ke bo ke itatlhela mo kgatamping, fa bomo e ne e feta fa godimo ga tlhogo ya me e bo e thunya mo masimong a a gaufi. Le fa go ne go le jalo, re ne re itumelela dingwaga tse re neng re le babulatsela ka tsone kwa Kent.

KE NE KA NNA “MOSIMANYANA WA KWA BETHELE”

Ka metlha mmè o ne a bua bontle ka Bethele. O ne a re: “Ga go sepe se se ka intumedisang go gaisa go go bona o le mosimanyana wa kwa Bethele.” Ka jalo, akanya kafa ke ileng ka itumela ka gone le go gakgamala fa ka January 1946, ke ne ke lalediwa go ya go thusa kwa Bethele ya kwa London ka dibeke di le tharo. Fa dibeke tseo di fela Pryce Hughes yo e neng e le motlhanka wa lekala, o ne a nkopa gore ke se ka ka tsamaya. Thapiso e ke e boneng koo, e ne ya nthusa botshelo jotlhe jwa me.

Go ne go na le batho ba ka nna 30 kwa Bethele ya London ka nako eo, bontsi jwa bone e ne e le bakaulengwe ba ba sa nyalang, mme gape go ne go na le bakaulengwe ba le mmalwa ba ba tloditsweng, go akaretsa Pryce Hughes, Edgar Clay le Jack Barr, yo moragonyana a neng a nna leloko la Setlhopha se se Laolang. Ruri e ne e le tshiamelo go ema nokeng bomorwarraagwe Keresete ka go bereka ke le lekawana ke okametswe ke “dipilara” tseno!—Bagal. 2:9.

Letsatsi lengwe kwa Bethele, mokaulengwe mongwe o ne a mpolelela gore go na le kgaitsadi mongwe kwa mojako yo o neng a kopa go mpona. Ke ne ka gakgamala fa ke fitlhela gore e ne e le mmè, mme o ne a tsentse sephuthelwana mo legwafeng. O ne a re ga a batle go tsena gore a se ka a nkgoreletsa mo tirong, mme o ne a nnaya sephuthelwana seo a bo a tsamaya. Mo teng ga sone e ne e le jase e e bothito. Tsela e a neng a mpontsha lorato ka yone e ne ya nkgopotsa Hana yo o neng a tlisetsa morwawe yo mmotlana e bong Samuele seaparo fa a ne a direla kwa motlaaganeng.—1 Sam. 2:18, 19.

MAITEMOGELO A A SA LEBALESEGENG A KWA GILEADE

Ka 1947, ba le batlhano mo go rona ba re neng re direla kwa Bethele re ne ra lalediwa kwa Sekolong sa Gileade kwa United States, mme mo ngwageng o o latelang re ne ra nna gone mo tlelaseng ya bo11. Fa re goroga kwa bokone jwa New York, kwa sekolo se neng se le gone, go ne go le tsididi thata. A bo ke ne ke itumetse jang ne go bo mmè a ne a ntlisetsa jase e e bothitho!

Dikgwedi di le thataro tse ke di feditseng kwa Gileade di ne di sa lebalesege. Go itswakanya le baithutimmogo le nna ba ba neng ba tswa mo dinageng tse di farologaneng di le 16 go ne ga fetola tsela e ke lebang dilo ka yone. Mo godimo ga gore sekolo seo se nnonotshe semoyeng, ke ne ka solegelwa molemo ke go dirisana mmogo le Bakeresete ba ba godileng semoyeng. Mongwe wa baithutimmogo le nna e bong Lloyd Barry; mongwe wa batlhatlheledi e bong Albert Schroeder; le John Booth, yo e neng e le mookamedi wa Kingdom Farm (kwa sekolo sa Gileade se neng se le gone), moragonyana ba ne ba nna maloko a Setlhopha se se Laolang. Ke anaanela kgakololo e e lorato e bakaulengwe bano ba nneileng yone le sekao sa bone se se molemo sa go ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.

TIRO YA POTOLOGO LE GO BOELA KWA BETHELE

Fa ke tloga kwa Gileade, ke ne ka abelwa go dira tiro ya go potologa kwa porofenseng ya Ohio, U.S.A. Ke ne ke le dingwaga di le 21 fela, mme gone bakaulengwe ba ne ba itumelela matlhagatlhaga a me a bosha. Mo potologong eo ke ne ka ithuta go le gontsi mo banneng ba ba godileng ba ba nang le maitemogelo.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka lalediwa go boela kwa Bethele ya kwa Brooklyn go bona thapiso e e oketsegileng. Ka nako eo ke ne ka itse banna ba e neng e le dipilara e bong, Milton Henschel, Karl Klein, Nathan Knorr, T. J. (Bud) Sullivan le Lyman Swingle, botlhe bano ba kile ba nna maloko a Setlhopha se se Laolang. E ne e le maitemogelo a a kgothatsang go bona banna bano ba bereka le go lemoga tsela ya Bokeresete e ba neng ba tshela ka yone. Tsela e ke neng ke ikanya phuthego ya ga Jehofa ka yone e ne ya gola thata. Morago ga foo, ke ne ka romelwa gape kwa Yuropa gore ke tswelele ka bodiredi jwa me.

Mmè o ne a tlhokafala ka February 1950. Morago ga phitlho ya gagwe, ke ne ka tlotla le rre le nkgonne e bong Dora ke gololesegile. Ke ne ka ba botsa gore ba ikaeletse go dira eng ka boammaaruri e re ka jaanong Mmè a tlhokafetse mme nna ke sa tlhole ke nna fa gae. Ba ne ba itse mokaulengwe mongwe yo o tloditsweng yo o godileng e bong Harry Browning e bile ba mo tlotla, mme ba ne ba dumela go tlotla le ene ka boammaaruri. Mo lobakeng lwa ngwaga fela, Rre le Dora ba ne ba kolobediwa. Moragonyana Rre o ne a tlhomiwa go nna motlhanka mo Phuthegong ya Gillingham. Fa Rre a sena go tlhokafala, Dora o ne a nyalwa ke mogolwane yo o ikanyegang e bong Roy Moreton, mme o ne a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala ka 2010.

GO THUSA KWA FORA

Kwa sekolong ke ne ka ithuta Sefora, Sejeremane le Selatine, mme mo dipuong tseno tse tharo, Sefora se ne se nngomola tlhogo go feta tse dingwe. Ka jalo, ke ne ke okaoka fa ke ne ke kopiwa go ya go thusa kwa Bethele ya kwa Paris kwa Fora. Koo, ke ne ka nna le tshiamelo ya go bereka le motlhanka wa lekala e bong Henri Geiger, mokaulengwe yo o godileng wa motlodiwa. Ga se ka metlha kabelo e ke neng ke e neilwe e neng e le motlhofo mme ga go pelaelo gore ke dirile diphoso di le dintsi, le fa go ntse jalo ke ne ka ithuta go le gontsi malebana le kafa batho ba dirisanang ka gone.

Mo godimo ga moo, kopano ya ntlha ya boditšhabatšhaba e e neng e tla tshwarwa morago ga ntwa kwa Paris e ne e rulagantswe gore e tshwarwe ka 1951, mme ke ne ke na le seabe mo go direng dithulaganyo tsa yone. Molebedi yo mosha yo o etang e bong Léopold Jontès, o ne a tla kwa Bethele go tla go nthusa. Moragonyana Léopold o ne a tlhomiwa go nna molebedi wa lekala. Kopano ya kgaolo e ne ya tshwarelwa kwa Palais des sports gaufi le Eiffel Tower. Batlakopanong ba ne ba tswa kwa dinageng di le 28. Mo letsatsing la bofelo la kopano, Basupi ba le 6 000 ba Bafora ba ne ba itumetse tota go bona batho ba le 10 456 ba tlile kopanong!

Fa ke goroga la ntlha kwa Fora, Sefora sa me se ne se sa utlwale sentle. Se se maswe le go feta, ke ne ka dira phoso e kgolo ya go bua fela fa ke ne ke tlhomamisegile ka Sefora se ke se itseng. Le fa go ntse jalo, fa o sa dire diphoso ga o kitla o thusiwa mme ga o ka ke wa ithuta.

Ke ne ka dira tshwetso ya go rarabolola bothata joo ka go ikwadisa mo sekolong se se neng se ruta batswakwa Sefora. Ke ne ke ya sekolong mo maitseboeng a ke neng ke sa ye dipokanong ka one. Ke ne ka simolola go rata Sefora, mme lorato loo lo ile lwa gola fa dingwaga di ntse di ya. Seno se ne sa nna mosola ka gonne ke ile ka kgona go thusa lekala la kwa Fora ka tiro ya go ranola. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka nna moranodi, ke ranola Seesemane ke se ranolela mo Seforeng. E ne e le tshiamelo go thusa go fetisetsa dijo tsa semoya kwa bakaulengweng ba ba buang Sefora go ralala lefatshe, tse di tswang kwa setlhopheng sa motlhanka.—Math. 24:45-47.

LENYALO LE DITSHIAMELO TSE DINGWE

Ka 1956, ke ne ka nyala Esther, yo e neng e le mmulatsela yo o tswang kwa Switzerland, yo ke ileng ka kopana le ene dingwaga di le mmalwa pele ga foo. Re ile ra nyalana kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le Bethele ya kwa London (London Tabernacle ya bogologolo kwa mmè a ileng a kolobelediwa gone). Mokaulengwe Hughes o ne a neela puo ya rona ya lenyalo. Mmaagwe Esther o ne a le gone, mme le ene o ne a na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Go nyala go nthusitse gore ke nne le molekane yo o rategang le yo o ikanyegang mme gape go ne ga dira gore ke nne le nako e ntsi ya go itsane le mogogadiake yo o ratang dilo tsa semoya, go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka 2000.

Morago ga lenyalo la rona, nna le Esther re ne ra bona lefelo la bonno kwa ntle ga Bethele. Fa nna ke tswelela ka go ranola kwa Bethele, Esther ene o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng mo metseng e e gaufi le toropo kwa Paris. O ne a kgona go thusa batho ba le mmalwa gore e nne batlhanka ba ga Jehofa. Ka 1964, re ne ra kopiwa go tla go nna kwa Bethele. Go tswa foo, ka 1976, lekgetlo la ntlha fa go ne go tlhomiwa Dikomiti tsa Makala, ke ne ka tlhomiwa go nna leloko. Fa dingwaga di ntse di feta, ka metlha Esther o ne a nkema nokeng ka lorato.

“GA LO NA LO NNA LE NNA KA METLHA”

Ke ile ka nna le tshiamelo ya go nna ke boela kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa New York. Fa ke etile, ke ne ka newa kgakololo e e molemo ke maloko a a farologaneng a Setlhopha se se Laolang. Ka sekai, nako nngwe fa ke ne ke tlhalosa gore ke amegile ka gore ke fitlhelele nako e e beilweng ya go wetsa tiro nngwe, Mokaulengwe Knorr o ne a nyenya mme a nthaya a re: “Se tshwenyege. Bereka!” Makgetlo a le mantsi fa e sa le nako eo, fa ditiro di koelana, go na le gore ke tlalelwe, ke simolola go bereka tiro e le nngwe go tswa foo ke bereke e nngwe mme tiro e a tswelela, gantsi e fela ka nako.

Pele fela ga gore Jesu a swe o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ga lo na lo nna le nna ka metlha.” (Math. 26:11) Le rona ba dinku tse dingwe re a lemoga gore ga se ka metlha re tla nnang le bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng mo lefatsheng. Ka jalo, ke go tsaya e le tshiamelo e kgolo e e ka se lekanngweng le epe go bo ke ile ka dirisana le ba le bantsi ba batlodiwa dingwaga tse di fetang 70—ke itumelela go nna ke tshwere seaparo sa Mojuda.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tlhaloso ya lefoko “Bajonadabe,” bona buka ya Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 83, 165, 166.

[Mafoko a a mo go tsebe 21]

Mokaulengwe Knorr o ne a nyenya mme a nthaya a re: “Se tshwenyege. Bereka!”

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

(Ka fa molemeng) Mmè le rre

(Ka fa mojeng) Mo moagong wa Gileade ka 1948, ke apere jase e e bothitho e ke e neilweng ke Mmè

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke tolokela Mokaulengwe Lloyd Barry fa lekala la kwa Fora le neelwa, ka 1997

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

(Ka fa molemeng) Ke na le Esther ka letsatsi la lenyalo la rona

(Ka fa mojeng) Re le mmogo mo tirong ya go neela bosupi