Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela o Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng

Tswelela o Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng

Tswelela o Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng

“Morwaaka, itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng.”—1 DITIR. 28:9.

BATLA DIKARABO TSA DIPOTSO TSENO:

Pelo ya tshwantshetso ke eng?

Re ka dirisa tsela efe go sekaseka pelo ya rona?

Re ka dira eng gore re tswelele re direla Jehofa ka pelo e e feletseng?

1, 2. (a) Ke karolo efe ya mmele e e umakiwang gantsi go feta tse dingwe ka tsela ya tshwantshetso mo Lefokong la Modimo? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re tlhaloganye bokao jwa pelo ya tshwantshetso?

LEFOKO LA MODIMO gantsi le umaka dikarolo tsa mmele wa motho ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a re: “[Ga go] na thubakanyo mo diatleng tsa me.” Kgosi Solomone o ne a re: “Pego e e molemo e nontsha marapo.” Jehofa o ne a tlhomamisetsa Esekiele jaana: “Ke dirile gore phatla ya gago e nne . . . thata go feta legweka.” Mme moaposetoloi Paulo o ne a bolelelwa jaana: “O tsenya dilo dingwe tse di sa tlwaelegang mo ditsebeng tsa rona.”—Jobe 16:17; Dia. 15:30; Esek. 3:9; Dit. 17:20.

2 Le fa go ntse jalo, go na le karolo nngwe ya mmele wa motho e mo Baebeleng e umakiwang gantsi ka tsela ya tshwantshetso go feta tse dingwe. Ke e e umakilweng mo thapelong ya ga Hana yo o ikanyegang: “Pelo ya me e itumela mo go Jehofa.” (1 Sam. 2:1) Tota e bile, bakwadi ba Baebele ba umaka pelo mo e ka nnang makgetlo a le sekete, gantsi e le ka tsela ya tshwantshetso. Go botlhokwa thata gore re tlhaloganye se “pelo” e se emelang ka gonne Baebele ya re re tshwanetse go e dibela.—Bala Diane 4:23.

PELO YA TSHWANTSHETSO KE ENG?

3. Re ka lemoga jang bokao jwa lefoko “pelo” mo Baebeleng? Bontsha.

3 Le fa Lefoko la Modimo le sa neye tlhaloso ya lefoko “pelo,” le re thusa go lemoga bokao jwa lefoko leo. Jang? Ka sekai, akanya ka setshwantsho sa mosaic se sentle se se mo loboteng se se dirilweng ka matlapana a le mantsi a a kopantsweng mmogo. Fa motho a boela kwa morago gore a lebe setshwantsho seno, o kgona go bona gore matlapana a a beilweng ka kelotlhoko, a bopa setshwantsho. Ka tsela e e tshwanang, fa re boela morago mme re leba makgetlo a le mantsi a pelo e dirisitsweng ka one mo Baebeleng, re kgona go lemoga se tota Baebele e se kayang. Tota e a bo e kaya eng?

4. (a) Lefoko “pelo” le emela eng? (b) Ke eng se se kaiwang ke mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 22:37?

4 Bakwadi ba Baebele ba dirisa lefoko “pelo” go tlhalosa sotlhe se re leng sone ka fa teng. E akaretsa dilo tse di jaaka dikeletso tsa rona, dikakanyo, tshekamelo, maikutlo, bokgoni, mekgele le dilo tse di re rotloetsang. (Bala Duteronome 15:7; Diane 16:9; Ditiro 2:26.) Fela jaaka tshupiso nngwe e bontsha, ke “sotlhe se motho a leng sone mo teng.” Ka dinako dingwe lefoko “pelo” ga le kaye dilo tseo tsotlhe. Ka sekai, Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Math. 22:37) Fano lefoko “pelo” le kaya maikutlo, dikeletso le kafa motho a ikutlwang ka gone ka fa gare. Fa Jesu a ne a umaka pelo, moya le mogopolo, o ne a gatelela gore re tshwanetse go bontsha lorato lo re ratang Modimo ka lone, ka maikutlo le ka tsela e re tshelang ka yone le kafa re dirisang ka gone bokgoni jwa rona jwa go akanya. (Joh. 17:3; Baef. 6:6) Mme gone fa “pelo” e umakiwa e le yosi, e emela sotlhe se motho a leng sone ka fa teng.

LEBAKA LA GO BO MOTHO A TSHWANETSE GO DIBELA PELO YA GAGWE

5. Ke eng fa re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang go direla Jehofa ka pelo e e feletseng?

5 Kgosi Dafide o ne a gakolola Solomone jaana malebana le pelo: “Morwaaka, itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng; gonne Jehofa o hukutsa dipelo tsotlhe, e bile o lemoga tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo.” (1 Ditir. 28:9) Eleruri, Jehofa ke Motlhatlhobi wa dipelo tsotlhe, go akaretsa le tsa rona. (Dia. 17:3; 21:2) Mme se a se fitlhelang mo dipelong tsa rona se ama thata kamano ya rona le ene mmogo le isagwe ya rona. Ka jalo, re na le lebaka le le utlwalang la go latela kgakololo ya ga Dafide e e tlhotlheleditsweng, ka go dira sotlhe se re ka se kgonang go direla Jehofa ka pelo e e feletseng.

6. Re tshwanetse go lemoga eng ka maikemisetso a rona a go direla Jehofa?

6 Ditiro tsa rona tse di bontshang tlhagafalo di supa gore ruri re eletsa thata go direla Jehofa ka pelo e e feletseng re le batho ba gagwe. Mme gape re lemoga gore kgatelelo ya lefatshe la ga Satane le le boikepo le tshekamelo ya rona ya boleo, ke ditlhotlheletso tse di maatla tse di ka koafatsang boikaelelo jwa rona jwa go direla Modimo ka pelo yotlhe. (Jer. 17:9; Baef. 2:2) Ka jalo, motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna a sekaseka pelo ya gagwe ka metlha go bona gore a boikemisetso jwa gagwe jwa go direla Modimo ga bo koafale. Re ka dira seo jang?

7. Ke eng se se bontshang boemo jwa pelo ya rona?

7 Gone ke boammaaruri gore se tota re leng sone ka fa gare ga se bonale—fela jaaka motho a ka se bone bokafagare jwa setlhare kgotsa pelo ya sone. Le fa go ntse jalo, jaaka Jesu a ile a umaka mo Therong ya kwa Thabeng, fela jaaka maungo a setlhare a bontsha boemo jwa setlhare, ditiro tsa rona di bontsha se tota boemo jwa pelo ya rona e leng sone. (Math. 7:17-20) A re sekasekeng nngwe ya ditiro tseo.

TSELA E MOTHO A KA TLHATLHOBANG PELO YA GAGWE KA YONE

8. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33 a ama pelo ya rona jang?

8 Pelenyana mo go yone Thero ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira gore ba bontshe keletso e ba nang le yone mo teng ya go direla Jehofa ka pelo yotlhe. O ne a re: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Math. 6:33) Eleruri, se re dirang gore se tle pele mo matshelong a rona se bontsha gore re eletsa eng, re akanya eng le gore re rulagantse eng mo pelong ya rona. Ka jalo, go sekaseka dilo tse di tlang pele mo matshelong a rona ke tsela e motho a ka e dirisang go bona gore a o direla Modimo ka pelo e e feletseng.

9. Ke taletso efe e Jesu a neng a e naya banna bangwe, mme dikarabo tsa bone di ne tsa senola eng?

9 Nakwana fela morago ga gore Jesu a rotloetse balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba batle pele bogosi,’ go ne ga direga sengwe se se neng se bontsha kafa boemo jwa pelo ya motho bo senolwang ka teng ke se a dirang gore se tle pele mo botshelong jwa gagwe. Mokwadi wa Efangele e bong Luke, o simolola kgang eo ka go tlhalosa gore ‘sefatlhego sa ga Jesu se ne sa nna sa motho yo o ikemiseditseng go ya Jerusalema,’ tota le fa a ne a itse sentle gore ke eng se kgabagare se mo letetseng koo. Fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe “ba ntse ba tsamaya mo tseleng,” ba ne ba kopana le banna bangwe ba Jesu a neng a laletsa mongwe le mongwe wa bone jaana: “Nna molatedi wa me.” Banna bao ba ne ba ikemiseditse go amogela taletso eo ya ga Jesu—mme gone go ne go na le dilo tse ba neng ba batla go di dira pele. Monna mongwe o ne a re: “Ntetla pele ke tsamaye ke ye go fitlha rre.” Yo mongwe o ne a re: “Ke tla go sala morago, Morena; mme pele ntetla gore ke sadise ba ntlo ya me sentle.” (Luke 9:51, 57-61) Ruri diipato tse di sa utlwaleng tsa banna bao di ne di farologane tota le tshwetso e e nitameng ya ga Jesu! Fa ba ne ba dira gore dilo tse ba amegileng ka tsone di tle pele ga dilo tse di direlwang Bogosi, ba ne ba bontsha gore dipelo tsa bone di ne di sa felela mo Modimong.

10. (a) Balatedi ba ga Keresete ba ne ba tsibogela taletso ya ga Jesu jang? (b) Jesu o ne a anela setshwantsho sefe se sekhutshwane?

10 Go farologana le banna bao, ka botlhale re ne ra amogela taletso ya ga Jesu ya go nna balatedi ba gagwe mme jaanong re direla Jehofa letsatsi le letsatsi. Ka tsela eno mongwe le mongwe o bontsha gore o ikutlwa jang ka Jehofa mo pelong ya gagwe. Mme gone, le fa re tlhagafetse mo phuthegong, re sa ntse re tshwanetse go ela tlhoko se se ka tsenyang pelo ya rona mo kotsing. Ke eng seo? Mo go one motlotlo o Jesu a neng a nna le one le batho ba a neng a ba laletsa go nna barutwa ba gagwe, o ne a senola kotsi eo jaana: “Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.” (Luke 9:62) Re ka ithuta eng mo setshwantshong seo?

A RE ‘NGAPARELA SE SE MOLEMO’?

11. Go diregile eng ka tiro ya molemi mo setshwantshong sa ga Jesu, mme ka ntlha yang?

11 Go dira gore thuto e re e bonang mo setshwantshong se sekhutshwane sa ga Jesu e utlwale sentle, a re godiseng setshwantsho seno. Motho yo o berekang kwa tshimong, o tsweletse ka tiro ya go lema. Le fa go ntse jalo, fa a lema o nna a ntse a akanya ka legae la gagwe kwa go nang le lelapa la gagwe gone le ditsala, dijo, mmino, setshego le moriti. O ba tswela pelo. Fa molemi yono a sena go lema sekgala se segolwane mo tshimong, boikutlo jwa go tswela pelo dilo tseo tse di itumedisang tsa botshelo bo nna maatla jaana mo a retologang go leba kwa “dilong tse di kwa morago.” Le fa gone molemi a sa ntse a na le tiro e ntsi go e dira pele a jala tshimo, o iteega tsebe mme tiro ya gagwe e a kgoreletsega. Ke boammaaruri gore mong wa molemi yono o swabisitswe ke go bo molemi a sa itshoka.

12. Molemi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o tshwana jang le Bakeresete bangwe gompieno?

12 Akanya kafa boemo jo bo tshwanang bo ka diregang ka gone gompieno. Molemi a ka emela Mokeresete ope fela yo go lebegang a godile semoyeng mme gone bomoya jwa gagwe bo le mo kotsing. Ka sekai, a re akanyeng ka mokaulengwe yo o nnang a tshwaregile mo bodireding. Mme gone, le fa a nna gone kwa dipokanong le mo tirelong ya tshimo, o nna a akantse ka dikarolo dingwe tse di mo kgatlhang tsa tsela ya botshelo ya lefatshe. Mo pelong o a di eletsa. Kgabagare fa a sena go dira bodiredi jwa gagwe dingwaga di le mmalwa, keletso ya gagwe ya dilo dingwe tsa lefatshe leno e nna kgolo jaana mo e leng gore o leba kwa “dilong tse di kwa morago.” Le fa a sa ntse a na le tiro e ntsi e a tshwanetseng go e dira mo bodireding, ga a “ngangatlele lefoko la botshelo thata,” mme le ditiro tse a di direlang bogosi di salela kwa morago. (Bafil. 2:16) “Mong wa thobo” e bong Jehofa o utlwisiwa botlhoko ke go tlhoka go itshoka goo.—Luke 10:2.

13. Go direla Jehofa ka pelo yotlhe go akaretsa eng?

13 Se re se ithutang mo setshwantshong seno se lemotshega motlhofo. Ke selo se se molemo fa re nna le seabe ka metlha mo ditirong tse di solegelang molemo le tse di kgotsofatsang tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, go direla Jehofa ka pelo e e feletseng go akaretsa se se fetang seo. (2 Ditir. 25:1, 2, 27) Fa mo pelong Mokeresete a tswelela a rata “dilo tse di kwa morago”—ke gore dikarolo dingwe tsa tsela ya botshelo ya lefatshe—o mo kotsing ya go senya kamano e e molemo e a nang le yone le Modimo. (Luke 17:32) Re tla ‘tshwanela bogosi jwa Modimo sentle’ fa fela re ‘tlhoa se se boikepo, mme re ngaparela se se molemo.’ (Bar. 12:9; Luke 9:62) Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go tlhomamisa gore ga go sepe mo lefatsheng la ga Satane, go sa kgathalasege gore se ka bonala se le mosola kgotsa se itumedisa go le kana kang, se se re kgoreletsang go dira dilo tse di direlwang Bogosi ka pelo yotlhe.—2 Bakor. 11:14; bala Bafilipi 3:13, 14.

NNA O NTSHITSE MATLHO DINAMENG!

14, 15. (a) Satane o leka jang go fetola boemo jwa pelo ya rona? (b) Bontsha gore ke eng se se dirang gore tsela e Satane a e dirisang e nne kotsi jaana.

14 Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheleditse gore re ineele mo go ene. Fa e sa le ka nako eo, bontsi jwa rona re bontshitse mo dingwageng di le dintsi gore re ikemiseditse go direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Le fa go ntse jalo, Satane o sa ntse a leka go re tlhotlheletsa. O sa ntse a kwaile pelo ya rona. (Baef. 6:12) Ke boammaaruri gore a ka nna a lemoga gore ga re ka ke ra latlha Jehofa ka bonako fela. Ka jalo, o dirisa “tsamaiso eno ya dilo” ka boferefere go leka go koafatsa tlhagafalo ya rona mo Modimong ka bonya ka bonya. (Bala Mareko 4:18, 19.) Ke eng fa tsela eno e Satane a e dirisang e atlega jaana?

15 Go bona karabo ya seo, akanya o balela buka mo loboneng lo lo tsentsweng tleloupo e e nang le maatla a 100-watt, mme lobone loo lo bo lo tima. E re ka o le mo lefifing, o lemoga ka bonako se se diregileng o bo o tsenya tleloupo e ntšha. Go nna lesedi gape mo phaposing. Mo maitseboeng a a latelang, o bala o dirisa lobone leo gape. Le fa go ntse jalo, ga o lemoge gore mongwe o fetotse tleloupo ya 100-watt mme o tsentse ya 95-watt. A o tla lemoga pharologano? Gongwe o ka se e lemoge. Mme go tweng fa mo letsatsing le le latelang mongwe a ka tsenya tleloupo ya 90-watt? Gongwe le gone moo o ka se lemoge. Ka ntlha yang? Lesedi la lobone loo le fokotsega ka bonya ka bonya mo e leng gore ga o lemoge. Ka tsela e e tshwanang, tlhotlheletso ya lefatshe la ga Satane e ka dira gore tlhagafalo ya rona e fokotsege ka bonya ka bonya. Fa seo se direga, go tla bo go ntse jaaka e kete Satane o kgonne go fokotsa tlhagafalo ya rona mo tirelong ya ga Jehofa mme a dira gore e nne ya boleng jo bo kwa tlase. Fa Mokeresete a se kelotlhoko, a ka nna a se ka a lemoga phetogo eo e e diregang ka bonya ka bonya.—Math. 24:42; 1 Pet. 5:8.

THAPELO E BOTLHOKWA THATA

16. Re ka itshireletsa jang kgatlhanong le maano a ga Satane?

16 Re ka itshireletsa jang kgatlhanong le maano ao a ga Satane mme re bo re tswelela re direla Jehofa ka pelo e e feletseng? (2 Bakor. 2:11) Thapelo e botlhokwa thata. Paulo o ne a kgothaletsa badumedimmogo le ene gore ba ‘eme ba nitame kgatlhanong le maano a a boferefere a ga Diabolo.’ Go tswa foo, o ne a ba rotloetsa jaana: “Ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo . . . [tswelelang] lo rapela ka lobaka longwe le longwe.”—Baef. 6:11, 18; 1 Pet. 4:7.

17. Dithapelo tsa ga Jesu di re ruta eng?

17 Gore re eme re nitame kgatlhanong le Satane, go tla bo go le botlhale gore re etse boikutlo jo Jesu a neng a na le jone ka thapelo, jo bo neng bo bontsha gore o amega thata ka go tswelela a direla Jehofa ka pelo e e feletseng. Ka sekai, ela tlhoko se Luke a se kwadileng malebana le tsela e Jesu a neng a rapela ka yone mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe: “Ya re a tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo a tswelela go rapela ka tlhoafalo thata.” (Luke 22:44) Jesu o ne a kile a rapela ka tlhoafalo pele ga foo, mme mo lekgetlong leno, e re ka a ne a lebane le teko e kgolo thata e a kileng a lebana le yone mo lefatsheng, o ne a rapela ka “tlhoafalo thata”—mme thapelo ya gagwe e ne ya arabiwa. Sekao sa ga Jesu se bontsha gore dithapelo tse dingwe di ka nna maatla go feta tse dingwe. Ka jalo, fa diteko tse re lebanang le tsone di nna boima le go feta le maano a ga Satane a nna bofitlha le go feta, re tshwanetse go rapela ka “tlhoafalo thata” gore Jehofa a re sireletse.

18. (a) Re tshwanetse go ipotsa eng malebana le thapelo, mme ka ntlha yang? (b) Ke dilo dife tse di amang pelo ya rona, mme ka ditsela dife? (Bona  lebokose mo tsebe 16.)

18 Dithapelo tse di ntseng jalo di tla re ama jang? Paulo o ne a re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.” (Bafil. 4:6, 7) Re tshwanetse go rapela ka tlhoafalo le ka metlha gore re nne le pelo e e feletseng mo go Jehofa. (Luke 6:12) Ka jalo, ipotse jaana: ‘Ke rapela ka metlha le ka tlhoafalo go le kana kang?’ (Math. 7:7; Bar. 12:12) Karabo ya gago e bontsha go le gontsi malebana le kafa keletso ya gago ya go direla Modimo e nonofileng ka gone.

19. O tla dira eng gore o tswelele o direla Jehofa ka pelo e e feletseng?

19 Fela jaaka re bone, dilo tse re dirang gore di tle pele mo botshelong di ka bolela go le gontsi ka boemo jwa pelo ya rona. Re batla go tlhomamisa gore dilo tse re di tlogetseng kwa morago le maano a a boferefere a ga Satane ga a koafatse maikemisetso a rona a go direla Jehofa ka pelo e e feletseng. (Bala Luke 21:19, 34-36.) Ka jalo, fela jaaka Dafide re nna re kokotlela Jehofa jaana: “Kitlanya pelo ya me.”—Pes. 86:11.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 16]

DILO TSE THARO TSE DI AMANG BOITEKANELO JWA PELO YA RONA

Fela jaaka re ka dira dilo dingwe gore pelo ya rona ya mmatota e itekanele sentle, re ka kgona go tsaya dikgato dingwe tse di ka re thusang gore pelo ya rona ya tshwantshetso e tswelele e itekanetse. Ela tlhoko dilo tse tharo tseno tse di botlhokwa:

1 Dijo: Pelo ya mmatota e tlhoka gore motho a je dijo tse di lekaneng tse di nang le dikotla. Ka tsela e e tshwanang, re tshwanetse go tlhomamisa gore re amogela dijo tse di lekaneng tse di agang tsa semoya ka go nna le thuto ya motho a le esi ya ka metlha, go tlhatlhanya le go nna gone kwa dipokanong.—Pes. 1:1, 2; Dia. 15:28; Baheb. 10:24, 25.

 2 Ikatiso: Gore pelo ya mmatota e itekanele sentle ka dinako dingwe e tshwanetse go pompa ka maatla. Ka tsela e e tshwanang, go nna le seabe ka tlhagafalo mo bodireding—gongwe re leka ka natla go oketsa bodiredi jwa rona—go dira gore pelo ya rona ya tshwantshetso e nne e itekanetse.—Luke 13:24; Bafil. 3:12.

3 Tikologo: Maemo a a boikepo a re tshwanelwang ke go bereka le go tshela mo go one, a ka dira gore pelo ya rona ya mmatota le ya tshwantshetso e nne mo kgatelelong e kgolo. Le fa go ntse jalo, re ka fokotsa kgatelelo e e ntseng jalo ka go nna re kopana le badumedimmogo le rona gantsi ka mo re ka kgonang ka gone, ba ruri ba amegang ka rona le ba ba direlang Modimo ka dipelo tse di feletseng.—Pes. 119:63; Dia. 13:20.